< Mathaio 19 >
1 Mme e rile Jesu a sena go fetsa mafoko a, a tswa mo Galalea a boela kwa morago kwa Judea go kgabaganya Noka ya Jorodane.
Et factum est, cum consummasset Iesus sermones istos, migravit a Galilaea, et venit in fines Iudaeae trans Iordanem,
2 Boidiidi jwa batho jwa mo sala morago, mme a fodisa malwetse a bone.
et secutae sunt eum turbae multae, et curavit eos ibi.
3 Bafarasai bangwe ba tla go buisanya nae, gape ba leka go mmeela seru gore a bue sengwe se se tlaa mo senyang. Ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?”
Et accesserunt ad eum Pharisaei tentantes eum, et dicentes: Si licet homini dimittere uxorem suam, quacumque ex causa?
4 Jesu a ba fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? Mo go tsone go kwadilwe gore mo tshimologong Modimo o tlhodile monna le mosadi,
Qui respondens, ait eis: Non legistis, quia qui fecit hominem ab initio, masculum, et feminam fecit eos? et dixit:
5 gore monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe. Mme bobedi jo bo tlaa nna bongwe fela, e sa tlhole e le bobedi, mme ele bongwe fela! a go se nne ope yo o kgaoganyang se Modimo o se kopantseng”.
Propter hoc dimittet homo patrem, et matrem, et adhaerebit uxori suae, et erunt duo in carne una.
itaque iam non sunt duo, sed una caro. Quod ergo Deus coniunxit, homo non separet.
7 Ba botsa ba re, “Jaanong Moshe o ne a raya jang fa a re monna o ka tlhala mosadi wa gagwe ka go mo kwalela lokwalo lwa tlhalo fela?”
Dicunt illi: Quid ergo Moyses mandavit dare libellum repudii, et dimittere?
8 Jesu a fetola a re, “Moshe o dirile jalo ka ntlha ya go bona dipelo tsa lona tse di thata tse di bosula, mme tota e ne e se se Modimo o simolotseng o se ikaeletse.
Ait illis: Quoniam Moyses ad duritiam cordis vestri permisit vobis dimittere uxores vestras: ab initio autem non fuit sic.
9 Mme ke lo bolelela se, ka re, le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se fela ka kgokafalo, a bo a nyala yo mongwe, o dira kgoka falo.”
Dico autem vobis, quia quicumque dimiserit uxorem suam, nisi ob fornicationem, et aliam duxerit, moechatur: et qui dimissam duxerit, moechatur.
10 Barutwa ba ga Jesu ba mo raya ba re, “Fa e le gore go ntse jalo go botoka go sa nyaleng.”
Dicunt ei discipuli eius: Si ita est causa hominis cum uxore, non expedit nubere.
11 Jesu a fetola a re, “Ga se mongwe le mongwe yo o ka amogelang mafoko a, fa e se fela ka thuso ya Modimo.
Qui dixit illis: Non omnes capiunt verbum istud, sed quibus datum est.
12 Banna bangwe ba tsetswe e le baopa, ba bangwe ba opafaditswe ke batho, gore ba seka ba nyala, ba bangwe ba ikgapa mo nyalong ka ntlha ya Bogosi jwa Legodimo. A yo o kgonag, a amogele mafoko a me.”
Sunt enim eunuchi, qui de matris utero sic nati sunt: et sunt eunuchi, qui facti sunt ab hominibus: et sunt eunuchi, qui seipsos castraverunt propter regnum caelorum. Qui potest capere capiat.
13 Mme ga tlisiwa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba beye diatla a ba rapelele. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba tlisitse bana. Ba ba raya ba re, “Se mo tshwenyeng.”
Tunc oblati sunt ei parvuli, ut manus eis imponeret, et oraret. Discipuli autem increpabant eos.
14 Jesu a re, “Lesang banyana ba tle kwa go nna, se ba kganeleng. Gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.”
Iesus vero ait eis: Sinite parvulos, et nolite eos prohibere ad me venire: talium est enim regnum caelorum.
15 Foo a ba baya diatla a ba segofatsa pele ga a tsamaya.
Et cum imposuisset eis manus, abiit inde.
16 Mme mongwe a tla kwa go Jesu ka potso e e reng: “Morena yo o Molemo ke ka dira eng se se siameng go nna le botshelo jo bo sa khutleng?” (aiōnios )
Et ecce unus accedens, ait illi: Magister bone, quid boni faciam ut habeam vitam aeternam? (aiōnios )
17 Jesu a mo raya a re fa o re, “Ke molemo o raya Modimo. Mme go araba potso ya gago ka re, o ka tsena kwa legodimong fa o tshegetsa ditaolo.”
Qui dixit ei: Quid me interrogas de bono? Unus est bonus, Deus. Si autem vis ad vitam ingredi, serva mandata.
18 Mme monna a mmotsa a re, “Ditaolo dife?” Mme Jesu a fetola a re “O seka wa bolaya motho, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka,
Dicit illi: Quae? Iesus autem dixit: Non homicidium facies: Non adulterabis: Non facies furtum: Non falsum testimonium dices:
19 tlotla rrago le mmago, gape o rate mongwe ka wena jaaka o ithata!”
Honora patrem tuum, et matrem tuam, et diliges proximum tuum sicut teipsum.
20 Mme lekawana la fetola la re, “Ke sa le ke e tshegetsa yotlhe fela, ke tshwanetse go dirang gape?”
Dicit illi adolescens: Omnia haec custodivi, quid adhuc mihi deest?
21 Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.”
Ait illi Iesus: Si vis perfectus esse, vade, vende omnia quae habes, et da pauperibus, et habebis thesaurum in caelo: et veni, sequere me.
22 Mme e rile fa lekau le utlwa jaana, la tsamaya le nyemile moko ka bohutsana, ka gore le ne le humile thata.
Cum audisset autem adolescens verbum, abiit tristis: erat enim habens multas possessiones.
23 Hong a raya barutwa ba gagwe a re, “Ruri go thata mo mohuming go tsena mo Bogosing jwa Legodimo.
Iesus autem dixit discipulis suis: Amen dico vobis, quia dives difficile intrabit in regnum caelorum.
24 Mme ke ipoeletsa gape ke re, go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.”
Et iterum dico vobis: Facilius est camelum per foramen acus transire, quam divitem intrare in regnum caelorum.
25 Polelo e ya gakgamatsa barutwa. Mme ba botsa ba re, “Mme fa go ntse jalo, ke mang yo o ka bolokwang mo lefatshing?”
Auditis autem his, discipuli mirabantur valde, dicentes: Quis ergo poterit salvus esse?
26 Hong Jesu a ba leba ka kelotlhoko a re, “Ka fa senameng ga go na ope.”
Aspiciens autem Iesus, dixit illis: Apud homines hoc impossibile est: apud Deum autem omnia possibilia sunt.
27 Hong Petere a mo raya a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe gore re go sale morago. Re tlaa boelwa ke eng ka go dira jalo?”
Tunc respondens Petrus, dixit ei: Ecce nos reliquimus omnia, et secuti sumus te: quid ergo erit nobis?
28 Jesu a fetola a re, “E tlaa re nna, Morwa Motho, fa ke nna mo setilong se se galalelang sa Bogosi, lona barutwa ba me lo tlaa nna mo ditilong di le lesome le bobedi tsa puso go atlhola merafe e le lesome le bobedi ya Iseraele.
Iesus autem dixit illis: Amen dico vobis, quod vos, qui secuti estis me, in regeneratione cum sederit filius hominis in sede maiestatis suae, sedebitis et vos super sedes duodecim, iudicantes duodecim tribus Israel.
29 Mme le fa e le mang yo a tlogelang motse wa gagwe, bomonnawe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa dilwana go ntshala morago, o tlaa amogela galekgolo go menaganye, ebile o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios )
Et omnis, qui reliquerit domum, vel fratres, aut sorores, aut patrem, aut matrem, aut uxorem, aut filios, aut agros propter nomen meum, centuplum accipiet, et vitam aeternam possidebit. (aiōnios )
30 Mme ba le bantsi ba e leng ba ntlha jaanong e tlaa nna ba morago ka nako eo: le bangwe ba e leng ba bofelo jaanong e tlaa nna ba ntlha.”
Multi autem erunt primi novissimi, et novissimi primi.