< Mareko 7 >

1 Ka letsatsi lengwe baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba tla kwa go ene ba tswa kwa Jerusalema go tla go mo tlhotlhomisa,
Et conveniunt ad eum pharisæi, et quidam de scribis, venientes ab Jerosolymis.
2 ba lemoga gore bangwe ba barutwa ba gagwe ga ba diragatse mekgwa ya bone e e tlwaelesegileng ya Sejuta pele ga ba a ja.
Et cum vidissent quosdam ex discipulis ejus communibus manibus, id est non lotis, manducare panes, vituperaverunt.
3 Gonne Bajuta, segolo jang Bafarasai, ga ba ka ke ba a ja pele ga ba tlhapa diatla tsa bone go fitlha mo dikgonong, jaaka go tlhokafala ka dingwao tsa bone tsa bogologolo.
Pharisæi enim, et omnes Judæi, nisi crebro laverint manus, non manducant, tenentes traditionem seniorum:
4 Jalo fa ba tla gae ba tswa marekelong ba tshwanetse go tlhapa ka mokgwa oo pele ga ba ka ama dijo. Se ke sengwe sa dikai tse dintsi tsa melao e e tlwaelesegileng e ba saleng ba e ngaparela ka dingwaga di le dintsi e sa ntse e tsweletse e dirisiwa, fela jaaka tlwaelo ya bone ya go tlhatswa dipitsa le senwelo le dijana tse di jelang.
et a foro nisi baptizentur, non comedunt: et alia multa sunt, quæ tradita sunt illis servare, baptismata calicum, et urceorum, et æramentorum, et lectorum:
5 Hong baeteledipele ba tumelo ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya rona ya bogologolo? Gonne ba ja pele ga ba tlhapa.”
et interrogabant eum pharisæi et scribæ: Quare discipuli tui non ambulant juxta traditionem seniorum, sed communibus manibus manducant panem?
6 Mme Jesu a araba a re, “Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’
At ille respondens, dixit eis: Bene prophetavit Isaias de vobis hypocritis, sicut scriptum est: Populus hic labiis me honorat, cor autem eorum longe est a me:
7
in vanum autem me colunt, docentes doctrinas, et præcepta hominum.
8 Gonne lo itlhokomolosa melao ya Modimo e e tlhomameng mme mo boemong jwa moo lo tshegeditse ngwao ya lona fela.
Relinquentes enim mandatum Dei, tenetis traditionem hominum, baptismata urceorum et calicum: et alia similia his facitis multa.
9 Ga re lo a tle lo gane melao ya Modimo fela lo bo lo e gataka ka dinao gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona.
Et dicebat illis: Bene irritum facitis præceptum Dei, ut traditionem vestram servetis.
10 Fela jaaka Moshe a lo neile molao o o tswang kwa Modimong; o o reng, ‘Tlotla rrago le mmago!’ Mme a re le fa e le mang yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go swa.
Moyses enim dixit: Honora patrem tuum, et matrem tuam. Et: Qui maledixerit patri, vel matri, morte moriatur.
11 Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’
Vos autem dicitis: Si dixerit homo patri, aut matri, Corban (quod est donum) quodcumque ex me, tibi profuerit:
12 Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata.”
et ultra non dimittitis eum quidquam facere patri suo, aut matri,
rescindentes verbum Dei per traditionem vestram, quam tradidistis: et similia hujusmodi multa facitis.
14 Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, “A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya.
Et advocans iterum turbam, dicebat illis: Audite me omnes, et intelligite.
15 Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!”
Nihil est extra hominem introiens in eum, quod possit eum coinquinare, sed quæ de homine procedunt illa sunt quæ communicant hominem.
Si quis habet aures audiendi, audiat.
17 Hong a tsena mo tlung go tswa fa bontsing jwa batho, mme barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rayang ka se a neng a se bolela.
Et cum introisset in domum a turba, interrogabant eum discipuli ejus parabolam.
18 Mme a ba botsa a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo bone gore se lo se jang ga se kake sa senya mewa ya lona?
Et ait illis: Sic et vos imprudentes estis? Non intelligitis quia omne extrinsecus introiens in hominem, non potest eum communicare:
19 Gonne dijo ga di amane ka gope le pelo ya gago, mme di feta fela ka mometso di ye kwa di silwang teng,” (go bua se o ne a supa fa mofuta mongwe le mongwe o na le go ka jewa.)
quia non intrat in cor ejus, sed in ventrum vadit, et in secessum exit, purgans omnes escas?
20 Mme a nna a tswelela a re, “Ke dikakanyo fela tse di bosula tse di itshekololang.
Dicebat autem, quoniam quæ de homine exeunt, illa communicant hominem.
21 Gonne go tswa mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, tsa dikeletso, bogodu, go bolaya, boaka,
Ab intus enim de corde hominum malæ cogitationes procedunt, adulteria, fornicationes, homicidia,
22 go batla tse e leng tsa ba bangwe, boikepo, tsietso, maaka, dithato, bopelompe, mabela le dilo tsotlhe tsa boeleele.
furta, avaritiæ, nequitiæ, dolus, impudicitiæ, oculus malus, blasphemia, superbia, stultitia.
23 Mme dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng; ke tsone tse di go itshekololang gore o seka wa itekanela mo Modimong.”
Omnia hæc mala ab intus procedunt, et communicant hominem.
24 Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo.
Et inde surgens abiit in fines Tyri et Sidonis: et ingressus domum, neminem voluit scire, et non potuit latere.
25 Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe,
Mulier enim statim ut audivit de eo, cujus filia habebat spiritum immundum, intravit, et procidit ad pedes ejus.
26 mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!)
Erat enim mulier gentilis, Syrophœnissa genere. Et rogabat eum ut dæmonium ejiceret de filia ejus.
27 Mme Jesu a mo raya a re, “Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa.”
Qui dixit illi: Sine prius saturari filios: non est enim bonum sumere panem filiorum, et mittere canibus.
28 Hong mosadi a araba a re, “Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana.”
At illa respondit, et dixit illi: Utique Domine, nam et catelli comedunt sub mensa de micis puerorum.
29 Mme a mo raya a re, “Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!”
Et ait illi: Propter hunc sermonem vade: exiit dæmonium a filia tua.
30 Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile.
Et cum abiisset domum suam, invenit puellam jacentem supra lectum, et dæmonium exiisse.
31 Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome.
Et iterum exiens de finibus Tyri, venit per Sidonem ad mare Galilææ inter medios fines Decapoleos.
32 Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa.
Et adducunt ei surdum, et mutum, et deprecabantur eum, ut imponat illi manum.
33 Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo.
Et apprehendens eum de turba seorsum, misit digitos suos in auriculas ejus: et exspuens, tetigit linguam ejus:
34 Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a “Kabologe!”
et suspiciens in cælum, ingemuit, et ait illi: Ephphetha, quod est, Adaperire.
35 Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo!
Et statim apertæ sunt aures ejus, et solutum est vinculum linguæ ejus, et loquebatur recte.
36 Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo.
Et præcepit illis ne cui dicerent. Quanto autem eis præcipiebat, tanto magis plus prædicabant:
37 Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, “Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!”
et eo amplius admirabantur, dicentes: Bene omnia fecit: et surdos fecit audire, et mutos loqui.

< Mareko 7 >