< Mathaio 13 >

1 Mme ya re morago ga lone letsatsi leo, Jesu a tswa mo tlung a fologela kwa lotshitshing lwa lewatle,
⸀Ἐντῇ ἡμέρᾳ ἐκείνῃ ἐξελθὼν ὁ Ἰησοῦς ⸀τῆςοἰκίας ἐκάθητο παρὰ τὴν θάλασσαν·
2 kwa boidiidi jwa batho bo neng jwa tloga jwa kokoanela teng. O na a tsena mo mokorong mme a ruta a le mo go one fa batho ba reeditse ba le mo lotshitshing. O na a bolela dipolelo di le dintsi ka ditshwantsho jaaka e e reng, “Mojadi o ne a jala mabele mo masimong a gagwe.
καὶ συνήχθησαν πρὸς αὐτὸν ὄχλοι πολλοί, ὥστε αὐτὸν ⸀εἰςπλοῖον ἐμβάντα καθῆσθαι, καὶ πᾶς ὁ ὄχλος ἐπὶ τὸν αἰγιαλὸν εἱστήκει.
3
καὶ ἐλάλησεν αὐτοῖς πολλὰ ἐν παραβολαῖς λέγων· Ἰδοὺ ἐξῆλθεν ὁ σπείρων τοῦ σπείρειν.
4 Erile fa a ntse a gasa peo, e nngwe ya wela mo tseleng mme dinonyane tsa tla tsa e e ja.
καὶ ἐν τῷ σπείρειν αὐτὸν ἃ μὲν ἔπεσεν παρὰ τὴν ὁδόν, καὶ ⸂ἐλθόντα τὰ πετεινὰ κατέφαγεν αὐτά.
5 “Mme e nngwe ya wela mo mmung o o maje, mo go neng go na le mmunyana o o motlhofo; dijalo tsa tlhoga ka bofefo sentle mo mmunyaneng oo,
ἄλλα δὲ ἔπεσεν ἐπὶ τὰ πετρώδη ὅπου οὐκ εἶχεν γῆν πολλήν, καὶ εὐθέως ἐξανέτειλεν διὰ τὸ μὴ ἔχειν βάθος γῆς,
6 mme letsatsi le le molelo la tloga la di fisa mme tsa swaba tsa a swa, ka gore di ne di na le medinyana fela.
ἡλίου δὲ ἀνατείλαντος ἐκαυματίσθη καὶ διὰ τὸ μὴ ἔχειν ῥίζαν ἐξηράνθη.
7 Dipeo tse dingwe tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya di hupetsa di sena go tlhoga.
ἄλλα δὲ ἔπεσεν ἐπὶ τὰς ἀκάνθας, καὶ ἀνέβησαν αἱ ἄκανθαι καὶ ⸀ἔπνιξαναὐτά.
8 Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, mme tsa ungwa ga masome a mararo, masome a marataro, le lekgolo go le go tona go feta jaaka a ne a jetse.
ἄλλα δὲ ἔπεσεν ἐπὶ τὴν γῆν τὴν καλὴν καὶ ἐδίδου καρπόν, ὃ μὲν ἑκατὸν ὃ δὲ ἑξήκοντα ὃ δὲ τριάκοντα.
9 Fa lo na le ditsebe utlwang!”
ὁ ἔχων ⸀ὦταἀκουέτω.
10 Barutwa ba gagwe ba tla ba mmotsa ba re, “Ke eng fa o aga o dirisa ditshwantsho tse di thata go tlhaloganngwa?”
Καὶ προσελθόντες οἱ μαθηταὶ εἶπαν αὐτῷ· Διὰ τί ἐν παραβολαῖς λαλεῖς αὐτοῖς;
11 Hong a ba tlhalosetsa gore ke bone fela ba ba letleletsweng go tlhaloganya ka ga Bogosi jwa Legodimo, mme ba bangwe bone ga ba a letlelelwa.
ὁ δὲ ἀποκριθεὶς εἶπεν ⸀αὐτοῖς Ὅτι ὑμῖν δέδοται γνῶναι τὰ μυστήρια τῆς βασιλείας τῶν οὐρανῶν, ἐκείνοις δὲ οὐ δέδοται.
12 A ba a ba tlhalosetsa a re, “Ka gore yo o nang le sengwe o tlaa okelediwa, o tlaa nna le go le go tona; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le bonnyenyane jo a nang najo. Ke sone se ke dirisang ditshwantsho tse ka sone, jalo he batho ba tlaa utlwa, ba bo ba bona, mme ga ba kitla ba tlhaloganya.”
ὅστις γὰρ ἔχει, δοθήσεται αὐτῷ καὶ περισσευθήσεται· ὅστις δὲ οὐκ ἔχει, καὶ ὃ ἔχει ἀρθήσεται ἀπʼ αὐτοῦ.
διὰ τοῦτο ἐν παραβολαῖς αὐτοῖς λαλῶ, ὅτι βλέποντες οὐ βλέπουσιν καὶ ἀκούοντες οὐκ ἀκούουσιν οὐδὲ συνίουσιν·
14 “Mo go diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, ‘Ba a utlwa, mme ga ba tlhaloganye; ba a leba mme ga ba bone.
καὶ ἀναπληροῦται αὐτοῖς ἡ προφητεία Ἠσαΐου ἡ λέγουσα· Ἀκοῇ ἀκούσετε καὶ οὐ μὴ συνῆτε, καὶ βλέποντες βλέψετε καὶ οὐ μὴ ἴδητε.
15 Gonne dipelo tsa bone di thata, ditsebe tsa bone di kabetse, mme ba ipuduladitse mo borokong.
ἐπαχύνθη γὰρ ἡ καρδία τοῦ λαοῦ τούτου, καὶ τοῖς ὠσὶν βαρέως ἤκουσαν, καὶ τοὺς ὀφθαλμοὺς αὐτῶν ἐκάμμυσαν· μήποτε ἴδωσιν τοῖς ὀφθαλμοῖς καὶ τοῖς ὠσὶν ἀκούσωσιν καὶ τῇ καρδίᾳ συνῶσιν καὶ ἐπιστρέψωσιν, καὶ ἰάσομαι αὐτούς.
16 Jalo ga ba kitla ba bona le go utlwa le go tlhaloganya le go boela kwa Modimong gape, le go ntetla go ba fodisa.’ Mme go sego matlho a lona gonne lo a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa.
ὑμῶν δὲ μακάριοι οἱ ὀφθαλμοὶ ὅτι βλέπουσιν, καὶ τὰ ὦτα ὑμῶν ὅτι ⸀ἀκούουσιν
17 Baporofiti ba le bantsi le batho ba ba boifang Modimo ba tlhologeletswe go bona dilo tse lo di bonyeng, le go utlwa dilo tse lo di utlwileng, mme ga ba a ka ba di utlwa le fa e le go di bona.
ἀμὴν γὰρ λέγω ὑμῖν ὅτι πολλοὶ προφῆται καὶ δίκαιοι ἐπεθύμησαν ἰδεῖν ἃ βλέπετε καὶ οὐκ εἶδαν, καὶ ἀκοῦσαι ἃ ἀκούετε καὶ οὐκ ἤκουσαν.
18 “Jaanong tlhaloso ya polelo e ke e lo boleletseng kaga molemi a jala ke e:
Ὑμεῖς οὖν ἀκούσατε τὴν παραβολὴν τοῦ ⸀σπείραντος
19 tsela e e kwakwaletseng e peo e nngwe e neng ya wela mo go yone e raya pelo ya motho yo o utlwang mafoko a a molemo kaga Bogosi mme a ba a sa a tlhaloganye; mme Satane a ba a tla a phamola peo mo pelong ya gagwe.
παντὸς ἀκούοντος τὸν λόγον τῆς βασιλείας καὶ μὴ συνιέντος, ἔρχεται ὁ πονηρὸς καὶ ἁρπάζει τὸ ἐσπαρμένον ἐν τῇ καρδίᾳ αὐτοῦ· οὗτός ἐστιν ὁ παρὰ τὴν ὁδὸν σπαρείς.
20 Mmu o o maje o o motlhofo o raya pelo ya motho yo o utlwang molaetsa a ba a o amogela ka boitumelo,
ὁ δὲ ἐπὶ τὰ πετρώδη σπαρείς, οὗτός ἐστιν ὁ τὸν λόγον ἀκούων καὶ εὐθὺς μετὰ χαρᾶς λαμβάνων αὐτόν,
21 mme a se na modi mo botshelong jwa gagwe, le peo ga e tlhogele kwa teng, mme e re moragonyana fa matshwenyego a tla, kgotsa pogiso e simologa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, tlhoafalo ya gagwe e swe, a ba a we mo tumelong.
οὐκ ἔχει δὲ ῥίζαν ἐν ἑαυτῷ ἀλλὰ πρόσκαιρός ἐστιν, γενομένης δὲ θλίψεως ἢ διωγμοῦ διὰ τὸν λόγον εὐθὺς σκανδαλίζεται.
22 Mmu o o tlhogileng o o khurumeditsweng ke mitlwa o raya motho yo o utlwang molaetsa, mme ditlhobaelo tsa botshelo le keletso ya gagwe ya madi di hupetse Lefoko la Modimo, mme a direle Modimo ka boutsana. (aiōn g165)
ὁ δὲ εἰς τὰς ἀκάνθας σπαρείς, οὗτός ἐστιν ὁ τὸν λόγον ἀκούων, καὶ ἡ μέριμνα τοῦ αἰῶνος ⸀τούτουκαὶ ἡ ἀπάτη τοῦ πλούτου συμπνίγει τὸν λόγον, καὶ ἄκαρπος γίνεται. (aiōn g165)
23 Mmu o o siameng o raya pelo ya motho yo o reetsang molaetsa a ba a o tlhaloganya a tswela kwa ntle a ya go lere ba bangwe ba le masome mararo, masome marataro kgotsa lekgolo mo Bogosing.”
ὁ δὲ ἐπὶ τὴν ⸂καλὴν γῆν σπαρείς, οὗτός ἐστιν ὁ τὸν λόγον ἀκούων καὶ ⸀συνιείς ὃς δὴ καρποφορεῖ καὶ ποιεῖ ὃ μὲν ἑκατὸν ὃ δὲ ἑξήκοντα ὃ δὲ τριάκοντα.
24 Setshwantsho se sengwe ke se, se Jesu o neng a se dirisa: “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le molemi a jala peo e e siameng mo tshimong ya gagwe.
Ἄλλην παραβολὴν παρέθηκεν αὐτοῖς λέγων· Ὡμοιώθη ἡ βασιλεία τῶν οὐρανῶν ἀνθρώπῳ ⸀σπείραντικαλὸν σπέρμα ἐν τῷ ἀγρῷ αὐτοῦ.
25 Mme ya re bosigo bongwe a robetse, mmaba wa gagwe a tla a jala mhero mo gare ga mabele.
ἐν δὲ τῷ καθεύδειν τοὺς ἀνθρώπους ἦλθεν αὐτοῦ ὁ ἐχθρὸς καὶ ⸀ἐπέσπειρενζιζάνια ἀνὰ μέσον τοῦ σίτου καὶ ἀπῆλθεν.
26 Erile dijalo di simolola go tlhoga, mhero le one wa tlhoga.
ὅτε δὲ ἐβλάστησεν ὁ χόρτος καὶ καρπὸν ἐποίησεν, τότε ἐφάνη καὶ τὰ ζιζάνια.
27 “Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mmolelela ba re,
προσελθόντες δὲ οἱ δοῦλοι τοῦ οἰκοδεσπότου εἶπον αὐτῷ· Κύριε, οὐχὶ καλὸν σπέρμα ⸀ἔσπειραςἐν τῷ σῷ ἀγρῷ; πόθεν οὖν ἔχει ζιζάνια;
28 “Mmaba ke ene a dirileng jalo, mme ba mo raya ba re, ‘A re ka kumula mhero?’
ὁ δὲ ἔφη αὐτοῖς· Ἐχθρὸς ἄνθρωπος τοῦτο ἐποίησεν. οἱ δὲ ⸂δοῦλοι αὐτῷ λέγουσιν· Θέλεις οὖν ἀπελθόντες ⸀συλλέξωμεναὐτά;
29 “Mme a fetola a re, ‘Nyaa lo tlaa utlwisa mabele botlhoko fa lo dira jalo.
ὁ δέ ⸀φησιν Οὔ, μήποτε συλλέγοντες τὰ ζιζάνια ἐκριζώσητε ἅμα αὐτοῖς τὸν σῖτον·
30 Lesang gotlhe go gole mmogo go fitlhelela motlha wa thobo, mme ke tlaa raya barobi ba kokoanya mhero ba o tshuba, ba baya mabele mo ntlung ya polokelo’.”
ἄφετε συναυξάνεσθαι ἀμφότερα ⸀μέχριτοῦ θερισμοῦ· καὶ ἐν καιρῷ τοῦ θερισμοῦ ἐρῶ τοῖς θερισταῖς· Συλλέξατε πρῶτον τὰ ζιζάνια καὶ δήσατε αὐτὰ εἰς δέσμας πρὸς τὸ κατακαῦσαι αὐτά, τὸν δὲ σῖτον ⸀συναγάγετεεἰς τὴν ἀποθήκην μου.
31 Sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe ke se: “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le peo e nnyennyane ya mosetara e e lemilweng mo tshimong. Ke peo e potlana mo dipeung tsotlhe, mme e nna setlhare se se tona mo ditlhareng tsotlhe, se be se gole go nna setlhare se dinonyane di ka tlang tsa aga mo go sone.”
Ἄλλην παραβολὴν παρέθηκεν αὐτοῖς λέγων· Ὁμοία ἐστὶν ἡ βασιλεία τῶν οὐρανῶν κόκκῳ σινάπεως, ὃν λαβὼν ἄνθρωπος ἔσπειρεν ἐν τῷ ἀγρῷ αὐτοῦ·
ὃ μικρότερον μέν ἐστιν πάντων τῶν σπερμάτων, ὅταν δὲ αὐξηθῇ μεῖζον τῶν λαχάνων ἐστὶν καὶ γίνεται δένδρον, ὥστε ἐλθεῖν τὰ πετεινὰ τοῦ οὐρανοῦ καὶ κατασκηνοῦν ἐν τοῖς κλάδοις αὐτοῦ.
33 Gape o dirisa sekai se: “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le mosadi a dira senkgwe. O tsaya selekanyo sa bopi a se tlhakanye mo sebidisong go fitlhelela se tlhakatlhakana le bopi.”
Ἄλλην παραβολὴν ἐλάλησεν αὐτοῖς· Ὁμοία ἐστὶν ἡ βασιλεία τῶν οὐρανῶν ζύμῃ, ἣν λαβοῦσα γυνὴ ⸀ἐνέκρυψενεἰς ἀλεύρου σάτα τρία ἕως οὗ ἐζυμώθη ὅλον.
34 Jesu o na a dirisa ditshwantsho tse gangwe le gape ka tlhaloso fa a bua le bontsintsi jwa batho. Tota le gone ka gore baporofiti ba ne ba boletse gore o tlaa dirisa di le dintsi, o na a seke a bua le bone kwa ntleng ga go dirisa setshwantsho. Gonne go no ga porofitwa gatwe, “Ke tlaa bua ka ditshwanatsho, ke tlaa tlhalosa dikgakgamatso tse di saleng di lojwa go tswa kwa tshimologong.”
Ταῦτα πάντα ἐλάλησεν ὁ Ἰησοῦς ἐν παραβολαῖς τοῖς ὄχλοις, καὶ χωρὶς παραβολῆς ⸀οὐδὲνἐλάλει αὐτοῖς·
ὅπως πληρωθῇ τὸ ῥηθὲν διὰ τοῦ προφήτου λέγοντος· Ἀνοίξω ἐν παραβολαῖς τὸ στόμα μου, ἐρεύξομαι κεκρυμμένα ἀπὸ ⸀καταβολῆς
36 Mme erile a tlogela matshwititshwiti kwa ntle a tsena mo tlung. Barutwa ba gagwe ba mo kopa gore a ba tlhalosetse polelo ya mhero le mabele.
Τότε ἀφεὶς τοὺς ὄχλους ἦλθεν εἰς τὴν ⸀οἰκίαν καὶ προσῆλθον αὐτῷ οἱ μαθηταὶ αὐτοῦ λέγοντες· ⸀Διασάφησονἡμῖν τὴν παραβολὴν τῶν ζιζανίων τοῦ ἀγροῦ.
37 A re, “Go siame”. Ke nna molemi yo o jalang peo e siameng.
ὁ δὲ ἀποκριθεὶς ⸀εἶπεν Ὁ σπείρων τὸ καλὸν σπέρμα ἐστὶν ὁ υἱὸς τοῦ ἀνθρώπου·
38 “Tshimo e emetse lefatshe ka bophara, mme peo e emetse batho ba Bogosi jwa Legodimo mme mhero ke batho ba ga Satane.
ὁ δὲ ἀγρός ἐστιν ὁ κόσμος· τὸ δὲ καλὸν σπέρμα, οὗτοί εἰσιν οἱ υἱοὶ τῆς βασιλείας· τὰ δὲ ζιζάνιά εἰσιν οἱ υἱοὶ τοῦ πονηροῦ,
39 Mmaba yo o jalang mhero mo mabeleng ke Diabole; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe mme barobi ke baengele. (aiōn g165)
ὁ δὲ ἐχθρὸς ὁ σπείρας αὐτά ἐστιν ὁ διάβολος· ὁ δὲ θερισμὸς συντέλεια ⸀αἰῶνόςἐστιν, οἱ δὲ θερισταὶ ἄγγελοί εἰσιν. (aiōn g165)
40 “Fela jaaka ere mo polelong e, mhero o bo o tlosiwa mo mabeleng o ba o tshujwa, go tlaa nna fela jalo ka bokhutlo jwa lefatshe. (aiōn g165)
ὥσπερ οὖν συλλέγεται τὰ ζιζάνια καὶ πυρὶ ⸀καίεται οὕτως ἔσται ἐν τῇ συντελείᾳ τοῦ ⸀αἰῶνος (aiōn g165)
41 Ke tlaa romela baengele bame mme ba tlaa tlosa mo Bogosing jwa Legodimo, thaelo nngwe le nngwe le botlhe ba ba boleo,
ἀποστελεῖ ὁ υἱὸς τοῦ ἀνθρώπου τοὺς ἀγγέλους αὐτοῦ, καὶ συλλέξουσιν ἐκ τῆς βασιλείας αὐτοῦ πάντα τὰ σκάνδαλα καὶ τοὺς ποιοῦντας τὴν ἀνομίαν,
42 mme ba ba latlhele mo moubeng ba ba tshube. Go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno.
καὶ βαλοῦσιν αὐτοὺς εἰς τὴν κάμινον τοῦ πυρός· ἐκεῖ ἔσται ὁ κλαυθμὸς καὶ ὁ βρυγμὸς τῶν ὀδόντων.
43 Jalo ba ba itshepileng ba tlaa phatsima jaaka letsatsi mo Bogosing jwa ga Rraabo. A ba ba nang le tsebe ba utlwe!
Τότε οἱ δίκαιοι ἐκλάμψουσιν ὡς ὁ ἥλιος ἐν τῇ βασιλείᾳ τοῦ πατρὸς αὐτῶν. ὁ ἔχων ⸀ὦταἀκουέτω.
44 “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le letlotlo le monna mongwe a neng a le bona mo tshimong. Monna yo, erile ka go tsenekega, a rekisa ditsagagwe tsotlhe gore a tle a reke tshimo a bo a rue letlotlo leo.
⸀Ὁμοίαἐστὶν ἡ βασιλεία τῶν οὐρανῶν θησαυρῷ κεκρυμμένῳ ἐν τῷ ἀγρῷ, ὃν εὑρὼν ἄνθρωπος ἔκρυψεν, καὶ ἀπὸ τῆς χαρᾶς αὐτοῦ ὑπάγει καὶ ⸂πωλεῖ πάντα ὅσα ἔχει καὶ ἀγοράζει τὸν ἀγρὸν ἐκεῖνον.
45 “Gape, Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le morekisi wa mekgabisa (diperela) mme a tsoma tsa marata-go-lejwa.
Πάλιν ὁμοία ἐστὶν ἡ βασιλεία τῶν οὐρανῶν ⸀ἀνθρώπῳἐμπόρῳ ζητοῦντι καλοὺς μαργαρίτας·
46 O ne a bona ya botlhokwa, e e tlhotlhwa kgolo—mme a rekisa gotlhe mo a neng a na nago gore a tle a e reke.
⸂εὑρὼν δὲ ἕνα πολύτιμον μαργαρίτην ἀπελθὼν πέπρακεν πάντα ὅσα εἶχεν καὶ ἠγόρασεν αὐτόν.
47 “Gape, Bogosi jwa legodimo bo ka tshwantshanngwa le motshwara-ditlhapi, yo o latlhelang letloa la gagwe mo metsing a ba a tshwara methalethale ya ditlhapi, dingwe di le tlhotlhwa kgolo tse dingwe di sena tiro. Fa letloa le tletse, o le gogela fa lotshitshing, a nna fatshe a tlhopha tse di ka nnang monate a bo a di paka mo matloleng mme tse dingwe a di latlhela koo.
Πάλιν ὁμοία ἐστὶν ἡ βασιλεία τῶν οὐρανῶν σαγήνῃ βληθείσῃ εἰς τὴν θάλασσαν καὶ ἐκ παντὸς γένους συναγαγούσῃ·
ἣν ὅτε ἐπληρώθη ἀναβιβάσαντες ἐπὶ τὸν αἰγιαλὸν καὶ καθίσαντες συνέλεξαν τὰ καλὰ εἰς ⸀ἄγγη τὰ δὲ σαπρὰ ἔξω ἔβαλον.
49 Go tlaa nna fela jalo ka bokhutlo jwa lefatshebaengele ba tlaa tla go tlhopha baikepi mo baitsheping, (aiōn g165)
οὕτως ἔσται ἐν τῇ συντελείᾳ τοῦ αἰῶνος· ἐξελεύσονται οἱ ἄγγελοι καὶ ἀφοριοῦσιν τοὺς πονηροὺς ἐκ μέσου τῶν δικαίων (aiōn g165)
50 ba latlhela ba ba bosula mo moleting. Go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno.
καὶ βαλοῦσιν αὐτοὺς εἰς τὴν κάμινον τοῦ πυρός· ἐκεῖ ἔσται ὁ κλαυθμὸς καὶ ὁ βρυγμὸς τῶν ὀδόντων.
51 A lo a utlwisisa?” Mme ba araba ba re, “Ee re a utlwisisa!”
⸀Συνήκατεταῦτα πάντα; λέγουσιν αὐτῷ· ⸀Ναί
52 Mme o ne a tswelela a re, “Baitseanape ba molao wa Sejuta ba jaanong e leng barutwa ba me ba humile ntlheng tsotlhe-ebong mo kitsong ya Testamente E Kgologolo le mo go ya e Ntsha.”
ὁ δὲ εἶπεν αὐτοῖς· Διὰ τοῦτο πᾶς γραμματεὺς μαθητευθεὶς ⸂τῇ βασιλείᾳ τῶν οὐρανῶν ὅμοιός ἐστιν ἀνθρώπῳ οἰκοδεσπότῃ ὅστις ἐκβάλλει ἐκ τοῦ θησαυροῦ αὐτοῦ καινὰ καὶ παλαιά.
53 Erile Jesu a sena go bolela dipolelo tse, a boela kwa ga gabo kwa Nasaretha mo Galalea mme a ruta mo ntlung ya thuto mo a gakgamaditseng batho ka botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso.
καὶ ἐγένετο ὅτε ἐτέλεσεν ὁ Ἰησοῦς τὰς παραβολὰς ταύτας, μετῆρεν ἐκεῖθεν.
καὶ ἐλθὼν εἰς τὴν πατρίδα αὐτοῦ ἐδίδασκεν αὐτοὺς ἐν τῇ συναγωγῇ αὐτῶν, ὥστε ἐκπλήσσεσθαι αὐτοὺς καὶ λέγειν· Πόθεν τούτῳ ἡ σοφία αὕτη καὶ αἱ δυνάμεις;
55 Batho ba ne ba ipotsa ba re, “A ke gone? Ke ngwana fela wa mmetli, le Marea mmaagwe re a mo itse le bomorwarraagwe bo Jakoba, Josefa, Simone le Jutase.
οὐχοὗτός ἐστιν ὁ τοῦ τέκτονος υἱός; ⸀οὐχ ἡ μήτηρ αὐτοῦ λέγεται Μαριὰμ καὶ οἱ ἀδελφοὶ αὐτοῦ Ἰάκωβος καὶ ⸀Ἰωσὴφκαὶ Σίμων καὶ Ἰούδας;
56 Le bokgaitsadie, botlhe ba nna mono. O ka tuma jang mo go kanakana?”
καὶ αἱ ἀδελφαὶ αὐτοῦ οὐχὶ πᾶσαι πρὸς ἡμᾶς εἰσιν; πόθεν οὖν τούτῳ ταῦτα πάντα;
57 Mme ba mo shakgalela. Mme Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe, fa ese kwa ga gabo a bile a nyadiwa ke ba ga gabo.”
καὶ ἐσκανδαλίζοντο ἐν αὐτῷ. ὁ δὲ Ἰησοῦς εἶπεν αὐτοῖς· Οὐκ ἔστιν προφήτης ἄτιμος εἰ μὴ ἐν τῇ ⸀πατρίδικαὶ ἐν τῇ οἰκίᾳ αὐτοῦ.
58 Jalo o ne a dira dikgakgamatso di se kaenyana fela, ka ntata ya go tlhoka tumelo ga bone.
καὶ οὐκ ἐποίησεν ἐκεῖ δυνάμεις πολλὰς διὰ τὴν ἀπιστίαν αὐτῶν.

< Mathaio 13 >