< Mareko 12 >
1 Tse ke ditshwantsho dingwe tsa dipolelo tse Jesu o kileng a di bolelela batho ka nako eo. Monna o kile a jala tshimo, mme a e agelela ka logora a ba a epa lehuti la go gamolela matute a moretlwa, a aga ntlo ya molebeledi. Hong a naya balemi tshimo go e thapa ka tuelo, mme a ya kwa lefatshing le le kgakala.
ⲁ̅ⲁⲩⲱ ⲁϥⲁⲣⲭⲉⲓ ⲛϫⲟⲟⲥ ⲛⲁⲩ ϩⲛ ϩⲉⲛⲡⲁⲣⲁⲃⲟⲗⲏ ϫⲉ ⲟⲩⲣⲱⲙⲉ ⲡⲉ ⲛⲧⲁϥⲧⲱϭⲉ ⲛⲟⲩⲙⲁ ⲛⲉⲗⲟⲟⲗⲉ ⲁϥⲕⲧⲟ ⲉⲣⲟϥ ⲛⲟⲩϫⲟ ⲁϥϣⲁⲕⲧⲟⲩⲉⲓⲟⲙ ϩⲣⲁⲓ ⲛϩⲏⲧϥ ⲁⲩⲱ ⲁϥⲕⲱⲧ ⲛⲟⲩⲡⲩⲣⲅⲟⲥ ⲁϥⲧⲁⲁϥ ⲉⲧⲟⲟⲧⲟⲩ ⲛϩⲉⲛϭⲙⲏⲟⲩ ⲁϥⲁⲡⲟⲇⲏⲙⲉⲓ
2 Ka motlha wa thobo a romela mongwe wa badiri ba gagwe go tla go tsaya seabe sa gagwe sa thobo.
ⲃ̅ⲁⲩⲱ ⲁϥϫⲉⲩⲟⲩϩⲙϩⲁⲗ ⲉⲣⲁⲧⲟⲩ ⲛⲛⲉϭⲙⲏⲟⲩ ϩⲙ ⲡⲕⲁⲓⲣⲟⲥ ⲛⲛⲕⲁⲣⲡⲟⲥ ϫⲉ ⲉϥⲉϫⲓ ⲛⲧⲟⲟⲧⲟⲩ ⲛⲛⲉϭⲙⲏⲟⲩ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲛⲕⲁⲣⲡⲟⲥ ⲙⲡⲙⲁ ⲛⲉⲗⲟⲟⲗⲉ
3 Mme balemi ba itaya morongwa ba mmusetsa morago a sa tsaya sepe.
ⲅ̅ⲁⲩⲱ ⲛⲧⲉⲣⲟⲩⲁⲙⲁϩⲧⲉ ⲙⲙⲟϥ ⲁⲩϩⲓⲟⲩⲉ ⲉⲣⲟϥ ⲁⲩϫⲟⲟⲩϥ ⲉⲙⲡⲟⲩϯⲗⲁⲁⲩ ⲛⲁϥ
4 Mme mong wa tshimo a romela mongwe gape wa badiri ba gagwe, yo le ene o neng a itewa fela jalo, ba mo itaya go gaisa wa pele, gonne o ne a ntshitswe dintho tse di boitshegang mo tlhogong.
ⲇ̅ⲁϥϫⲉⲩⲕⲉϩⲙϩⲁⲗ ⲟⲛ ⲉⲣⲁⲧⲟⲩ ⲡⲕⲉⲟⲩⲁ ⲉⲧⲙⲙⲁⲩ ⲁⲩⲙⲟⲟⲩⲧϥ ⲁⲩⲱ ⲁⲩⲥⲟϣϥ
5 Monna yo mongwe yo o neng a mo romile o ne a bolawa; mme morago, ba bangwe ba ne ba itewa kgotsa ba bolawa,
ⲉ̅ⲁϥϫⲉⲩⲕⲉⲟⲩⲁ ⲁⲩⲱ ⲡⲕⲉⲧ ⲁⲩⲙⲟⲟⲩⲧϥ ⲙⲛϩⲉⲛⲕⲟⲟⲩⲉ ⲧⲏⲣⲟⲩ ϩⲟⲓⲛⲉ ⲙⲉⲛ ⲉⲩϩⲓⲟⲩⲉ ⲉⲣⲟⲟⲩ ϩⲉⲛⲕⲟⲟⲩⲉ ⲇⲉ ⲉⲩⲙⲟⲟⲩⲧ ⲙⲙⲟⲟⲩ
6 go fitlhela go sala a le mongwe fela, ebong morwawe yo o tsetsweng a le esi. La bofelo a romela ene, a gopola gore ba tlaa mo tlotla.
ⲋ̅ⲉⲧⲓ ⲛⲉⲩⲛⲧϥⲟⲩϣⲏⲣⲉ ⲙⲙⲁⲩ ⲙⲙⲉⲣⲓⲧ ⲁϥϫⲟⲟⲩϥ ⲉⲣⲁⲧⲟⲩ ⲙⲛⲛⲥⲱⲟⲩ ⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲥⲉⲛⲁϣⲓⲡⲉ ϩⲏⲧϥ ⲙⲡⲁϣⲏⲣⲉ
7 “Mme e rile fa balemi ba mmona a tla ba re, ‘Ke ene yo o tlaa tsayang tshimo fa rraagwe a a swa. Tlang re mmolayeng. Hong tshimo e tlaa nna ya rona!’
ⲍ̅ⲛⲉϭⲙⲏⲩ ⲇⲉ ⲉⲧⲙⲙⲁⲩ ⲁⲩϣⲁϫⲉ ⲙⲛ ⲛⲉⲩⲉⲣⲏⲩ ⲉⲩϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲡⲁⲓ ⲡⲉ ⲡⲉⲕⲗⲏⲣⲟⲛⲟⲙⲟⲥ ⲁⲙⲏⲓⲧⲛ ⲛⲧⲛⲙⲟⲟⲩⲧϥ ⲁⲩⲱ ⲧⲉⲕⲗⲏⲣⲟⲛⲟⲙⲓⲁ ⲛⲁⲣⲧⲱⲛ
8 Hong ba mo tshwara ba mmolaya ba latlhela setopo sa gagwe kwa ntle ga tshimo.
ⲏ̅ⲛⲧⲉⲣⲟⲩⲁⲙⲁϩⲧⲉ ⲇⲉ ⲙⲙⲟϥ ⲁⲩⲙⲟⲟⲩⲧϥ ⲁⲩⲱ ⲁⲩⲛⲟϫϥ ⲉⲡⲃⲟⲗ ⲙⲡⲙⲁ ⲛⲉⲗⲟⲟⲗⲉ
9 “O akanya gore mong wa tshimo o tlaa dirang fa a utlwa ka se se diragetseng? O tlaa tla a ba bolaya botlhe, mme a neela ba bangwe tshimo eo.
ⲑ̅ⲟⲩ ⲡⲉⲧⲉⲣⲉ ⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲙⲡⲙⲁ ⲛⲉⲗⲟⲟⲗⲉ ⲛⲁⲁⲁϥ ϥⲛⲏⲩ ⲛϥⲧⲁⲕⲉⲛⲉϭⲙⲏⲩ ⲛϥϯ ⲙⲡⲙⲁ ⲛⲉⲗⲟⲟⲗⲉ ⲛϩⲉⲛⲕⲟⲟⲩⲉ
10 A ga lo ga kologelwe gore lo badile temana mo dikwalong? e e reng, ‘Lentswe le baagi ba neng ba le latlha le ne la nna lentswe la kgokgotsho, lentswe le le tlotlegang thata mo kagong!
ⲓ̅ⲧⲉⲓⲅⲣⲁⲫⲏ ⲇⲉ ⲟⲛ ⲙⲡⲉⲧⲛⲟϣⲥ ϫⲉ ⲡⲱⲛⲉ ⲛⲧⲁⲛⲉⲧⲕⲱⲧ ⲥⲧⲟϥ ⲉⲃⲟⲗ ⲁϥϣⲱⲡⲉ ⲉⲩⲁⲡⲉ ⲛⲕⲟⲟϩ
11 Se ke tiro ya Modimo e bile ke selo se se gakgamatsang go bonwa.’”
ⲓ̅ⲁ̅ⲛⲧⲁⲡⲁⲓ ϣⲱⲡⲉ ϩⲓⲧⲟⲟⲧϥ ⲙⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲁⲩⲱ ⲟⲩϣⲡⲏⲣⲉ ⲡⲉ ⲙⲡⲉⲧⲛⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ
12 Baeteledipele ba Bajuta ba ne ba batla go mo tshwara teng foo, ka ntlha ya go dirisa setshwantsho se, gonne ba ne ba itse gore o raya bone, e ne e le balemi ba ba bosula mo polelong ya gagwe.
ⲓ̅ⲃ̅ⲁⲩⲟⲩⲱϣ ⲇⲉ ⲉⲁⲙⲁϩⲧⲉ ⲙⲙⲟϥ ⲁⲩⲱ ⲁⲩⲣ ϩⲟⲧⲉ ϩⲏⲧϥ ⲙⲡⲙⲏⲏϣⲉ ⲁⲩⲉⲓⲙⲉ ⲅⲁⲣ ϫⲉ ⲛⲧⲁϥϫⲉ ⲧⲉⲓⲡⲁⲣⲁⲃⲟⲗⲏ ⲉⲧⲃⲏⲏⲧⲟⲩ ⲁⲩⲱ ⲛⲧⲉⲣⲟⲩⲕⲁⲁϥ ⲁⲩⲃⲱⲕ
13 Mme ba romela bangwe ba baeteledipele ba tumelo le ba dipolotiki go bua le ene le go leka go mo lalela gore a tle a bue sengwe se ba ka lekang go mo tshwara ka sone.
ⲓ̅ⲅ̅ⲁⲩⲱ ⲁⲩϫⲉⲩϩⲟⲓⲛⲉ ⲉⲣⲁⲧϥ ⲛϭⲓ ⲛⲉⲫⲁⲣⲓⲥⲥⲁⲓⲟⲥ ⲙⲛⲛϩⲏⲣⲱⲇⲓⲁⲛⲟⲥ ⲉⲧⲣⲉⲩϭⲟⲡϥ ϩⲛ ⲟⲩϣⲁϫⲉ
14 Mme ditlhola tse tsa re, “Moruti, re itse gore o bolela boammaaruri le fa go ntse jang! Ga o tlhotlhelediwe ke dikakanyo le dikeletso tsa batho, mme o ruta ditsela tsa Modimo sentle. Jaanong re bole lele, a go siame go duela lekgetho la Roma, kgotsa nnyaa?”
ⲓ̅ⲇ̅ⲁⲩⲱ ⲛⲧⲉⲣⲟⲩϯ ⲡⲉⲩⲟⲩⲟⲉⲓ ⲉⲣⲟϥ ⲡⲉϫⲁⲩ ⲛⲁϥ ϫⲉ ⲡⲥⲁϩ ⲧⲛⲥⲟⲟⲩⲛ ϫⲉ ⲛⲧⲕⲟⲩⲣⲙ ⲙⲙⲉ ⲁⲩⲱ ⲛⲅϩⲏϭⲉ ⲁⲛ ϩⲏⲧϥ ⲗⲗⲁⲁⲩ ⲛⲅϫⲓϩⲟ ⲅⲁⲣ ⲁⲛ ⲣⲣⲱⲙⲉ ⲁⲗⲗⲁ ϩⲛ ⲟⲩⲙⲉ ⲉⲕϯ ⲥⲃⲱ ⲛⲧⲉϩⲓⲏ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲉⲝⲉⲥⲧⲓ ⲉϯⲕⲏⲛⲥⲟⲥ ⲙⲡⲣⲣⲟ ϫⲛⲙⲙⲟⲛ ⲧⲁⲣⲛϯ ϫⲛⲙⲡⲱⲣ
15 Jesu a bona leano la bone mme a re, “Ntshupegetsang ledi mme ke tlaa lo bolelela.”
ⲓ̅ⲉ̅ⲛⲧⲟϥ ⲇⲉ ⲉϥⲥⲟⲟⲩⲛ ⲛⲧⲉⲩϩⲩⲡⲟⲕⲣⲓⲥⲓⲥ ⲡⲉϫⲁϥ ⲛⲁⲩ ϫⲉ ⲉⲧⲃⲉ ⲟⲩ ⲧⲉⲧⲛⲡⲉⲓⲣⲁⲍⲉ ⲙⲙⲟⲓ ⲁⲛⲓⲟⲩⲥⲁⲧⲉⲉⲣⲉ ⲛⲁⲓ ϫⲉ ⲉⲓⲉⲛⲁⲩ ⲉⲣⲟⲥ
16 E rile fa ba le mo naya a re, “Setshwantsho se le mokwalo ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re, “Ke tsa ga Kaesara.”
ⲓ̅ⲋ̅ⲛⲧⲟⲟⲩ ⲇⲉ ⲥⲟⲩⲧⲱⲛⲥ ⲉⲣⲟϥ ⲁⲩⲱ ⲡⲉϫⲁϥ ⲛⲁⲩ ϫⲉ ⲧⲁⲛⲓⲙ ⲧⲉ ⲧⲉⲉⲓϩⲓⲕⲱⲛ ⲙⲛ ⲛⲉⲓⲥϩⲁⲓ ⲛⲧⲟⲟⲩ ⲇⲉ ⲡⲉϫⲁⲩ ⲛⲁϥ ϫⲉ ⲧⲁⲡⲣⲣⲟ ⲧⲉ
17 Mme Jesu a ba raya a re, “Go siame, fa e le gore ke tsa gagwe, mo neyeng ditsa gagwe. Mme tse eleng tsa Modimo di tshwanetse go newa Modimo!” Mme ba simolola go ingwaya ditlhogo ka ntlha ya go palelwa ke karabo ya gagwe.
ⲓ̅ⲍ̅ⲓⲏⲥ ⲇⲉ ⲡⲉϫⲁϥ ⲛⲁⲩ ϫⲉ ϯ ⲛⲁⲡⲣⲣⲟ ϭⲉ ⲙⲡⲣⲣⲟ ⲁⲩⲱ ⲛⲁⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲁⲩⲱ ⲁⲩⲣϣⲡⲏⲣⲉ ⲙⲙⲟϥ
18 Hong Basadukai ba tla kwa go ene, e le setlhopha sengwe sa banna se se reng ga go na tsogo ya baswi. Potso ya bone ke e:
ⲓ̅ⲏ̅ⲁⲩⲉⲓ ⲇⲉ ϣⲁⲣⲟϥ ⲛϭⲓ ⲛⲥⲁⲇⲇⲟⲩⲕⲁⲓⲟⲥ ⲛⲉⲧϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲙⲙⲛⲁⲛⲁⲥⲧⲁⲥⲓⲥ ⲛⲁϣⲱⲡⲉ ⲁⲩⲱ ⲁⲩϫⲛⲟⲩϥ ⲉⲩϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ
19 “Moruti, Moshe o re neile molao gore fa motho a a swa a sena bana, a monnawe a tseye mosadi wa gagwe mme a nne le bana le ene mo leineng la ga mogolowe.
ⲓ̅ⲑ̅ϫⲉ ⲡⲥⲁϩ ⲙⲱⲩⲥⲏⲥ ⲁϥⲥϩⲁⲓ ⲛⲁⲛ ϫⲉ ⲉϣⲱⲡⲉ ⲉⲣϣⲁⲛⲡⲥⲟⲛ ⲟⲩⲁ ⲙⲟⲩ ⲁⲩⲱ ⲛϥⲕⲁⲧⲉϥⲥϩⲓⲙⲉ ⲛϥⲧⲙⲕⲁϣⲏⲣⲉ ⲇⲉ ⲉⲣⲉⲡⲉϥⲥⲟⲛ ϫⲓⲧⲉϥⲥϩⲓⲙⲉ ⲛϥⲧⲟⲩⲛⲟⲥⲥⲡⲉⲣⲙⲁ ⲙⲡⲉϥⲥⲟⲛ
20 Go kile ga bo go le bomorwa motho ba supa mme yo mo tona a nyala, a swa a sena bana. Jalo monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene a akofa a swa a sena bana. Mme yo mongwe a mo nyala le ene a swa a sena bana ga tswelela jalo go fitlhelela ba a swa botlhe. Mme le gona go ne go sena bana; morago ga moo mosadi le ene a swa.
ⲕ̅ⲛⲉⲩⲛⲥⲁϣϥ ⲇⲉ ⲛⲥⲟⲛ ⲁⲩⲱ ⲡϣⲟⲣⲡ ⲁϥϫⲓϩⲓⲙⲉ ⲁⲩⲱ ⲁϥⲙⲟⲩ ⲙⲡϥⲕⲁⲥⲡⲉⲣⲙⲁ
ⲕ̅ⲁ̅ⲁⲩⲱ ⲡⲙⲉϩⲥⲛⲁⲩ ⲁϥϫⲓⲧⲥ ⲁⲩⲱ ⲁϥⲙⲟⲩ ⲉⲙⲡϥⲕⲁⲥⲡⲉⲣⲙⲁ ⲁⲩⲱ ⲡⲙⲉϩϣⲟⲙⲛⲧ ϩⲟⲙⲟⲓⲱⲥ
ⲕ̅ⲃ̅ϣⲁⲡⲙⲉϩⲥⲁϣϥ ⲉⲙⲡⲉⲗⲁⲁⲩ ⲙⲙⲟⲟⲩ ⲕⲁⲥⲡⲉⲣⲙⲁ ⲁⲩⲱ ⲧⲕⲉⲥϩⲓⲙⲉ ⲁⲥⲙⲟⲩ
23 “Se re batlang go se itse ke se—Mo tsogong ya baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang gonne e ne e le mosadi wa bone botlhe?”
ⲕ̅ⲅ̅ϩⲛ ⲧⲁⲛⲁⲥⲧⲁⲥⲓⲥ ϭⲉ ⲉⲥⲛⲁⲣⲥϩⲓⲙⲉ ⲛⲛⲓⲙ ⲙⲙⲟⲟⲩ ⲡⲥⲁϣϥ ⲅⲁⲣ ⲁⲩϩⲙⲟⲟⲥ ⲛⲙⲙⲁⲥ
24 Jesu a araba a re, “Molato wa lona ke gore ga lo itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo.
ⲕ̅ⲇ̅ⲓⲏⲥ ⲇⲉ ⲡⲉϫⲁϥ ⲛⲁⲩ ϫⲉ ⲉⲧⲃⲉ ⲡⲁⲓ ⲁⲛ ϭⲉ ⲉⲧⲉⲧⲛⲡⲗⲁⲛⲁ ⲉⲛⲧⲉⲧⲛⲥⲟⲟⲩⲛ ⲁⲛ ⲛⲛⲉⲅⲣⲁⲫⲏ ⲟⲩⲇⲉ ⲧϭⲟⲙ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ
25 Gonne e tlaa re fa batho ba ba supang ba, le mosadi ba tsoga mo baswing, ba tlaa bo ba sa nyala mme ba tlaa bo ba tshwana le baengele.
ⲕ̅ⲉ̅ⲉⲩϣⲁⲛⲧⲱⲟⲩⲛ ⲅⲁⲣ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲛⲉⲧⲙⲟⲟⲩⲧ ⲟⲩⲧⲉ ⲛⲥⲉⲛⲁϫⲓϩⲓⲙⲉ ⲁⲛ ⲟⲩⲧⲉ ⲛⲥⲉⲛⲁϫⲓϩⲁⲓ ⲁⲛ ⲁⲗⲗⲁ ⲉⲩⲛⲁϭⲱ ⲛⲑⲉ ⲛⲛⲁⲅⲅⲉⲗⲟⲥ ⲉⲧϩⲛⲙⲡⲏⲩⲉ
26 “Mme kaga tsogo ya baswi a ga lo ise lo ke lo bale mo lokwalong lwa ga Ekesodo ka ga Moshe le setlhare se se tukang? Modimo o ne wa raya Moshe wa re, ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe’.
ⲕ̅ⲋ̅ⲉⲧⲃⲉ ⲛⲉⲧⲙⲟⲟⲩⲧ ⲇⲉ ϫⲉ ⲥⲉⲛⲁⲧⲱⲟⲩⲛ ⲙⲡⲉⲧⲛⲱϣ ϩⲙ ⲡϫⲱⲱⲙⲉ ⲙⲙⲱⲩⲥⲏⲥ ⲛⲑⲉ ⲉⲛⲧⲁⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ϫⲟⲟⲥ ⲛⲁϥ ϩⲓⲡⲃⲁⲧⲟⲥ ⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲁⲛⲟⲕ ⲡⲉ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲛⲁⲃⲣⲁϩⲁⲙ ⲁⲩⲱ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲛⲓⲥⲁⲁⲕ ⲁⲩⲱ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲛⲓⲁⲕⲱⲃ
27 “Modimo o ne o bolelela Moshe gore batho ba, le fa ba sule mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng, ba ne ba sa ntse ba tshela, gonne o ka bo o se ka wa re, ‘Ke Modimo wa ba ba seong!’ Lo dirile phoso e tona.”
ⲕ̅ⲍ̅ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲁⲛ ⲡⲉ ⲛⲛⲉⲧⲙⲟⲟⲩⲧ ⲁⲗⲗⲁ ⲛⲛⲉⲧⲟⲛϩ ⲧⲉⲧⲛⲡⲗⲁⲛⲁ ⲉⲙⲁⲧⲉ
28 Mme mongwe wa baruti ba tumelo yo o neng a eme foo a reeditse puisanyo ya bone a lemoga gore Jesu o arabile sentle. Hong a botsa a re, “Mo melaong yotlhe, ke ofe wa botlhokwa?”
ⲕ̅ⲏ̅ⲁⲩⲱ ⲛⲧⲉⲣⲉϥϯ ⲡⲉϥⲟⲩⲟⲓ ⲉϩⲟⲩⲛ ⲉⲣⲟϥ ⲛϭⲓ ⲟⲩⲁ ⲛⲛⲉⲅⲣⲁⲙⲙⲁⲧⲉⲩⲥ ⲉⲁϥⲥⲱⲧⲙ ⲉⲣⲟⲟⲩ ⲉⲩϯⲧⲱⲛ ⲉϥⲥⲟⲟⲩⲛ ϫⲉ ⲁϥⲣⲟⲩⲱ ⲛⲁⲩ ⲕⲁⲗⲱⲥ ⲁϥϫⲛⲟⲩϥ ϫⲉ ⲁϣ ⲧⲉ ⲧϣⲟⲣⲡ ⲛⲉⲛⲧⲟⲗⲏ ⲉⲣⲟⲟⲩ ⲧⲏⲣⲟⲩ
29 Jesu a araba a re, “Ke o o reng, ‘Utlwa wena Iseraele! Morena Modimo wa rona ke ene Modimo a le nosi.
ⲕ̅ⲑ̅ⲁϥⲟⲩⲱϣⲃ ⲛϭⲓ ⲓⲏⲥ ⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲧϣⲟⲣⲡ ⲧⲉ ⲥⲱⲧⲙ ⲡⲓⲥⲣⲁⲏⲗ ⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲡⲉⲛⲛⲟⲩⲧⲉ ⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲟⲩⲁ ⲡⲉ
30 Mme o tshwanetse go mo rata ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa le ka tlhaloganyo le ka thata yotlhe ya gago.’
ⲗ̅ⲁⲩⲱ ⲉⲕⲉⲙⲉⲣⲉⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲡⲉⲕⲛⲟⲩⲧⲉ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲉⲕϩⲏⲧ ⲧⲏⲣϥ ⲁⲩⲱ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲧⲉⲕⲯⲩⲭⲏ ⲧⲏⲣⲥ ⲁⲩⲱ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲉⲕⲙⲉⲩⲉ ⲧⲏⲣϥ ⲁⲩⲱ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲛ ⲧⲉⲕϭⲟⲙ ⲧⲏⲣⲥ
31 “Wa bobedi wa re, ‘O tshwanetse go rata ba bangwe fela jaaka o ithata;’ ga go na melao epe e e fetang e.”
ⲗ̅ⲁ̅ⲧⲙⲉϩ ⲥⲛⲧⲉ ⲇⲉ ⲧⲉ ⲧⲁⲓ ⲉⲕⲉⲙⲉⲣⲉ ⲡⲉⲧϩⲓⲧⲟⲩⲱⲕ ⲛⲧⲉⲕϩⲉ ⲙⲙⲛ ⲕⲉⲉⲛⲧⲟⲗⲏ ⲉⲛⲁⲁⲥ ⲉⲛⲁⲓ
32 Mme Moruti wa tumelo a araba a re, “Morena o buile boammaaruri fa o re go na le Modimo o le mongwe fela mme ga go na ope gape.
ⲗ̅ⲃ̅ⲡⲉϫⲁϥ ⲇⲉ ⲛⲁϥ ⲛϭⲓ ⲡⲉⲅⲣⲁⲙⲙⲁⲧⲉⲩⲥ ϫⲉ ⲕⲁⲗⲱⲥ ⲡⲥⲁϩ ϩⲛ ⲟⲩⲙⲉ ⲁⲕϫⲟⲟⲥ ϫⲉ ⲟⲩⲁ ⲡⲉ ⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲁⲩⲱ ⲙⲙⲛϭⲉ ⲃⲃⲗⲗⲁϥ
33 Mme ke itse gore go tlhokega thata go mo rata ka pelo yotlhe ya me le ka kitso, le go rata ba bangwe jaaka ke ithata, go na le go ntsha mehuta yotlhe ya ditlhabelo mo aletareng ya Tempele.”
ⲗ̅ⲅ̅ⲁⲩⲱ ⲉⲙⲉⲣⲓⲧϥ ϩⲙ ⲡϩⲏⲧ ⲧⲏⲣϥ ⲁⲩⲱ ϩⲛ ⲧⲙⲛⲧⲣⲙⲛϩⲏⲧ ⲧⲏⲣⲥ ⲁⲩⲱ ϩⲛ ⲧⲉⲕϭⲟⲙ ⲧⲏⲣⲥ ⲁⲩⲱ ⲉⲙⲉⲣⲉⲡⲉⲧϩⲓⲧⲟⲩⲱϥ ⲛⲧⲉϥϩⲉ ⲟⲩϩⲟⲩⲟ ⲡⲉ ⲉⲛⲟⲗⲟⲕⲁⲩⲧⲱⲙⲁ ⲧⲏⲣⲟⲩ ⲙⲛⲛⲑⲩⲥⲓⲁ
34 Mme e rile Jesu a lemoga go tlhaloganya ga monna yo a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.” Mme morago ga moo ga seka ga tlhola ga nna le ope yo o pelokgale go mmotsa dipotso.
ⲗ̅ⲇ̅ⲁⲩⲱ ⲓⲏⲥ ⲛⲧⲉⲣⲉϥⲛⲁⲩ ⲉⲣⲟϥ ϫⲉ ⲁϥⲣⲟⲩⲱ ϩⲁⲣⲱϥ ϩⲛ ⲟⲩⲙⲛⲧⲣⲙⲛϩⲏⲧ ⲡⲉϫⲁϥ ⲛⲁϥ ϫⲉ ⲛⲅⲟⲩⲏⲩ ⲁⲛ ⲛⲧⲙⲛⲧⲣⲣⲟ ⲙⲡⲛⲟⲩⲧⲉ ⲁⲩⲱ ⲙⲡⲉϣⲗⲁⲁⲩ ϭⲉ ⲧⲟⲗⲙⲁ ⲉϫⲛⲟⲩϥ
35 Ya re morago Jesu a ntse a ruta batho mo tikologong ya Tempele, a ba botsa potso e: “Ke eng fa baruti ba tumelo ya lona ba re, Mesia o tshwanetse a bo a le wa lotso lwa ga Kgosi Dafide?
ⲗ̅ⲉ̅ⲁϥⲟⲩⲱϣⲃ ⲇⲉ ⲛϭⲓ ⲓⲏⲥ ⲉϥϯ ⲥⲃⲱ ϩⲙ ⲡⲉⲣⲡⲉ ⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲛⲁϣ ⲛϩⲉ ⲛⲉⲅⲣⲁⲙⲙⲁⲧⲉⲩⲥ ⲥⲉϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲡⲉⲭⲥ ⲡϣⲏⲣⲉ ⲛⲇⲁⲩⲉⲓⲇ ⲡⲉ
36 Dafide ka esi o buile ka Mowa o o Boitshepo a re, ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong ja me je legolo, ke be ke tle ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’
ⲗ̅ⲋ̅ⲛⲧⲟϥ ⲇⲁⲩⲉⲓⲇ ⲁϥϫⲟⲟⲥ ϩⲙ ⲡⲉⲡⲛⲁ ⲉⲧⲟⲩⲁⲁⲃ ϫⲉ ⲡⲉϫⲉⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲙⲡⲁϫⲟⲉⲓⲥ ϫⲉ ϩⲙⲟⲟⲥ ⲛⲥⲁⲟⲩⲛⲁⲙ ⲙⲙⲟⲓ ϣⲁⲛϯⲕⲱ ⲛⲛⲉⲕϫⲁϫⲉⲉⲩ ϩⲁⲛⲉⲕⲟⲩⲉⲣⲏⲧⲉ
37 E re ka Dafide a ne a mmitsa Morena wa gagwe, o ka nna morwawe jang?” (Kakanyo e ya itumedisa bontsintsi jwa batho, mme ba mo reetsa ka kgatlhego e kgolo thata.)
ⲗ̅ⲍ̅ⲛⲧⲟϥ ⲇⲁⲩⲉⲓⲇ ϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ϫⲉ ⲡϫⲟⲉⲓⲥ ⲡⲉ ⲁⲩⲱ ⲛⲁϣ ⲛϩⲉ ⲡⲉϥϣⲏⲣⲉ ⲡⲉ ⲁⲩⲱ ⲡⲙⲏⲏϣⲉ ⲧⲏⲣϥ ⲛⲉⲩⲥⲱⲧⲙ ⲉⲣⲟϥ ⲕⲁⲗⲱⲥ
38 Dilo dingwe tse a di ba rutileng ka nako eo ke tse: “Itlhokomeleng mo baruting ba tumelo! Gonne ba rata go apara diaparo tsa bahumi le tsa barutegi, le gore batho botlhe ba ba ikobele fa ba tsamaya mo marekisetsong.
ⲗ̅ⲏ̅ⲁⲩⲱ ⲛⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ⲛⲁⲩ ϩⲛ ⲧⲉϥⲥⲃⲱ ϫⲉ ϯϩⲧⲏⲧⲛ ⲉⲣⲱⲧⲛ ⲛⲉⲅⲣⲁⲙⲙⲁⲧⲉⲩⲥ ⲛⲉⲧⲟⲩⲱϣ ⲉⲙⲟⲟϣⲉ ϩⲛ ϩⲉⲛⲥⲧⲟⲗⲏ ⲁⲩⲱ ⲉⲩⲉϣⲛⲁⲥⲡⲁⲥⲙⲟⲥ ϩⲛ ⲛⲁⲅⲟⲣⲁ
39 Ba rata go nna mo ditilong tse di kwa pele mo ditempeleng le manno a tlotlo mo medirong,
ⲗ̅ⲑ̅ⲁⲩⲱ ⲙⲙⲁ ⲛϩⲙⲟⲟⲥ ⲉⲧϫⲟⲥⲉ ϩⲛ ⲛⲥⲩⲛⲁⲅⲱⲅⲏ ⲁⲩⲱ ⲙⲙⲁ ⲛⲛⲟϫⲟⲩ ⲉⲧϫⲟⲥⲉ ϩⲛ ⲛⲇⲉⲓⲡⲛⲟⲛ
40 mme ga ba tlhabiwe ke ditlhong go tsietsa batlholagadi mo matlung a bone, tota ba fitlha gore ke batho ba mekgwa e e ntseng jang, ba dira jaaka o ka re ba obamela Modimo ka go rapela dithapelo tse di telele mo ponong ya batho. Ka ntlha ya go dira jalo katlholo ya bone e tlaa nna e kgolo.”
ⲙ̅ⲉⲩⲟⲩⲱⲙ ⲛⲛⲏⲉⲓ ⲛⲛⲉⲭⲏⲣⲁ ⲁⲩⲱ ϩⲛ ⲟⲩⲗⲟⲓϭⲉ ⲉⲩⲱⲥⲕ ⲉⲩϣⲗⲏⲗ ⲛⲁⲓ ⲥⲉϫⲓ ⲛⲟⲩⲕⲣⲓⲙⲁ ⲛϩⲟⲩⲟ
41 Hong a ya fa letloleng la madi a Tempele a nna fa fatshe a lebelela fa bontsi jwa batho bo ntse bo latlhela madi. Bangwe ba ba neng ba humile ba ne ba latlhela a magolo.
ⲙ̅ⲁ̅ⲁⲩⲱ ⲛⲧⲉⲣⲉϥϩⲙⲟⲟⲥ ⲙⲡⲉⲙⲧⲟ ⲉⲃⲟⲗ ⲙⲡⲅⲁⲍⲟⲫⲩⲗⲁⲕⲓⲟⲛ ⲁϥϯϩⲧⲏϥ ϫⲉ ⲉⲣⲉⲡⲙⲏⲏϣⲉ ⲛⲉϫϩⲟⲙⲛⲧ ⲛⲁϣ ⲛϩⲉ ⲉⲡⲅⲁⲍⲟⲫⲩⲗⲁⲕⲓⲟⲛ ⲁⲩⲱ ⲟⲩⲙⲏⲏϣⲉ ⲛⲣⲙⲙⲁⲟ ⲛⲉⲩⲛⲟⲩϫϩⲁϩ ⲉϩⲣⲁⲓ ⲉⲣⲟϥ
42 Hong ga tla mosadi wa motlholagadi wa mohumanegi a tla a latlhela dithebe di le pedi.
ⲙ̅ⲃ̅ⲛⲧⲉⲣⲉⲥⲉⲓ ⲇⲉ ⲛϭⲓ ⲟⲩⲭⲏⲣⲁ ⲛϩⲏⲕⲉ ⲁⲥⲛⲟⲩϫⲉ ⲉϩⲣⲁⲓ ⲉⲣⲟϥ ⲗⲗⲉⲡⲧⲟⲛ ⲥⲛⲁⲩ ⲉⲧⲉⲟⲩⲕⲟⲇⲣⲁⲛⲧⲏⲥ ⲡⲉ
43 A biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Mohumanegi yole wa motlholagadi o ntshitse mo go golo go feta gotlhe ga bahumi go kopantswe! Gonne bone ba ntshitse mo go botlana, ga dikhumo tsa bone, fa ene a ntshitse thebe ya gagwe ya bofelo.”
ⲙ̅ⲅ̅ⲁⲩⲱ ⲁϥⲙⲟⲩⲧⲉ ⲉⲛⲉϥⲙⲁⲑⲏⲧⲏⲥ ⲉϥϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ⲛⲁⲩ ϫⲉ ϩⲁⲙⲏⲛ ϯϫⲱ ⲙⲙⲟⲥ ⲛⲏⲧⲛ ϫⲉ ⲧⲉⲓⲭⲏⲣⲁ ⲛϩⲏⲕⲉ ⲁⲥⲛⲟⲩϫⲉ ⲉⲡⲅⲁⲍⲟⲫⲩⲗⲁⲕⲓⲟⲛ ⲉϩⲟⲩⲉ ⲛⲉⲧⲛⲟⲩϫⲉ ⲧⲏⲣⲟⲩ
ⲙ̅ⲇ̅ⲛⲁⲓ ⲅⲁⲣ ⲧⲏⲣⲟⲩ ⲛⲧⲁⲩⲛⲟⲩϫⲉ ⲉⲃⲟⲗ ϩⲙ ⲡⲉϩⲟⲩⲟ ⲉⲧϣⲟⲟⲡ ⲛⲁⲩ ⲧⲁⲓ ⲇⲉ ⲉⲃⲟⲗ ⲙⲡⲉⲥϣⲱⲱⲧ ⲡⲉⲥⲃⲓⲟⲥ ⲧⲏⲣϥ ⲉⲧⲉⲩⲛⲧⲁⲥϥ ⲁⲥⲧⲁⲁϥ