< Mathaio 18 >

1 Mme erile ka nako eo barutwa ba tla kwa go Jesu go mmotsa gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo mo Bogosing jwa Legodimo.
در همان ساعت، شاگردان نزد عیسی آمده، گفتند: «چه کس در ملکوت آسمان بزرگتر است؟»۱
2 Jesu a bitsa ngwana yo monnyennyane a mmaya fa fatshe fa gare ga bone,
آنگاه عیسی طفلی طلب نموده، در میان ایشان برپا داشت۲
3 mme a re, “Fa e se fela lo boela Modimong lo latlha dibe tsa lona lo bo lo nna jaaka bana ba bannyennyane, ga lo kitla lo tsena mo Bogosing jwa Legodimo.
و گفت: «هرآینه به شما می‌گویم تا بازگشت نکنید و مثل طفل کوچک نشوید، هرگز داخل ملکوت آسمان نخواهید شد.۳
4 Jalo he, le fa e le mang yo o ingotlang jaaka ngwananyana yo monnyennyane yo, o mogolo bogolo mo Bogosing jwa Legodimo.
پس هر‌که مثل این بچه کوچک خود را فروتن سازد، همان در ملکوت آسمان بزرگتر است.۴
5 Mme le fa e le mang mo go lona yo o tsholang ngwananyana yo monnyennyane jaaka yo, ka ntlha ya gore lo ba me, o tshola nna ebile o a ntlhokomela.
و کسی‌که چنین طفلی را به اسم من قبول کند، مرا پذیرفته است.۵
6 Mme le fa e le mang yo o dirang gore mongwe wa ba ba botlana ba, ba ba dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe, go ka nna botoka mo go ene go golegelelwa lefika mo thamung a ba a latlhelwa mo lewatleng.
و هر‌که یکی ازاین صغار را که به من ایمان دارند، لغزش دهد او رابهتر می‌بود که سنگ آسیایی بر گردنش آویخته، در قعر دریا غرق می‌شد!۶
7 “A bo go latlhega lefatshe ka ntlha ya masula otlhe a jone. Gonne thaelo e na le go tla fela, mme a bo go latlhega motho yo thaelo e tlang ka ene.
وای بر این جهان به‌سبب لغزشها؛ زیرا که لابد است از وقوع لغزشها، لیکن وای بر کسی‌که سبب لغزش باشد.۷
8 Jalo fa seatla sa gago kgotsa lonao lo go leofisa, lo kgaole o lo latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong o golafetse go na le go tsena mo moleting ka mabogo le maoto a le mmogo. (aiōnios g166)
پس اگر دستت یا پایت تو رابلغزاند، آن را قطع کرده، از خود دور انداز زیرا تورا بهتر است که لنگ یا شل داخل حیات شوی ازآنکه با دو دست یا دو پا در نار جاودانی افکنده شوی. (aiōnios g166)۸
9 Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye o le latlhe. Go botoka go tsena mo legodimong ka leitlho le le lengwe go na le go tsena mo moleting ka a le mabedi. (Geenna g1067)
و اگر چشمت تو را لغزش دهد، آن را قلع کرده، از خود دور انداز زیرا تو را بهتر است بایک چشم وارد حیات شوی، از اینکه با دو چشم در آتش جهنم افکنده شوی. (Geenna g1067)۹
10 “Itiseng gore lo seka lwa lebela ope wa bananyana ba ba nnyennyane ba kwa tlase. Gonne ke lo bolelela gore kwa legodimong baengele ba bone ba fa pele ga ga Rre ka metlha yotlhe.
زنهار یکی از این صغار را حقیر مشمارید، زیرا شما را می‌گویم که ملائکه ایشان دائم درآسمان روی پدر مرا که در آسمان است می‌بینند.۱۰
11 Mme nna, Morwa Motho, ke tletse go boloka ba ba latlhegileng.
زیرا که پسر انسان آمده است تا گم شده رانجات‌بخشد.۱۱
12 “Fa motho a na le dinku di le lekgolo, mme e nngwe e tsamaya e bo e timela, o tlaa dira eng? A ga a na go tlogela tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe a ba a ya kwa dithabeng go ya go batla e e latlhegileng?
شما چه گمان می‌برید، اگرکسی را صد گوسفند باشد و یکی از آنها گم شود، آیا آن نود و نه را به کوهسار نمی گذارد و به جستجوی آن گم شده نمی رود؟۱۲
13 Mme fa a e bona, o tlaa e itumelela go gaisa tse di masome a fera bongwe le metso e fera bongwe tse di babalesegileng kwa gae!
و اگر اتفاق آن را دریابد، هرآینه به شما می‌گویم بر آن یکی بیشتر شادی می‌کند از آن نود و نه که گم نشده‌اند.۱۳
14 Fela jalo, ga se go rata ga ga Rre gore le fa e le mang wa ba bannye ba a nyelele.
همچنین اراده پدر شما که در آسمان است این نیست که یکی از این کوچکان هلاک گردد.۱۴
15 “Fa wa gaeno a go leofela, ya kwa go ene ka sephiri go mo kaela molato o. Fa a reetsa a ba a ipona phoso, o gapile wa gaeno.
«و اگر برادرت به تو گناه کرده باشد، برو واو را میان خود و او در خلوت الزام کن. هرگاه سخن تو را گوش گرفت، برادر خود را دریافتی؛۱۵
16 Fa a gana, ke gone tsaya mongwe kgotsa ba le babedi lo boele go ene gape, go tlhomamisa sengwe le sengwe se o se buang ka bone basupi ba.
و اگر نشنود، یک یا دو نفر دیگر با خود بردار تااز زبان دو یا سه شاهد، هر سخنی ثابت شود.۱۶
17 Mme fa a sa ntse a gana go reetsa, isa ngongorego ya gago kwa phuthegong, mme fa katlholo ya phuthego e dumalana nao mo kgannyeng e, mme ene a sa dumalane, phuthego e tshwanetse go mo kgaola.
واگر سخن ایشان را رد کند، به کلیسا بگو. و اگرکلیسا را قبول نکند، در نزد تو مثل خارجی یاباجگیر باشد.۱۷
18 Mme ke lo bolelela se, le fa e le eng se lo se bofang mo lefatsheng se bofiwa kwa legodimong, mme le fa e le eng se lo se bofololang mo lefatsheng, se tlaa bofololwa kwa legodimong.
هرآینه به شما می‌گویم آنچه برزمین بندید، در آسمان بسته شده باشد و آنچه برزمین گشایید، در آسمان گشوده شده باشد.۱۸
19 “Gape ke lo bolelela se, fa ba le babedi ba lona fano mo lefatsheng ba dumalana kaga sengwe se lo se kopang, Rara yo o kwa legodimong o tlaa se lo direla.
باز به شما می‌گویم هر گاه دو نفر از شما در زمین درباره هر‌چه که بخواهند متفق شوند، هرآینه ازجانب پدر من که در آسمان است برای ایشان کرده خواهد شد.۱۹
20 “Gonne kwa bobedi kgotsa kwa boraro bo phuthegelang teng ka ntlha ya gore ke ba me, ke tlaa bo ke le gone tota fa gare ga bone.”
زیرا جایی که دو یا سه نفر به اسم من جمع شوند، آنجا درمیان ایشان حاضرم.»۲۰
21 Mme ga tla Petere a mmotsa a re, “Morena, ke tshwanetse go itshwarela wa gaetsho ga kae fa a nteofela? Ga supa?”
آنگاه پطرس نزد او آمده، گفت: «خداوندا، چند مرتبه برادرم به من خطا ورزد، می‌باید او راآمرزید؟ آیا تا هفت مرتبه؟»۲۱
22 Mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa, masome a supa a ntsifaditshwe ga supa!
عیسی بدو گفت: «تو را نمی گویم تا هفت مرتبه، بلکه تا هفتاد هفت مرتبه!۲۲
23 “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le Kgosi e e neng e ikaeletse go gakolola batho go mo duela melato ya bone.
از آنجهت ملکوت آسمان پادشاهی راماند که با غلامان خود اراده محاسبه داشت.۲۳
24 Fa go ntse go tsweletswe, mongwe wa ba ba nang le molato nae yo e neng a mo kolota didikadike di le lesome tsa dipula! a tlisiswa kwa go ene.
وچون شروع به حساب نمود، شخصی را نزد اوآوردند که ده هزار قنطار به او بدهکار بود.۲۴
25 A se ka a kgona go duela, jalo Kgosi ya laola gore a rekisiwe ka ntlha ya sekoloto le mosadi wa gagwe le banna le sengwe le sengwe se a neng a na naso.
وچون چیزی نداشت که ادا نماید، آقایش امر کردکه او را با زن و فرزندان و تمام مایملک اوفروخته، طلب را وصول کنند.۲۵
26 “Mme monna a wela fa fatshe fa pele ga kgosi ka sefatlhogo a re, ‘Ao Morena, nna pelotelele mo go nna mme ke tlaa duela sekoloto sotlhe’.
پس آن غلام روبه زمین نهاده او را پرستش نمود و گفت: “ای آقامرا مهلت ده تا همه را به تو ادا کنم.”۲۶
27 “Mme kgosi ya mo utlwela botlhoko mme ya mo golola ya mo itshwarela molato.
آنگاه آقای آن غلام بر وی ترحم نموده، او را رها کرد وقرض او را بخشید.۲۷
28 “Mme erile fa monna a tlogela kgosi a ya kwa monneng yo o mo kolotang dipula di le dikete tse pedi, a mo tshwara ka mometso a batla tuelo ya gagwe ka nako eo.
لیکن چون آن غلام بیرون رفت، یکی از همقطاران خود را یافت که از او صددینار طلب داشت. او را بگرفت و گلویش رافشرده، گفت: “طلب مرا ادا کن!”۲۸
29 “Monna a wela fa fatshe fa pele ga gagwe mme a mo kopa go mo fa lobakanyana. A mo rapela a re nna pelotelele mme ‘ke tlaa duela’.
پس آن همقطار بر پایهای او افتاده، التماس نموده، گفت: “مرا مهلت ده تا همه را به تو رد کنم.”۲۹
30 Mme yo o kolotwang a se ka a dumela go mo letela. A laola gore a tshwarwe a ba a tlhatlhelwe mo tlung ya kgolegelo go fitlhelela molato o duelwa otlhe.
اما اوقبول نکرد بلکه رفته، او را در زندان انداخت تاقرض را ادا کند.۳۰
31 “Mme ditsala tsa monna yo o mo tlung ya kgolegelo tsa ya kgosing go e bolelela se se diragetseng.
چون همقطاران وی این وقایع را دیدند، بسیار غمگین شده، رفتند و آنچه شده بود به آقای خود باز‌گفتند.۳۱
32 Mme kgosi ya bitsa monna yo e neng e mo itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang ya re, ‘Molotsana ke wena yo o pelo e maswe! Ke go itshwaretse sekoloto se se gakgamatsang, fela ka ntlha ya gore o nkopile,
آنگاه مولایش او راطلبیده، گفت: “ای غلام شریر، آیا تمام آن قرض را محض خواهش تو به تو نبخشیدم؟۳۲
33 a ga o a tshwanela go nna le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe, fela jaaka ke ne ka nna le kutlwelobotlhoko mo go wena?’
پس آیاتو را نیز لازم نبود که بر همقطار خود رحم کنی چنانکه من بر تو رحم کردم؟”۳۳
34 Mme kgosi e e kgopegileng ya romela monna yo kwa tlung ya kgolegelo go fitlhelela a duela thebe ya bofelo ya madi a a a kolotang.
پس مولای او درغضب شده، او را به جلادان سپرد تا تمام قرض رابدهد.۳۴
35 Mme Rara wa legodimo o tlaa lo direla fela jalo fa lo gana go itshwarela bangwe ka-lona ka boammaaruri.”
به همینطور پدر آسمانی من نیز با شماعمل خواهد نمود، اگر هر یکی از شما برادر خودرا از دل نبخشد.»۳۵

< Mathaio 18 >