+ Mathaio 1 >

1 Ba ke bagolwagolwane ba ga Jesu Keresete wa lotso lwa ga Kgosi Dafide le Aberahame:
ဣဗြာဟီမး သန္တာနော ဒါယူဒ် တသျ သန္တာနော ယီၑုခြီၐ္ဋသ္တသျ ပူရွွပုရုၐဝံၑၑြေဏီ၊
2 Aberahame e ne e le rraagwe Isake; Isake e ne e le rraagwe Jakobe; Jak obe e ne e le rraagwe Juda le bomonnawe ba basimane.
ဣဗြာဟီမး ပုတြ ဣသှာက် တသျ ပုတြော ယာကူဗ် တသျ ပုတြော ယိဟူဒါသ္တသျ ဘြာတရၑ္စ၊
3 Juda e ne e le rraagwe Perese le Sera (Tamare e ne e le mmaabo); Perese e ne e le rraagwe Heserone; Heserone e ne e le rraagwe Arame;
တသ္မာဒ် ယိဟူဒါတသ္တာမရော ဂရ္ဘေ ပေရဿေရဟော် ဇဇ္ဉာတေ, တသျ ပေရသး ပုတြော ဟိၐြောဏ် တသျ ပုတြော 'ရာမ်၊
4 Arame e ne e le rraagwe Aminadabe; Aminadabe e ne e le rraagwe Nashone; Nashone e ne e le rraagwe Salemone;
တသျ ပုတြော 'မ္မီနာဒဗ် တသျ ပုတြော နဟၑောန် တသျ ပုတြး သလ္မောန်၊
5 Salemone e ne e le rraagwe Boase (Rahabe e ne e le mmaagwe); Boase e ne e le rraagwe Obede (Ruthe e ne e le mmaagwe); Obede e ne e le rraagwe Jese;
တသ္မာဒ် ရာဟဗော ဂရ္ဘေ ဗောယမ် ဇဇ္ဉေ, တသ္မာဒ် ရူတော ဂရ္ဘေ ဩဗေဒ် ဇဇ္ဉေ, တသျ ပုတြော ယိၑယး၊
6 Jese e ne e le rraagwe Kgosi Dafide. Dafide e ne e le rraagwe Solomone (mmaagwe o ne a kile a ne a le mogatsa Uria);
တသျ ပုတြော ဒါယူဒ် ရာဇး တသ္မာဒ် မၖတောရိယသျ ဇာယာယာံ သုလေမာန် ဇဇ္ဉေ၊
7 Solomone e ne e le rraagwe Rehoboame; Rehoboame e ne e le rraagwe Abija; Abija e ne e le rraagwe Asa;
တသျ ပုတြော ရိဟဗိယာမ်, တသျ ပုတြော'ဗိယး, တသျ ပုတြ အာသာ: ၊
8 Asa e ne e le rraagwe Jehoshafate; Jehoshafate e ne e le rraagwe Jerame; Jerame e ne e le rraagwe Usia;
တသျ သုတော ယိဟောၑာဖဋ် တသျ သုတော ယိဟောရာမ တသျ သုတ ဥၐိယး၊
9 Usia e ne e le rraagwe Jothame; Jothame e ne e le rraagwe Ahase; Ahase e ne e le rraagwe Hesekia;
တသျ သုတော ယောထမ် တသျ သုတ အာဟမ် တသျ သုတော ဟိၐ္ကိယး၊
10 Hesekia e ne e le rraagwe Manase; Manase e ne e le rraagwe Amone; Amone e ne e le rraagwe Josaea;
တသျ သုတော မိနၑိး, တသျ သုတ အာမောန် တသျ သုတော ယောၑိယး၊
11 Josaea e ne e le rraagwe Jokonia le bomonnawe ba basimane (ba tsetswe ka nako ya go gapelwa kwa Babelona).
ဗာဗိလ္နဂရေ ပြဝသနာတ် ပူရွွံ သ ယောၑိယော ယိခနိယံ တသျ ဘြာတၖံၑ္စ ဇနယာမာသ၊
12 Morago ga go gapelwa kwa Babelona: Jokonia o ne a tsala Salathiele; Salathiele e ne e le rraagwe Serubabele;
တတော ဗာဗိလိ ပြဝသနကာလေ ယိခနိယး ၑလ္တီယေလံ ဇနယာမာသ, တသျ သုတး သိရုဗ္ဗာဝိလ်၊
13 Serubabele e ne e le rraagwe Abiude; Abiude e ne e le rraagwe Eliakime; Eliakime e ne e le rraagwe Asore;
တသျ သုတော 'ဗောဟုဒ် တသျ သုတ ဣလီယာကီမ် တသျ သုတော'သောရ်၊
14 Asore e ne e le rraagwe Sadoke; Sadoke e ne e le rraagwe Akime; Akime e ne e le rraagwe Eliude;
အသောရး သုတး သာဒေါက် တသျ သုတ အာခီမ် တသျ သုတ ဣလီဟူဒ်၊
15 Eliude e ne e le rraagwe Eleasare; Eleasare e ne e le rraagwe Mathame; Mathame e ne e le rraagwe Jakobe;
တသျ သုတ ဣလိယာသရ် တသျ သုတော မတ္တန်၊
16 Jakobe e ne e le rraagwe Josefa yo e neng e le monna wa ga Marea Mma-Jesu Keresete Mesia.
တသျ သုတော ယာကူဗ် တသျ သုတော ယူၐဖ် တသျ ဇာယာ မရိယမ်; တသျ ဂရ္ဘေ ယီၑုရဇနိ, တမေဝ ခြီၐ္ဋမ် (အရ္ထာဒ် အဘိၐိက္တံ) ဝဒန္တိ၊
17 Tse ke ditshika di le lesome le metso e le mene mo ditshikeng tse di simololang ka Aberahame go tla go fitlha mo go Kgosi Dafide; le tse di lesome le bone go simolola ka nako ya ga Kgosi Dafide go ya nakong ya go gapelwa kwa Babelona; le tse di lesome le bone go simolola ka nako eo go tla go fitlha mo go Keresete.
ဣတ္ထမ် ဣဗြာဟီမော ဒါယူဒံ ယာဝတ် သာကလျေန စတုရ္ဒၑပုရုၐား; အာ ဒါယူဒး ကာလာဒ် ဗာဗိလိ ပြဝသနကာလံ ယာဝတ် စတုရ္ဒၑပုရုၐာ ဘဝန္တိ၊ ဗာဗိလိ ပြဝါသနကာလာတ် ခြီၐ္ဋသျ ကာလံ ယာဝတ် စတုရ္ဒၑပုရုၐာ ဘဝန္တိ၊
18 A ke mabaka a boammaaruri a a amanang le botsalo jwa ga Jesu Keresete: Marea mmaagwe, o ne a beeletswe go nyalwa ke Josefa. Mme ya re a sa ntse a le kgarebana, a ithwala ga Mowa o o boitshepo.
ယီၑုခြီၐ္ဋသျ ဇန္မ ကထ္ထတေ၊ မရိယမ် နာမိကာ ကနျာ ယူၐဖေ ဝါဂ္ဒတ္တာသီတ်, တဒါ တယေား သင်္ဂမာတ် ပြာက် သာ ကနျာ ပဝိတြေဏာတ္မနာ ဂရ္ဘဝတီ ဗဘူဝ၊
19 Mme Josefa mmeeledi wa gagwe ka a le mosiami, a ikaelela go senya tsholofetso ka tidimalo ka a ne a sa rate go mmaa mo mpepeneneng go mo tlhabisa ditlhong.
တတြ တသျား ပတိ ရျူၐဖ် သော်ဇနျာတ် တသျား ကလင်္ဂံ ပြကာၑယိတုမ် အနိစ္ဆန် ဂေါပနေနေ တာံ ပါရိတျက္တုံ မနၑ္စကြေ၊
20 Mme ya re a sa ntse a thantse a akanya ka ga selo se, a thulamela, a lora, mme a bona moengele a eme fa go ene a mo raya a re, “Josefa, morwa Dafide, se etsaetsege go tsaya Marea jaaka mosadi wa gago ka gore ngwana yo o mo rweleng o mo ithwele ka Mowa o o Boitshepo.”
သ တထဲဝ ဘာဝယတိ, တဒါနီံ ပရမေၑွရသျ ဒူတး သွပ္နေ တံ ဒရ္ၑနံ ဒတ္တွာ ဝျာဇဟာရ, ဟေ ဒါယူဒး သန္တာန ယူၐဖ် တွံ နိဇာံ ဇာယာံ မရိယမမ် အာဒါတုံ မာ ဘဲၐီး၊
21 Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore “Mmoloki”). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.
ယတသ္တသျာ ဂရ္ဘး ပဝိတြာဒါတ္မနော'ဘဝတ်, သာ စ ပုတြံ ပြသဝိၐျတေ, တဒါ တွံ တသျ နာမ ယီၑုမ် (အရ္ထာတ် တြာတာရံ) ကရီၐျသေ, ယသ္မာတ် သ နိဇမနုဇာန် တေၐာံ ကလုၐေဘျ ဥဒ္ဓရိၐျတိ၊
22 Mo go tlaa diragatsa molaetsa wa Modimo o o kileng wa anamisiwa ke baporofiti ba one, ba re,
ဣတ္ထံ သတိ, ပၑျ ဂရ္ဘဝတီ ကနျာ တနယံ ပြသဝိၐျတေ၊ ဣမ္မာနူယေလ် တဒီယဉ္စ နာမဓေယံ ဘဝိၐျတိ။ ဣမ္မာနူယေလ် အသ္မာကံ သင်္ဂီၑွရဣတျရ္ထး၊
23 “Reetsang! Kgarebana e tlaa ithwala ngwana! E tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa bidiwa ‘Imanuele’.” (Ke gore “Modimo o na le rona”) fa go tlhalosiwa.
ဣတိ ယဒ် ဝစနံ ပုရွွံ ဘဝိၐျဒွက္တြာ ဤၑွရး ကထာယာမာသ, တတ် တဒါနီံ သိဒ္ဓမဘဝတ်၊
24 Erile Josefa a tsoga, a dira jaaka moengele a mo laetse, a isa Maria gae go nna mosadi wa gagwe.
အနန္တရံ ယူၐဖ် နိဒြာတော ဇာဂရိတ ဥတ္ထာယ ပရမေၑွရီယဒူတသျ နိဒေၑာနုသာရေဏ နိဇာံ ဇာယာံ ဇဂြာဟ,
25 Mme a nna a ntse a le kgarebana go fitlhelela morwawe a tsholwa mme Josefa a mo raya leina a re “Jesu.”
ကိန္တု ယာဝတ် သာ နိဇံ ပြထမသုတံ အ သုၐုဝေ, တာဝတ် တာံ နောပါဂစ္ဆတ်, တတး သုတသျ နာမ ယီၑုံ စကြေ၊

+ Mathaio 1 >