< Mareko 13 >
1 Mme ya re a tswa mo Tempeleng ka letsatsi leo, mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Moruti, dikago tse di dintle jang! Bona mekgabisa ya maje a a mo lokotswaneng jaaka e ntse.”
ⲁ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈϤⲚⲎⲞⲨ ⲈⲂⲞⲖ ϦⲈⲚⲠⲒⲈⲢⲪⲈⲒ ⲠⲈϪⲈ ⲞⲨⲀⲒ ⲚⲀϤ ⲈⲂⲞⲖ ϦⲈⲚⲚⲈϤⲘⲀⲐⲎⲦⲎⲤ ϪⲈ ⲪⲢⲈϤϮⲤⲂⲰ ⲬⲚⲀⲨ ϪⲈ ϨⲀⲚⲀϢ ⲚⲢⲎϮ ⲚⲈⲚⲀⲒⲰⲚⲒ ⲞⲨⲞϨ ϨⲀⲚⲔⲰⲦ ⲚⲀϢ ⲚⲢⲎϮ
2 Jesu a araba a re, “Ee, bona! gonne ga go na leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe, otlhe a tlaa fetoga matlotla.”
ⲃ̅ⲞⲨⲞϨ ⲠⲈϪⲈ ⲒⲎⲤⲞⲨⲤ ⲚⲀϤ ϪⲈ ⲬⲚⲀⲨ ⲈⲚⲀⲒⲚⲒϢϮ ⲚⲰⲚⲒ ⲚⲚⲞⲨⲬⲀ ⲞⲨⲰⲚⲒ ⲈϪⲈⲚ ⲞⲨⲰⲚⲒ ⲘⲠⲀⲒⲘⲀ ⲚⲤⲈⲚⲀⲂⲞⲖϤ ⲈⲂⲞⲖ ⲀⲚ.
3 Mme ya re a ntse mo dithoteng tsa thaba ya Lotlhware go kgabaganya molatswana o o tswang Jerusalema, Petere le Jakobe le Anterea le Johane ba bo ba na nae mme ba mmotsa ba re, “Dilo tse tsotlhe di tlaa diragalela Tempele leng? A go tlaa nna le tlhagiso pele ga nako?”
ⲅ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈϤϨⲈⲘⲤⲒ ϨⲒϪⲈⲚ ⲠⲒⲦⲰⲞⲨ ⲚⲦⲈⲚⲒϪⲰⲒⲦ ⲘⲠⲈⲘⲐⲞ ⲘⲠⲒⲈⲢⲪⲈⲒ ⲀⲨϢⲈⲚϤ ⲚⲤⲀⲠⲤⲀ ⲚϪⲈⲠⲈⲦⲢⲞⲤ ⲚⲈⲘ ⲒⲀⲔⲰⲂⲞⲤ ⲚⲈⲘ ⲒⲰⲀⲚⲚⲎⲤ ⲚⲈⲘ ⲀⲚⲆⲢⲈⲀⲤ
ⲇ̅ϪⲈ ⲀϪⲞⲤ ⲚⲀⲚ ϪⲈ ⲀⲢⲈ ⲚⲀⲒ ⲚⲀϢⲰⲠⲒ ⲚⲐⲚⲀⲨ ⲞⲨⲞϨ ⲞⲨ ⲠⲈ ⲠⲒⲘⲎⲒⲚⲒ ⲀⲢⲈϢⲀⲚ ⲚⲀⲒ ⲦⲎⲢⲞⲨ ⲚⲞⲨⲒ ⲈϪⲰⲔ ⲈⲂⲞⲖ.
5 Hong Jesu a dirisa nako e ntsi ya go ba tlhalosetsa a re, “Lo se letle ope go lo timetsa,
ⲉ̅ⲒⲎⲤⲞⲨⲤ ⲆⲈ ⲀϤⲈⲢϨⲎⲦⲤ ⲚϪⲞⲤ ϪⲈ ⲀⲚⲀⲨ ⲘⲠⲈⲚⲐⲢⲈ ϨⲖⲒ ⲤⲈⲢⲈⲘ ⲐⲎⲚⲞⲨ
6 gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ikaya fa e le Mesia wa lona, mme ba tlaa timetsa ba le bantsi.
ⲋ̅ⲞⲨⲞⲚ ⲞⲨⲘⲎϢ ⲄⲀⲢ ⲚⲀⲒ ϦⲈⲚⲠⲀⲢⲀⲚ ⲈⲨϪⲰ ⲘⲘⲞⲤ ϪⲈ ⲀⲚⲞⲔ ⲠⲈ ⲠⲬⲢⲒⲤⲦⲞⲤ ⲞⲨⲞϨ ⲤⲈⲚⲀⲤⲈⲢⲈⲘ ⲞⲨⲘⲎϢ
7 Mme go tlaa tsoga dintwa gongwe le gongwe mme mo ga se sesupo sa bokhutlo.
ⲍ̅ϨⲞⲦⲀⲚ ⲆⲈ ⲀⲢⲈⲦⲈⲚϢⲀⲚⲤⲰⲦⲈⲘ ⲈϨⲀⲚⲠⲞⲖⲈⲘⲞⲤ ⲚⲈⲘ ϨⲀⲚⲤⲘⲎ ⲘⲠⲞⲖⲈⲘⲞⲤ ⲘⲠⲈⲢϢⲐⲞⲢⲦⲈⲢ ϨⲰϮ ⲠⲈ ⲚⲦⲞⲨϢⲰⲠⲒ ⲀⲖⲖⲀ ⲘⲠⲀⲦⲈϤⲒ ⲚϪⲈⲠⲒϪⲰⲔ.
8 “Gonne dichaba le mebuso di tlaa tsogologelana, mme go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi le mauba. Mme dilo tse e tlaa bo e le dikai tsa ntlha tsa dipogisego tse di tlang.
ⲏ̅ⲈϤⲈⲦⲰⲚϤ ⲄⲀⲢ ⲚϪⲈⲞⲨⲈⲐⲚⲞⲤ ⲈϪⲈⲚ ⲞⲨⲈⲐⲚⲞⲤ ⲞⲨⲞϨ ⲞⲨⲘⲈⲦⲞⲨⲢⲞ ⲈϪⲈⲚ ⲞⲨⲘⲈⲦⲞⲨⲢⲞ ⲈⲨⲈϢⲰⲠⲒ ⲚϪⲈϨⲀⲚⲘⲞⲚⲘⲈⲚ ⲔⲀⲦⲀ ⲘⲀ ⲈⲨⲈϢⲰⲠⲒ ⲚϪⲈϨⲀⲚϨⲂⲰⲚ ϨⲎ ⲚⲚⲒⲚⲀⲔϨⲒ ⲚⲈⲚⲀⲒ.
9 Mme fa dilo tse di simolola go diragala, lo tlhokomele! Gonne lo tlaa bo lo le mo diphatseng tse dikgolo. Lo tlaa gogelwa fa pele ga basekisi, mme lo tlaa itewa mo ditempeleng, lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya go nna balatedi ba me. Se e tlaa bo e le nako ya lona ya go ba bolelela Mafoko a a Molemo.
ⲑ̅ⲀⲚⲀⲨ ⲆⲈ ⲚⲐⲰⲦⲈⲚ ⲈⲢⲰⲦⲈⲚ ⲤⲈⲚⲀϮ ⲐⲎⲚⲞⲨ ⲈϨⲀⲚⲘⲀⲚϮϨⲀⲠ ⲞⲨⲞϨ ϦⲈⲚⲚⲒⲤⲨⲚⲀⲄⲰⲄⲎ ⲤⲈⲚⲀϨⲒⲞⲨⲒ ⲈⲢⲰⲦⲈⲚ ⲞⲨⲞϨ ⲚⲦⲞⲨⲦⲀϨⲰⲦⲈⲚ ⲈⲢⲀⲦⲈⲚ ⲐⲎⲚⲞⲨ ⲚⲀϨⲢⲈⲚ ϨⲀⲚϨⲎⲄⲈⲘⲰⲚ ⲚⲈⲘ ϨⲀⲚⲞⲨⲢⲰⲞⲨ ⲈⲐⲂⲎⲦ ⲈⲨⲘⲈⲦⲘⲈⲐⲢⲈ ⲚⲰⲞⲨ ⲚⲈⲘ ⲚⲒⲈⲐⲚⲞⲤ ⲦⲎⲢⲞⲨ.
10 Gonne Mafoko a a Molemo a tshwanetse go itsiwe mo merafeng yotlhe pele ga bokhutlo bo tla.
ⲓ̅ϨⲰϮ ⲚϢⲞⲢⲠ ⲚⲦⲞⲨϨⲒⲰⲒϢ ⲘⲠⲒⲈⲨⲀⲄⲄⲈⲖⲒⲞⲚ
11 Mme fa lo tshwarwa lo bo lo sekisiwa, lo se ka lwa tshwenyega kaga se lo tlaa se buang go iphemela. Buang se Modimo o lo bolelelang gore lo se bue. Gonne e tlaa bo e se lona lo buang mme e le Mowa o o Boitshepo.
ⲓ̅ⲁ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈϢⲰⲠ ⲚⲦⲞⲨⲈⲚ ⲐⲎⲚⲞⲨ ⲈⲨϮ ⲘⲘⲰⲦⲈⲚ ⲘⲠⲈⲢⲈⲢϢⲞⲢⲠ ⲚϤⲒⲢⲰⲞⲨϢ ϪⲈ ⲞⲨ ⲠⲈⲦⲈⲦⲈⲚⲚⲀⲤⲀϪⲒ ⲘⲘⲞϤ ⲀⲖⲖⲀ ⲠⲈⲦⲞⲨⲚⲀⲦⲎ ⲒϤ ⲚⲰⲦⲈⲚ ϦⲈⲚϮⲞⲨⲚⲞⲨ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ ⲪⲀⲒ ⲠⲈⲦⲈⲦⲈⲚⲚⲀⲤⲀϪⲒ ⲘⲘⲞϤ ⲚⲐⲰⲦⲈⲚ ⲄⲀⲢ ⲀⲚ ⲠⲈⲐⲚⲀⲤⲀϪⲒ ⲀⲖⲖⲀ ⲠⲒⲠⲚⲈⲨⲘⲀⲈⲐⲞⲨⲀⲂ ⲠⲈ.
12 Mme morwa rraa motho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, borrabana ba tlaa neela bana ba bone, le bana ba tlaa neela batsadi ba bone gore ba bolawe.
ⲓ̅ⲃ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈⲢⲈ ⲞⲨⲤⲞⲚ ϮⲚⲞⲨⲤⲞⲚ ⲈⲪⲘⲞⲨ ⲞⲨⲞϨ ⲈⲢⲈ ⲞⲨⲒⲰⲦ ⲈϤⲈϮ ⲚⲞⲨϢⲎⲢⲒ ⲞⲨⲞϨ ⲤⲈⲚⲀⲦⲰⲞⲨⲚⲞⲨ ⲚϪⲈϨⲀⲚϢⲎⲢⲒ ⲈϪⲈⲚ ϨⲀⲚⲒⲞϮ ⲞⲨⲞϨ ⲤⲈⲚⲀϦⲞⲐⲂⲞⲨ
13 Mme lo tlaa ilwa ke mongwe le mongwe ka ntlha ya gore lo ba me. Mme botlhe ba ba tlaa itshokang go ya bokhutlong ba sa intatole ba tlaa bolokwa.
ⲓ̅ⲅ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈⲢⲈⲦⲈⲚⲈϢⲰⲠⲒ ⲈⲨⲘⲞⲤϮ ⲘⲘⲰⲦⲈⲚ ⲚϪⲈⲞⲨⲞⲚ ⲚⲒⲂⲈⲚ ⲈⲐⲂⲈ ⲠⲀⲢⲀⲚ ⲪⲎ ⲆⲈ ⲈⲐⲚⲀⲀⲘⲞⲚⲒ ⲚⲦⲞⲦϤ ϢⲀ ⲈⲂⲞⲖ ⲪⲀⲒ ⲠⲈ ⲪⲎ ⲈⲐⲚⲀⲚⲞϨⲈⲘ.
14 “Mme fa lo bona selo se se makgapha se eme mo Tempeleng, mmadi, ela tlhoko! Tshaba, o tshabele kwa dithabeng tsa Judea fa go kgonega.
ⲓ̅ⲇ̅ⲈϢⲰⲠ ⲆⲈ ⲚⲦⲈⲦⲈⲚⲚⲀⲨ ⲈⲠⲒⲤⲰϤ ⲚⲦⲈⲠⲒϢⲰϤ ⲈϤⲞϨⲒ ⲈⲢⲀⲦϤ ⲘⲠⲒⲘⲀ ⲈⲦⲈⲤϢⲈ ⲀⲚ ⲪⲎ ⲈⲦⲰϢ ⲘⲀⲢⲈϤⲔⲀϮ ⲦⲞⲦⲈ ⲚⲎ ⲈⲦⲬⲎ ϦⲈⲚϮⲒⲞⲨⲆⲈⲀ ⲘⲀⲢⲞⲨⲪⲰⲦ ⲈϪⲈⲚ ⲚⲒⲦⲰⲞⲨ
15 Akofa! Fa o le mo setlhoeng fa godimo ga ntlo, o se ka wa boela mo tlung. Fa o le kwa masimo, o se ka wa boela kwa gae go ya go tsaya madi kgotsa diaparo.
ⲓ̅ⲉ̅ⲪⲎ ⲈⲦϨⲒϪⲈⲚ ⲠϪⲈⲚⲈⲪⲰⲢ ⲘⲠⲈⲚⲐⲢⲈϤⲒ ⲈϦⲢⲎⲒ ⲞⲨⲆⲈ ⲘⲠⲈⲚⲐⲢⲈϤϢⲈ ⲈϦⲞⲨⲚ ⲈⲈⲖ ϨⲖⲒ ⲈⲂⲞⲖ ϦⲈⲚⲠⲈϤⲎⲒ.
ⲓ̅ⲋ̅ⲞⲨⲞϨ ⲪⲎ ⲈⲦϦⲈⲚ ⲦⲔⲞⲒ ⲘⲠⲈⲚⲐⲢⲈϤⲒ ⲈⲪⲀϨⲞⲨ ⲈⲈⲖ ⲠⲈϤϨⲂⲞⲤ.
17 “A bo go latlhega basadi ba baimana mo malatsing ao, le basadi ba ba amusang.
ⲓ̅ⲍ̅ⲞⲨⲞⲒ ⲆⲈ ⲚⲚⲎ ⲈⲦⲈⲘⲂⲞⲔⲒ ⲚⲈⲘ ⲚⲎ ⲈⲦϮϬⲒ ϦⲈⲚⲚⲒⲈϨⲞⲞⲨ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ.
18 Mme lo rapele gore go sia ga lona go se ka ga nna go le mariga.
ⲓ̅ⲏ̅ⲀⲢⲒⲠⲢⲞⲤⲈⲨⲬⲈⲤⲐⲈ ⲆⲈ ϨⲒⲚⲀ ⲚⲦⲈϤϢⲦⲈⲘϢⲰⲠⲒ ϦⲈⲚⲦⲪⲢⲰ ⲚϪⲈⲠⲈⲦⲈⲚⲪⲰⲦ.
19 Gonne malatsi ao e tlaa bo e le metlha ya pitlagano e e iseng e ke e nne teng fa e sa le kwa tlholegong ya lefatshe, mme ga go kitla go nna gape jalo.
ⲓ̅ⲑ̅ⲈⲨⲈϢⲰⲠⲒ ⲄⲀⲢ ⲚϪⲈⲚⲒⲈϨⲞⲞⲨ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ ϨⲞϪϨⲈϪ ⲘⲠⲈ ⲞⲨⲞⲚ ϢⲰⲠⲒ ⲘⲠⲈϤⲢⲎϮ ⲒⲤϪⲈⲚ ϨⲎ ⲘⲠⲒⲤⲰⲚⲦ ⲈⲦⲀϤⲤⲞⲚⲦϤ ⲚϪⲈⲪⲚⲞⲨϮ ϢⲀ ⲈϦⲞⲨⲚ ⲈϮⲚⲞⲨ ⲞⲨⲞϨ ⲚⲚⲈ ⲞⲨⲞⲚ ϢⲰⲠⲒ ⲞⲚ
20 Kwa ntle ga gore Morena a khutshwafatse nako eo ya kutlobotlhoko, ga go na le fa e le mowa ope mo lefatsheng o o tlaa bolokesegang, mme ka ntlha ya ba o ba ikgethetseng o tlaa khutshwafatsa malatsi ao.
ⲕ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈⲚⲈ ⲘⲠⲈ ⲠϬⲞⲒⲤ ⲈⲐⲢⲈ ⲚⲒⲈϨⲞⲞⲨ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ ⲈⲢⲔⲞⲨϪⲒ ⲚⲀⲨⲚⲀⲚⲞϨⲈⲘ ⲀⲚ ⲠⲈ ⲚϪⲈⲤⲀⲢⲜ ⲚⲒⲂⲈⲚ ⲀⲖⲖⲀ ⲈⲐⲂⲈ ⲚⲒⲤⲰⲦⲠ ⲈⲦⲀϤⲤⲞⲦⲠⲞⲨ ⲀϤϪⲈϪⲈⲂ ⲚⲒⲈϨⲞⲞⲨ
21 “Mme fa mongwe a lo raya a re, ‘Yo ke Mesia’, kgotsa ‘ke yole’, lo se ka lwa mo ela tlhoko.
ⲕ̅ⲁ̅ⲞⲨⲞϨ ⲈϢⲰⲠ ⲚⲦⲈⲞⲨⲀⲒ ϪⲞⲤ ⲚⲰⲦⲈⲚ ϪⲈ ⲒⲤ ⲠⲬⲢⲒⲤⲦⲞⲤ ϨⲀⲘⲚⲀⲒ ⲒⲈ ϨⲀⲘⲚⲎ ⲘⲠⲈⲢⲚⲀϨϮ
22 Gonne go tlaa nna bo-Mesia ba le bantsi ba tsietso le baporofiti ba tsietso ba ba tlaa dirang dikgakgamatso tse dintsi tse di tlaa timetsang ba le bantsi, le e leng bone bana ba Modimo tota.
ⲕ̅ⲃ̅ⲈⲨⲈⲦⲰⲞⲨⲚⲞⲨ ⲄⲀⲢ ⲚϪⲈϨⲀⲚⲬⲢⲒⲤⲦⲞⲤ ⲚⲚⲞⲨϪ ⲚⲈⲘ ϨⲀⲚⲠⲢⲞⲪⲎⲦⲎⲤ ⲚⲚⲞⲨϪ ⲞⲨⲞϨ ⲚⲦⲞⲨϮ ⲚϨⲀⲚⲘⲎⲒⲚⲒ ⲚⲈⲘ ϨⲀⲚϢⲪⲎⲢⲒ ⲈⲠϪⲒⲚⲤⲰⲢⲈⲘ ⲀⲨϢⲀⲚϢϪⲈⲘϪⲞⲘ ⲚⲚⲒⲔⲈⲤⲰⲦⲠ
23 Elang tlhoko! Ke lo tlhagisitse!
ⲕ̅ⲅ̅ⲚⲐⲰⲦⲈⲚ ⲆⲈ ⲀⲚⲀⲨ ϪⲈ ⲀⲒⲈⲢϢⲞⲢⲠ ⲚϪⲈϨⲰⲂ ⲚⲒⲂⲈⲚ.
24 “Morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala mme ngwedi ga a kitla a phatsima.
ⲕ̅ⲇ̅ⲀⲖⲖⲀ ϦⲈⲚⲚⲒⲈϨⲞⲞⲨ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ ⲘⲈⲚⲈⲚⲤⲀ ⲠϨⲞϪϨⲈϪ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ ⲠⲒⲢⲎ ⲈϤⲈⲈⲢⲬ ⲀⲔⲒ ⲞⲨⲞϨ ⲠⲒⲒⲞϨ ⲚⲚⲈϤϮ ⲘⲠⲈϤⲞⲨⲰⲒⲚⲒ.
25 Dinaledi di tlaa wa, magodimo a tlaa reketlisiwa.
ⲕ̅ⲉ̅ⲞⲨⲞϨ ⲚⲒⲤⲒⲞⲨ ⲈⲨⲈϢⲰⲠⲒ ⲈⲨϨⲒⲰⲞⲨⲦ ⲈⲂⲞⲖ ϦⲈⲚⲦⲪⲈ ⲞⲨⲞϨ ⲚⲒϪⲞⲘ ⲚⲦⲈⲚⲒⲪⲎⲞⲨⲒ ⲈⲨⲈⲔⲒⲘ
26 “Hong batho botlhe ba tlaa mpona, Nna Morwa Motho ke tla ke le mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo.
ⲕ̅ⲋ̅ⲞⲨⲞϨ ⲦⲞⲦⲈ ⲈⲨⲈⲚⲀⲨ ⲈⲠϢⲎⲢⲒ ⲘⲪⲢⲰⲘⲒ ⲈϤⲚⲎⲞⲨ ϦⲈⲚϨⲀⲚϬⲎⲠⲒ ⲚⲈⲘ ⲞⲨⲚⲒϢϮ ⲚϪⲞⲘ ⲚⲈⲘ ⲞⲨⲰⲞⲨ.
27 Mme ke tlaa romela baengele ba me go tla go phutha botlhe baitshenkedwi ba me go tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe le legodimo.
ⲕ̅ⲍ̅ⲦⲞⲦⲈ ϤⲚⲀⲞⲨⲰⲢⲠ ⲚⲚⲈϤⲀⲄⲄⲈⲖⲞⲤ ⲞⲨⲞϨ ϤⲚⲀⲐⲰⲞⲨϮ ⲚⲚⲈϤⲤⲰⲦⲠ ⲈⲂⲞⲖ ϦⲈⲚⲠⲒϤⲦⲞⲨ ⲐⲎⲞⲨ ⲒⲤϪⲈⲚ ⲀⲨⲢⲎϪϤ ⲘⲠⲔⲀϨⲒ ϢⲀ ⲀⲨⲢⲎϪⲤ ⲚⲦⲪⲈ.
28 “Jaanong, thuto ke e ka setlhare sa mofeige. Fa dikala tsa one di simolola go kukunya le makakaba a simolola go tlhoga, lo itse sentle fela gore selemo se setse se gorogile.
ⲕ̅ⲏ̅ⲈⲂⲞⲖ ⲆⲈ ϦⲈⲚϮⲂⲰ ⲚⲔⲈⲚⲦⲈ ⲀⲢⲒⲈⲘⲒ ⲈϮⲠⲀⲢⲞⲂⲞⲖⲎ ⲈϢⲰⲠ ϨⲎⲆⲎ ⲚⲦⲈⲚⲈⲤϪⲀⲖ ϬⲚⲞⲚ ⲞⲨⲞϨ ⲚⲦⲈⲤϨⲒ ϪⲰⲂⲒ ⲈⲂⲞⲖ ϢⲀⲢⲈⲦⲈⲚⲈⲘⲒ ϪⲈ ϤϦⲈⲚⲦ ⲚϪⲈⲠⲒϢⲰⲘ.
29 “Mme fa lo bona dilo tse di diragala tse ke setseng ke tswa go di tlhalosa, lo ka tlhomamisa gore go tla ga me go setse go le gaufi, le gore ke setse ke le mo kgorong.
ⲕ̅ⲑ̅ⲠⲀⲒⲢⲎϮ ⲚⲐⲰⲦⲈⲘ ϨⲰⲦⲈⲚ ⲈϢⲰⲠ ⲀⲢⲈⲦⲈⲚϢⲀⲚⲚⲀⲨ ⲈⲚⲀⲒ ⲈⲀⲨϢⲰⲠⲒ ⲀⲢⲒⲈⲘⲒ ϪⲈ ϤϦⲰⲚⲦ ⲈⲚⲒⲢⲰⲞⲨ.
30 “Ee, tse ke ditiragalo tse di kayang nako ya bokhutlo.
ⲗ̅ⲀⲘⲎⲚ ϮϪⲰ ⲘⲘⲞⲤ ⲚⲰⲦⲈⲚ ϪⲈ ⲚⲚⲈ ⲦⲀⲒⲄⲈⲚⲈⲀ ⲤⲒⲚⲒ ϢⲀⲦⲈ ⲚⲀⲒ ⲦⲎⲢⲞⲨ ϢⲰⲠⲒ.
31 Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme Lefoko la me le emetse ruri.
ⲗ̅ⲁ̅ⲦⲪⲈ ⲚⲈⲘ ⲠⲒⲔⲀϨⲒ ⲤⲈⲚⲀⲤⲒⲚⲒ ⲚⲀⲤⲀϪⲒ ⲆⲈ ⲚⲚⲞⲨⲤⲒⲚⲒ.
32 “Le fa go ntse jalo, ga go na ope, le fa e le baengele mo legodimong, le fa e le nna, ga ke itse letsatsi le fa e le nako e dilo tse di tlaa diragalang ka yone; fa e se Rara fela yo o itseng.
ⲗ̅ⲃ̅ⲈⲐⲂⲈ ⲠⲒⲈϨⲞⲞⲨ ⲆⲈ ⲈⲦⲈⲘⲘⲀⲨ ⲚⲈⲘ ϮⲞⲨⲚⲞⲨ ⲘⲘⲞⲚ ϨⲖⲒ ⲈⲘⲒ ⲈⲢⲰⲞⲨ ⲞⲨⲆⲈ ⲀⲄⲄⲈⲖⲞⲤ ϦⲈⲚⲦⲪⲈ ⲞⲨⲆⲈ ⲠϢⲎⲢⲒ ⲈⲂⲎⲖ ⲈⲪⲒⲰⲦ.
33 Mme ere ka lo sa itse gore go tlaa diragala leng, nnang lo itisitse. Nnang ka kelotlhoko kaga go boa ga me.
ⲗ̅ⲅ̅ϪⲞⲨϢⲦ ⲈⲂⲞⲖ ⲢⲰⲒⲤ ⲀⲢⲒⲠⲢⲞⲤⲈⲨⲬⲈⲤⲐⲈ ⲚⲦⲈⲦⲈⲚⲤⲰⲞⲨⲚ ⲄⲀⲢ ⲀⲚ ϪⲈ ⲐⲚⲀⲨ ⲠⲈ ⲠⲒⲤⲎⲞⲨ.
34 “Go tla ga me go ka tshwantshiwa ka monna yo o neng a tsamaya a ya kwa lefatsheng le sele, yo o neng a baya tiro yotlhe ya gagwe mo batlhankeng ba gagwe go e dira fa a sa ntse a seyo a tsamaile, mme a raya motlhokomedi wa kgoro a re, a lebelele go boa ga gagwe.
ⲗ̅ⲇ̅ⲘⲪⲢⲎϮ ⲚⲞⲨⲢⲰⲘⲒ ⲈⲀϤⲘⲞϢⲒ ⲈⲠϢⲈⲘⲘⲞ ⲈⲀϤⲬⲰ ⲘⲠⲈϤⲎⲒ ⲞⲨⲞϨ ⲀϤϮ ⲚⲚⲈϤⲈⲂⲒⲀⲒⲔ ⲘⲠⲒⲈⲢϢⲒϢⲒ ⲪⲞⲨⲀⲒ ⲪⲞⲨⲀⲒ ⲘⲠⲈϤϨⲰⲂ ⲞⲨⲞϨ ⲀϤϨⲞⲚϨⲈⲚ ⲈⲦⲞⲦϤ ⲘⲠⲒⲈⲘⲚⲞⲨⲦ ϨⲒⲚⲀ ⲚⲦⲈϤⲢⲰⲒⲤ
35 “Nnang lo lebeletse thata! Gonne ga lo itse gore a go tla ga me go tlaa bo go le maitseboa, bosigo, phakela kgotsa motshegare. Lo se ka lwa letla gore ke lo fitlhele lo robetse. Disang go bowa ga me! se ke molaetsa wa me mo go lona le mo go botlhe ba bangwe.”
ⲗ̅ⲉ̅ⲢⲰⲒⲤ ⲞⲨⲚ ⲚⲦⲈⲦⲈⲚⲤⲰⲞⲨⲚ ⲄⲀⲢ ⲀⲚ ϪⲈ ⲀⲢⲈ ⲠϬⲞⲒⲤ ⲘⲠⲒⲎⲒ ⲚⲎⲞⲨ ⲚⲐⲚⲀⲨ ⲒⲈ ϨⲀⲚⲀⲢⲞⲨϨⲒ ⲒⲈ ⲦⲪⲀϢⲒ ⲘⲠⲒⲈϪⲰⲢϨ ⲒⲈ ⲈⲢⲈ ⲠⲒⲀⲖⲈⲔⲦⲰⲢ ⲘⲞⲨϮ ⲒⲈ ϨⲀⲚⲀⲦⲞⲞⲨⲒ
ⲗ̅ⲋ̅ⲘⲎⲠⲰⲤ ⲚⲦⲈϤⲒ ⲚⲞⲨϨⲞϮ ϦⲈⲚⲞⲨϨⲞϮ ⲚⲦⲈϤϪⲈⲘ ⲐⲎⲚⲞⲨ ⲈⲢⲈⲦⲈⲚⲚⲔⲞⲦ.
ⲗ̅ⲍ̅ⲠⲈϮϪⲰ ⲘⲘⲞϤ ⲚⲰⲦⲈⲚ ϮϪⲰ ⲘⲘⲞϤ ⲚⲞⲨⲞⲚ ⲚⲒⲂⲈⲚ ⲢⲰⲒⲤ.