< Mathaio 11 >

1 Mme e rile fa Jesu a sena go fetsa go nee-la barutwa ba gagwe ba ba lesome le metso e le mebedi ditaelo tse, a tsamaya mo metseng e ba neng ba tshwanetse go rera mo go yone.
et factum est cum consummasset Iesus praecipiens duodecim discipulis suis transiit inde ut doceret et praedicaret in civitatibus eorum
2 Johane wa Mokolobetsi yo o neng jaanong a le mo kgolegelong, a utlwa kaga dikgakgamatso tsotlhe tse Mesia o neng a di dira, jalo a roma barutwa ba gagwe go botsa Jesu gore,
Iohannes autem cum audisset in vinculis opera Christi mittens duos de discipulis suis
3 “A o ene tota yo re mo lebeletseng, kgotsa re nne re lebeletse?”
ait illi tu es qui venturus es an alium expectamus
4 Jesu a ba raya a re, “Boelang kwa go Johane lo mmolelele kaga dikgakgamatso tse lo mponyeng ke di dira
et respondens Iesus ait illis euntes renuntiate Iohanni quae auditis et videtis
5 difofu tse ke di foufolotseng, le digole tse jaanong di tsamayang kwa ntle ga thuso le balepero ba ba fodisitsweng, le bosusu ba ba utlwang, le baswi ba ba rudisitsweng; lo bo lo mmolelele gore ke rerela bahumanegi mafoko a a molemo.
caeci vident claudi ambulant leprosi mundantur surdi audiunt mortui resurgunt pauperes evangelizantur
6 Jaanong lo bo lo mo neela molaetsa o, ‘Go sego ba ba sa mpelaeleng.’”
et beatus est qui non fuerit scandalizatus in me
7 Erile barutwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jesu a simolola go bua le bontsintsi jwa batho ka ga gagwe a re, “Erile lo tswela mo sekakeng se se senang sepe go bona Johane, lo no lo solofetse gore lo tlaa mmona a ntse jang? A tshwana le tlhaga e e fokang mo phefong?
illis autem abeuntibus coepit Iesus dicere ad turbas de Iohanne quid existis in desertum videre harundinem vento agitatam
8 Kgotsa a lo no lo solofetse go bona monna yo o apereng jaaka kgosana mo maphatsipatsing a bogosi?
sed quid existis videre hominem mollibus vestitum ecce qui mollibus vestiuntur in domibus regum sunt
9 Kgotsa moporofiti wa Modimo? Ee, mme o mogolo go na le moporofiti fela.
sed quid existis videre prophetam etiam dico vobis et plus quam prophetam
10 Gonne Johane ke ene yo o umakilweng mo dikwalong; morongwa yo o neng a tshwanetse go tla pele game, go anamisa go tla game, le go baakanya batho go nkamogela.
hic enim est de quo scriptum est ecce ego mitto angelum meum ante faciem tuam qui praeparabit viam tuam ante te
11 Ammaaruri, mo go botlhe ba ba kileng ba tsalwa, ga go na yo o galalelang thata go gaisa Johane wa Mokolobetsi. Mme le fa go ntse jalo, le masedi a mabotlana mo Bogosing jwa legodimo a tlaa nna a magolo go na nae!
amen dico vobis non surrexit inter natos mulierum maior Iohanne Baptista qui autem minor est in regno caelorum maior est illo
12 “Mme go simolola nako e Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka yone a kolobetsa go fitlhelela jaanong jaana, matshwititshwiti a a matlhagatlhaga a ntse a kgobokanela Bogosi jwa Legodimo,
a diebus autem Iohannis Baptistae usque nunc regnum caelorum vim patitur et violenti rapiunt illud
13 Gonne melao yotlhe le baporofiti ba ne ba solofetse Mesia. Mme Johane a bonala,
omnes enim prophetae et lex usque ad Iohannem prophetaverunt
14 mme fa lo batla go tlhaloganya se ke se rayang, ke Elija; ene yo baporofiti ba rileng o tlaa tla ka nako e Bogosi bo simololang ka yone.
et si vultis recipere ipse est Helias qui venturus est
15 “Fa e le gore lo kile lwa rata go reetsa, reetsang jaanong.
qui habet aures audiendi audiat
16 “Ke tlaa reng ka ga chaba e? Batho ba, ba tshwana le bana ba tshameka, ba ba rayang balekane ba bone ba re,
cui autem similem aestimabo generationem istam similis est pueris sedentibus in foro qui clamantes coaequalibus
17 ‘Re tshamekile lenyalo mme lwa seka lwa itumela, ra tshameka phitlho mme lwa seka lwa utlwa botlhoko’.
dicunt cecinimus vobis et non saltastis lamentavimus et non planxistis
18 Gonne Johane wa Mokolobetsi ga a nwe le fa e le mofine, gape o itima dijo gantsi, mme lwa re, ‘O a tsenwa’.
venit enim Iohannes neque manducans neque bibens et dicunt daemonium habet
19 Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!”
venit Filius hominis manducans et bibens et dicunt ecce homo vorax et potator vini publicanorum et peccatorum amicus et iustificata est sapientia a filiis suis
20 Mme a simolola go kgoba metse e a neng a dirile bogolo jwa dikgakgamatso dingwe tsa gagwe mo go yone ka gore e ne e sa boela mo Modimong.
tunc coepit exprobrare civitatibus in quibus factae sunt plurimae virtutes eius quia non egissent paenitentiam
21 A re, “A bo go latlhega wena Korasina, a bo go latlhega wena Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di dirileng mo mebileng ya lona di ne di dirilwe mo Ture le Sidona ba ba kgopo, batho ba teng ba ka bo ba sa bolo go sokologa ka ditlhong le boingotlo.
vae tibi Corazain vae tibi Bethsaida quia si in Tyro et Sidone factae essent virtutes quae factae sunt in vobis olim in cilicio et cinere paenitentiam egissent
22 “Ammaaruri Ture le Sidona ba tlaa bo ba le botoka go na le lona ka Letsatsi la Katlholo!
verumtamen dico vobis Tyro et Sidoni remissius erit in die iudicii quam vobis
23 Mme Kaperanama, lefa a tlotlwa thata, o tlaa fologela mo diheleng! Gonne fa dikgakgamatso tse dintle tse di dirilweng mo go wena di ka bo di dirilwe mo Sodoma, o ka bo a sa ntse a le teng le gompieno. (Hadēs g86)
et tu Capharnaum numquid usque in caelum exaltaberis usque in infernum descendes quia si in Sodomis factae fuissent virtutes quae factae sunt in te forte mansissent usque in hunc diem (Hadēs g86)
24 Ammaaruri, Sodoma, o tlaa bo a le botoka go na le wena ka Letsatsi la Katlholo.”
verumtamen dico vobis quia terrae Sodomorum remissius erit in die iudicii quam tibi
25 Mme Jesu a rapela thapelo e, “Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ke lebogela gore o fitlhetse ba ba ikgopolang ba le botlhale boammaaruri, mme wa bo senolela banyana!
in illo tempore respondens Iesus dixit confiteor tibi Pater Domine caeli et terrae quia abscondisti haec a sapientibus et prudentibus et revelasti ea parvulis
26 Ee, Rara, gonne go go kgatlhile go go dira ka tsela e!”
ita Pater quoniam sic fuit placitum ante te
27 “Boammaaruri jotlhe ke bo neetswe ke Rre. Rara fela ke ene a itseng Morwa, le Rara o itsiwe ke Morwa fela le ba Morwa o ba mo senolelang.
omnia mihi tradita sunt a Patre meo et nemo novit Filium nisi Pater neque Patrem quis novit nisi Filius et cui voluerit Filius revelare
28 Tlang kwano go nna mme ke tla lo lapolosa, lotlhe ba lo dirang thata ka fa tlase ga jokwe e e bokete.
venite ad me omnes qui laboratis et onerati estis et ego reficiam vos
29 Sikarang jokwe ya me, gonne e lo lekana sentle mmang ke lo rute; gonne ke bonolo le boingotlo, jalo lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo, gonne ke lo naya merwalo e e motlhofo fela.”
tollite iugum meum super vos et discite a me quia mitis sum et humilis corde et invenietis requiem animabus vestris
iugum enim meum suave est et onus meum leve est

< Mathaio 11 >