< Mareko 10 >
1 Erile a tloga mo Kaperanama a ya ntlheng ya Borwa kwa melelwaneng ya Judea le mo kgaolong ya botlhabatsatsi jwa Noka ya Jorodane. Fela jaaka gale ga bo go le matshutitshuti a batho mme a ba ruta.
예수께서 거기서 떠나 유대 지경과 요단강 건너편으로 가시니 무리가 다시 모여 들거늘 예수께서 다시 전례대로 가르치시더니
2 Bangwe ba Bafarasai ba tla kwa go ene ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?” le fa go ntse jalo ba ne ba leka go mo lalela.
바리새인들이 예수께 나아와 그를 시험하여 묻되 `사람이 아내를 내어 버리는 것이 옳으니이까?'
3 Jesu a ba botsa a re, “Moshe o ne a reng ka ga tlhalo?”
대답하여 가라사대 `모세가 어떻게 너희에게 명하였느냐?'
4 Ba araba ba re, “O rile e siame.” O rile, “Se se tlhokafalang ke gore monna a kwalele mosadi lokwalo lwa tlhalo.”
가로되 `모세는 이혼증서를 써주어 내어 버리기를 허락하였나이다'
5 Jesu a ba botsa a re, “Mme o ne a buelang jalo? Ke tla lo bolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a bua jalo. Ke ka ntlha ya boikepo jwa bopeloethata jwa lona.
예수께서 저희에게 이르시되 `너희 마음의 완악함을 인하여 이 명령을 기록하였거니와
6 Mme tota ga se ka fa tseleng ya Modimo, gonne e rile mo tshimologong O dirile monna le mosadi go ba kopanya go nnela ruri mo nyalong; ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe,
창조시로부터 저희를 남자와 여자로 만드셨으니
8 mme ene le mosadi wa gagwe ba kopane gore ba se nne bobedi, fa e se bongwe fela.
그 둘이 한 몸이 될지니라 이러한즉 이제 둘이 아니요 한 몸이니
9 Mme ke gone go seng ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng.”
그러므로 하나님이 짝지어 주신 것을 사람이 나누지 못할지니라' 하시더라
10 Ya re morago, a le nosi le barutwa ba gagwe mo tlung, ba lere kgang eo.
집에서 제자들이 다시 이일을 묻자온대
11 Mme a ba raya a re, “Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele, o a mo akafalela.
이르시되 `누구든지 그 아내를 내어버리고 다른 데 장가드는 자는 본처에게 간음을 행함이요
12 Mme fa mosadi a tlhala monna wa gagwe a nyalwa gape, le ene o dira boaka.”
또 아내가 남편을 버리고 다른데로 시집 가면 간음을 행함이니라'
13 E rile ka nako nngwe fa bomma-bana ba lere bana ba bone kwa go Jesu gore a ba segofatse, barutwa ba ba leleka, ba ba raya ba re ba seka ba mo tshwenya.
사람들이 예수의 만져주심을 바라고 어린 아이들을 데리고 오매 제자들이 꾸짖거늘
14 Mme e rile Jesu a bona se se diragalang o ne a seka a itumedisiwa ke barutwa ba gagwe mme a ba raya a re, “Lesang bana ba tle kwa go nna, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Se ba lelekeng!
예수께서 보시고 분히 여겨 이르시되 `어린 아이들의 내게 오는 것을 용납하고 금하지 말라 하나님의 나라가 이런 자의 것이니라
15 Ke lo bolelela ka tlhoafalo jaaka ke itse gore fa mongwe a gana go tla mo Modimong jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a letlelelwa go tsena mo Bogosing jwa One.”
내가 진실로 너희에게 이르노니 누구든지 하나님의 나라를 어린 아이와 같이 받들지 않는 자는 결단코 들어가지 못하리라' 하시고
16 Hong a tsaya bana ka mabogo a gagwe a ba baya diatla a ba segofatsa.
그 어린 아이들을 안고 저희 위에 안수하시고 축복하시니라
17 E rile fa a simolola go tsaya loeto, monna mongwe a tla a tabogela kwa go ene a khubama ka mangole a re, “Moruti yo o molemo, ke tshwanetse gore ke direng go tsena kwa legodimong?” (aiōnios )
예수께서 길에 나가실새 한사람이 달려와서 꿇어 앉아 묻자오되 `선한 선생님이여, 내가 무엇을 하여야 영생을 얻으리이까?' (aiōnios )
18 Jesu a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa mosiami?
예수께서 이르시되 `네가 어찌하여 나를 선하다 일컫느냐? 하나님 한 분 외에는 선한 이가 없느니라
19 Mme mo karabong ya potso ya gago o itse ditaolo tse di reng, o seka wa bolaya, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, o seka wa tsietsa, tlotla rrago le mmago.”
네가 계명을 아나니 살인하지 말라, 간음하지 말라, 도적질하지 말라, 거짓 증거하지 말라, 속여 취하지 말라, 네 부모를 공경하라 하였느니라'
20 Monna a araba a re, “Moruti, ga ke ise ke ko ke tlole le fa e le o le mongwe fela wa melao eo.”
여짜오되 `선생님이여, 이것은 내가 어려서부터 다 지키었나이다'
21 Mme Jesu a ikutlwa a rata monna yo fa a mo leba, a mo raya a re, “O tlhoka selo se le sengwe fela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsotlhe tse o nang natso mme o tseye madi o a abele bahumanegi mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong, mme o tle o ntshale morago.”
예수께서 그를 보시고 사랑하여 가라사대 `네게 오히려 한 가지 부족한 것이 있으니 가서 네 있는 것을 다 팔아 가난한 자들을 주라 그리하면 하늘에서 보화가 네게 있으리라 그리고 와서 나를 좇으라!' 하시니
22 Mme sefatlhogo sa monna sa sulafala, a tsamaya ka kutlobotlhoko, gonne o ne a humile thata.
그 사람은 재물이 많은고로 이 말씀을 인하여 슬픈 기색을 띠고 근심하며 가니라
23 Jesu a mo lebelela a tsamaya, hong a retologa a raya barutwa ba gagwe a re, “Ga go motlhofo gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo!”
예수께서 둘러 보시고 제자들에게 이르시되 `재물이 있는 자는 하나님의 나라에 들어가기가 심히 어렵도다' 하시니
24 Mme mafoko a, a ba gakgamatsa. Hong Jesu a boelela mafoko a gape a re, “Bana ba ba rategang, go thata jang mo go ba ba ikantseng dikhumo go tsena mo Bogosing jwa Modimo.
제자들이 그 말씀에 놀라는지라 예수께서 다시 대답하여 가라사대 얘들아 하나님의 나라에 들어가기가 어떻게 어려운지
25 Go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo.”
약대가 바늘귀로 나가는 것이 부자가 하나님의 나라에 들어가는 것보다 쉬우니라 하신대
26 Mme go ne ga nna thata, gore barutwa ba dumele mafoko ao. Hong ba botsa ba re, “Mme he, e be e le mang mo lefatsheng yo o ka bolokwang fa mohumi a sa bolokwe?”
제자들이 심히 놀라 서로 말하되 `그런즉 누가 구원을 얻을 수 있는가?' 하니
27 Jesu a ba tsepega matlho a re, “Kwa ntle ga Modimo go retetse. Mme mo Modimong sengwe le sengwe se a direga.”
예수께서 저희를 보시며 가라사대 `사람으로는 할 수 없으되 하나님으로는 그렇지 아니하니 하나님으로서는 다 하실 수 있느니라!'
28 Hong Petere a simolola go bolela kaga tsotlhe tse ene le barutwa ba bangwe ba di tlogetseng a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe go go sala morago.”
베드로가 여짜와 가로되 `보소서, 우리가 모든 것을 버리고 주를 좇았나이다'
29 Mme Jesu a araba a re, “Mma ke go tlhomamisetse gore ga go na ope yo o tlogetseng sepe, ebong legae, bokgaitsadie, bomorwa rraagwe, mmaagwe, rraagwe, bana kgotsa dithoto tsa gagwe, ka ntlha ya go nthata le go bolelela ba bangwe kaga mafoko a me a a Molemo,
예수께서 가라사대 `내가 진실로 너희에게 이르노니 나와 및 복음을 위하여 집이나, 형제나, 자매나, 어미나, 아비나, 자식이나, 전토를 버린 자는
30 yo o se kitlang a newa ga lekgolo go menagane, ebong magae, bomorwa rraagwe, bokgaitsadie, le bo mmaagwe, bana le masimo di na le dipogisego! Tse tsotlhe e tlaa nna tsa gagwe mo lefatsheng leno le mo go le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng. (aiōn , aiōnios )
금세에 있어 집과 형제와 자매와 모친과 자식과 전토를 백배나 받되 핍박을 겸하여 받고 내세에 영생을 받지 못할 자가 없느니라 (aiōn , aiōnios )
31 Bontsi jwa batho ba ba bonalang e ka re ba tlhokwa jaanong jaana ba tlaa nna ba ba botlana ka nako eo, mme ba bantsi ba ba bonalang ba le ba botlana fano ba tlaa nna bagolo ka nako eo.”
그러나 먼저 된 자로서 나중 되고 나중 된 자로서 먼저 될 자가 많으니라'
32 Mme ya re ba le mo tseleng ba ya Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele barutwa ba gagwe ba mo setse morago ba tlelwa ke poifo. Hong Jesu a ba tseela kwa thoko, a simolola gape go ba tlhalosetsa gotlhe mo go tlaa mo diragalelang fa ba goroga kwa Jerusalema.
예루살렘으로 올라가는 길에 예수께서 제자들 앞에 서서 가시는데 저희가 놀라고 좇는 자들은 두려워하더라 이에 다시 열 두 제자를 데리시고 자기의 당할 일을 일러 가라사대
33 A ba raya a re, “E tlaa re re tsena teng. Nna, Mesia ke tlaa tshwarwa ke isiwa fa pele ga baperesiti ba bagolo le bagolwane ba Bajuta ba ba tlaa nkatlholelang loso ba bo ba neele Baroma go mpolaya.
`보라, 우리가 예루살렘에 올라가노니 인자가 대제사장들과 서기관들에게 넘기우매 저희가 죽이기로 결안하고 이방인들에게 넘겨 주겠고
34 Ba tlaa ntshotla, ba nkgwele mathe ba mpetse ka dithupa tsa bone; mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula.”
그들은 능욕하며 침 뱉으며 채찍질하고 죽일 것이니 저는 삼일 만에 살아나리라' 하시니라
35 Hong Jakobe le Johane, bomorwa Sebede, ba tla ba bua le ene ka lentswe le le kwa tlase ba re, “Morena, re batla gore o re direle ka fa re batlang ka teng.”
세베대의 아들 야고보와 요한이 주께 나아와 여짜오되 `선생님이여, 무엇이든지 우리의 구하는 바를 우리에게 하여 주시기를 원하옵나이다'
36 Mme a ba botsa a re, “Lo batla ke lo direla eng?”
이르시되 `너희에게 무엇을 하여 주기를 원하느냐?'
37 Ba mo raya ba re, “Re batla go nna mo ditilong tsa bogosi re bapa nao mo bogosing jwa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa letsogong la gago la molema!”
여짜오되 `주의 영광 중에서 우리를 하나는 주의 우편에, 하나는 좌편에 앉게 하여 주옵소서'
38 Mme Jesu a araba a re, “Ga lo itse se lo se lopang! A lo nonofile go nwa mo senwelong se se botlhoko sa khutsafalo se ke tshwanetseng go nwa mo go sone? Kgotsa go kolobediwa ka kolobetso ya pogisego e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone?”
예수께서 가라사대 `너희 구하는 것을 너희가 알지 못하는도다 너희가 나의 마시는 잔을 마시며 나의 받는 세례를 받을 수 있느냐?'
39 Ba mo raya ba re, “Ee, re nonofile!” Mme Jesu a re, “Lo tlaa nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone lo bo lo kolobediwa ka kolobetso ya me e ke kolobeditsweng ka yone,
저희가 말하되 `할 수 있나이다' 예수께서 이르시되 `너희가 나의 마시는 잔을 마시며 나의 받는 세례를 받으려니와
40 mme ga ke na thata ya go lo baya mo ditilong tsa bogosi go bapa le sa me. Ba ba tshwanetseng ba setse ba go baakanyeditswe.”
내 좌우편에 앉는 것은 나의 줄 것이 아니라 누구를 위하여 예비되었든지 그들이 얻을 것이니라'
41 Fa ba bangwe ba barutwa ba tla go lemoga se Jakobe le Johane ba se lopileng, ba kgotswa thata.
열 제자가 듣고 야고보와 요한에 대하여 분히 여기거늘
42 Hong Jesu a ba biletsa kwa go ene mme a re, “Lo a itse fa dikgosi le banna ba bagolo ba lefatshe ba laola batho;
예수께서 불러다가 이르시되 `이방인의 소위 집권자들이 저희를 임의로 주관하고 그 대인(大人)들이 저희에게 권세를 부리는 줄을 너희가 알거니와
43 mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang yo o ratang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.
너희 중에는 그렇지 아니하니 너희 중에 누구든지 크고자 하는 자는 너희를 섬기는 자가 되고
44 Mme le fa e le mang yo o ratang go ka nna mogolo mo go botlhe o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe.
너희 중에 누구든지 으뜸이 되고자 하는 자는 모든 사람의 종이 되어야 하리라
45 Gonne le nna tota, Mesia, ga ke fano go tla go direlwa fa e se go thusa ba bangwe, le go ntsha botshelo jwa me gore e nne thekololo ya batho ba le bantsi.”
인자의 온 것은 섬김을 받으려 함이 아니라 도리어 섬기려 하고 자기 목숨을 많은 사람의 대속물로 주려 함이니라'
46 Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta.
저희가 여리고에 이르렀더니 예수께서 제자들과 허다한 무리와 함께 여리고에 나가실 때에 디매오의 아들인 소경 거지 바디매오가 길가에 앉았다가
47 Mme e rile fa Baratimaio a utlwa gore Jesu wa Nasaretha o gaufi a simolola go goa, a re, “Jesu Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
나사렛 예수시란 말을 듣고 소리질러 가로되 `다윗의 자손 예수여, 나를 불쌍히 여기소서!' 하거늘
48 Mme batho bangwe ba mo kgalemela ba re, “Didimala!” Mme a goa segolo bogolo gangwe le gape a re, “Ao! Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
많은 사람이 꾸짖어 잠잠하라 하되 그가 더욱 소리질러 가로되 `다윗의 자손이여, 나를 불쌍히 여기소서!' 하는지라
49 Erile Jesu a mo utlwa a ema foo mo tseleng, mme a re, “Mo reyeng lo re a tle kwano.” Hong ba bitsa monna wa sefofu. Ba re, “Heela wena yo o letlhogonolo, tla Jesu o a go bitsa.”
예수께서 머물러 서서 `저를 부르라' 하시니 저희가 그 소경을 부르며 이르되 `안심하고 일어나라 너를 부르신다' 하매
50 Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu.
소경이 겉옷을 내어 버리고 뛰어 일어나 예수께 나아오거늘
51 Jesu a mmotsa a re, “O batla ke go direla eng?” Monna wa sefofu a araba a re, “Moruti, ke batla go bona.”
예수께서 일러 가라사대 `네게 무엇을 하여 주기를 원하느냐?' 소경이 가로되 `선생님이여, 보기를 원하나이다'
52 Jesu a mo raya a re, “Gotlhe go siame, go diragetse. Tumelo ya gago e go fodisitse.” E rile gone fela foo monna wa sefofu a bona, a sala Jesu morago mo tseleng!
예수께서 이르시되 `가라, 네 믿음이 너를 구원하였느니라!' 하시니 저가 곧 보게 되어 예수를 길에서 좇으니라