< Mareko 3 >
1 Erile Jesu a sa ntse a le mo Kaperanama a ya kwa Tempeleng gape, mme a bona teng monna yo o neng a omeletse letsogo.
И влезе пак в синагогата; и там имаше човек с изсъхнала ръка.
2 Ka e ne e le letsatsi la Sabata, baba ba ga Jesu ba mo tlhoma matlho thata gore a o tlaa fodisa letsogo la monna yo? Fa a ne a ka dira jalo, ba ne ba ikaeletse go mo tshwara!
И наблюдаваха Го, дали ще го изцели в съботен ден, за да Го обвинят.
3 Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego.
Той каза на човека с изсъхналата ръка: Изправи се насред.
4 Mme a retologela kwa babeng ba gagwe a ba botsa a re, “A go siame go dira ditiro tse di molemo ka malatsi a Sabata? Kgotsa a ke letsatsi la go utlwisa botlhoko? A ke letsatsi la go boloka matshelo kgotsa go a senya?” Mme ga ba ise ba ke ba mo arabe.
Тогава на тях казва: Позволено ли е да се прави добро в съботен ден, или да се прави зло? Да се спаси ли живот, или да се погуби? А те мълчаха.
5 Erile a ba leba ka kgalefo gonne o ne a tshwentswe ke go tlhoka kelotlhoko ga bone mo ditlhokong tsa batho, a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago.” A le otlolola mme ka bofefo letsogo la gagwe la fola.
А като ги изгледа с гняв, наскърбен поради закоравяването на сърцата им, каза на човека: Простри си ръката. Той я простря; и ръката му оздравя.
6 Mme e rile fela ka yone nako eo Bafarasai ba tsamaya ba ya go kopana le Baherodia ba loga maano a go mmolaya.
И фарисеите, като излязоха, веднага се наговориха с Иродианите против Него, как да Го погубят.
7 Erile ka lobakanyana, Jesu, le barutwa ba gagwe ba ya kwa lotshitshing lwa lewatle, ba setswe morago ke bontsintsi jwa batho go tswa mo tikologong yotlhe ya Galalea, Judea Jerusalema, Idumea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane, le go tswa bokgakala jo bo kanang ka Ture le Sidona. Gonne dikgang ka ga dikgakgamatso tsa gagwe di ne di utlwetse kwa kgakala le ka bophara mme batho ba le bantsi ba tla go iponela ka matlho.
Тогава Исус се оттегли с учениците Си към езерото, и голямо множество от Галилея отиде изподир.
И от Юдея, от Ерусалим, от Идумея, отвъд Йордан, и от местата около Тир и Сидон, едно голямо множество дойде при Него, като чуха колко много чудеса правел.
9 Mme a laela barutwa ba gagwe go tlisa mokoro le go o baakanyetsa gore o tle o mo namole fa a ka pitlaganyediwa ke batho mo lotshitshing.
И поръча на учениците Си да Му услужат с една ладия, поради народа, за да Го не притискат.
10 Gonne go ne ga diragala diphodiso di le dintsi ka letsatsi leo, mme ya re ka ntlha ya moo balwetse ba le bantsi ba mo dikaganyetsa, ba leka go mo ama.
Защото беше изцелил мнозина, така че онези, които страдаха от язви, натискаха Го, за да се допрат до Него.
11 E ne e tle e re ka dinako tsotlhe fa ba ba tsenweng ke mewa e e maswe ba mmona ba wele fa fatshe fa pele ga gagwe ba goele kwa godimo ba re, “O Morwa Modimo!”
И нечистите духове, когато Го виждаха, падаха пред Него и викаха, казвайки: Ти си Божий Син.
12 Mme a ba laya thata gore ba seka ba mo utlwatsa.
Но Той строго им заръчваше да Го не изявяват.
13 Erile morago ga moo a tlhatlogela kwa godimo ga dithaba mme a bitsa bangwe ba ene o ba tlhophileng, a ba laletsa go tsamaya nae; mme ba dira jalo.
След това се възкачи на хълма и повика при Себе Си ония, които си искаше; и те отидоха при Него.
14 Hong a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna bapati ba gagwe ba malatsi otlhe le go tswela kwa ntle nae go ya go rera le go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle.
И определи дванадесет души, за да бъдат с Него, и за да ги изпраща да проповядват,
и да имат власт да изгонват бесове.
16 A ke maina a ba ba lesome le bobedi ba o ba tlhophileng: Simone (yo o neng a mmitsa Petere) Jakobe le Johane (bomorwa Sebede, Jesu a ba bitsa barwa Tumo ya Maru). Anterea, Filipo, Baretholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (Morwa Alefaio) Thadaeo, Simone (yo o neng e le wa leloko la lekgotla la dipolotiki le le neng le ikemiseditse go menola puso ya Roma.) Judase Isekariota, (yo e leng ene yo o mo okileng).
Определи: Симона, на когото даде и името Петър;
и Якова Заведеев и Якововия брат Йоан, на които даде и името Воанергес, сиреч, синове на гръма,
и Андрея и Филипа, Вартоломея и Матея, Тома и Якова Алфеев, Тадея и Симона Зилот,
и Юда Искариотски, който Го и предаде.
20 Mme e rile a boela kwa ntlung e o neng a nna mo go yone, boidiidi jwa batho jwa simolola go phuthega gape, mme ya re ka bofefo ntlo ya tlala baeng ba le bantsi mo o neng a tlhoka le yone nako ya go ja.
И дохожда в една къща; и пак се събира народ, така щото те не можаха нито хляб да ядат.
21 Erile fa ditsala tsa gagwe di utlwa se se neng se diragala tsa tla go leka go mo tsaya tsa mo isa kwa di nnang teng. “Tsa re, O tlhakanye tlhogo.”
А своите Му, като чуха това, излязоха за да Го хванат; защото казваха, че не бил на Себе Си.
22 Mme baruti ba tumelo ya Sejuta ba ba neng ba tsile ba tswa Jerusalema ba re, “Molato wa gagwe ke gore o tsenwe ke Satane kgosi ya Mewa e e maswe. Ke ka moo mewa e e maswe e mo reetsang.”
И книжниците, които бяха слезли от Ерусалим, казваха, че Той има Веелзевул, и че изгонва бесовете чрез началника на бесовете.
23 Hong Jesu a bitsa banna ba, mme a ba botsa (A dirisa diane tse botlhe ba neng ba di tlhaloganya), a re, “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang?
Но Той, като ги повика, казваше им с притчи: Как може Сатана да изгонва Сатаната?
24 Bogosi jo bo ikgaogantseng ka bo jone bo tlaa swa.
Ако едно царство се раздели против себе си, това царство не може да устои.
25 Lolwapa lo lo tletseng dikgogakgogano le dikgaogano lo inyeletsa ka bo lone.
И ако един дом се раздели против себе си, тоя дом не ще може да устои.
26 Mme fa Satane a itwantsha, o ka dira eng? Ga a kitla a ema.
И ако Сатана е възстанал против себе си, и се е разделил, той не може да устои, но дошъл му е краят.
27 [Satane o tshwanetse go golegwa pele ga mewa e e maswe e kgoromelediwa ntle]. Fela jaaka monna yo o nonofileng a tshwanetse go golegwa pele ga ntlo ya gagwe e ka thujwa a ba a gapelwa dilwana.
Обаче, никой не може да влезе в къщата на силния човек, да ограби покъщнината му, ако първо не върже силния, и тогава ще ограби къщата му.
28 “Mme ke lo tlhomamisetsa gore boleo bongwe le bongwe jwa motho bo ka itshwarelwa, le e leng go ntlhapatsa tota.
Истина ви казвам, че всичките грехове на човешкия род ще бъдат простени, и всичките хули с които биха богохулствували;
29 Mme go tlhapatsa Mowa o o Boitshepo ga go kake ga itshwarelwa, ke sebe sa bosakhutleng.” (aiōn , aiōnios )
но ако някой похули Святия Дух, за него няма прошка до века, но е виновен за вечен грях. (aiōn , aiōnios )
30 O ne a ba raya jalo ka ntlha ya gore ba ne ba re o dira dikgakgamatso ka nonofo ya ga Satane. (Mo boemong jwa gore ba dumele gore e ne e le ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo).
Това рече Той, защото казваха: Има нечист дух.
31 Hong mmaagwe le bomonnawe ba tla mo ntlung e bontsi jwa batho bo neng bo kgobokanetse mo go yone, fa a neng a rutela teng, ba romela mongwe gore a ba mmiletse. Ba mo raya ba re, “Mmago le bomonnao ba kwa ntle ba batla go go bona.”
Дохождат, прочее, майка Му и братята Му, и като стояха вън, пратиха до Него да Го повикат.
А около Него седеше едно множество; и казват Му: Ето, майка Ти и братята Ти вън, търсят Те.
33 Hong Jesu a araba a re, “Mme ke mang? Bonnake ke bo mang?”
И в отговор им каза: Коя е майка Ми? Кои са братята Ми?
34 A leba ba ba mo dikologileng a re, “Mme le bonnake ke ba!
И като изгледа седящите около Него каза: Ето майка Ми и братята Ми!
35 Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Modimo ke nnake, ke kgaitsadiake, ke mme.”
Защото, който върши Божията воля, той Ми е брат, и сестра, и майка.