< Mareko 16 >

1 Mme mo maitseboeng a a latelang, fa Sabata e setse e fetile, Marea Magatalena le Salome le Marea mmaagwe Jakobe ba tsamaya ba ya go reka ditlolo go tlotsa setopo sa ga Jesu. Mo maphakeleng a magolo a letsatsi le le latelang fa letsatsi le tlhaba, ba tsaya ditlolo tseo ba ya natso kwa phupung.
And when the shabath had passed Mariam Magdalitha and Mariam, (the mother) of Jacub and Shaloom, bought aromatics, and came to anoint him.
2
BUT in the morning of the first day in the week, they came to the sepulchre when the sun had risen,
3 Mo tseleng ba bo ba ntse ba buisanya ka gore ba tlaa feta ba tlosa jang letlapa le legolo fa kgorong ya phupu.
and they said between themselves, Who will roll away the stone for us from the door of the sepulchre?
4 Mme ya re ba goroga ba leba ba bona gore letlapa le legolo le le bokete thata, le ne le setse le tlositswe mme kgoro ya lebitla ya bo e setse e bulegile!
And they looked and saw that the stone was rolled away, for it was very great.
5 Hong ba tsena mo phupung, mme mo letsogong le legolo ga bo go ntse lekau le apere diaparo tse di tshweu. Mme basadi ba gamarega.
And they went into the sepulchre, and saw a youth sitting on the right. And he was clothed in a white robe. And they were astonished.
6 Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng.
But he said to them, Fear not! Jeshu Natsroia you seek, he who was crucified, he has risen; he is not here. Behold the place where he lay.
7 Jaanong tsamayang lo ise molaetsa o kwa barutweng ba gagwe le kwa go Petere lo re: Jesu o lo eteletse pele go ya Galalea; lo tlaa mmona gone, fela jaaka a lo boleletse pele ga aa swa!”
But go, tell his disciples and Kipha that, behold, he goeth before you into Galila; there shall you see him as he told you.
8 Basadi ba taboga ba tswa fa phupung, ba roroma ba tshogile thata mo ba neng ba palelwa ke go bua.
And when they had heard, they fled, and went forth from the sepulchre, for astonishment and tremor had seized them; and they said nothing to any one, for they were afraid.
9 (note: The most reliable and earliest manuscripts do not include Mark 16:9-20.) E ne e le maphakela ka letsatsi la Tshipi mo mosong fa Jesu a tsoga mo baswing, mme motho wa ntlha go mmona e ne e le Marea Magatalena, mosadi yo Jesu o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e supa mo go ene.
(note: The most reliable and earliest manuscripts do not include Mark 16:9-20.) But in the morning of the first day of the week he arose, and was first seen by Mariam Magdalitha, she who had seven devils cast out from her.
10 Hong a fitlhela barutwa ba lela ka kutlobotlhoko mme a ba bolelela gore o bonye Jesu, le gore o tshedile. Mme ga ba a ka ba mo dumela!
And she went and declared to them who were with her, who mourned and wept.
And they, when they had heard what they told, that he lived and had appeared to them, believed them not.
12 Morago ga letsatsi leo a iponatsa mo go ba babedi ba ba neng ba tsamaya ba tswa Jerusalema ba ya kwa nageng, mme ga ba a ka ba mo lemoga lwa ntlha ka gore o ne a fetogile setshwano.
After these things he appeared to two of them in another fashion as they walked and went to a village.
13 Mme ya re kwa bofelong fa ba lemoga gore ke mang, ba tabogela kwa Jerusalema go ya go bolelela ba bangwe, mme ga se ka ga nna le yo o ba dumelang.
And they went and told the rest, neither did they believe.
14 Kwa moragonyana a iponatsha mo barutweng ba ba lesome le motso ba sa ntse ba a ja. Mme a ba omanyetsa thata go tlhoka go dumela ga bone, ka botlhogo-e-thata jwa bone le go gana go dumela ba ba mmonyeng a sena go tsoga.
BUT afterward he appeared to the eleven as they reclined, and he reproved the littleness of their faith and the hardness of their heart, because those who had seen that he had arisen they had not believed.
15 Mme a ba raya a re, “Lo tshwanetse go ya mo lefatsheng lotlhe lwa rerela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo, gongwe le gongwe.
And he said to them, Go into all the world, and proclaim my gospel to every creature:
16 Ba ba dumelang ba bo ba kolobediwa ba tlaa bolokwa. Mme ba ba ganang go dumela ba tlaa sekisiwa.
He who believeth and is baptized is saved; and he who believeth not is condemned.
17 Mme ba ba dumelang ba tlaa dirisa thata ya me go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe, ba tlaa bua dipuo tse di ncha.
And these signs shall follow those who believe: In my name they shall cast out devils, and with new tongues shall they speak;
18 Ba tlaa nna le thata ya go tshwara dinoga ba babalesegile, mme fa ba a nwa le fa e le eng se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko: Ba tlaa kgona go baya balwetse diatla ba ba fodisa.”
and serpents they shalt take up; and if the poison of death they drink, it shall not hurt them; and their hands shall they lay upon the sick, and they shall be healed.
19 Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo.
But Jeshu our Lord, after he had spoken with them, unto the heavens ascended, and sat on the right hand of Aloha.
20 Mme barutwa ba tswa ba ya gongwe le gongwe ba rera, mme Morena a bo a na le bone, a tlhomamisa se ba se buang ka dikgakgamatso tse di diragalang morago ga melaetsa ya bone.
And they went forth and preached in every place, and our Lord helped them, and confirmed their words by the signs which they wrought.

< Mareko 16 >