< Mathaio 17 >

1 Mme erile morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane monnawe go tlhatlogela kwa setlhoweng sa thaba e e godileng e e kwa thoko.
THEN six days after, Jesus taketh Peter, and James, and John his brother, and bringeth them into an exceeding high mountain apart.
2 Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.
And he was transformed before them; and his face shone as the sun, and his garments were white as the light.
3 Ka tshoganetso ga bonala Moshe le Elija ba bua nae.
And behold, there appeared to them, Moses and Elias talking with him.
4 Petere a bua ka tshoganetso a re, “Morena, go molemo gore re be re le fano. Fa o rata, ke tlaa aga metlaagana e le meraro o mongwe e le wa gago, o mongwe e nne wa ga Moshe, o mongwe e nne wa ga Elija.”
Then Peter addressing him, said to Jesus, Lord, It is well that we are here; if it please thee, we will make here three tents; one for thee, and one for Moses, and one for Elias.
5 Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng.”
And while he was yet speaking, behold, a luminous cloud overshadowed them; and lo! a voice out of the cloud, saying, This is my beloved Son, in whom is my delight; hear him!
6 Mo tiragalong e, barutwa ba wela fa fatshe ka difatlhogo ba tsenywe ke letshogo le legolo.
And the disciples hearing it, fell on their face, and were exceedingly affrighted.
7 Jesu a tla kwa go bone a ba ama a ba raya a re, “Tsogang, se boifeng.”
And Jesus came and touched them, and said, Arise, be not affrighted.
8 Mme ya re ba leba, ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.
Then lifting up their eyes, they saw no person, but Jesus only.
9 Mme ya re ba fologa thaba, a ba laya gore ba se ka ba itsise ope se ba se boneng go fitlhelela a tsoga mo baswing.
And when they were coming down from the mountain, Jesus commanded them, saying, Tell no man the vision, until the Son of man is risen from the dead.
10 Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Ke eng fa baeteledipele ba Sejuda ba gatelela gore Elija o tshwanetse go boa pele ga Mesia a tla?”
And his disciples asked him, saying, Why then do the scribes affirm, that Elias must come first?
11 Jesu a fetola a re, “Ba bua sentle. Elija o tshwanetse go tla go baya sengwe le sengwe ka fa thulaganyong.
Then Jesus answering said unto them, Elias indeed cometh first, and will reform all things.
12 Mme legale o setse a tsile, mme ga a a ka a lemogwa, o na a sotlwa ke batho thata. Mme le Nna Morwa Motho ke tlaa sotlega mo diatleng tsa bone.”
But I say unto you, That Elias is already come, and they knew him not, but have done by him whatsoever they chose: even so also must the Son of man suffer by them.
13 Hong barutwa ba lemoga fa a bua kaga Johane wa Mokolobetsi.
Then understood the disciples that he spake to them of John the Baptist.
14 Erile ba goroga kwa tlase ga thaba, bontsintsi jo bogolo jwa bo bo ba letile. Monna mongwe a tla a khubamela Jesu a re,
And when they were come to the multitude, there came to him a man, kneeling down to him, and saying,
15 “Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gore o tlhakatlhakanye tlhaloganyo, re mo bothatengjo bogolo, ka gore o a tle a wele mo molelong kgotsa mo metsing.
Lord, have compassion on my son, for he is a lunatic, and suffers grievously; for oftentimes he falleth into the fire, and often into the water.
16 Jalo ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.”
And I brought him to thy disciples, and they have not been able to cure him.
17 Jesu a fetola a re, “Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna.”
Then Jesus answering, said, O generation, faithless, and perverse! how long shall I be with you? how long shall I bear with you? bring him hither to me.
18 Hong Jesu a kgalemela mowa o o maswe o o mo mosimaneng mme wa tswa mo go ene, mme go simolola ka lobaka loo mosimane a fola.
And Jesus rebuked him, and the devil came out of him; and the child was cured from that hour.
19 Moragonyana barutwa ba botsa Jesu mo sephiring ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle?”
Then the disciples of Jesus coming privately, said, Why could not we cast it out?
20 Mme Jesu a ba raya a re, “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne fa lo no lo na le tumelo le fa e le e nnyennyane jaaka peo e tshesane ya mosetara lo no lo ka raya thaba e lwa re ‘Suta!’ mme e ne e tlaa sutela kgakala. Ga go na se se neng se ka retela.
Then said Jesus unto them, Because of your unbelief: for verily I say unto you, If ye have faith as a grain of mustard, ye shall say to this mountain, Remove from hence, thither, and it will remove; and nothing will be impossible for you.
21 Mme mofuta o wa mowa o o maswe ga o ka ke wa tsamaya fa e se fela lo rapetse lo ikiditse dijo.”
But this kind goeth not out but by prayer and fasting.
22 Letsatsi lengwe fa ba sale mo Galalea Jesu a ba raya a re, “Ke ya go okelwa mo nonofong ya ba ba tlaa mpolayang, mme e tla re ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga mo baswing.” Mme dipelo tsa barutwa tsa tlala khutsafalo le poifo.
And as they were returning into Galilee, Jesus said unto them, The Son of man must be delivered into the hands of men:
and they shall kill him, and the third day he shall rise again. And they were grieved exceedingly.
24 Mo kgorogong ya bone kwa Kaperanama, baphuthi ba lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba mmotsa ba re, “A mong wa lona ga a duele lekgetho?”
And when they came to Capernaum, they who receive the tax of two drachmas came to Peter, and said, Doth not your master pay tribute?
25 Petere a araba a re, “Ee, o a le duela.” Hong a tsena mo ntlung go bolelela Jesu ka potso ya makgetho, mme e rile pele ga a ka bua, Jesu a mmotsa a re, “O akanyang Petere? A dikgosi di phutha makgetho mo bathung ba tsone, kgotsa mo go batswakwa ba ba fentsweng?”
He saith, Yes. And when he came into the house, Jesus prevented him, saying, What thinkest thou, Simon? of whom do the kings of the earth receive customs and tax? from their own children, or from aliens?
26 Mme Petere a fetola a re, “Mo go batswakwa.” Jalo he, Jesu a re, “Go siame.” “Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!”
Peter saith to him, From aliens. Jesus saith unto him, In that case then the children are free.
But that we give them no offence, go unto the sea, and cast in a hook, and take the first fish which cometh up; and on opening his mouth, thou wilt find a stater, that take and give them for me and thee.

< Mathaio 17 >