< Luke 8 >

1 Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.
不久之后,耶稣周游各城各村讲道,宣扬上帝之国的福音,十二门徒与他同行。
2 Basadi bangwe ba tsamaya nae, ba o ntshitseng mewa e e maswe mo go bone kgotsa ba o ba fodisitseng; mo go bone go ne go le Marea Magatalena (Jesu o ne a ntshitse mewa e e maswe ele supa mo go ene).
同行的还有几名女人,都曾受耶稣驱赶恶鬼和治愈疾病。抹大拉的玛利亚就是其中之一,耶稣从她身上驱赶了七个恶鬼。
3 Joana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe.
还有约亚拿,她是希律的管家古撒的妻子。此外还有苏珊娜和其他女性,她们都在用自己的财物供养耶稣和门徒。
4 Ka letsatsi lengwe a neela boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegile go tla go mo utlwa, setshwantsho se, fa ba bangwe ba bantsi ba sa ntse ba le mo tseleng ba tswa mo metseng e mengwe.
当时有许多人聚在一起,还有人从其他城市来到耶稣这里,于是耶稣就讲了一个比喻故事:
5 “Molemi o kile a tswela kwa tshimong ya gagwe go ya go jala peo. Ya re a gasa peo fa fatshe, nngwe ya yone ya wela mo tseleng mme ya gatakwa; mme dinonyane tsa e e ja ka e ne e le mo lobaleng.
“有一个农夫出去撒种,这个过程中,有的种子落在路旁,被人踩踏或被空中的飞鸟吃掉。
6 Peo e nngwe ya wela mo mmunyaneng o go neng go ikadile letlapa ka fa tlase ga one. Peo ya simolola go gola, mme ka bonako ya swaba ya a swa ka ntlha ya go tlhoka longola.
有的种子落在石头地上,刚长出来就枯萎了,因为得不着滋润。
7 Peo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela.
有的落在荆棘丛中,荆棘生长的过程中,让种子无法长大。
8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”)
有的落在肥沃土壤里,于是就蓬勃生长,结出百倍的果实。”耶稣说完这番话,便大声说:“如果你有耳朵,就好好听着!”
9 Baapostoloi ba gagwe ba mmotsa gore polelo e e rayang.
但门徒还是问他:“这比喻是什么意思?。”
10 Mme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse.
他说:“上帝之国的奥秘,只给你们知道。对其他人只能用比喻,‘让他们看,他们却看不见,让他们听,他们却听不懂。’
11 “Tlhaloso ya sone ke e: Peo ke molaetsa wa Modimo mo bathong.
这比喻的含义是:种子是上帝之道。
12 Tsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa.
落在路旁的种子,意思是人们听到正道后,魔鬼随即来到,将真理从他们思想中夺走,因为魔鬼害怕他们因信任上帝而获得救赎。
13 Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.
落在石头地中的种子,意思是人们听到正道后高兴地接受,但是这道并未在思想中扎根,他们只是暂时相信,遭遇困难的时候就会放弃。
14 Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo.
落在荆棘中的种子,意思是人们听到了正道,但他们却被今世的忧虑、财富和欢喜所占据,无法产生任何结果。
15 “Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.”
落在肥沃土壤里的种子,意思是那些为人诚实、行为正确的人,他们听到了真理的正道,然后始终坚守,熬过困难,直到结出果实。
16 [Ka nako e nngwe a botsa a re, ] “E mang yo o kileng a utlwalela mongwe yo e a reng a sena go tshuba lobone a lo khurumetse gore lo se ka lwa bonesa? Nnyaa! Dipone di bewa mo di ka bonwang teng.
你点灯的时候不会用器皿将其盖上,也不会将灯放在床下,而是要放在灯台上,让进来的人都看得见光。
17 Se se supa gore ka letsatsi leo sengwe le sengwe [mo dipelong tsa batho] se tlaa leriwe mo leseding mme se supegediwe botlhe.
因为隐藏之事最终会显现,遮蔽之事最终会暴露,为众人所知。
18 Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.”
所以应留心怎样‘听’。如果你已经被给予,就会被给予更多。如果你从未被给予,就连你自以为拥有的,也会被夺走!”
19 Mme ya re ka nako nngwe fa mmaagwe le bomonnawe ba tsile go mmona, ba seka ba tsena mo tlung e o neng a ruta mo go yone ka ntlha ya bontsintsi jwa batho.
耶稣的母亲和弟弟来到他那里,因为人多,所以无法上前。
20 E rile Jesu a utlwa fa ba eme kwa ntle ba batla go mmona,
有人转告耶稣:“你母亲和弟弟站在外面要见你。”
21 a re, “Mme le bonnake ke botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Modimo ba bo ba o tshegetsa.”
他回答:“听从上帝之道并遵守之人,才是我的母亲,我的兄弟。”
22 Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
有一天,耶稣对他的门徒们说:“我们坐船到湖那边去吧。”于是他们就上船出发了。
23 Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo.
在船航行的过程中,耶稣睡着了。湖上忽然刮起风暴,船体灌进大量的水,很可能会沉没。
24 Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, “Morena, Morena re a nwela!” Hong a bua le phefo a re, “Kgaotsa,” mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.
门徒叫醒耶稣,说:“主人!主人啊!我们要沉没了!”耶稣醒过来,命令风浪退去,于是风浪就停止了,一切归于平静。
25 Mme a ba botsa a re, “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, “Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?”
耶稣对他们说:“你们的信心到哪里去了?”他们又惧怕、又惊奇,对彼此说:“这到底是谁?他可以命令风浪,连风浪都听他的!”
26 Mme ba goroga ka fa ntlheng e nngwe, mo lefatsheng la Bagerasena go lebagana le lecha la Galalea.
一行人航行来到了加利利对面,这里是格拉森人的地区。
27 Ya re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu.
耶稣一上岸,迎面就看到城里一个被恶鬼附体之人。很久以来,这个人都没有穿衣服,也没有住在自己的家中,只能栖身坟墓。
28 Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, “O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!”
他一见耶稣,就俯伏在耶稣脚边,大声说:“至高上帝之子耶稣,你想要我怎样呢?不要折磨我,求你!”
29 Gonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele.
因为耶稣曾对这人驱赶过恶灵,但这恶灵总是附在他身上,人们不得不把他用铁链和脚炼捆住,再派人看管。但他总是能挣断锁链,在魔鬼的驱使下进入荒野。
30 Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, “Leina la gago ke mang?” Mme wa fetola wa re, “Diketekete,” gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe!
耶稣问他:“你叫什么名字?”他说:“众鬼。”因为有很多恶鬼附体在他的身上。
31 Mme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo. (Abyssos g12)
众鬼求耶稣,不要赶它们进入无底深渊。 (Abyssos g12)
32 Serapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla.
附近山坡上有一大群猪正在吃东西。恶鬼们求耶稣准它们进入猪群。耶稣准许了。
33 Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe.
恶鬼们就从那人身上出来,进入猪群,猪群闯下山崖,掉在海里淹死了。
34 Hong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana.
猪倌看见所发生的事就跑开了,到城市和乡村中讲述这件事。
35 Ka bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata.
众人纷纷过来查看发生了什么事。来到耶稣那里,看见恶鬼已经被驱赶。那人已经身穿衣服,神志清醒,坐在耶稣脚前,众人感到害怕。
36 Hong ba ba neng ba bone selo se se diragala ba bolela ka fa monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a fodisitsweng ka teng.
当时目睹这一幕的众人,把鬼附体之人如何得到治愈的经过说给大家听。
37 Mme batho botlhe ba kopa Jesu gore a tsamaye a ba tlogele (gonne therego e kgolo ya letshogo e ne ya ba wela). Mme a boela kwa mokorong a tsamaya, a kgabaganyetsa gape ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.
于是格拉森地区的人要求耶稣离开他们,因为他们感到特别恐惧。于是耶稣便上船返回。
38 Monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa go tsamaya le ene, mme Jesu a gana.
被驱魔的那人想要追随耶稣,于是就求耶稣。但耶稣让他回去,说:
39 A mo raya a re, “Boela kwa go ba ntlo ya gago, o ba bolelele selo se sentle se Modimo o se go diretseng.” O ne a tsamaya le motse otlhe a bolelela mongwe le mongwe kaga kgakgamatso e kgolo ya ga Jesu.
“你回家去吧,告诉众人上帝为你做了什么。”于是那人走遍全城,讲述耶稣为他所做的事情。
40 Ka fa ntlheng e nngwe ya lecha bontsintsi jwa batho jwa mo amogela ka botlalo, gonne ba ne ba ntse ba mo lebeletse.
耶稣回来的时候,众人欢迎他,因为大家都在热切地等着他。
41 Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe,
有一个名叫睚鲁的会堂主管,他俯伏在耶稣脚前,求耶稣去他家,
42 gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.
因为他大约 12 岁的独生女快要死了。在耶稣去往那人家中的路上,身边一直围绕着众多民众。
43 Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema.
人群中有一个女人患有十二年的血漏病,治病花光了她所有积蓄,却始终没能医好。
她从人群后面挤上前来,摸着耶稣的斗篷,血立刻止住了。
45 Mme Jesu a botsa a re, “Ke mang yo o nkamileng?” Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, “Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…”
耶稣问:“谁在触摸我?”众人都说不是自己。 彼得说:“主啊,众人都簇拥在你身边,他们推推搡搡会碰到你。”
46 Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna.”
耶稣回答:“一定是有人触摸我,我知道,因为一股力量从我身体流出去了。”
47 Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.
那女人见不能隐瞒,就战战兢兢地走上前,俯伏在他面前,当着众人的面讲述触摸他的原因,以及如何立刻痊愈。
48 Hong Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso.”
耶稣对她说:“女儿,你的信任已经拯救了你,安心地去吧。”
49 E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.”
耶稣说话的过程中,有人从会堂主管家里过来,说:“你的女儿死了,不必再劳烦老师了。”
50 Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, “Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama.”
耶稣听见这句话,就对主管说:“不要怕,只要你有信心,她必会痊愈。”
51 Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana.
到了主管的房子后,除了彼得、约翰、雅各和女孩的父母以外,他不准任何人与他走进屋子。
52 Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!”
众人都在为女孩痛哭哀号。 他说:“不要哭,她没有死,只是睡着了。”
53 Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule.
众人知道女孩已经死了,于是就嘲笑他。
54 Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, “Tsoga morweetsana.”
他走进去拉着女孩的手,大声对她说:“孩子,起来!”
55 Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, “Mo neeng sengwe a je!”
于是她就死而复生,立刻站起来。耶稣吩咐众人给她东西吃。
56 Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.
她父母非常震惊。耶稣嘱咐他们不要把这件事告诉其他人。

< Luke 8 >