< Mathaio 10 >
1 Jesu a ipiletsa barutwa ba ba lesome le bobedi, mme a ba naya taolo go kgoromeletsa mewa e e maswe ntle le go fodisa malwetse mangwe le mangwe le dipobolo.
E, chamando os seus doze discipulos, deu-lhes poder sobre os espiritos immundos, para os expulsarem, e curarem toda a enfermidade e todo o mal.
2 Maina a barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi ke a; Simone yo o bidiwang Petere, Anderea monnaa Petere; Jakobe morwa Sebede, Johane monnaa Jakobe,
Ora os nomes dos doze apostolos são estes: O primeiro, Simão, chamado Pedro, e André, seu irmão; Thiago, filho de Zebedeo, e João, seu irmão;
3 Filipo, Baretholomica, Thomase, Mathaio wa mokgethisi, Jakobe morwa Alefaio, Thadaeo,
Philippe e Bartholomeo; Thomé e Mattheus, o publicano; Thiago, filho de Alpheo, e Lebbeo, appellidado Thaddeo;
4 Simone (leloko la “diganka” tsa mokgatlho wa dipolotiki o o neng o batla go diga puso), Judase Isekariota yo o neng a mo oka.
Simão Cananita, e Judas Iscariotes, o mesmo que o trahiu.
5 Jesu o ne a ba roma ka ditaelo tse; “Se yeng kwa go Badichaba kgotsa Basamaria,
Jesus enviou estes doze, e lhes ordenou, dizendo: Não ireis pelo caminho das gentes, nem entrareis em cidade de samaritanos;
6 mme yang fela kwa bathung ba Iseraela; dinku tsa Modimo tse di latlhegileng.
Mas ide antes ás ovelhas perdidas da casa d'Israel;
7 Tsamayang lo anamise mo go bone gore Bogosi jwa legodimo bo atametse.
E, indo, prégae, dizendo: É chegado o reino dos céus.
8 “Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela.
Curae os enfermos, purificae os leprosos, resuscitae os mortos, expulsae os demonios: de graça recebestes, de graça dae.
9 “Se tseyeng madi mo dipateng fa lo tsamaya;
Não possuaes oiro, nem prata, nem cobre, em vossos cintos,
10 lo se ka lwa tsaya le fa e le kgetsi ya diaparo e na le diaparo tse dingwe le ditlhako, le fa e le seikokotlelo, gonne ba lo ba thusang ba tshwanetse go lo otla le go lo tlhokomela.
Nem alforges para o caminho, nem duas tunicas, nem alparcas, nem bordão; porque digno é o operario do seu alimento.
11 Nako le nako fa lo tsena mo motseng le mo metsaneng, senkang motho yo o boifang Modimo lo nne mo legaeng la gagwe go fitlhelela lo tswela kwa motseng o mongwe.
E, em qualquer cidade ou aldeia em que entrardes, procurae saber quem n'ella seja digno, e hospedae-vos ahi até que vos retireis.
12 Fa lo kopa tetlelelo ya go nna, nnang botsalano le batho.
E, quando entrardes n'alguma casa, saudae-a;
13 Mme fa le itshupa e le legae la SeModimo, le segofatseng, fa go sa nna jalo, nnang ka tshegofatso ya lona.
E, se a casa fôr digna, desça sobre ella a vossa paz; porém, se não fôr digna, torne para vós a vossa paz.
14 Motse mongwe le mongwe kgotsa legac le le sa lo amogeleng sentle, lo itlhotlhore lorole lwa lefelo leo mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.
E, se ninguem vos receber, nem escutar vossas palavras, saindo d'aquella casa ou cidade, sacudi o pó dos vossos pés.
15 Ammaaruri, metse e e maswe ya Sodoma le Gomora e tlaa nna botoka bogolo go metse eo ka Letsatsi la Katlholo.
Em verdade vos digo que, no dia do juizo, haverá menos rigor para o paiz de Sodoma e Gomorrah do que para aquella cidade.
16 “Ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri. Nnang botlhale jaaka dinoga le bori jaaka maphoi.
Eis que vos envio como ovelhas ao meio de lobos; portanto sêde prudentes como as serpentes e simplices como as pombas.
17 Mme itlhokomeleng! Gonne lo tlaa tshwarwa, lo sekisiwa lo kgwathisiwa mo matlung a thuto.
Acautelae-vos, porém, dos homens; porque elles vos entregarão aos synhedrios, e vos açoitarão nas suas synagogas;
18 “Ee, lo tshwanetse go emela tshekiso fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me. Mo go tlaa lo neela lobaka lwa go ba bolelela ka ga me, ee, go supegetsa lefatshe.
E sereis até conduzidos á presença dos governadores e dos reis por causa de mim, para lhes servir de testemunho a elles e aos gentios.
19 “Fa lo tshwarwa, se tshwenyegeng gore lo tlaa reng mo tshekong, gonne lo tlaa newa mafoko a a tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng.
Mas, quando vos entregaram, não estejaes cuidadosos de como, ou o que haveis de fallar, porque n'aquella mesma hora vos será ministrado o que haveis de dizer.
20 Gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang; e tlaa bo e le Mowa wa ga Rraeno wa legodimo o bua ka lona.
Porque não sois vós que fallaes, mas o Espirito de vosso Pae, que falla em vós.
21 “Motho o tlaa okela morwa rraagwe losung, mme borabana ba tlaa oka bana ba bone. Mme bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone ba ba neela losung.
E o irmão entregará á morte o irmão, e o pae o filho; e os filhos se levantarão contra os paes, e os matarão.
22 Mongwe le mongwe o tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me. Mme lotlhe ba lo itshokang go ya bokhutlong lo tlaa bolokwa.
E odiados de todos sereis por causa do meu nome: mas aquelle que perseverar até ao fim será salvo.
23 “Fa lo bogisiwa mo motseng mongwe, tshabelang kwa go o mongwe! Ke tlaa boa pele ga lo tsena mo go yone yotlhe!
Quando pois vos perseguirem n'esta cidade, fugi para outra; porque em verdade vos digo que não acabareis de percorrer as cidades d'Israel, sem que venha o Filho do homem.
24 Morutwana ga a mogolo go feta moruti wa gagwe. Motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe.
Não é o discipulo mais do que o mestre, nem o servo mais do que o seu senhor.
25 Morutwana o tshwanetse go gata mo dikgatong tsa yo o mo rutang, motlhanka a latele mong wa gagwe. Mme fa ba reile nna mong wa ntlo lona jaanong go tlaa nna jang!
Baste ao discipulo ser como seu mestre, e ao servo como seu senhor. se chamaram Beelzebú ao pae de familia, quanto mais aos seus domesticos?
26 “Mme lo se ka lwa boifa ba ba lo bopelang. Gonne nako e e tla e boammaaruri bo tlaa senolwang ka yone: merero ya bone ya sephiri e tlaa itsiwe ke batho botlhe.
Portanto, não os temaes; porque nada ha encoberto que não haja de revelar-se, nem occulto que não haja de saber-se.
27 Se ke se lo bolelelang mo lefifing jaanong jaana, se phatlalatseng kgakala fa bosigo bo o sa! Se ke se sebelang mo ditsebeng tsa lona, se phatlalatseng lo le mo ditlhoeng tsa matlo!
O que vos digo em trevas dizei-o em luz; e o que escutaes ao ouvido prégae-o sobre os telhados.
28 “Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting. (Geenna )
E não temaes os que matam o corpo, e não podem matar a alma: temei antes aquelle que pode fazer perecer no inferno a alma e o corpo. (Geenna )
29 Ga go thaga (kana di ja bokae? A di ja thebe di le pedi?) e e welang fa fatshe Rraeno wa Legodimo a sa itse.
Não se vendem dois passarinhos por um ceitil? e nenhum d'elles cairá em terra sem a vontade de vosso Pae.
30 Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona tota e badilwe yotlhe.
E até mesmo os cabellos da vossa cabeça estão todos contados.
31 Ke gone se tshwenyegeng! Lona lo botlhokwa thata mo Modimong go feta dithaga tse dintsi.
Não temaes pois: mais valeis vós do que muitos passarinhos.
32 “Fa mongwe fela a mpolela mo mpepeneneng e le tsala yame ke tlaa mmolela ele tsala yame fa pele ga ga Rre yo o kwa legodimong.
Portanto, qualquer que me confessar diante dos homens, eu o confessarei diante de meu Pae, que está nos céus.
33 Mme fa mongwe a intatola mo mpepeneneng, ke tlaa mo itatola mo mpepeneneng fa pele ga ga Rre yo o kwa Legodimong.
Mas qualquer que me negar diante dos homens, eu o negarei tambem diante de meu Pae, que está nos céus.
34 “Se gopoleng gore ke tletse go lere kagiso mo lefatsheng! Nnyaa fa e se chaka.
Não cuideis que vim trazer a paz á terra; não vim trazer a paz, mas a espada;
35 Ke tletse go lotlhanya motho le rraagwe, mosetsana le mmaagwe, ngwetsi le matsalaa yone.
Porque eu vim pôr em dissensão o homem contra seu pae, e a filha contra sua mãe, e a nora contra sua sogra;
36 “Bana ba motho ba ba maswe go fetisa selekanyo ba tlaa bo ba le mo ntlung ya gagwe tota.
E serão os inimigos do homem os que são seus familiares.
37 Fa o rata rrago le mmago go gaisa jaaka o nthata, ga o a tshwanela go nna wa me; kgotsa fa o rata morwao kgotsa morwadio go mpheta, ga o a tshwanela go nna wa me.
Quem ama o pae ou a mãe mais do que a mim não é digno de mim; e quem ama o filho ou a filha mais do que a mim não é digno de mim.
38 Fa o gana go itshikarela mokgoro o ntshala morago, ga o a tshwanela go nna wa me.
E quem não toma a sua cruz, e não segue após mim, não é digno de mim.
39 Fa o ngaparela botshelo jwa gago, bo tlaa go latlhegela, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.
Quem achar a sua vida perdel-a-ha; e quem perder a sua vida por amor de mim achal-a-ha.
40 “Ba ba lo tsholang ‘sentle ba tshola nna. Mme fa ba ntshola ba tshola Modimo oo nthomileng’.
Quem vos recebe, me recebe a mim; e quem me recebe a mim, recebe aquelle que me enviou.
41 Fa lo tshola moporofiti ka ntlha ya gore ke monna wa Modimo, lo tlaa newa tuelo e moporofiti o e bonang. Mme fa lo amogela batho ba ba siameng, ba ba boifang Modimo ka ntlha ya boModimo jwa bone, lo tlaa newa tuelo e e tshwanang le ya bone.
Quem recebe um propheta em qualidade de propheta, receberá galardão de propheta; e quem recebe um justo em qualidade de justo, receberá galardão de justo.
42 Mme fa lo siela ngwanyana kopi ya metse a a tsididi lo le baemedi ba me, ruri lo tlaa duelwa.”
E qualquer que tiver dado só que seja um copo d'agua fria a um d'estes pequenos, em qualidade de discipulo, em verdade vos digo que de modo nenhum perderá o seu galardão.