< Mareko 8 >

1 Ka letsatsi lengwe jaaka bontsi bo phuthega, batho ba felelwa ke dijo gape, Jesu a bitsa barutwa ba gagwe go tla go bua ka seemo seo. A re, “Ke utlwela batho ba botlhoko, gonne ga ba bolo go nna fano malatsi a le mararo, mme ga ba a salelwa ke sepe go se ja.
in illis diebus iterum cum turba multa esset nec haberent quod manducarent convocatis discipulis ait illis
2
misereor super turba quia ecce iam triduo sustinent me nec habent quod manducent
3 Mme fa ke ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone ke sa ba fa dijo ba tlaa idibalela mo tseleng! Gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.”
et si dimisero eos ieiunos in domum suam deficient in via quidam enim ex eis de longe venerunt
4 Mme ba mo fetola ka tshotlo ba re, “A re tshwanetse go ba senkela dijo fano mo sekakeng?”
et responderunt ei discipuli sui unde istos poterit quis hic saturare panibus in solitudine
5 A botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?” Mme bone ba re, “Di supa”.
et interrogavit eos quot panes habetis qui dixerunt septem
6 Hong a raya bontsi jwa batho a re bo nne fa fatshe. Mme a tsaya dinkgwe di supa, a di lebogela, a di ngathoganya dikapetlana a di fetisetsa kwa barutweng, mme barutwa ba di abela batho.
et praecepit turbae discumbere supra terram et accipiens septem panes gratias agens fregit et dabat discipulis suis ut adponerent et adposuerunt turbae
7 Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, hong Jesu a di segofatsa a raya barutwa a re ba fe batho.
et habebant pisciculos paucos et ipsos benedixit et iussit adponi
8 Hong bontsi jwa batho jwa a ja jotlhe go fitlhelela bo kgora, mme morago ga moo a ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone. Go ne go na le batho ba ka nna dikete tse nne ka letsatsi leo. Mme ya re masalela a sena go kokoanngwa morago ga dijo ga sala diroto di supa tse di tona di tletse!
et manducaverunt et saturati sunt et sustulerunt quod superaverat de fragmentis septem sportas
9
erant autem qui manducaverunt quasi quattuor milia et dimisit eos
10 Ka bonako morago ga moo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha.
et statim ascendens navem cum discipulis suis venit in partes Dalmanutha
11 E rile baeteledipele ba Sejuta ba kgaolo eo ba utlwa gore o gorogile ba tla go tatalalana nae ba re, “Re direle kgakgamatso, dira gore sengwe se diragale mo loaping. Ke gone re tlaa dumelang mo go wena.”
et exierunt Pharisaei et coeperunt conquirere cum eo quaerentes ab illo signum de caelo temptantes eum
12 Mme a utlwa botlhoko fa a utlwa kafa ba buang ka teng mme a re, “Nnyaa bathong. Lo ntse lo batla dikgakgamatso dife?”
et ingemescens spiritu ait quid generatio ista quaerit signum amen dico vobis si dabitur generationi isti signum
13 Hong a boela mo mokorong a ba tlogela, a tshelela ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
et dimittens eos ascendens iterum abiit trans fretum
14 Mme barutwa ba bo ba lebetse go tsaya dijo pele ga ba tsamaya, mme ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong.
et obliti sunt sumere panes et nisi unum panem non habebant secum in navi
15 Ya re ba kgabaganya, Jesu a ba tlhagisa ka tlhoafalo a re, “Itlhokomeleng mo sebidisong sa ga Kgosi Herode le mo sebidisong sa Bafarasai.”
et praecipiebat eis dicens videte cavete a fermento Pharisaeorum et fermento Herodis
16 Mme barutwa ba botsanya ba re, “O rayang?” Ya re kwa bofelong ba akanya gore o tshwanetse a ba a bua ka go lebala ga bone go tla le senkgwe.
et cogitabant ad alterutrum dicentes quia panes non habemus
17 Jesu a lemoga se ba neng ba se bua mme a re, “Nnyaa, ga go a nna jalo gotlhelele! A ga lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di thata go ka lemoga?
quo cognito Iesus ait illis quid cogitatis quia panes non habetis nondum cognoscitis nec intellegitis adhuc caecatum habetis cor vestrum
18 Fela jaaka Isaia a boletse, ‘Matlho a lona ke a go re lo bone ka one--ke ka ntlha yang fa lo sa lebe? Ke ka ntlha yang fa lo sa bule ditsebe tsa lona mme lwa reetsa’ A ga lo gakologelwe sepe gotlhelele?
oculos habentes non videtis et aures habentes non auditis nec recordamini
19 “Lwa reng ka batho ba ba dikete tse tlhano ba ke neng ka ba fepha ka dinkgwe tse tlhano? Go ne go na le diroto di le kae tse di neng di tletse masalela ba sena go ja?” Ba re, “Lesome le bobedi.”
quando quinque panes fregi in quinque milia et quot cofinos fragmentorum plenos sustulistis dicunt ei duodecim
20 “Mme e rile fa ke abela batho ba le dikete di le nne dinkgwe di supa, go ne ga sala di le kae?” Ba re, “Go ne ga sala diroto tse di tletseng di supa.”
quando et septem panes in quattuor milia quot sportas fragmentorum tulistis et dicunt ei septem
21 “Mme a lo gopola gore ke a tshwenyega fa go sena senkgwe?”
et dicebat eis quomodo nondum intellegitis
22 Ya re ba fitlha mo Bethesaida, batho bangwe ba tlisa kwa go ene monna yo o foufetseng mme ba mo kopa gore a mo ame gore a fole.
et veniunt Bethsaida et adducunt ei caecum et rogabant eum ut illum tangeret
23 Jesu a tshwara monna yo o foufetseng ka letsogo a mo gogela kwa ntle ga motse, a mo kgwela mathe mo matlhong a bo a mmaya diatla. Jesu a mmotsa a re, “A o bona sengwe jaanong?”
et adprehendens manum caeci eduxit eum extra vicum et expuens in oculos eius inpositis manibus suis interrogavit eum si aliquid videret
24 Mme monna a leba mo tikologong a re, “Ee, ke bona batho. Mme ga ke ba bone sentle; ba lebega e ka re ke dithito tsa ditlhare di a tsamaya?”
et aspiciens ait video homines velut arbores ambulantes
25 Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe.
deinde iterum inposuit manus super oculos eius et coepit videre et restitutus est ita ut videret clare omnia
26 Jesu a mo romela kwa gae kwa go ba ntlo ya gagwe. A mo raya a re, “O seka wa ya mo motseng pele.”
et misit illum in domum suam dicens vade in domum tuam et si in vicum introieris nemini dixeris
27 Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Galalea ba tswela kwa ntle kwa metseng ya Kaesarea Filipo. Mme ya re ba ntse ba tsamaya a ba botsa a re, “Ana batho ba re ke mang? Ba reng ka ga me?”
et egressus est Iesus et discipuli eius in castella Caesareae Philippi et in via interrogabat discipulos suos dicens eis quem me dicunt esse homines
28 Barutwa ba araba ba re, “Bangwe ba bone ba gopola gore o Johane wa Mokolobetsi, mme bangwe ba re o Elija kgotsa o mongwe wa baporofiti ba bogologolo o rudile.”
qui responderunt illi dicentes Iohannem Baptistam alii Heliam alii vero quasi unum de prophetis
29 Hong a ba botsa a re, “Mme lona lo gopola gore ke mang?” Petere a araba a re, “O Mesia.”
tunc dicit illis vos vero quem me dicitis esse respondens Petrus ait ei tu es Christus
30 Hong Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope!
et comminatus est eis ne cui dicerent de illo
31 A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape.
et coepit docere illos quoniam oportet Filium hominis multa pati et reprobari a senioribus et a summis sacerdotibus et scribis et occidi et post tres dies resurgere
32 Mme o ne a bua le bone ka tlhamalalo, hong Petere a mo tseela kwa thoko a ya go mo kgalemela a re, “O seka wa bua dilo tse di ntseng jalo.”
et palam verbum loquebatur et adprehendens eum Petrus coepit increpare eum
33 Hong Jesu a retologa a leba barutwa ba gagwe a gakalela Petere a re, “Satane, tloga fa morago ga me! O leba dilo tse ka tebo ya senama fela, e seng kafa ntlheng ya bo-Modimo.”
qui conversus et videns discipulos suos comminatus est Petro dicens vade retro me Satana quoniam non sapis quae Dei sunt sed quae sunt hominum
34 Hong a bitsa barutwa ba gagwe le bontsi jwa batho go tla go mo reetsa, a ba raya a re, “Fa mongwe wa lona a rata go nna molatedi wa me, o tshwanetse go beela mahumo a gagwe fa thoko a itshikarele mokgoro, mme a ntshale morago.
et convocata turba cum discipulis suis dixit eis si quis vult post me sequi deneget se ipsum et tollat crucem suam et sequatur me
35 Fa lo tsweletse go boloka botshelo jwa lona, bo tlaa lo latlhegela. Fela ba ba latlhegelwang ke matshelo a bone ka ntlha ya me le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, ba tlaa itse gore tota botshelo bo rayang.
qui enim voluerit animam suam salvam facere perdet eam qui autem perdiderit animam suam propter me et evangelium salvam eam faciet
36 “Mme motho o boelwa ke eng fa a fenya lefatshe lotlhe mme a lathegelwa ke botshelo jwa gagwe?
quid enim proderit homini si lucretur mundum totum et detrimentum faciat animae suae
37 Gonne a go na le sengwe sa botlhokwa go gaisa mowa wa gagwe?
aut quid dabit homo commutationem pro anima sua
38 Le, fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong le molaetsa wa me mo malatsing ano a go tlhoka go dumela le a boleo, Nna Mesia, ke tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong fa ke boa ke le mo kgalalelong ya ga Rre, le baengele ba ba boitshepo.”
qui enim me confusus fuerit et mea verba in generatione ista adultera et peccatrice et Filius hominis confundetur eum cum venerit in gloria Patris sui cum angelis sanctis

< Mareko 8 >