< Luke 9 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe.
Men han sammenkaldte de tolv og gav dem Magt og Myndighed over alle de onde Aander og til at helbrede Sygdomme.
2 Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.
Og han sendte dem ud for at prædike Guds Rige og helbrede de syge.
3 A ba laela a re, “Se tseyeng le fa e le seikokotlelo, kgotsa kgetsana ya loeto, kgotsa dijo, kgotsa madi le fa e le hempe e nngwe.
Og han sagde til dem: „Tager intet med paa Vejen, hverken Stav eller Taske eller Brød eller Penge, ej heller skal nogen have to Kjortler.
4 Lo nne fela fa lo gorogetseng teng mo motsing mongwe le mongwe.
Og hvor I komme ind i et Hus, der skulle I blive og derfra drage bort.
5 “Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.”
Og hvor som helst de ikke modtage eder, fra den By skulle I gaa ud og endog ryste Støvet af eders Fødder til Vidnesbyrd imod dem.”
6 Mme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse.
Men de gik ud og droge fra Landsby til Landsby, idet de forkyndte Evangeliet og helbredte alle Vegne.
7 Mme e rile fa dipolelo tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu di tsena kwa go Herode wa mmusi, a tshwenyega thata a akabala, gonne bangwe ba ne ba re “Ke Johane wa Mokolobetsi o rudile”,
Men Fjerdingsfyrsten Herodes hørte alt det, som skete; og han var tvivlraadig, fordi nogle sagde, at Johannes var oprejst fra de døde;
8 ba bangwe ba re, “Ke Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile mo losong.” Mme magatwe a a anama le lefatshe lotlhe.
men nogle, at Elias havde vist sig; men andre, at en af de gamle Profeter var opstanden.
9 Mme Herode a re, “Ke kgaotse Johane tlhogo.” “Jaanong ke mang monna yo ke utlwang dipolelo tse di sa tlwaelesegang ka ga gagwe?” Mme a eletsa go mmona.
Men Herodes sagde: „Johannes har jeg ladet halshugge; men hvem er denne, om hvem jeg hører saadanne Ting?” Og han søgte at faa ham at se.
10 Mme ya re Baapostoloi ba sena go boela kwa go Jesu go ya go bolela se ba se dirileng, a ngwangwaela ka tidimalo le bone go ya kwa motsing wa Bethesaida.
Og Apostlene kom tilbage og fortalte ham, hvor store Ting de havde gjort. Og han tog dem med sig og drog bort afsides til en By, som kaldes Bethsajda.
11 Mme bontsintsi jwa batho jwa bona kwa o yang gone, mme ba mo sala morago. A ba amogela a ba ruta gape kaga Bogosi jwa Modimo a ba a fodisa ba ba neng ba lwala.
Men da Skarerne fik det at vide, fulgte de efter ham; og han tog imod dem og talte til dem om Guds Rige og helbredte dem, som trængte til Lægedom.
12 Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”
Men Dagen begyndte at hælde. Og de tolv kom hen og sagde til ham: „Lad Skaren gaa bort, for at de kunne gaa herfra til de omliggende Landsbyer og Gaarde og faa Herberge og finde Føde; thi her ere vi paa et øde Sted.”
13 Mme Jesu a fetola a re, “Ba feng dijo!” Mme bone ba re, “Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?”
Men han sagde til dem: „Giver I dem at spise!” Men de sagde: „Vi have ikke mere end fem Brød og to Fisk, med mindre vi skulle gaa bort og købe Mad til hele denne Mængde.”
14 Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, “Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano.”
De vare nemlig omtrent fem Tusinde Mænd. Men han sagde til sine Disciple: „Lader dem sætte sig ned i Hobe, halvtredsindstyve i hver.”
15 Mme ba dira jalo.
Og de gjorde saa og lode dem alle sætte sig ned.
16 Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho.
Men han tog de fem Brød og de to Fisk, saa op til Himmelen og velsignede dem, og han brød dem og gav sine Disciple dem at lægge dem for Skaren.
17 Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!
Og de spiste og bleve alle mætte; og det, som de fik tilovers af Stykker, blev opsamlet, tolv Kurve.
18 Ka letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?”
Og det skete, medens han bad, vare hans Disciple alene hos ham; og han spurgte dem og sagde: „Hvem sige Skarerne, at jeg er?”
19 Ba mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.”
Men de svarede og sagde: „Johannes Døberen; men andre: Elias; men andre: En af de gamle Profeter er opstanden.”
20 Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” Mme Petere a fetola a re, “O Mesia Keresete wa Modimo!”
Og han sagde til dem: „Men I, hvem sige I, at jeg er?” Og Peter svarede og sagde: „Guds Kristus.”
21 Mme a ba naya ditaolo tse di gagametseng gore ba se ka ba bolelela ope.
Men han bød dem strengt ikke at sige dette til nogen,
22 A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”
idet han sagde: „Menneskesønnen skal lide meget og forkastes af de Ældste og Ypperstepræsterne og de skriftkloge og ihjelslaas og oprejses paa den tredje Dag.”
23 Mme a ba raya botlhe a re, “Le fa e le mang yo o batlang go ntshala morago a a tseye mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi a nne gaufi le nna!
Men han sagde til alle: „Vil nogen komme efter mig, han fornægte sig selv og tage sit Kors op daglig og følge mig;
24 Le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka mme le fa e le mang yo o tsweletseng a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela;
thi den, som vil frelse sit Liv, skal miste det; men den, som mister sit Liv for min Skyld, han skal frelse det.
25 mme go thusang gore motho a gape lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe?
Thi hvad gavner det et Menneske, om han har vundet den hele Verden, men mistet sig selv eller bødet med sig selv?
26 “Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno.
Thi den, som skammer sig ved mig og mine Ord, ved ham skal Menneskesønnen skamme sig, naar han kommer i sin og Faderens og de hellige Engles Herlighed.
27 Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!”
Men sandelig, siger jeg eder: Der er nogle af dem, som staa her, der ingenlunde skulle smage Døden, førend de se Guds Rige.”
28 Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng.
Men det skete omtrent otte Dage efter denne Tale, at han tog Peter og Johannes og Jakob med sig og gik op paa Bjerget for at bede.
29 Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela.
Og det skete, medens han bad, da blev hans Ansigts Udseende anderledes, og hans Klædebon blev hvidt og straalende.
30 Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae.
Og se, to Mænd talte med ham, og det var Moses og Elias,
31 Ba ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo.
som bleve sete i Herlighed og talte om hans Udgang, som han skulde fuldbyrde i Jerusalem.
32 Petere le ba bangwe ba ne ba otsela ebile ba robetse. Hong ba tsoga ba bona Jesu a apesitswe ke phatsimo le kgalalelo, le banna ba babedi ba eme le ene.
Men Peter og de, som vare med ham, vare betyngede af Søvn; men da de vaagnede op, saa de hans Herlighed og de to Mænd, som stode hos ham.
33 Erile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, “Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija.”
Og det skete, da disse skiltes fra ham, sagde Peter til Jesus: „Mester! det er godt, at vi ere her; og lader os gøre tre Hytter, en til dig og en til Moses og en til Elias;” men han vidste ikke, hvad han sagde.
34 Mme ya re a santse a bua jaana leru le le phatsimang la ikaga mo godimo ga bone; mme ba tshwarwa ke poifo fa le ba khurumetsa.
Men idet han sagde dette, kom en Sky og overskyggede dem; men de frygtede, da de kom ind i Skyen.
35 Mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake, yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng.”
Og der kom fra Skyen en Røst, som sagde: „Denne er min Søn, den udvalgte, hører ham!”
36 Mme ya re morago, lentswe le sena go feta, Jesu a bo a le esi le barutwa ba gagwe. Mme ba seka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.
Og da Røsten kom, blev Jesus funden alene. Og de tav og forkyndte i de Dage ingen noget af det, de havde set.
37 Mme ya re ka letsatsi le le latelang fa ba fologa thaba, boidiidi jo bogolo jwa batho jwa mo kgatlhantsha,
Men det skete Dagen derefter, da de kom ned fra Bjerget, at der mødte ham en stor Skare.
38 hong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, “Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake,
Og se, en Mand af Skaren raabte og sagde: „Mester! jeg beder dig, se til min Søn; thi han er min enbaarne.
39 mme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela.
Og se, en Aand griber ham, og pludseligt skriger han, og den slider i ham, saa at han fraader, og med Nød viger den fra ham, idet den mishandler ham;
40 Ke kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona.”
og jeg bad dine Disciple om at uddrive den; og de kunde ikke.”
41 Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.”
Men Jesus svarede og sagde: „O du vantro og forvendte Slægt! hvor længe skal jeg være hos eder og taale eder? Bring din Søn hid!”
42 Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.
Men endnu medens han gik derhen, rev og sled den onde Aand i ham. Men Jesus truede den urene Aand og helbredte Drengen og gav hans Fader ham tilbage.
43 Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,
Men de bleve alle slagne af Forundring over Guds Majestæt. Men da alle undrede sig over alt det, han gjorde, sagde han til sine Disciple:
44 “Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”
„Gemmer i eders Øren disse Ord: Menneskesønnen skal overgives i Menneskers Hænder.”
45 Mme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa.
Men de forstode ikke dette Ord, og det var skjult for dem, saa de ikke begrebe det, og de frygtede for at spørge ham om dette Ord.
46 Mme jaanong ga tsoga kgang mo gare ga bone gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo [mo Bogosingjo bo tlang]!
Men der opstod den Tanke hos dem, hvem der vel var den største af dem.
47 Mme Jesu a bo a setse a itsile megopolo ya bone, a baya ngwanyana fa go ene,
Men da Jesus saa deres Hjertes Tanke, tog han et Barn og stillede det hos sig.
48 mme a ba raya a re, “Le fa e le mang yo o tlhokomelang ngwananyana yo o tshwanang le yo, o tlhokomela nna! Mme le fa e le mang yo o ntlhokomelang o tlhokometse Modimo o o nthomileng. Tlhokomelo ya lona mo go ba bangwe ke sone selekanyo sa bogolo ba lona.”
Og han sagde til dem: „Den, som modtager dette Barn for mit Navns Skyld, modtager mig; og den, som modtager mig, modtager den, som udsendte mig; thi den, som er den mindste iblandt eder alle, han er stor.”
49 Mme morutwa mongwe wa gagwe ebong Johane a tla kwa go ene a re, “Morena, re bone mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. Mme ra mo itsa. Ka gonne e ne e se wa setlhopha sa rona!”
Men Johannes tog til Orde og sagde: „Mester! vi saa en uddrive onde Aander i dit Navn; og vi forbøde ham det, fordi han ikke følger med os.”
50 Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”
Men Jesus sagde til ham: „Forbyder ham det ikke; thi den, som ikke er imod eder, er for eder.”
51 Mme ya re ka lobaka lwa gagwe lwa go boela kwa legodimong lo atamela, a tsamaya ka boiketlo go ya Jerusalema ka maikaelelo a a tlhomameng.
Men det skete, da hans Optagelses Dage vare ved at fuldkommes, da fæstede han sit Ansigt paa at drage til Jerusalem.
52 Mme ya re ka letsatsi lengwe a romela barongwa kwa pele go ya go ba baakanyetsa matlwana mo motseng wa Samaria.
Og han sendte Sendebud forud for sig; og de gik og kom ind i en Samaritanerlandsby for at berede ham Herberge.
53 Mme batho ba motse oo ba ba koba ba gana go ba amogela ka gore ba ne ba fetela Jerusalema.
Og de modtoge ham ikke, fordi han var paa Vejen til Jerusalem.
54 Mme e rile fa ba utlwa gore go diragetseng, Jakobe le Johane ba raya Jesu ba re, “Morena, a ke re laole molelo gore o fologe kwa legodimong o ba laile?”
Men da hans Disciple, Jakob og Johannes, saa det, sagde de: „Herre! vil du, at vi skulle byde Ild fare ned fra Himmelen og fortære dem, ligesom ogsaa Elias gjorde?”
55 Mme Jesu a retologa a ba kgalemela,
Men han vendte sig og irettesatte dem.
56 mme ba tsamaela kwa motseng o mongwe.
Og de gik til en anden Landsby.
57 Ya re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, “Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”
Og medens de vandrede paa Vejen, sagde en til ham: „Jeg vil følge dig, hvor du end gaar hen.”
58 Mme Jesu a mo fetola a re, “Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele.”
Og Jesus sagde til ham: „Ræve have Huler, og Himmelens Fugle Reder; men Menneskesønnen har ikke det, hvortil han kan hælde sit Hoved.”
59 Mme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe.
Men han sagde til en anden: „Følg mig!” Men denne sagde: „Herre! tilsted mig først at gaa hen at begrave min Fader.”
60 Hong Jesu a mo fetola a re, “Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo.”
Men han sagde til ham: „Lad de døde begrave deres døde; men gaa du hen og forkynd Guds Rige!”
61 Yo mongwe a re, “Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho.”
Men ogsaa en anden sagde: „Herre! jeg vil følge dig; men tilsted mig først at tage Afsked med dem, som ere i mit Hus.”
62 Mme Jesu a mo raya a re, “Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo.”
Men Jesus sagde til ham: „Ingen, som lægger sin Haand paa Ploven og ser tilbage, er vel skikket for Guds Rige.”

< Luke 9 >