< Mathaio 16 >

1 Mme ka letsatsi lengwe Bafarasai le Basadukai ba tla go leka Jesu mabapi le polelo ya gagwe ya gore ke Mesia ka go mo kopa go ba supegetsa ditshupo dingwe tse di tona mo magodimong.
Καὶ προσελθόντες οἱ Φαρισαῖοι καὶ Σαδδουκαῖοι πειράζοντες ἐπηρώτησαν αὐτὸν σημεῖον ἐκ τοῦ οὐρανοῦ ἐπιδεῖξαι αὐτοῖς.
2 A fetola a re, “Lo siame mo go baleng ditshupo tsa seemo sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng bo raya seemo se sentle sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng ano bo raya seemo se sentle sa loapi ka moso; lo bo lo re loapi lo lo hibidu mo mosong lo raya seemo se se bosula sa loapi motshegare otlhe, mme ga lo kgone go bala ditshupo tse di itlhalosang ka botsone tsa metlha!
ὁ δὲ ἀποκριθεὶς εἶπεν αὐτοῖς· ⸂Ὀψίας γενομένης λέγετε· Εὐδία, πυρράζει γὰρ ὁ οὐρανός·
3
καὶ πρωΐ· Σήμερον χειμών, πυρράζει γὰρ στυγνάζων ὁ οὐρανός. ⸀τὸ μὲν πρόσωπον τοῦ οὐρανοῦ γινώσκετε διακρίνειν, τὰ δὲ σημεῖα τῶν καιρῶν οὐ δύνασθε.⸃
4 Sechaba se se bosula se, se se sa dumeleng se batla tshupo nngwe e e sa tlwaelesegang mo magodimong, mme ga go na sesupo sepe se se tlaa dirwang fa e se mofuta o o neetsweng Jona.” Hong Jesu a tswela kwa ntle a ba tlogela.
Γενεὰ πονηρὰ καὶ μοιχαλὶς σημεῖον ἐπιζητεῖ, καὶ σημεῖον οὐ δοθήσεται αὐτῇ εἰ μὴ τὸ σημεῖον ⸀Ἰωνᾶ καὶ καταλιπὼν αὐτοὺς ἀπῆλθεν.
5 Erile ba sena go kgabaganya lecha, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dijo.
Καὶ ἐλθόντες οἱ ⸀μαθηταὶεἰς τὸ πέραν ἐπελάθοντο ἄρτους λαβεῖν.
6 Mme Jesu a ba tlhagisa a re, “Itlhokomeleng! Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.”
ὁ δὲ Ἰησοῦς εἶπεν αὐτοῖς· Ὁρᾶτε καὶ προσέχετε ἀπὸ τῆς ζύμης τῶν Φαρισαίων καὶ Σαδδουκαίων.
7 Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe.
οἱ δὲ διελογίζοντο ἐν ἑαυτοῖς λέγοντες ὅτι Ἄρτους οὐκ ἐλάβομεν.
8 Jesu a ba a itse se ba se akanyang mme a ba raya a re, batho ba tumelo potlana! Ke eng fa lo tshwenyegile jaana ka go tlhoka senkgwe?
γνοὺς δὲ ὁ Ἰησοῦς ⸀εἶπεν Τί διαλογίζεσθε ἐν ἑαυτοῖς, ὀλιγόπιστοι, ὅτι ἄρτους οὐκ ⸀ἐλάβετε
9 A ga lo kitla lo tlhaloganya? A ga lo gakologelwe bontsi jwa batho bo le dikete tse ke di hephileng ka dinkgwe di le tlhano, le diroto tse di neng tsa tlogelwa di tletse masalela? A ga lo gakologelwe dikete tse nne tse ke di hephileng le gotlhe mo go neng ga sala?
οὔπω νοεῖτε, οὐδὲ μνημονεύετε τοὺς πέντε ἄρτους τῶν πεντακισχιλίων καὶ πόσους κοφίνους ἐλάβετε;
οὐδὲ τοὺς ἑπτὰ ἄρτους τῶν τετρακισχιλίων καὶ πόσας σπυρίδας ἐλάβετε;
11 Lo ka akanya jang gore ke ne ke bua ka dijo? Mme gape ka re, “Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.”
πῶς οὐ νοεῖτε ὅτι οὐ περὶ ⸀ἄρτωνεἶπον ὑμῖν; ⸂προσέχετε δὲ ἀπὸ τῆς ζύμης τῶν Φαρισαίων καὶ Σαδδουκαίων.
12 Hong kwa bofelong ba tlhaloganya gore ka ‘sebidiso’ o na a raya thuto e e sa siamang ya Bafarasai le Basadukai.
τότε συνῆκαν ὅτι οὐκ εἶπεν προσέχειν ἀπὸ τῆς ζύμης ⸂τῶν ἄρτων ἀλλὰ ἀπὸ τῆς διδαχῆς τῶν Φαρισαίων καὶ Σαδδουκαίων.
13 Erile a goroga kwa Kaesarea Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re, “Batho ba re ke mang?”
Ἐλθὼν δὲ ὁ Ἰησοῦς εἰς τὰ μέρη Καισαρείας τῆς Φιλίππου ἠρώτα τοὺς μαθητὰς αὐτοῦ λέγων· ⸀Τίναλέγουσιν οἱ ἄνθρωποι εἶναι τὸν υἱὸν τοῦ ἀνθρώπου;
14 Ba fetola ba re, “Bangwe ba re Johane wa Mokolobetsi; bangwe ba re Elija, bangwe ba re Jeremia kgotsa mongwe wa baporofiti ba bangwe.”
οἱ δὲ εἶπαν· Οἱ μὲν Ἰωάννην τὸν βαπτιστήν, ἄλλοι δὲ Ἠλίαν, ἕτεροι δὲ Ἰερεμίαν ἢ ἕνα τῶν προφητῶν.
15 Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?”
λέγει αὐτοῖς· Ὑμεῖς δὲ τίνα με λέγετε εἶναι;
16 Simone Petere a fetola a re, “Keresete Mesia Morwa Modimo o o tshedileng”.
ἀποκριθεὶς δὲ Σίμων Πέτρος εἶπεν· Σὺ εἶ ὁ χριστὸς ὁ υἱὸς τοῦ θεοῦ τοῦ ζῶντος.
17 Jesu a mo raya a re, “Modimo o go segofaditse, Simone, morwa Jona. Gonne Rara yo o kwa legodimong ke ene yo o go senoletseng dilo tse ka boene, ga go a tswa mo go ope.
⸂ἀποκριθεὶς δὲ ὁ Ἰησοῦς εἶπεν αὐτῷ· Μακάριος εἶ, Σίμων Βαριωνᾶ, ὅτι σὰρξ καὶ αἷμα οὐκ ἀπεκάλυψέν σοι ἀλλʼ ὁ πατήρ μου ὁ ἐν τοῖς οὐρανοῖς·
18 O Petere, lefika, mme ke aga phuthego ya me mo lefikeng le, mme dinonofo tsotlhe tsa molete ga di kitla di e fenya. (Hadēs g86)
κἀγὼ δέ σοι λέγω ὅτι σὺ εἶ Πέτρος, καὶ ἐπὶ ταύτῃ τῇ πέτρᾳ οἰκοδομήσω μου τὴν ἐκκλησίαν, καὶ πύλαι ᾅδου οὐ κατισχύσουσιν αὐτῆς· (Hadēs g86)
19 Mme ke tlaa go neela dilotlolo tsa bogosi jwa legodimo, dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlelang mo lefatshing, di tla lotlelwa kwa legodimong; mme dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlololang mo lefatsheng, di tlaa lotlololwa kwa legodimong!”
⸀δώσωσοι τὰς ⸀κλεῖδαςτῆς βασιλείας τῶν οὐρανῶν, καὶ ὃ ⸀ἐὰνδήσῃς ἐπὶ τῆς γῆς ἔσται δεδεμένον ἐν τοῖς οὐρανοῖς, καὶ ὃ ⸁ἐὰνλύσῃς ἐπὶ τῆς γῆς ἔσται λελυμένον ἐν τοῖς οὐρανοῖς.
20 Hong a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela bape fa e le Mesia.
τότε ⸀διεστείλατοτοῖς ⸀μαθηταῖςἵνα μηδενὶ εἴπωσιν ὅτι αὐτός ⸀ἐστινὁ χριστός.
21 Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape.
Ἀπὸ τότε ἤρξατο ⸂ὁ Ἰησοῦς δεικνύειν τοῖς μαθηταῖς αὐτοῦ ὅτι δεῖ αὐτὸν ⸂εἰς Ἱεροσόλυμα ἀπελθεῖν καὶ πολλὰ παθεῖν ἀπὸ τῶν πρεσβυτέρων καὶ ἀρχιερέων καὶ γραμματέων καὶ ἀποκτανθῆναι καὶ τῇ τρίτῃ ἡμέρᾳ ἐγερθῆναι.
22 Mme Petere a mo tseela fa thoko go mo kgalemela a mo raya a re, “A mogopolo oo o nyelele Morena. Mo ga go kitla go go diragalela!”
καὶ προσλαβόμενος αὐτὸν ὁ Πέτρος ἤρξατο ἐπιτιμᾶν αὐτῷ λέγων· Ἵλεώς σοι, κύριε· οὐ μὴ ἔσται σοι τοῦτο.
23 Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.”
ὁ δὲ στραφεὶς εἶπεν τῷ Πέτρῳ· Ὕπαγε ὀπίσω μου, Σατανᾶ· σκάνδαλον ⸂εἶ ἐμοῦ, ὅτι οὐ φρονεῖς τὰ τοῦ θεοῦ ἀλλὰ τὰ τῶν ἀνθρώπων.
24 Hong Jesu a raya barutwa a re, “Fa motho le fa e le mang a rata go nna molatedi wa me, a a iitatole a tseye mokgoro wa gagwe a ntshale morago.
Τότε ὁ Ἰησοῦς εἶπεν τοῖς μαθηταῖς αὐτοῦ· Εἴ τις θέλει ὀπίσω μου ἐλθεῖν, ἀπαρνησάσθω ἑαυτὸν καὶ ἀράτω τὸν σταυρὸν αὐτοῦ καὶ ἀκολουθείτω μοι.
25 Gonne le fa e le mang yo o ipolokelang botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tlaa bo bona gape.
ὃς γὰρ ⸀ἐὰνθέλῃ τὴν ψυχὴν αὐτοῦ σῶσαι ἀπολέσει αὐτήν· ὃς δʼ ἂν ἀπολέσῃ τὴν ψυχὴν αὐτοῦ ἕνεκεν ἐμοῦ εὑρήσει αὐτήν.
26 Go na le poelo ya eng fa motho a rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng? Se se ka tshwantshiwang le letlotlo la botshelo jo bo sa khutleng ke eng?
τί γὰρ ⸀ὠφεληθήσεταιἄνθρωπος ἐὰν τὸν κόσμον ὅλον κερδήσῃ τὴν δὲ ψυχὴν αὐτοῦ ζημιωθῇ; ἢ τί δώσει ἄνθρωπος ἀντάλλαγμα τῆς ψυχῆς αὐτοῦ;
27 Gonne Nna, Morwa Motho, ke tlaa tla le baengele ba me mo kgalalelong ya ga Rre go atlhola mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
μέλλει γὰρ ὁ υἱὸς τοῦ ἀνθρώπου ἔρχεσθαι ἐν τῇ δόξῃ τοῦ πατρὸς αὐτοῦ μετὰ τῶν ἀγγέλων αὐτοῦ, καὶ τότε ἀποδώσει ἑκάστῳ κατὰ τὴν πρᾶξιν αὐτοῦ.
28 Mme bangwe ba lona ba ba emeng fano jaanong jaana ba tshelela go mpona ke tla mo Bogosing jwa me.”
ἀμὴν λέγω ὑμῖν ⸀ὅτιεἰσίν τινες ⸂τῶν ὧδε ἑστώτων οἵτινες οὐ μὴ γεύσωνται θανάτου ἕως ἂν ἴδωσιν τὸν υἱὸν τοῦ ἀνθρώπου ἐρχόμενον ἐν τῇ βασιλείᾳ αὐτοῦ.

< Mathaio 16 >