< Mareko 4 >
1 Mme boidiidi jwa batho jo bo senang palo jwa mo dikaganyetsa mo lotshitshing fa a ntse a ruta, hong a tsena mo mokorong a nna fa fatshe a bua a le mo teng ga one.
І почав знов навчати над морем; і назбиралось багато народу, так що Він увійшов у човен, щоб сидїти на і морі; а ввесь народ був на землї при морю.
2 Mokgwa wa gagwe wa gale wa go ruta e ne e le go bolelela batho dipolelo. Nngwe ya tsone e tsamaile jaana:
І навчав їх багато приповістями, й глаголав до них у науцї своїй:
3 “Reetsang! Molemi o kile a ikaelela go jala peo. Mme ya re a e gasa mo tshimong ya gagwe,
Слухайте: Ось вийшов сїяч сіяти:
4 nngwe ya yone ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa e sela tsa e e ja.
і сталось, як сїяв, одно впало над шляхом, і налетїло птаство небесне, й пожерло його.
5 Nngwe ya yone ya wela mo mmung o mosesane fa go neng go ikadile lefika teng. Ya gola ka bonako, mme ya akofa ya swabisiwa ke mogote wa letsatsi ya a swa, ka ntlha ya gore medi ya yone e ne e sa otlega sentle mo mmung o o seng boteng.
Инше ж упало на каменистому, де не мало доволї землї, і зараз посходило, бо не мало глибокої землї.
Як же зійшло сонце, повяло, й, не маючи кореня, посохло.
7 Tse dingwe dipeo tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola ya hupetsa dijalo tse di potlana, jalo tsa se ka tsa ungwa,
А инше попадало між тернину, й тернина, розвившись, поглушила його, і овощу не дало.
8 “Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ga masome a mararo tsa ata go fetisa jaaka a ne a jetse, dingwe tsa tsone tsa ungwa ga masome a marataro kgotsa lekgolo.
А инше впало на землю добру, й дало плід, що сходив і ріс, і вродило одно в трийцятеро, а одно в шістьдесятеро а одно в сотеро.
9 Fa lo na le ditsebe, reetsang!”
І рече до них: Хто має уші слухати, нехай слухає.
10 Mme morago ga moo fa a le esi le ba ba lesome le bobedi le bangwe ba barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Polelo ya gago e raya eng?”
Як же був на самоті, питались у Него ті, що з Ним, разом з дванайцятьма, про приповість.
11 Mme a ba araba a re, “Lo letleletswe go itse boammaaruri ka ga Bogosi jwa Modimo jo bo fitlhetsweng ba ba kwa ntle ga Bogosi: jaaka Moporofiti Isaia a bolela a re, ‘Le fa ba bona ebile ba utlwa ga ba kitla ba tlhaloganya, kgotsa ba sokologela mo Modimong kgotsa ba itshwarelwa dibe tsa bone.’
І рече до них: Вам дано знати тайну царства Божого; тим же, що осторонь, у приповістях усе стаєть ся,
щоб дивлячись дивились, та й не бачили, й слухаючи слухали, та й не розуміли, щоб инколй не навернулись, і не простились їм гріхи.
13 “Mme fa lo se ka ke lwa tlhaloganya setshwantsho se se motlhofo se, lo tlaa dira jang kaga tse dingwe tse ke yang go di bolela.
І рече до них: Хиба не знаєте приповістї сієї? як же всі приповістї зрозумієте?
14 Molemi yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke mongwe yo o lereditseng batho molaetsa wa Modimo, a leka go jala peo e e siameng mo matshelong a bone.
Сїяч слово сіє.
15 Tsela e e thata, fa go wetseng peo nngwe teng e tshwantshiwa le bopelo-e-thata jwa batho bangwe ba ba utlwang lefoko la Modimo; mme e re ka bofefo Satane a tle a leke go ba lebatsa lefoko.
Що ж над шляхом, се ті, де сіється слово, й, як почують, зараз приходить сатана, й забирає слово, посіяне в серцях їх.
16 Mme mmu o o lokgwarapana o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba utlwang molaetsa ka boitumelo,
Подібно ж і ті, що на каменистому посіяні, котрі, як почують слово, зараз із радостю приймають його,
17 mme jaaka ditlhatshana tse di mo mmung o o ntseng jalo, medi ya tsone ga e tsenelele mo teng, le fa, lwa ntlha di gola sentle, ere ka bonako fa matshwenyego a simologa di korobele.
та не мають кореня в собі, а тільки до часу вони; опісля ж, як настане горе або гоненнє за слово, зараз блазнять ся.
18 “Mmu o o mitlwa ke sesupo sa dipelo tsa batho ba ba reetsang Mafoko a a Molemo ba bo ba a amogela,
А ті, що посіяні між терниною, се ті, що слухали слово,
19 mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope. (aiōn )
та журба сьвіта сього, й омана багацтва, і инші жадоби входять, і глушять слово, й безовочним робить ся воно. (aiōn )
20 “Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ka boammaaruri, mme ba ungwele Modimo thobo e ntsi thata, ba ungwe ga masome a mararo le ga masome a le marataro le ga lekgolo tota go gaisa jaaka go jetswe mo dipelong tsa bone.”
А на землю добру посіяні, се ті, що чують слово й приймають, і приносять овощ, одно в трийцятеро, друге в шістьдесятеро, а инше в сотеро.
21 Hong a ba botsa a re, “Fa mongwe a tshuba lobone, a o lo baya ka fa tlase ga tafole gore lo fitlhe lesedi? Go ka se nne jalo! Lesedi ga le ka ke la bonwa kgotsa la dirisiwa. Lobone lo siametse go bewa mo setlhomong go bonesa le go nna le mosola.
І рече до них: Чи нате приносять сьвітло, щоб ставити його під посудину, або під ліжко, а не щоб на сьвічнику ставити?
22 Gonne sengwe le sengwe se se fitlhegileng letsatsi lengwe se tlaa nna mo leseding.
Нема бо нічого схованого, щоб не обявилось; і не втаєно, а щоб на яв вийшло.
23 Fa lo na le ditsebe, reetsang!
Коли хто має уші слухати, нехай слухає.
24 Mme gape tlhomamisang lo dirise se lo se utlwang. Gantsi fa lo dira jalo, lo tlaa kgona go tlhaloganya thata se ke se lo bolelelang.
І рече їм: Вважайте, що чуете: Якою мірою міряєте, відміряється вам, і прибавить ся вам, що слухаєте.
25 Mme yo o nang le sengwe o tlaa newa; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le se o nang le sone tota.
Хто бо має, дасть ся йому; а хто не має, і що має, візьметь ся від него.
26 Setshwantsho sengwe ke se, se se supang gore bogosi jwa Modimo bo ntse jang: Molemi o kile a jala peo mo tshimong ya gagwe,
І рече: Так єсть царство Боже, як коли чоловік, що вкине зерно у землю,
27 mme a tsamaya, ya re malatsi a ntse a feta, dijalo tsa gola kwa ntle ga tlhokomelo ya gagwe.
та й спить, і встає в ночі і в день, а зерно сходить і росте, як він не знає.
28 Gonne mmu o ne o godisa dijalo. La ntlha mogwang wa tswa, diako tsa tlhoga, mme morago mabele a butswa.
Від себе бо земля родить: спершу траву, потім колос, а далїй повну пшеницю в колосї.
29 Hong molemi a tla ka thipa ya gagwe a akofa a roba.”
Як же доспіє овощ, зараз посилає серпа, бо настали жнива.
30 Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka tshwantsha Bogosi jwa Modimo jang? Ke ka dirisa polelo efe go bo tshwantsha?
І рече: Кому уподобимо царство Боже? або до якої приповісти приложимо його?
31 Bo tshwana le peo ya mosetara! Le ntswa e le nngwe ya dipeo tse di potlana, e gola e nna nngwe ya ditlhare tse di tona thata, e nne le dikala tse di telele mo dinonyane di ka agang dintlhaga tsa tsone teng mme tsa sireletsega.”
Воно мов зерно горчицї, що, як сієш його в землю, то воно дрібніше від усїх зерен, які є на землї;
а як посієть ся, сходить, і робить ся більшим над усї зілля, і ширить велике віттє, так що під тінню його кублитись може птаство небесне.
33 O ne a dirisa ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jalo go ruta batho ka fa ba ka kgonang go tlhaloganya ka teng.
І многими такими приповістями глаголав їм слово, скільки могли слухати.
34 Legale, o ne a ruta fela ka ditshwantsho fa a ruta mo pepeneneng, mme e re morago ga moo, fa a le esi le barutwa ba gagwe a simolole go ba di tlhalosetsa.
Без приповістї ж не говорив їм; на самоті ж ученикам своїм вияснював усе.
35 Mme ya re mo maitseboeng, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “A re tsheleleng ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.”
І рече їм того дня, як настав вечір: Перевезімось на той бік.
36 Hong ba mo tsaya, ba tswelela, ba tlogela bontsi jwa batho (le fa mekoro e mengwe e ne ya ba sala morago).
І, відпустивши народ, узяли Його, яв був в човні. І инші ж човни були з Ним.
37 Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela.
І схопилась велика вітряна буря, а филї заливали човен, так що вже тонув.
38 Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?”
А був Він на кермі, сплючи на подусцї. І розбудили Його, й кажуть Йому: Учителю, чи Тобі байдуже, що погибаємо?
39 Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, “Didimala!” Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo!
І вставши, погрозив вітрові, і рече до моря: Мовчи, перестань! І втих вітер, і настала тишина велика.
40 Mme a ba botsa a re, “Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?”
І рече їм: Чого ви такі полохливі? Як се? нема в вас віри?
41 Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, “Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?”
І полякались страхом великим, і казали один до одного: Хто оце Сей, що й вітер і море слухає Його?