< Mathaio 2 >

1 Jesu o na a tsalelwa mo motseng wa Bethelehema, mo Judea metlheng ya puso ya ga Kgosi Herode. E rile ka yone nako eo balepi ba dinaledi bangwe ba goroga mo Jerusalema ba tswa mafatshing a botlhabatsatsi, mme ba botsa ba re,
Now Jesus having been born in Bethlehem of Judaea, in the days of Herod the king, behold magi from the east arrived at Jerusalem, saying,
2 “E fa kae Kgosi e ncha e e tsetsweng ya Bajuda? Ka gore re bonye naledi ya gagwe mo mafatshing a a kgakala a botlhabatsatsi, mme re tsile go mo obamela”.
Where is the king of the Jews that has been born? for we have seen his star in the east, and have come to do him homage.
3 Kgosi Herode o ne a tshwenyega thata ka potso ya bone, le batho botlhe ba motse wa Jerusalema ba ne ba tlala khuduego.
But Herod the king having heard [of it], was troubled, and all Jerusalem with him;
4 A bitsa phuthego ya baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, a ba botsa a re, “A baporofiti ba kile ba re bolelela kwa Mesia o tsalelwang teng?”
and, assembling all the chief priests and scribes of the people, he inquired of them where the Christ should be born.
5 Mme ba mo araba ba re, “Ee, mo Bethelehema, ka gore mo ke mo moporofiti Mika o go kwadileng a re,
And they said to him, In Bethlehem of Judaea; for thus it is written through the prophet:
6 ‘Wena motsana wa Bethelehema, ga o legae la Juda le le nyatsegang, gonne mo go wena go tlaa tswa molaodi yo o busang batho ba me ba Iseraele.’”
And thou Bethlehem, land of Juda, art in no wise the least among the governors of Juda; for out of thee shall go forth a leader who shall shepherd my people Israel.
7 Hong Herode a romela molaetsa ka sephiri kwa baleping ba dinaledi, a ba kopa gore ba tle go mmona, e rile mo phuthegong e, a ba tlhotlhomisa go mmolelela nako tota e ba simolotseng go bona naledi ka yone. Mme a ba raya a re
Then Herod, having secretly called the magi, inquired of them accurately the time of the star that was appearing;
8 “Tsamayang lo yeng kwa Bethelehema lo fete lo senke ngwana. E re lo sena go mmona lo boele kwano go nkitsise gore le nna ke tle ke ye go mo obamela.”
and having sent them to Bethlehem, said, Go, search out accurately concerning the child, and when ye shall have found [him] bring me back word, so that I also may come and do him homage.
9 E rile morago ga puisanyo e, balepi ba dinaledi ba simolola go tsamaya gape. Mme bonang! Naledi ya iponatsa gape mo go bone, e eme fa godimo ga Bethelehema.
And they having heard the king went their way; and lo, the star, which they had seen in the east, went before them until it came and stood over the place where the little child was.
10 Boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata!
And when they saw the star they rejoiced with exceeding great joy.
11 Ya re ba tsena mo tlung e ngwana le Marea mmaagwe ba mo go yone, ba wela ka mangole fa pele ga gagwe ba mo obamela. Ba bula dimpho tsa bone mme ba mo fa gauta, leswalo le le nkgang monate (la kobamelo) le setlolo se sengwe se se bidiwang mera.
And having come into the house they saw the little child with Mary his mother, and falling down did him homage. And having opened their treasures, they offered to him gifts, gold, and frankincense, and myrrh.
12 Mme e rile fa ba boela kwa ga bone, ba se ka ba ralala Jerusalema go itsise Herode, ka gore Modimo o ne o ba tlhagisitse mo torong go boela gae ka tsela e sele.
And being divinely instructed in a dream not to return to Herod, they departed into their own country another way.
13 E rile ba sena go tsamaya, moengele wa Modimo a bonala ka toro mo go Josefa. Mme a mo raya a re, “Tsoga o tshabele le ngwana le mmaagwe kwa Egepeto, o nne teng go fitlhelela ke go raya ke re o boe, ka gore Kgosi Herode o tsile go leka go bolaya ngwana.”
Now, they having departed, behold, an angel of [the] Lord appears in a dream to Joseph, saying, Arise, take to [thee] the little child and his mother, and flee into Egypt, and be there until I shall tell thee; for Herod will seek the little child to destroy it.
14 E rile mo bosigong joo a ya Egepeto le Marea le losea,
And, having arisen, he took to [him] the little child and his mother by night, and departed into Egypt.
15 mme a nna teng koo go fitlhelela Kgosi Herode aa swa. Mo ga diragatsa polelelopele ya moporofiti e e reng, “ke biditse morwaake go tswa mo Egepeto.”
And he was there until the death of Herod, that that might be fulfilled which was spoken by [the] Lord through the prophet, saying, Out of Egypt have I called my son.
16 Herode o na a tlala bogale fa a lemoga gore balepi ba dinaledi ga ba a dira ka fa a ba laetseng ka teng. Mme a roma masole kwa Bethelehema go bolaya ngwana mongwe le mongwe wa mosimane go simolola ka wa dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo motsing le mo tikologong yotlhe ka gore balepi ba dinaledi ba ne ba mmoleletse gore naledi e sale e bonala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
Then Herod, seeing that he had been mocked by the magi, was greatly enraged; and sent and slew all the boys which [were] in Bethlehem, and in all its borders, from two years and under, according to the time which he had accurately inquired from the magi.
17 Tiragalo e e setlhogo e ya ga Herode, ya diragatsa polelelopele ya ga Jeremia e e reng,
Then was fulfilled that which was spoken through Jeremias the prophet, saying,
18 “Selelo sa khutsafalo sa utlwala se tswa Rama, selelo sa khutsafalo e kgolo; ragele a lelela bana ba gagwe; a gana go gomodiwa ka gobo ba sule.”
A voice has been heard in Rama, weeping, and great lamentation: Rachel weeping [for] her children, and would not be comforted, because they are not.
19 E rile Herode a sena go swa, moengele wa Modimo a bonala ka toro kwa go Josefa mo Egepeto, mme a mo raya a re,
But Herod having died, behold, an angel of [the] Lord appears in a dream to Joseph in Egypt, saying,
20 “Tloga o tseye ngwana le mmaagwe o boele nabo kwa Iseraele, ka gore ba ba neng ba leka go bolaya ngwana ba sule.”
Arise, take to [thee] the little child and its mother, and go into the land of Israel: for they who sought the life of the little child are dead.
21 Mme ka bofefo a boela kwa Iseraele le Jesu le mmaagwe.
And he arose and took to [him] the little child and its mother, and came into the land of Israel;
22 Mme e rile mo tseleng a boifa fa a utlwa gore Kgosi e ncha ke Arekelao morwa Herode. Mme ya re ka toro e nngwe a tlhagisiwa gore a seka a ya Judea, jalo a ya Galalea;
but having heard that 'Archelaus reigns over Judaea, instead of Herod his father,' he was afraid to go there; and having been divinely instructed in a dream, he went away into the parts of Galilee,
23 ba nna mo Nasaretha. Mo, ga diragatsa seporofeso sa baporofiti kaga Mesia se se reng, “O tlaa bidiwa Monasara”.
and came and dwelt in a town called Nazareth; so that that should be fulfilled which was spoken through the prophets, He shall be called a Nazaraene.

< Mathaio 2 >