< Mareko 5 >
1 Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong.
예수께서 바다 건너편 거라사인의 지방에 이르러
배에서 나오시매 곧 더러운 귀신들린 사람이 무덤 사이에서 나와 예수를 만나다
3 Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang.
그 사람은 무덤 사이에 거처하는데 이제는 아무나 쇠사슬로도 맬 수 없게 되었으니
이는 여러 번 고랑과 쇠사슬에 매였어도 쇠사슬을 끊고 고랑을 깨뜨렸음이러라 그리하여 아무도 저를 제어 할 힘이 없는지라
5 Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale.
밤낮 무덤 사이에서나 산에서나 늘 소리지르며 돌로 제 몸을 상하고 있었더라
6 Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe.
그가 멀리서 예수를 보고 달려와 절하며
7 Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”
큰 소리로 부르짖어 가로되 `지극히 높으신 하나님의 아들 예수여! 나와 당신과 무슨 상관이 있나이까? 원컨대 하나님 앞에 맹세하고 나를 괴롭게 마옵소서' 하니
이는 예수께서 이미 저에게 이르시기를 `더러운 귀신아! 그 사람에게서 나오라' 하셨음이라
9 Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, “Leina la gago ke mang?” moya o o maswe wa re, “Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo.”
이에 물으시되 `네 이름이 무엇이냐?' 가로되 `내 이름은 군대니 우리가 많음이니이다' 하고
10 Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala.
자기를 이 지방에서 내어 보내지 마시기를 간절히 구하더니
11 Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha.
마침 거기 돼지의 큰 떼가 산 곁에서 먹고 있는지라
12 “Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe.”
이에 간구하여 가로되 `우리를 돼지에게로 보내어 들어가게 하소서' 하니
13 Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse.
허락하신대 더러운 귀신들이 나와서 돼지에게로 들어가니 거의 이천 마리 되는 떼가 바다를 향하여 비탈로 내리달아 바다에서 몰사하거늘
14 Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela.
치던 자들이 도망하여 읍내와 촌에 고하니 사람들이 그 어떻게 된 것을 보러 와서
15 Mme batho ba le bantsi ba tloga ba kokoanela fa Jesu a neng a le teng. Ya re ba bona monna yoo a ntse fa fatshe, a apere e bile a ikutlwa sentle, ba tshoga thata.
예수께 이르러 그 귀신 들렸던 자 곧 군대 지폈던 자가 옷을 입고 정신이 온전하여 앉은 것을 보고 두려워 하더라
16 Bao botlhe ba ba neng ba bona se se diragetseng ba bolelela mongwe le mongwe ka ga sone.
이에 귀신 들렸던 자의 당한 것과 돼지의 일을 본 자들이 저희에게 고하매
17 Mme bontsi jwa batho jwa simolola go rapela Jesu gore a tsamae a ba tlogele!
저희가 예수께 그 지경에서 떠나시기를 간구하더라
18 Jalo a boela mo mokorong. Mme monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa Jesu gore a mo letle a tsamae nae.
예수께서 배에 오르실 때에 귀신 들렸던 사람이 함께 있기를 간구하였으나
19 Mme Jesu a gana a mo raya a re, “Ya gae kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dintle tse Modimo o di go diretseng; le ka fa o ileng wa nna le kutlwelo botlhoko ka teng.”
허락지 아니하시고 저에게 이르시되 `집으로 돌아가 주께서 네게 어떻게 큰 일을 행하사 너를 불쌍히 여기신 것을 네 친속에게 고하라' 하신대
20 Hong monna a simolola go etela metse e le some mo tikologong eo a bolelela mongwe le mongwe ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme ba gakgamadiwa thata ke se o neng a se bolela.
그가 가서 예수께서 자기에게 어떻게 큰 일 행하신 것을 데가볼리에 전파하니 모든 사람이 기이히 여기더라
21 Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing.
예수께서 배를 타시고 다시 저편으로 건너가시매 큰 무리가 그에게로 모이거늘 이에 바닷가에 계시더니
22 Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe,
회당장 중 하나인 야이로라 하는 이가 와서 예수를 보고 발 아래 엎드리어
23 a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”
많이 간구하여 가로되 `내 어린 딸이 죽게 되었사오니 오셔서 그 위에 손을 얹으사 그로 구원을 얻어 살게 하소서' 하거늘
24 Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago.
이에 그와 함께 가실새 큰 무리가 따라가며 에워싸 밀더라
25 Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi.
열 두 해를 혈루증으로 앓는 한 여자가 있어
26 Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele.
많은 의원에게 많은 괴로움을 받았고 있던 것도 다 허비하였으되 아무 효험이 없고 도리어 더 중하여졌던 차에
27 Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.
예수의 소문을 듣고 무리 가운데 섞여 뒤로 와서 그의 옷에 손을 대니
28 Gonne o ne a gopotse ka boene gore, “Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola.”
이는 내가 그의 옷에만 손을 대어도 구원을 얻으리라 함일러라
29 Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.
이에 그의 혈루 근원이 곧 마르매 병이 나은 줄을 몸에 깨달으니라
30 Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
예수께서 그 능력이 자기에게서 나간 줄을 곧 스스로 아시고 무리 가운데서 돌이켜 말씀하시되 `누가 내 옷에 손을 대었느냐?' 하시니
31 Barutwa ba mo raya ba re, “Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng.”
제자들이 여짜오되 `무리가 에워싸 미는 것을 보시며 누가 내게 손을 대었느냐 물으시나이까?' 하되
32 Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo.
예수께서 이 일 행한 여자를 보려고 둘러 보시니
33 Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng.
여자가 제게 이루어진 일을 알고 두려워하여 떨며 와서 그 앞에 엎드려 모든 사실을 여짜온대
34 Mme Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago.”
예수께서 가라사대 `딸아 네 믿음이 너를 구원하였으니 평안히 가라! 네 병에서 놓여 건강할지어다!'
35 Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle.
아직 말씀하실 때에 회당장의 집에서 사람들이 와서 가로되 `당신의 딸이 죽었나이다 어찌하여 선생을 더 괴롭게 하나이까?'
36 Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, “Se boife! Ikanye nna.”
예수께서 그 하는 말을 곁에서 들으시고 회당장에게 이르시되 `두려워 말고 믿기만 하라!' 하시고
37 Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane.
베드로와 야고보와 야고보의 형제 요한 외에 아무도 따라옴을 허치 아니하시고
38 Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso.
회당장의 집에 함께 가사 훤화함과 사람들의 울며 심히 통곡함을 보시고
39 A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!”
들어가서 저희에게 이르시되 `너희가 어찌하여 훤화하며 우느냐? 이 아이가 죽은 것이 아니라 잔다' 하시니
40 Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.
저희가 비웃더라 예수께서 저희를 다 내어보내신 후에 아이의 부모와 또 자기와 함께 한 자들을 데리시고 아이 있는 곳에 들어가사
41 A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, “Tsoga mosetsana!” (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata.
그 아이의 손을 잡고 가라사대 `달리다굼!' 하시니 번역하면 곧 소녀야 내가 네게 말하노니 일어나라 하심이라
소녀가 곧 일어나서 걸으니 나이 열 두살이라 사람들이 곧 크게 놀라고 놀라거늘
43 Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je.
예수께서 이 일을 아무도 알지 못하게 하라고 저희를 많이 경계하시고 이에 소녀에게 먹을 것을 주라 하시니라