< Luke 6 >
1 Ka Sabata mongwe ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo gare ga masimo mangwe a mabele, ba kgetla diako ba sosorela ditlhaka mo diatleng tsa bone mme ba a ja mabele.
안식일에 예수께서 밀밭 사이로 지나가실새 제자들이 이삭을 잘라 손으로 비비어 먹으니
2 Mme Bafarasai bangwe ba re, “Ga go ka fa molaong! Barutwa ba gago ba roba mabele, mme go kgatlhanong le molao wa Sejuta go dira jalo go le Sabata.”
어떤 바리새인들이 말하되 `어찌하여 안식일에 하지 못할 일을 하느뇨?'
3 Jesu a fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? a ga lo ise lo ke lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa ene le batho ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala?
예수께서 대답하여 `가라사대 다윗이 자기와 및 함께한 자들이 시장할 때에 한 일을 읽지 못하였느냐
4 O ne a tsena mo teng ga Tempele mme a tsaya senkgwe sa tshupelo, senkgwe se se neng se tlhophetswe go bewa fa pele ga Morena, mme a se ja se sa letlelelwa go jewa fela jaaka mo go sa letlelelwa mme a se kgaogana le ba bangwe.”
그가 하나님의 전에 들어가서 다만 제사장 외에는 먹지 못하는 진설병을 집어 먹고 함께한 자들에게도 주지 아니하였느냐?'
5 Mme Jesu a tlatsa a re, “Ke Morena le wa Sabata tota.”
또 가라사대 `인자는 안식일의 주인이니라!' 하시더라
6 Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo.
또 다른 안식일에 예수께서 회당에 들어가사 가르치실새 거기 오른손 마른 사람이 있는지라
7 Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato.
서기관과 바리새인들이 예수를 송사할 빙거를 찾으려 하여 안식일에 병 고치시는가 엿보니
8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo.
예수께서 저희 생각을 아시고 손마른 사람에게 이르시되 `일어나 한가운데 서라' 하시니 저가 일어나 서거늘
9 Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, “Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?”
예수께서 저희에게 이르시되 `내가 너희에게 묻노니 안식일에 선을 행하는 것과 악을 행하는 것 생명을 구하는 것과 멸하는 것 어느 것이 옳으냐?' 하시며
10 A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago,” mme ya re a le otlolola, la fola!
무리를 둘러 보시고 그 사람에게 이르시되 `네 손을 내밀라' 하시니 저가 그리하매 그 손이 회복된지라
11 Mme ya re ka ntlha ya tiragalo e, baba ba ga Jesu ba galefa thata, mme ba simolola go rerisanya polao ya gagwe.
저희는 분기가 가득하여 예수를 어떻게 처치할 것을 서로 의논하니라
12 Ka letsatsi lengwe Jesu a tswela mo dithabeng go ya go rapela, bosigo jotlhe.
이 때에 예수께서 기도하시러 산으로 가사 밤이 맞도록 하나님께 기도하시고
13 Mme ya re letsatsi le tswa a bitsa balatedi ba gagwe a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna baeteledipele ba barutwa ba gagwe. (Ba ne ba tlhomamisiwa jaaka “Baapostoloi,” ba gagwe kgotsa “Barongwa.”)
밝으매 그 제자들을 부르사 그 중에서 열 둘을 택하여 사도라 칭하셨으니
14 Maina a bone ke a: Simone (yo o neng a bidiwa Petere), Anderea (monnawe Simone), Jakobe, Filipo, Barotholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (morwa Alafaio), Simone, (yo o neng a bidiwa “Moselote”) Judase (morwa Jakobe), Judase Isekariota (yo o neng ya re morago a oka Jesu).
곧 베드로라고도 이름 주신 시몬과 및 그 형제 안드레와 및 야고보와 요한과 빌립과 바돌로매와
마태와 도마와 및 알패오의 아들 야고보와 및 셀롯이라 하는 시몬과
및 야고보의 아들 유다와 및 예수를 파는 자 될 가룟 유다라
17 Erile fa ba fologa mekgokolosa ya thaba, ba ema le Jesu mo lobaleng lo lo tona, ba dikaganyeditswe ke bontsi jwa balatedi ba gagwe, ba le bone ba neng ba dikaganyeditswe ke bontsintsi jwa batho. Gonne batho botlhe ba ba tswang mo tikologong ya Judea le go tswa Jerusalema le go tswa bokgakala jwa bokone jwa lotshitshi lwa lewatle la Ture le Sidona ba ne ba tsile go mo reetsa a ruta kgotsa a fodisa. Mme a kgoromeletsa mewa e e maswe e le mentsi ntle.
예수께서 저희와 함께 내려오사 평지에 서시니 그 제자의 허다한 무리와 또 예수의 말씀도 듣고 병 고침을 얻으려고 유대 사방과 예루살렘과 및 두로와 시돈의 해안으로부터 온 많은 백성도 있더라
더러운 귀신에게 고난 받는 자들도 고침을 얻은지라
19 Mongwe le mongwe o ne a leka go mo ama, gonne ka go dira jalo nonofo ya phodiso e ne e tswa mo go ene mme ba fodisiwe.
온 무리가 예수를 만지려고 힘쓰니 이는 능력이 예수께로 나서 모든 사람을 낫게 함이러라
20 Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Lo sego lona ba lo bahumanegi, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa lona!
예수께서 눈을 들어 제자들을 보시고 가라사대 `가난한 자는 복이 있나니 하나님의 나라가 너희 것임이요
21 Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala, gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang gonne nako e e tla, e lo tlaa tshegang ka boitumelo!
이제 주린 자는 복이 있나니 너희가 배부름을 얻을 것임이요 이제 우는 자는 복이 있나니 너희가 웃을 것임이요
22 “Lo sego motlhang batho ba ba lo ilang ba ikgaoganya le lona ba lo kgoba ba lo senya leina ka ntlha ya gore lo ba me!
인자를 인하여 사람들이 너희를 미워하며 멀리하고 욕하고 너희 이름을 악하다 하여 버릴 때에는 너희에게 복이 있도다
23 Fa moo go diragala itumeleng! Ee, ipeleng gonne lo tla nna le tuelo e kgolo. Mme lo tlaa nna mo lesomong le le siameng baporofiti ba bogologolo ba ne ba dirwa jalo le bone.
그 날에 기뻐하고 뛰놀라 하늘에서 너희 상이 큼이라 저희 조상들이 선지자들에게 이와 같이 하였느니라
24 “Mme mafutsana a letile bahumi! Gonne ba na le boitumelo fela fano.
그러나 화 있을진저 너희 부요한 자여 너희는 너희의 위로를 이미 받았도다
25 Ba nonne ba tsweletse pele gompieno, mme lobaka lwa tlala e e boitshegang lo ba letile. Ditshego tsa bone tse e seng tsa sepe gompieno di raya kutlobotlhoko.
화 있을진저 너희 이제 배부른 자여 너희는 주리리로다 화 있을진저 너희 이제 웃는 자여 너희가 애통하며 울리로다
26 Mme kutlobotlhoko e lebagane ba ba galalediwang ke batho gonne baporofiti ba tsietso ba ne ba aga ba galalediwa jalo.
모든 사람이 너희를 칭찬하면 화가 있도다 저희 조상들이 거짓 선지자들에게 이와 같이 하였느니라
27 “Reetsang! Ratang baba ba lona. Direlang tshiamo ba ba lo ilang.
그러나 너희 듣는 자에게 내가 이르노니 너희 원수를 사랑하며 너희를 미워하는 자를 선대하며
28 Rapelelang boitumelo ba ba lo hutsang; kopelang ba ba lo utlusang botlhoko matlhogonolo a Modimo.
너희를 저주하는 자를 위하여 축복하며 너희를 모욕하는 자를 위하여 기도하라
29 “Fa mongwe a go faphola mo lerameng, mo lese a faphole le lengwe! Fa mongwe a go kopa baki, mo nee le hempe ya gago.
네 이 뺨을 치는 자에게 저 뺨도 돌려 대며 네 겉옷을 빼앗는 자에게 속옷도 금하지 말라
30 Naya se o nang naso yo o se kopang; mme fa dilo di tshotswe mo go wena, se tshwenyege ka gore di boe.
무릇 네게 구하는 자에게 주며 네 것을 가져가는 자에게 다시 달라 하지 말며
31 Direla ba bangwe jaaka o batla ba go direla.
남에게 대접을 받고자 하는 대로 너희도 남을 대접하라
32 “A o gopola gore o tshwanetswe ke tlotlo ka go rata ba ba go ratang fela? Le baleofi ba dira jalo!
너희가 만일 너희를 사랑하는자를 사랑하면 칭찬 받을 것이 무엇이뇨 죄인들도 사랑하는 자를 사랑하느니라
33 Mme fa o direla molemo fela ba ba go direlang molemo-a moo go siame? Le baleofi ba dira jalo!
너희가 만일 선대하는 자를 선대하면 칭찬 받을 것이 무엇이뇨 죄인들도 이렇게 하느니라
34 Fa o adima madi fela ba ba go duelang ana ke tshiamo, efe? Le baikepi ba bagolo le bone ba tle ba adime baikepi ka bone gore ba amogele mo go kalo gape!
너희가 받기를 바라고 사람들에게 빌리면 칭찬 받을 것이 무엇이뇨 죄인들도 의수히 받고자 하여 죄인에게 빌리느니라
35 “Ratang baba ba lona! Ba direleng tshiamo. Ba adimeng! Mme lo se ka lwa tshwenyega ka gore ga ba kitla ba duela. Hong tuelo ya lona kwa legodimong e tlaa nna kgolo thata, mme ruri lo tlaa dira jaaka bomorwa Modimo: Gonne o siametse ba ba sa lebogeng le ba ba bosula.
오직 너희는 원수를 사랑하고 선대하며 아무 것도 바라지 말고 빌리라 그리하면 너희 상이 클 것이요 또 지극히 높으신 이의 아들이 되리니 그는 은혜를 모르는 자와 악한 자에게도 인자로우시니라
36 “Leka go supa kutlwelo botlhoko e tona jaaka Rraeno a dira.
너희 아버지의 자비하심같이 너희도 자비하라
37 “O se ka wa tshwaya diphoso kgotsa wa sekisa, e se re kgotsa ga boela mo go wena. Direla ba bangwe ka bopelonomi; mme le bone ba tlaa go direla jalo.
비판치 말라 그리하면 너희가 비판을 받지 않을 것이요 정죄하지말라 그리하면 너희가 정죄를 받지 않을 것이요 용서하라 그리하면 너희가 용서를 받을 것이요
38 Gonne fa o aba, o tlaa bona! Mpho ya gago e tlaa go boela ka botlalo e bile e le selekanyo se se tshologang, e papietswe e tshikintswe go direla tse dingwe photlha, e bile e penologa. A e ka bo e le selekanyo sefe se o se dirisang se se tona kgotsa se se nnye se tlaa dirisiwa go lekanya se se go boelang.”
주라 그리하면 너희에게 줄 것이니 곧 후히 되어 누르고 흔들어 넘치도록 하여 너희에게 안겨 주리라 너희의 헤아리는 그 헤아림으로 너희도 헤아림을 도로 받을 것이니라'
39 Dingwe tsa ditshwantsho tsa dipolelo tse Jesu a neng a di dirisa mo ditherong tsa gagwe ke tse: “Go thusang gore sefofu se etelele se sengwe kwa pele? Gonne e tlaa re se wela mo kgatamping se gogele se sengwe mo teng.
또 비유로 말씀하시되 `소경이 소경을 인도할 수 있느냐? 둘이 다 구덩이에 빠지지 아니하겠느냐?
40 “Moithuti o ka itse jang go gaisa moruti wa gagwe? Mme fa a ithuta thata o ka tshwana le moruti wa gagwe.
제자가 그 선생보다 높지 못하나 무릇 온전케 된 자는 그 선생과 같으리라
41 “Mme ke eng fa o tshwenyega kaga selabe se se mo leitlhong la yo mongwe ebong molato o monnye wa gagwe fa mosipori o le mo go la gago?
어찌하여 형제의 눈 속에 있는 티는 보고 네 눈 속에 있는 들보는 깨닫지 못하느냐?
42 O ka akanya jang go mo raya o re, mokaulengwe, tla ke go thuse go ntsha selabe mo leitlhong la gago, fa o sa kgone go bona ka ntlha ya mosipori pele ke gone gongwe o ka bonang sentle go dira sengwe ka selabe sa gagwe. Moitimokanyi:
너는 네 눈 속에 있는 들보를 보지 못하면서 어찌하여 형제에게 말하기를 형제여 나로 네 눈 속에 있는 티를 빼게 하라 할 수 있느냐? 외식하는 자여! 먼저 네 눈 속에서 들보를 빼어라 그 후에야 네가 밝히 보고 형제의 눈 속에 있는 티를 빼리라
43 “Setlhare se se tswang mo thitong e e siameng ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo motlhofo le ditlhare tse di tswang mo thitong e e motlhofo ga di ka ke tsa ungwa loungo lo lo tlhophegileng.
못된 열매 맺는 좋은 나무가 없고 또 좋은 열매 맺는 못된 나무가 없느니라
44 Setlhare se lemogwa ka mofuta wa loungo lwa sone. Maungo a difeige ga a ka ke a ungwiwa ke ditlhare tse di mitlwa, kgotsa moretlwa mo manganeng.
나무는 각각 그 열매로 아나니 가시나무에서 무화과를, 또는 찔레에서 포도를 따지 못하느니라
45 “Motho yo o siameng o ntsha ditiro tse di siameng mo pelong e e siameng. Mme motho yo o bosula o ntsha dilo tse di bosula mo boikepong jwa gagwe jo bo fitlhegileng. Sengwe le sengwe se se mo pelong ya gagwe se fetogela mo puong.
선한 사람은 마음의 쌓은 선에서 선을 내고 악한 자는 그 쌓은 악에서 악을 내나니 이는 마음에 가득한 것을 입으로 말함이니라
46 “Jaanong ke eng fa lo mpitsa Morena lo sa nkutlwe?
너희는 나를 불러 주여, 주여 하면서도 어찌하여 나의 말하는 것을 행치 아니하느냐?
47 Mme botlhe ba ba tlang go reetsa le go nkutlwa ba tshwana le monna yo o agang ntlo mo motheong o o nonofileng o o beilweng mo lefikeng le le kwa tlase. E re fa merwalela e tlhatloga e thubaka ntlo, e eme e nitame mo lefikeng.
내게 나아와 내 말을 듣고 행하는 자마다 누구와 같은 것을 너희에게 보이리라
집을 짓되 깊이 파고 주초를 반석 위에 놓은 사람과 같으니 큰 물이 나서 탁류가 그 집에 부딪히되 잘 지은 연고로 능히 요동케 못하였거니와
49 Mme ba ba reetsang mme ba sa utlwe ba tshwana le monna yo o agileng ntlo e e senang motheo. E re fa merwalela e elelela mo tlung eo, e senyege e be e tswe letlotla.”
듣고 행치 아니하는 자는 주초없이 흙 위에 집 지은 사람과 같으니 탁류가 부딪히매 집이 곧 무너져 파괴됨이 심하니라' 하시니라