< Mathaio 20 >

1 Setshwantsho sengwe ke se se se tshwantshang Bogosi jwa Legodimo. “Mong wa tshimo o kile a phakela go ya go thapela tshimo ya gagwe ya thobo badiri.
天國は勞動人を葡萄園に雇ふために、朝 早く出でたる主人のごとし。
2 A dumalana go ba duela madi a tuelo ya letsatsi, hong a ba laela go ya go dira.
一日 一デナリの約束をなして、勞動人どもを葡萄園に遣す。
3 “Morago ga dioura di se kae, o na a feta fa ntlong e go thapelwang batho teng mme a bona banna bangwe ba eme foo ba batla tiro,
また九時ごろ出でて市場に空しく立つ者どもを見て、
4 jalo le bone a ba romela mo masimong a gagwe, a ba bolelela gore o tlaa ba duela fela se se ba tshwanetseng fa letsatsi le phirima.
「なんぢらも葡萄園に往け、相當のものを與へん」といへば、彼らも往く。
5 Mo motshegareng wa sethoboloko, le mo tshokologong e ka nna nako ya boraro a nna a tswelela ka go thapa badiri.
十二 時 頃と三時 頃とに復いでて前のごとくす。
6 “Ka nako ya botlhano mo go one maitseboa ao, a ya kwa motseng gape, mme a bona banna ba bangwe gape ba eme teng foo mme a ba botsa a re, ‘Ke eng fa lo ntse fela lo sa dire sepe letsatsi lotlhe?’
五 時 頃また出でしに、なほ立つ者どものあるを見ていふ「何ゆゑ終日ここに空しく立つか」
7 Ba araba ba re, ‘Ke ka gore ga go ope yo o re thapileng’. Hong a ba raya a re, ‘tsamayang lo ye go tlatsa ba bangwe mo masimong a me.’
かれら言ふ「たれも我らを雇はぬ故なり」主人いふ「なんぢらも葡萄園に往け」
8 “Mo maitseboeng ao a raya radituelo wa gagwe a re a bitse banna bao a ba duele, a simolola pele ka banna ba bofelo.
夕になりて葡萄園の主人その家 司に言ふ「勞動人を呼びて、後の者より始め、先の者にまで賃銀をはらへ」
9 E rile fa banna ba ba thapilweng ka nako ya botlhano ba duelwa mongwe le mongwe wa bone o na a amogela madi a tuelo ya letsatsi.
かくて五 時ごろに雇はれしもの來りて、おのおの一デナリを受く。
10 E rile fa banna ba ba thapilweng pele ba tla go tsaya a bone, ba ne ba ithaya ba re ba tlaa amogela go feta foo thata. Le bone ba ne ba duelwa madi a lekanang le a ba bangwe.
先の者きたりて、多く受くるならんと思ひしに、之も亦おのおの一デナリを受く。
11 “Ba ngongorega ba re, ‘Batho bale ba dirile lobaka lwa oura fela, le fa go ntse jalo a oba duetse jaaka rona ba re dirileng letsatsi lotlhe mo mogoteng o o fisang’.
受けしとき、家主にむかひ呟きて言ふ、
「この後の者どもは僅に一 時間はたらきたるに、汝は一日の勞と暑さとを忍びたる我らと均しく之を遇へり」
13 “Mme a araba mongwe wa bone aa re ‘Tsala, ga ke a go fosetsa ka gope! A o ne o sa dumalana go dira o duelwa tuelo ya letsatsi?
主人こたへて其の一人に言ふ「友よ、我なんぢに不正をなさず、汝は我と一デナリの約束をせしにあらずや。
14 A tseye o tsamaye. Ke keletso ya me go lo duela ka go lekana;
己が物を取りて往け、この後の者に汝とひとしく與ふるは、我が意なり。
15 a go kgatlhanong le molao go ntsha madi a me fa ke batla go dira jalo? A o tshwanetse go kgotswa ka go bo ke le kutlwelobotlhoko?’
わが物を我が意のままにするは可からずや、我よきが故に汝の目あしきか」
16 Mme fela jalo, ba morago e tlaa nna ba ntlha, ba ntlha e tlaa nna ba morago.”
かくのごとく後なる者は先に、先なる者は後になるべし』
17 Mme ya re Jesu a le mo tseleng a ya Jerusalema, a tseela barutwa ba ba lesome le bobedi kwa thoko,
イエス、エルサレムに上らんとし給ふとき、竊に十二 弟子を近づけて、途すがら言ひ給ふ、
18 mme a bua nabo ka ga se se tlaa mo diragalelang fa ba goroga. “Ke tlaa neelwa baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda ba bangwe, mme ba tlaa nkatlholela loso.
『視よ、我らエルサレムに上る、人の子は祭司長・學者らに付されん。彼ら之を死に定め、
19 Me ba tlaa ntsenya mo diatleng tsa mmuso wa Roma, ke tlaa sotlwa ke bapolwa, mme e tlaa re mo letsatsing la boraro ke rule.”
また嘲弄し、鞭うち、十字架につけん爲に異邦人に付さん、かくて彼は三日めに甦へるべし』
20 Hong mmaagwe Jakobe le Johane bomorwa Sebede, a ba lere kwa go Jesu, a obama, a kopa thuso.
ここにゼベダイの子らの母、その子らと共に御許にきたり、拜して何事か求めんとしたるに、
21 Jesu a mmotsa a re “O batla ke go direlang?” Mme a fetola a re, “Mo Bogosing jwa gago, a o tlaa letla bomorwaake ba babedi go nna mo ditilong tse pedi go bapa le sa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa go la molema?”
イエス彼に言ひたまふ『何を望むか』かれ言ふ『この我が二人の子が汝の御國にて、一人は汝の右に、一人は左に坐せんことを命じ給へ』
22 Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga o itse se o se lopang!” Mme a retologela kwa go Jakobe le Johane a ba botsa a re, “A lo nonofile go nwa mo senwelong se se boitshegang se ke tlaa tlogang kee nwa mo go sone?” Jalo ba fetola ba re, “Ee, re nonofile.”
イエス答へて言ひ給ふ『なんぢらは求むる所を知らず、我が飮まんとする酒杯を飮み得るか』かれら言ふ『得るなり』
23 Mme a ba fetola a re, “Lo tlaa nwa mo go sone ruri. Mme ga ke na thata go bua gore ke mang yo o tlaa nnang mo ditilong go bapa le same. Maemo ao a beetswe batho ba Rre a ba tlhophang”.
イエス言ひたまふ『實に汝らは我が酒杯を飮むべし、されど我が右 左に坐することは、これ我の與ふべきものならず、我が父より備へられたる人こそ與へらるるなれ』
24 Barutwa ba bangwe ba ba lesome ba ne ba gakala fa ba utlwa ka go se Jakobe le Johane ba se lopileng.
十 人の弟子これを聞き、二人の兄弟の事によりて憤ほる。
25 Mme Jesu a ba bitsa botlhe a ba raya a re, “Mo baheitaneng, dikgosi ke batho ba ba bogoma, mme le bagolwane ba ba ka fa tlase ga tsone, ba dipisa ba ba ka fa tlase ga bone.
イエス彼らを呼びて言ひたまふ『異邦人の君のその民を宰どり、大なる者の民の上に權を執ることは、汝らの知る所なり。
26 Mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang mo go lona yo o batlang go nna moeteledipele, o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.
汝らの中にては然らず、汝らの中に大ならんと思ふ者は、汝らの役者となり、
27 Mme fa o batla go nna kwa godimodimo, o tshwanetse go dira jaaka lekgoba.
首たらんと思ふ者は汝らの僕となるべし。
28 Mokgwa wa lona o tshwanetse go nna jaaka wa me, gonne nna Morwa Motho, ga ke a tlela go direlwa, fa e se go direla, le go ntshetsa ba le bantsi botshelo jwa me go nna thekololo.”
かくのごとく、人の子の來れるも事へらるる爲にあらず、反つて事ふることをなし、又おほくの人の贖償として己が生命を與へん爲なり』
29 E rile Jesu le barutwa ba tswa mo motseng wa Jeriko, bontsintsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago.
彼らエリコを出づるとき、大なる群衆イエスに從へり。
30 Banna ba le babedi ba difofu ba ne ba ntse fa thoko ga tsela mme e rile fa ba utlwa gore Jesu o e tla ba simolola go goa ba re, “Morena, Morwa Dafide, re utlwele botlhoko!”
視よ、二人の盲人、路の傍らに坐しをりしが、イエスの過ぎ給ふことを聞き、叫びて言ふ『主よ、ダビデの子よ、我らを憫みたまへ』
31 Bontsintsi jwa batho jwa ba raya jwa re ba didimale, mme ba goela godimo go gaisa pele.
群衆かれらを禁めて默さしめんとしたれど、愈々 叫びて言ふ『主よ、ダビデの子よ、我らを憫み給へ』
32 E rile a tla fa difofu di neng di le teng a ema mo tseleng a botsa a re, “Lo batla ke lo direlang?” Mme ba fetola ba re, “Morena re batla go bona!”
イエス立ちどまり、彼らを呼びて言ひ給ふ『わが汝らに何を爲さんことを望むか』
彼ら言ふ『主よ、目の開かれんことなり』
34 Jesu a ba utlwela botlhoko a ama matlho a bone. Mme ya re gone fela foo ba foufologa, ba mo sala morago.
イエスいたく憫みて彼らの目に觸り給へば、直ちに物 見ることを得て、イエスに從へり。

< Mathaio 20 >