< Mareko 15 >
1 Mme ya re mo mosong ditlhogo tsa bapereesiti le bagolwane ba phuthego, baruti ba tumelo le botlhe ba Kgotla kgolo, ba kopana go buisana kaga se ba neng ba tshwanetse go se dira. Maikaelelo a bone e ne e le gore masole a ise Jesu kwa go Pilatwe mmusi wa Seroma.
Og straks om Morgenen, da Ypperstepræsterne havde holdt Raad med de Ældste og de skriftkloge, hele Raadet, bandt de Jesus og førte ham bort og overgave ham til Pilatus.
2 Pilatwe a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” Hong Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bolela.”
Og Pilatus spurgte ham: „Er du Jødernes Konge?” Og han svarede og sagde til ham: „Du siger det.”
3 Hong baperesiti ba bagolo ba mmaya molato ka dilo di le dintsi, mme Pilatwe a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o sa bue sepe? Wa reng ka ga melato e ba e go pegang.”
Og Ypperstepræsterne anklagede ham meget.
Men Pilatus spurgte ham atter og sagde: „Svarer du slet intet? Se, hvor meget de anklage dig for!”
5 Mme Jesu a seka a tlhola a bua sepe, mo go neng ga gakgamatsa Pilatwe thata.
Men Jesus svarede ikke mere noget, saa at Pilatus undrede sig.
6 Mme jaana, e ne e le tlwaelo ya ga Pilatwe go golola legolegwa le le lengwe la Mojuta ngwaga e nngwe le e nngwe ka nako ya Paseka, legolegwa lengwe fela le batho ba lopang gore le gololwe.
Men paa Højtiden plejede han at løslade dem een Fange, hvilken de forlangte.
7 Mongwe wa magolegwa ka nako eo e ne e le Barabase yo o neng a atlhotswe le ba bangwe ka molato wa polao ya motho, ka nako ya ba tsogologela mmuso.
Men der var en, som hed Barabbas, der var fangen tillige med de Oprørere, som under Oprøret havde begaaet Mord.
8 Hong lesomo la simolola go kokoanela Pilatwe, la mo kopa gore a golole legolegwa jaaka gale.
Og Mængden gik op og begyndte at bede om, at han vilde gøre for dem, som han plejede.
9 Pilatwe a botsa a re, “Go ka nna jang gore ke lo gololele kgosi ya Bajuta? A ke ene yo lo batlang a gololwa?”
Men Pilatus svarede dem og sagde: „Ville I, at jeg skal løslade eder Jødernes Konge?”
10 Gonne o ne a lemoga gore se ke segwenegwene, se se neng se tlhotlhelediwa ke baperesiti ba bagolo gonne ba ne ba fufegela go tuma ga ga Jesu.
Thi han skønnede, at det var af Avind, at Ypperstepræsterne havde overgivet ham.
11 Mme ka nako e, baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa lesomo gore le batle gore go gololwe Barabase boemong jwa ga Jesu.
Men Ypperstepræsterne ophidsede Mængden til at bede om, at han hellere skulde løslade dem Barabbas.
12 Mme Pilatwe a botsa a re, “Fa ke golola Barabase, Ke tlaa dirang ka monna yo lo mmitsang kgosi ya lona yo?”
Men Pilatus svarede atter og sagde til dem: „Hvad ville I da, jeg skal gøre med ham, som I kalde Jødernes Konge?”
13 Mme ba goa ba re, “Mmapole!”
Men de raabte atter: „Korsfæst ham!”
14 Pilatwe a ba galefela a re, “Ka ntlha yang? O dirileng sa bosula?” Ba tswelela ba goa thata ba re, “Mmapole!”
Men Pilatus sagde til dem: „Hvad ondt har han da gjort?” Men de raabte højlydt: „Korsfæst ham!”
15 Mme Pilatwe ka ntlha ya go tshaba mokubukubu gape a rata go itumedisa batho, a ba gololela Barabase. A laola gore ba iteye Jesu ka kubu, a ba mo neela gore a bapolwe.
Og da Pilatus vilde gøre Mængden tilpas, løslod han dem Barabbas; og Jesus lod han hudstryge og gav ham hen til at korsfæstes.
16 Mme, masole a Roma a mo tsaya a mo isa kwa teng ga lolwapa lwa bogosi, ba bitsa mapodise a kgotla otlhe, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona, ba mo direla serwalo sa mitlwa e meleele ba se mo rwesa.
Men Stridsmændene førte ham ind i Gaarden, det vil sige Borgen, og de sammenkalde hele Vagtafdelingen.
Og de iføre ham en Purpurkappe og flette en Tornekrone og sætte den paa ham.
18 Ba simolola go mo dumedisa ba re, “Ahee! Kgosi ya Bajuta!”
Og de begyndte at hilse ham: „Hil være dig, du Jødernes Konge!”
19 Mme ba mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba mo kgwela mathe, ba khubama ka mangole ba mo “obamela”.
Og de sloge ham paa Hovedet med et Rør og spyttede paa ham og faldt paa Knæ og tilbade ham.
20 Erile ba sena go lapisiwa ke go mo sotla, ba mo apola seaparo sa gagwe se se bohibidu jo bo mokgona, mme ba mo apesa diaparo tsa gagwe gape, ba mo kgwakgwaetsa go ya go bapolwa.
Og da de havde spottet ham, toge de Purpurkappen af ham og iførte ham hans egne Klæder. Og de føre ham ud for at korsfæste ham.
21 Simone wa Kurene yo o neng a tswa kwa ga bone ka nako eo, a patelediwa go sikara mokgoro wa ga Jesu. (Simone ke rraagwe Alekasantarea le Rufase).
Og de tvinge en, som gik forbi, Simon fra Kyrene, som kom fra Marken, Aleksanders og Rufus's Fader, til at bære hans Kors.
22 Mme ba tsaya Jesu ba mo isa kwa felong fa go bidiwang Gologotha (Ke gore felo ga logata).
Og de føre ham til det Sted Golgatha, det er udlagt: „Hovedskalsted”.
23 Ba mo naya mofine o o tlhakantsweng le ditlhare tse di babang mme a o gana.
Og de gave ham Vin at drikke med Myrra i; men han tog det ikke.
24 Mme ba mmapola, ba tshelela diaparo tsa gagwe bola.
Og de korsfæste ham, og de dele hans Klæder ved at kaste Lod om dem, hvad enhver skulde tage.
25 E ne e ka ne e le ka nako ya bofera-bongwe mo mosong fa papolo e diragala.
Men det var den tredje Time, da de korsfæstede ham.
26 Lokwalo lo lo bolelang molato wa gagwe lo ne lo kokotetswe mo mokgorong fa godimo ga tlhogo ya gagwe lo balega jaana, “Kgosi ya Bajuta.”
Og Overskriften med Beskyldningen imod ham var paaskreven saaledes: „Jødernes Konge.”
27 Mme ga bo go bapotswe nae magodu a le mabedi mo mosong oo, mekgoro ya bone e tsentse wa gagwe fa gare.
Og de korsfæste to Røvere sammen med ham, en ved hans højre og en ved hans venstre Side.
28 Mme lokwalo lwa diragadiwa lo lo reng, “O baletswe le baleofi.”
[Og Skriften blev opfyldt, som siger: „Og han blev regnet iblandt Overtrædere.”]
29 Batho ba ne ba mo kgala fa ba feta, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ka tshotlo, ba goeletsa kwa go ene ba re, “Ahee! Ipone jaanong; Ammaaruri o ka senya Tempele wa ba wa e aga mo malatsing a le mararo! Fa e le gore o nonofile go le kalo, ipoloke o fologe mo mokgorong.”
Og de, som gik forbi, spottede ham, idet de rystede paa deres Hoveder og sagde: „Tvi dig! du som nedbryder Templet og bygger det op i tre Dage;
frels dig selv ved at stige ned af Korset!”
31 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bone ba bo ba eme foo ba sotla Jesu. Ba re, “O botlhale thata go boloka ba bangwe, mme ene ga a kgone go ipoloka!”
Ligesaa spottede ogsaa Ypperstepræsterne indbyrdes tillige med de skriftkloge og sagde: „Andre har han frelst, sig selv kan han ikke frelse.
32 Ba goa ba re, “Hee, wena Mesia!” “Wena Kgosi ya Iseraela! Fologa mo mokgorong mme re tlaa go dumela!” Le magodu a mabedi tota a a neng a swa nae a mo kgoba.
Kristus, Israels Konge — lad ham nu stige ned af Korset, for at vi kunne se det og tro!” Ogsaa de, som vare korsfæstede med ham, haanede ham.
33 Erile e ka ne e le motshegare wa sethoboloko, lefatshe lotlhe la fifala go fitlhelela ka nako ya boraro mo tshokologong eo.
Og da den sjette Time var kommen, blev der Mørke over hele Landet indtil den niende Time.
34 Hong Jesu a bitsa ka lentswe le legolo a re, “Eli, Eli Lamasabakatani?” (“Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”)
Og ved den niende Time raabte Jesus med høj Røst og sagde: „Eloï! Eloï! Lama Sabaktani?” det er udlagt: „Min Gud! min Gud! hvorfor har du forladt mig?”
35 Bangwe ba batho ba ba neng ba eme foo ba gopola gore o ka ne a bitsa Elija moporofiti.
Og nogle af dem, som stode hos, sagde, da de hørte det: „Se, han kalder paa Elias.”
36 Hong mongwe a tla a taboga a ina ngami mo mofineng o o botlha a e tlhomela ka lotlhaka a re, “A re ke re bone gore a Elija o tlaa tla go mo folosa.”
Men en løb hen og fyldte en Svamp med Eddike og stak den paa et Rør og gav ham at drikke og sagde: „Holdt! lader os se, om Elias kommer for at tage ham ned.”
Men Jesus raabte med høj Røst og udaandede.
38 Mme sesiro mo Tempeleng sa gagoga ka bogare go simologa kwa godimo go ya kwa tlase.
Og Forhænget i Templet splittedes i to fra øverst til nederst.
39 E rile fa lesole la Se-Roma le le neng le eme gaufi le mokgoro wa gagwe le bona ka fa o neng a neela mowa wa gagwe ka gone la re, “Ruri e ne e le Morwa Modimo!”
Men da Høvedsmanden, som stod hos, lige over for ham, saa, at han udaandede paa denne Vis, sagde han: „Sandelig, dette Menneske var Guds Søn.”
40 Basadi bangwe ba bo ba le foo ba lebeletse ba le kgakala, e le Marea Magatalena, Marea (mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Josese), Salome le ba bangwe.
Men der var ogsaa Kvinder, som saa til i Frastand, iblandt hvilke ogsaa vare Maria Magdalene og Maria, Jakob den Lilles og Joses's Moder, og Salome,
41 Bone le basadi ba bangwe ba bantsi ba Galalea ba e neng e le balatedi ba gagwe ba mo direla fa a le kwa Galalea, ba tsile nae mo Jerusalema.
hvilke ogsaa fulgte ham og tjente ham, da han var i Galilæa, og mange andre Kvinder, som vare gaaede op til Jerusalem med ham.
42 Dilo tse tsotlhe di ne tsa diragala pele ga Sabata. Mme ya re tshokologong ya letsatsi leo Josefe wa Arimathea, yo o neng a le leloko le le tlotlegang la Kgotla Kgolo ya Sejuta (yo o neng a lebeletse go tla ga Bogosi jwa Modimo), a nna pelokgale go ya kwa go Pilatwe go lopa setopo sa ga Jesu.
Og da det allerede var blevet Aften, (thi det var Beredelsesdag, det er Forsabbat, )
kom Josef fra Arimathæa, en anset Raadsherre, som ogsaa selv forventede Guds Rige; han tog Mod til sig og gik ind til Pilatus og bad om Jesu Legeme.
44 Pilatwe o ne a sa dumele gore Jesu o ne a setse a sule, hong a bitsa mogolwane wa Roma a mmotsa.
Men Pilatus forundrede sig over, at han allerede skulde være død,
45 Mogolwane a tlhomamisa mafoko ao, Pilatwe a raya Josefe a re, “O ka nna wa tsaya setopo.”
og han hidkaldte Høvedsmanden og spurgte ham, om han allerede nogen Tid havde været død; og da han fik det at vide af Høvedsmanden, skænkede han Josef Liget.
46 Mme Josefe a ya go reka letsela le letelele la leloba a pagolola setopo sa ga Jesu mo mokgorong, a se phuthela ka letsela leo a se baya mo phupung e e neng e gabilwe mo lefikeng, a pitikela leje mo kgorong ya phupu.
Og denne købte et fint Linklæde, tog ham ned, svøbte ham i Linklædet og lagde ham i en Grav, som var udhugget i en Klippe, og han væltede en Sten for Indgangen til Graven.
47 Marea Magatalena le Marea MmaJosese ba ne ba le teng ba lebile Jesu fa a fitlhwa.
Men Maria Magdalene og Maria, Joses's Moder, saa, hvor han blev lagt.