< Mareko 9 >

1 Jesu a tswelela a raya barutwa ba gagwe a re, “Bangwe ba lona ba ba emeng fa, gompieno ba tlaa tshela go bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo e kgolo!”
And he said to them: Verily I say to you, There are some standing here, who will not taste of death, until they shall see the kingdom of God to be coming with power.
2 Malatsi a le marataro a sena go feta Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a tlhatlhogela kwa godimo ga thaba. Go ne go sena ope teng. Ka bofefo sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatshima ka kgalalelo,
And after six days, Jesus took Cephas and James and John, and led them to a high mountain, apart; and was transformed before them.
3 mme diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thata, di galalela thata go gaisa jaaka motho ope mo lefatshing a ka di sweufatsa.
And his raiment shone and was very white, like snow, so as men on earth can never whiten.
4 Hong Elija le Moshe ba bonala mme ba simolola go bua le Jesu!
And there appeared to them Moses and Elijah, in conversation with Jesus.
5 Mme Petere a bua a re, “Moruti, go go ntle jang!” Re tlaa aga metlaagana e le meraro fa, mongwe le mongwe wa lona a na le wa gagwe.
And Cephas said to him: Rabbi, it is delightful for us to be here. And let us make three booths; one for thee, and one for Moses, and one for Elijah.
6 O ne a bua se fela, gonne o ne a sa itse se a ka se buang ka botlhe ba ne ba tshogile.
But he did not know what he said, for they were in trepidation.
7 Mme erile fa a sa ntse a tsweletse ka go bua mafoko a, leru la ba khurumetsa, la sira letsatsi, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke morwaake. Reetsang ene.”
And there was a cloud, and it overshadowed them. And a voice issued from the cloud, which said: This is my beloved Son. Hear ye him.
8 Mme ka tshoganyetso fa ba leba kafa le kafa, Moshe le Elija ba bo ba seyo, mme ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.
And suddenly, when the disciples looked up, they saw no one with them, except Jesus only.
9 Ya re ba fologa mo thabeng a ba raya are ba seka ba bolelela ope kaga se ba se boneng go fitlhelela a sena go tsoga mo baswing.
And as they descended the mountain, he commanded them to tell no man what they had seen, till after the Son of man should be risen from the dead.
10 Mme ba ipolokela kgang e, ba nna ba bua ka ga yone, gore o kane a raya eng “Ka go tsoga mo baswing.”
And they kept that saying in their mind; and inquired, What doth this saying mean: " When he shall be risen from the dead!"
11 Hong ba simolola go mmotsa kaga sengwe se baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba tlwaetseng go se bua, ba re Elija o tshwanetse go tla (pele ga Mesia a ka tla).
And they asked him, and said: Why then do the Scribes say, that Elijah must first come?
12 Mme Jesu a dumela gore Elija o tshwanetse go tla pele go baakanya tsela, le fa go ntse jalo go setse go diragetse, o setse a tsile! Le gore o kopane le matshwenyego a a boitshegang, fela jaaka Baporofiti ba ne ba boletse. Hong Jesu a ba botsa gore baporofiti ba ka ne ba ne ba raya eng fa ba re, Mesia o tlaa boga a ba a tsewa ka lonyatso.
He said to them: Elijah truly first cometh, to prepare all things: and, as it is written of the Son of man, he will suffer much, and be rejected.
But I say to you: That Elijah hath come; and they have done to him all that they desired, as it was written of him.
14 Mme ya re ba goroga kwa tlase ga thaba, ba fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho bo dikaganyeditse barutwa ba bangwe ba ba ferang bongwe, fa bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ntse ba ganetsanya nabo.
And when he came to his disciples, he saw a great multitude with them, and the Scribes disputing with them.
15 Mme bontsi jwa batho ba leba Jesu ka poifo fa a atamela kwa go bone, hong ba tabogela kwa go ene go mo dumedisa.
And immediately the multitude saw him, and were surprised: and they ran and saluted him.
16 Mme a ba botsa a re, “Lo ganetsanya kaga eng?”
And he asked the Scribes: What were ye disputing with them?
17 Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, “Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe.
And one of the multitude replied, and said: Teacher, I have brought to thee my son, who hath a spirit that will not speak.
18 Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa.”
And wherever he seizeth him, he shaketh and teareth him: and he gnasheth his teeth, and pineth away. And I spoke to thy disciples, to cast him out; and they could not.
19 Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna.”
Jesus answered, and said to them: O incredulous generation! How long shall I be with you? how long bear with you? Bring him to me.
20 Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo.
And they brought him to him. And when the spirit saw him, immediately he shook him; and he fell upon the ground, and wallowed and foamed.
21 Jesu a botsa rraagwe a re, “Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?” Rraagwe a araba a re, “a le mmotlana,
And Jesus asked his father, how long a time he had been thus. He said to him: Lo, from his childhood.
22 mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega.”
And many times it hath thrown him into the fire, and into the water, to destroy him. But, if thou canst do any thing, aid me and have compassion on me.
23 Jesu a botsa a re, “A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo.”
Jesus said to him: If thou canst believe; every thing can be, to him that believeth.
24 Ka bofefo rraagwe a araba a re, “Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse.”
And immediately the father of the child cried out, while he wept and said: I believe; aid thou the defect of my faith.
25 Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, “Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!”
And when Jesus saw that the people were, running and collecting around him, he rebuked the unclean spirit, and said to him: Thou deaf and unspeaking spirit, I command thee, come out of him; and no more enter him.
26 Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, “O sule.”
And the demon cried out greatly, and bruised him, and came out. And he was as a dead person; so that many would say, he is dead.
27 Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse!
And Jesus took him by the hand, and raised him up.
28 Ya re morago ga moo Jesu a le esi mo tlung le barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa ntle mowa o o maswe?”
And when Jesus entered the house, his disciples asked him privately: Why could not we cast him out?
29 Jesu a araba a re, “Mofuta o o ntseng jaana o kgonwa ke thapelo fela.”
He saith to them: This kind can come out, by nothing but fasting and prayer.
30 Ya re ba tloga mo kgaolong eo ba tsamaya ba ralala Galalea mo a neng a leka go tila batho gore a tle a nne le nako ya go nna le barutwa ba gagwe, go ba ruta. O ne a ba raya a re, “Nna, Mesia ke tla okiwa, ke bolawe mme morago ga malatsi a le mararo ke tlaa rula.”
And when he departed from there, they passed through Galilee: and he desired that no one might know him.
For he taught his disciples, and said to them: The Son of man is delivered into the hands of men, and they will kill him; and when he is killed, on the third day, he will rise.
32 Lefa go ntse jalo, ba bo ba sa tlhaloganye, mme ba tshaba go mmotsa gore o rayang.
But they did not understand that speech; and they were afraid to ask him.
33 Mme ba goroga kwa Kaperanama. Ya re ba sena go nna fa fatshe mo tlung e ba neng ba tshwanetse go nna mo go yone a ba botsa a re, “Lo ne lo bua ka ga eng mo tseleng.”
And they came to Capernaum. And when they entered the house, he asked them: What disputed ye among yourselves by the way?
34 Mme ba tlhajwa ke ditlhong go araba, gonne ba ne ba ganetsanya ka gore e mang mo go bone yo mogolo!
And they were silent; for by the way they had contended with one another, which should be the great among them.
35 A nna fa fatshe a ba bitsa a ba raya a re, “Mongwe yo o batlang go nna yo mogolo o tshwanetse go nna wa bofelo, motlhanka wa botlhe!”
And Jesus sat down, and called the twelve, and said to them: Whoever would be first, let him be last of all, and servitor to all.
36 Hong a baya ngwana mo gare ga bone; mme e rile a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe a ba raya a re,
And he took a child, and set him in the midst, and took him in his arms and said to them:
37 “Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo monnye jaana mo leineng la me o amogela nna, mme le fa e le mang yo o mo amogelang o amogela Rre yo o nthomileng!”
Whoever receiveth one in my name, like this child, he receiveth me; and he that receiveth me, receiveth not me only, but him that sent me.
38 Mme mongwe wa barutwa ba gagwe, ebong Johane, ya re ka letsatsi lengwe a mo raya a re, “Moruti, re bone monna mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle; mme ra mo raya ra re a se ka a dira jalo, gonne ga se mongwe wa setlhopha sa rona.”
John said to him: Rabbi, we saw one casting out demons in thy name, and we forbad him, because he adhereth not to us.
39 Jesu a ba raya a re, “Se mo itseng! gonne ga go ope yo o dirang dikgakgamatso ka leina la me yo o tla reng ka bofefo a nne kgatlhanong le nna.
Jesus said to them: Forbid him not; for there is no one who doeth mighty works in my name, that can readily speak evil of me.
40 Lefa e le mang yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona.
Whoever therefore is not against you, is for you.
41 Fa mongwe a ka lo siela metse ka ntlha ya gore lo ba ga Keresete ka re ammaaruri ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.
For whoever shall give you to drink a cup of water only, on the ground that ye are Messiah's followers, verily I say to you, he will not lose his reward.
42 Mme fa mongwe a ka dira gore mongwe wa ba ba botlana ba yo o dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo--go ka nna botoka fa motho yoo a ka hunelelwa lolwala lo lo golo mo thamong a ya go thabuediwa mo lewatleng.
And whoever shall cause one of these little ones that believe in me to stumble, it were better for him, if a millstone were put to his neck, and he cast into the sea.
43 “Fa seatla sa gago se leofa, se kgaole. Go botoka go tshelela ruri ka seatla se le sengwe go na le go latlhelwa mo molelong wa molete o o sa timeng ka diatla tse pedi! (Geenna g1067)
And if thy hand make thee offend, cut it off: it is better for thee to enter into life maimed, than, having two hands, to go into hell; (Geenna g1067)
where their worm dieth not, and their fire is not extinguished.
45 Fa lonao lwa gago lo go isa bosuleng lo kgaole! Go botoka go nna setlhotsa lobaka lo loleele, go na le go nna le dinao tse pedi tse di go isang moleting. (Geenna g1067)
And if thy foot make thee offend, cut it off: it is better for thee to enter into life lamed, than, having two feet, to fall into hell; (Geenna g1067)
where their worm dieth not, and their fire is not extinguished.
47 “Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye. Go botoka go tsena mo Bogosingjwa Modimo o le mogapa, go na le go tsena ka matlho a mabedi mo moleting wa molelo, (Geenna g1067)
And if thy eye make thee offend, pluck it out: it is better for thee to enter with one eye into the kingdom of God, than, having two eyes, to fall into the hell of fire; (Geenna g1067)
48 kwa seboko se sa sweng, le kwa molelo o sa timeng,
where their worm dieth not, and their fire is not extinguished.
49 kwa tsotlhe di lokwang ka molelo.
For every thing will be salted with fire; and every sacrifice will be salted with salt.
50 “Letswai le le molemo, ga le na thuso fa le latlhegelwa ke molodi, ga le ka ke la loka sepe. Se latlhegelweng ke molodi wa lona! Nnang kagiso mo go ba bangwe.”
Salt is a good thing: but if the salt become insipid, with what will it be salted? Let there be salt in you: and be ye in peace, one with another.

< Mareko 9 >