< Luke 7 >
1 Erile Jesu a sena go fetsa thero ya gagwe a boela mo motsing wa Kaperenama.
耶稣向民众讲完这一切,就开始向迦百农走去。
2 Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa.
那里的一位百夫长有一名十分器重的仆人,但这仆人快要死了。
3 E rile fa moeteledipele wa mophato a utlwa kaga Jesu, a romela bangwe ba Sejuta ba ba tlotlegang go ya go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe.
百夫长听见耶稣的事,就派来几位犹太人长老过来,求他去医治他的奴仆。
4 Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. “Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene,
长老们就来见耶稣,恳求他说:“请过来为他做这件事吧,因为他值得你的帮助。
5 gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!”
因为他爱我们的人民,给我们建造会堂。”
6 Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.
耶稣就和他们一同前去。在距离百夫长住宅不远的地方,百夫长派几个朋友来说:“主啊,有劳你大驾光临,实在不敢当,
我觉得自己实在没有资格去见你,但只要你说一句话,我的仆人就能治愈了。
8 Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!].”
我既听命于自己的长官,手下也有士兵。如果我对士兵说‘去吧!’他就会去;对另一个人说‘来吧!’他就会来;我对仆人说‘做这个吧!’他就会做。”
9 Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, “Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele.”
耶稣听见这些话,很是惊讶,转身对跟随的众人说:“告诉你们,我在以色列从未见过如此坚定的信心。”
10 Mme ya re ditsala tsa moeteledipele wa masole di boela kwa tlung ya gagwe, tsa fitlhela motlhanka a fodile gotlhelele!
百夫长的朋友回到家里,发现那奴仆已经痊愈了。
11 Morago ga lobakanyana Jesu a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ya kwa motsaneng wa Naine le batho ba bantsi ba mo kgobokanetse jaaka gale.
很快,耶稣开始向拿因城走去,身边跟着他的门徒和一大群民众。
12 Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo.
他走近城门的时候,看到另一条路上有个送葬的队伍,那是一家的独子,母亲是个寡妇。城里有一大群人陪着她。
13 E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!”
主看见她便心生怜悯,对她说:“不要哭!”
14 Hong a tsamaela kwa kesing ya moswi! Mme a e ama, mme batshodi ba yone ba ema. A mo raya a re, “Morwaaka, tsoga mo losong!”
然后耶稣上前按着棺材,抬棺人站住。 耶稣说:“年轻人,我要对你说,起来吧!”
15 Hong mosimane a nna sentle mme a simolola go bua le ba ba neng ba mo dikaganyeditse! Mme Jesu a mmusetsa kwa go mmaagwe.
那死去之人就坐起来,开口说话,耶稣把他交给他母亲。
16 Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!”
众人都感到敬畏万分,纷纷颂赞上帝:“我们中间出现了伟大的先知!”又说:“上帝眷顾他的子民了!”
17 Polelo ya se a se dirileng ka letsatsi leo ya anamela ka bonako go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe ya Judea le go kgabaganya melelwane tota.
关于耶稣的消息传遍了犹太和周围各地。
18 Mme barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tloga ba utlwa gotlhe mo Jesu o neng a go dira. Ya re ba bolelela Johane kaga gone,
约翰的门徒把这一切都告诉约翰,约翰叫来他的两名门徒,
19 a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?”
派他们去主那里,说:“你就是我们一直期待的人?还是我们需要继续等待其他人?”
20 Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, “Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno: gore ba ba neng ba foufetse ba a bona! Batlhotsi ga ba tlhole ba tlhotsa! Balepero ba setse ba fodisitswe! Bosusu ba a utlwa! Baswi ba a rula! Mme bahumanegi ba utlwa Mafoko a a Molemo.
两人来到耶稣跟前,说:“施洗约翰派我们来问你,‘你就是我们一直期待的人?还是我们需要继续等待其他人?’”
耶稣这时正在治愈众多患病、遭难、恶鬼附体之人,让盲人可以看到。
耶稣回答约翰的门徒:“你们回去把所见所闻都告诉约翰。盲人可以看见,跛人可以走路,麻风患者被治愈,聋人可以听见,死人复活,穷人听到了福音。
23 Mme lo mmolelele gore, ‘Go sego yo o sa latlhegelwang ke tumelo mo go nna.’”
那些不会因我而感到冒犯的人,有福了。”
24 Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, “Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo!
约翰派来的人走了以后,耶稣开始对众人说:“关于约翰,你们到荒野去寻找他时,希望看到什么?风吹动的芦苇吗?
25 A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng.
身穿华服之人吗?不,那些衣着华丽、生活奢侈的人都生活在宫殿中。
26 Mme a lo kile lwa bona moporofiti? Ee! Le go feta moporofiti?
你们是在寻找先知吗?是的,约翰是先知。但我要说的是,他比先知重要得多了。
27 Ke ene yo dikwalo di neng di mo raya fa di re, ‘Bona! Ke romela morongwa wa me kwa pele ga gago, go go baakanyetsa ditsela!’
经文中记着:‘看啊,我派遣使者先你一步,预备你的道路’,说的就是他。
28 Mo bathong botlhe ga go na ope yo mogolo go feta Johane. Mme le fa go ntse jalo yo mmotlana mo Bogosing jwa Modimo o mogolo go mo feta.”
我告诉你们,女人所诞下的人类中,没有谁比约翰更伟大,但他在上帝之国中却是最不重要的那一个!”
29 Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene.
经过约翰施洗的众人,甚至包括税吏,听到此言便纷纷决定追随上帝的善意正道。
30 Botlhe ba kolobediwa kwa ntle ga Bafarasai le baruti ba molao wa ga Moshe. Ba ne ba gana leano la Modimo mo go bone mme ba gana kolobetso ya ga Johane.
但法利赛人和研究法律的专家未受过约翰的洗礼,便拒绝上帝对他们的美意。
31 Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng?
耶稣又说:“这个世界的人可以比作什么呢?他们像什么呢?
32 Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, ‘Ga lo rate fa re tshameka “Lonyalo” e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!’
他们就像小孩子坐在巿中心,对彼此说:‘我们给你们吹笛子,你们却不跳舞,我们唱哀歌,你们也不痛哭。’
33 Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’
施洗约翰来了,不吃饭,不喝酒,你们就说他是恶魔附体。
34 Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’
现在人子来了,看他吃喝你们又说:‘你看,这人又贪吃,又贪杯,还与税吏和罪人为伍。’
35 Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona.”
但上帝的智慧之道,已被他的所有追随者所证实!”
36 Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja,
有一个法利赛人请耶稣同他一起用餐,于是他就到那位法利赛人家中赴宴。
37 mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo.
城里有一个女人,是个罪人。得知他在法利赛人家里吃饭,就拿着一瓶香膏来到这里。
38 Ya re a tsena mo teng a obama fa dinaung tsa gagwe ka mangole, a lela go fitlhela dinao tsa ga Jesu di kolobediwa ke dikeledi tsa gagwe; mme a di phimola ka moriri wa gagwe a di atla a ba a tshela setlolo mo go tsone.
她跪在耶稣身边,眼泪沾湿了他的脚。于是她用自己的头发把泪水擦干,然后亲吻他的脚,抹上香膏。
39 E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!”
请耶稣吃饭的法利赛人看见她,心想:“这人若真的是先知,必定知道是谁在触摸他。这是怎样的女人,她是个罪人!”
40 Hong Jesu a buela kwa godimo a araba dikakanyo tsa ga Simone wa Mofarasai a re, “Ke na le sengwe se ke batlang go se bua le wena.” Simone a fetola are, “Gosiame moruti, tswelela.”
于是耶稣开口说:“西门,我有话要对你说。”他说:“老师,请讲。”
41 Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula.
耶稣说:“有两个人欠了一个债主的钱,一人欠 500 银币,一人欠 50 银币。
42 Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?”
他们都无力偿还,于是债主就免了两人的债务。这两个人哪一个人会更爱他?”
43 Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo.
西门回答:“我想是那个欠债多的人会更爱他。”耶稣说:“你说对了。”
44 Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe!
于是他转身向着那女人,对西门说:“你看到这女人吗?我走进你家,你没有给我水洗脚,但她却用眼泪湿了我的脚,用头发擦干。
45 Lo nkganeletse katlo ya tlwaelesego ya tumediso, mme ene o atlile dinao tsa me gangwe le gape go simologa ka nako e ke neng ke goroga ka yone.
你没有亲吻我,但这女人自我进来,就一直在亲吻我的脚。
46 Lo ne lwa tlhokomologa bopelonomi jwa gale jwa lookwane lwa motlhware go tlotsa tlhogo ya me, mme ene o bipile dinao tsa me ka setlolo se se sa tlwaelesegang.
你没有在我的头上涂抹香膏,但这女人却用香膏抹我的脚。
47 Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.”
所以我告诉你,因为她的很多罪都被赦免了,所以她心中的爱多。如果被赦免的少,心中爱的也少。”
48 Mme a mo raya a re, “Dibe tsa gago di itshwaretswe.”
然后耶稣对女人说:“你的罪被赦免了。”
49 Mme banna ba ba neng ba ntse fa lomating lwa bojelo ba raana ba re, “Monna yo o akanya gore ke mang, yo o tsamayang a itshwarela dibe?”
一同进餐之人心里说:“这是谁啊?竟然可以宽恕罪过?”
50 Mme Jesu a raya mosadi a re, “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”
耶稣对那女人说:“你的信任已经拯救了你,安心地去吧。”