< Luke 23 >

1 Mme Lekgotla lotlhe la tseela Jesu kwa go Pilatwe wa molaodi.
Und die ganze Versammlung stand auf, und sie führten ihn vor Pilatus.
2 Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.”
Sie fingen aber an, ihn zu verklagen und sprachen: Wir haben gefunden, daß dieser das Volk verführt und ihm wehrt, dem Kaiser die Steuern zu zahlen, und behauptet, er sei Christus, der König.
3 Mme Pilatwe a mmotsa a re, “A o Mesia wa bone, Kgosi ya bone?” Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bua.”
Da fragte ihn Pilatus und sprach: Du bist der König der Juden? Er antwortete ihm und sprach: Du sagst es!
4 Mme Pilatwe a retologela kwa baperesiting ba bagolo le kwa lesomong la batho a re, “Moo ga se molato!”
Da sprach Pilatus zu den Hohenpriestern und dem Volk: Ich finde keine Schuld an diesem Menschen!
5 Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!”
Sie aber bestanden darauf und sprachen: Er wiegelt das Volk auf, indem er lehrt in ganz Judäa, was er zuerst in Galiläa tat und [fortsetzte] bis hierher!
6 Pilatwe a botsa a re, “A ke Moga lalea?”
Als Pilatus das hörte, fragte er, ob der Mensch ein Galiläer sei.
7 Mme ya re ba dumela, Pilatwe a re ba mo ise kwa go Kgosi Herode, gonne Galalea o ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Herode, mme Herode o ne a le mo Jerusalema ka lobaka loo.
Und da er vernahm, daß er aus dem Gebiet des Herodes sei, sandte er ihn hin zu Herodes, der in diesen Tagen ebenfalls zu Jerusalem war.
8 Herode o ne a itumelela sebaka seo sa go bona Jesu, gonne o ne a mo utlwaletse thata mme a solofetse go bona a dira kgakgamatso.
Herodes aber freute sich sehr, als er Jesus sah; denn er hätte ihn schon längst gern gesehen, weil er viel von ihm gehört hatte, und er hoffte, ein Zeichen von ihm zu sehen.
9 A botsa Jesu dipotso ka go latelana, mme a se ka a fetola.
Er legte ihm denn auch viele Fragen vor; aber Jesus gab ihm keine Antwort.
10 Mme ya re ka lobakanyana loo, baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ba goa ba eme foo ba mmaya molato.
Die Hohenpriester aber und die Schriftgelehrten standen da und verklagten ihn heftig.
11 Mme Herode le masole a gagwe ba simolola go sotla Jesu ba mo tshega; ba mo apesa seaparo sa segosi, ba mmusetsa kwa go Pilatwe.
Und Herodes samt seinen Kriegsleuten verachtete und verspottete ihn, zog ihm ein weißes Kleid an und schickte ihn wieder zu Pilatus.
12 Mme ya re letsatsi leo Herode le Pilatwe ba ba kileng ba ne ba tlhoane pele, ba nna ditsala tse dikgolo.
An demselben Tage schlossen Pilatus und Herodes Freundschaft miteinander, denn zuvor waren sie einander feind gewesen.
13 Mme Pilatwe a phutha baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta le batho,
Pilatus aber rief die Hohenpriester und die Obersten und das Volk zusammen
14 a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope.
und sprach zu ihnen: Ihr habt diesen Menschen zu mir gebracht, als mache er das Volk abtrünnig; und siehe, als ich ihn vor euch verhörte, habe ich an diesem Menschen keine Schuld gefunden, deren ihr ihn anklagt,
15 Herode le ene o mmuseditse kwano go rona, a sa mmona molato o o tshwanetseng loso.
aber auch Herodes nicht; denn er hat ihn zu uns zurückgeschickt, und siehe, es ist nichts von ihm verübt worden, was des Todes würdig wäre.
16 Jalo ke tlaa mo kgwathisa ka thupa e e mitlwa, ke bo ke mo golola.”
Darum will ich ihn züchtigen und dann freilassen.
17 Mme modumo o mogolo wa tsoga mo bathong ka lentswe le le lengwe ba re, “Mmolaye, o re gololele Barabase!”
Er mußte ihnen aber auf das Fest einen freigeben.
Da schrie aber der ganze Haufe und sprach: Hinweg mit diesem und gib uns Barabbas frei!
19 (Barabase o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go simolola dipheretlhego mo Jerusalema kgatlhanong le mmuso le go bolaya batho).
Der war wegen eines in der Stadt vorgefallenen Aufruhrs und Mordes ins Gefängnis geworfen worden.
20 Mme Pilatwe a ganetsanya nabo, gonne o ne a batla go golola Jesu.
Da redete ihnen Pilatus noch einmal zu, weil er Jesus freizulassen wünschte.
21 Mme ba goa ba re, “Mmapole! Mmapole!”
Sie aber riefen dagegen und sprachen: Kreuzige, kreuzige ihn!
22 A bo a bua le bone la boraro a kopa a re, “Ka ntlha yang? O dirile molato ofe? Ga ke a bona lebaka lepe la go mo atlholela loso. Mme ke tlaa mo kgwathisa ke bo ke mo lesa a tsamaya.”
Und zum drittenmal sprach er zu ihnen: Was hat dieser denn Böses getan? Ich habe keine des Todes würdige Schuld an ihm gefunden. Darum will ich ihn züchtigen und dann freilassen.
23 Mme ba goela kwa godimodimo gore Jesu a bapolwe, mantswe a bone a bo a fenya.
Sie aber hielten an mit lautem Geschrei und forderten, daß er gekreuzigt werde; und ihr und der Hohenpriester Geschrei nahm überhand.
24 Mme Pilatwe a atlholela Jesu loso jaaka ba lopile.
Da entschied Pilatus, daß ihre Forderung erfüllt werde,
25 Mme a golola Barabase, ka fa kopong ya bone, monna yo o neng a tshwaretswe go feretlha le go bolaya batho. Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore ba mo dire ka fa ba ratang ka teng.
und gab ihnen den frei, welcher eines Aufruhrs und Mordes wegen ins Gefängnis geworfen worden war, den sie begehrten; Jesus aber übergab er ihrem Willen.
26 Mme ya re bontsi jwa batho bo isa Jesu kwa o neng a ya go bolaelwa teng, ba bona Simone wa Mokurene yo e neng e le gone a gorogang mo Jerusalema a tswa kwa dikgaolong, mme ba mo pateletsa go ba sala morago, a sikere mokgoro wa ga Jesu.
Und als sie ihn hinführten, ergriffen sie einen gewissen Simon von Kyrene, der vom Felde kam, und legten ihm das Kreuz auf, damit er es Jesus nachtrage.
27 Bontsintsijwa batho jwa mo sala morago, le basadi ba le bantsi ba ba neng ba mo lelela ka kutlobotlhoko.
Es folgte ihm aber eine große Volksmenge, auch Frauen, die ihn beklagten und betrauerten.
28 Mme Jesu a retologa a ba raya a re, “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, iteleleng lo bo lo lelele bana ba lona.
Da wandte sich Jesus zu ihnen und sprach: Ihr Töchter Jerusalems, weinet nicht über mich; weinet vielmehr über euch selbst und über eure Kinder!
29 Gonne malatsi a e tla, a basadi ba ba senang bana ba tlaa bidiwang ba ba sego tota.
Denn siehe, es kommen Tage, da man sagen wird: Selig sind die Unfruchtbaren und die Leiber, die nicht geboren, und die Brüste, die nicht gesäugt haben!
30 Batho ba tlaa lopa dithaba gore di ba wele di ba sugakanye le maje gore a ba khurumetse.
Dann wird man anfangen, zu den Bergen zu sagen: Fallet über uns! und zu den Hügeln: Bedecket uns!
31 Gonne fa dilo tse di ntseng jaana di dirwa mo go nna Setlhare sa Botshelo, lona ba tlaa lo dira jang?”
Denn wenn man das am grünen Holze tut, was wird am dürren geschehen?
32 Dinokwane tse pedi di ne tsa tlisiwa go ya go bolawa nae kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka boraro jwa bone ba bapolwa, Jesu a le mo mokgorong o o fa gare, dinokwane tse pedi di le mo ditlhakoreng.
Es wurden aber auch zwei andere hingeführt, Übeltäter, um mit ihm hingerichtet zu werden.
Und als sie an den Ort kamen, den man Schädelstätte nennt, kreuzigten sie daselbst ihn und die Übeltäter, den einen zur Rechten, den andern zur Linken.
34 Mme Jesu a re, “Rara, itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola.
Jesus aber sprach: Vater, vergib ihnen, denn sie wissen nicht, was sie tun! Sie teilten aber seine Kleider und warfen das Los.
35 Batho ba lebelela. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba sotla. Ba re, “O ne a siame thata go thusa ba bangwe, a re mmoneng a ipoloka fa e le gore ke ene tota yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mesia.”
Und das Volk stand da und sah zu. Es spotteten aber auch die Obersten und sprachen: Andere hat er gerettet; er rette nun sich selbst, wenn er Christus ist, der Auserwählte Gottes!
36 Mme masole le one a mo sotla ka go mo nosa seno se se botlha sa mofine.
Es verspotteten ihn aber auch die Kriegsknechte, indem sie herzutraten, ihm Essig brachten
37 Mme ba mo tlhaeletsa ba re, “Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke!”
und sprachen: Bist du der König der Juden, so rette dich selbst!
38 Kitsiso ya pegwa mo mokgorong fa godimo ga gagwe ka mafoko a, “Yo ke Kgosi ya Bajuta.”
Es stand aber auch eine Inschrift über ihm in griechischer, lateinischer und hebräischer Schrift: Dieser ist der König der Juden.
39 Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, “Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke.”
Einer aber der gehängten Übeltäter lästerte ihn und sprach: Bist du der Christus, so rette dich selbst und uns!
40 Mme senokwane se sengwe sa re, “A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato.”
Der andere aber antwortete, tadelte ihn und sprach: Fürchtest auch du Gott nicht, da du doch in gleichem Gerichte bist?
Und wir zwar gerechterweise, denn wir empfangen, was unsere Taten wert sind; dieser aber hat nichts Unrechtes getan!
42 Mme a re, “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!”
Und er sprach zu Jesus: Herr, gedenke meiner, wenn du zu deiner Königswürde kommst!
43 Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri.
Und Jesus sprach zu ihm: Wahrlich, ich sage dir, heute wirst du mit mir im Paradiese sein!
44 Mme ya bo e setse e le motshegare wa sethoboloko; ga nna lefifi mo lefatshing lotlhe selekanyo sa oura tse tharo, go fitlha ka nako ya boraro.
Es war aber um die sechste Stunde, und eine Finsternis kam über das ganze Land bis zur neunten Stunde.
45 Letsatsi la fifala, mme ka tshoganetso sesiro sa Tempele sa gagoga ka bogare.
Und die Sonne wurde verfinstert, und der Vorhang im Tempel riß mitten entzwei.
46 Mme Jesu a goa a re, “Rara, ke go neela mowa wa me.” Mme ka mafoko ao a swa.
Und Jesus rief mit lauter Stimme und sprach: Vater, in deine Hände befehle ich meinen Geist! Und als er das gesagt hatte, verschied er.
47 Ya re molaodi wa masole a Se-Roma yo o neng a laola polao ya bone a bona se se diragetseng, a tlelwa ke poifo fa pele ga Modimo a re, “Ruri monna yo o ne a sena molato.”
Als aber der Hauptmann sah, was geschah, pries er Gott und sprach: Wahrlich, dieser Mensch war gerecht!
48 Mme ya re bontsintsi jwa batho ba ba neng ba tsile go bona papolo ba bona Jesu a sule, ba boela magaeng ka kutlobotlhoko e kgolo.
Und die ganze Volksmenge, die herbeigekommen war zu diesem Schauspiel, als sie sah, was geschah, schlug sich an die Brust und kehrte um.
49 Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tla tlogang se direga ba goa ba re “Morena, a re ka lwa re tsile le dichaka.”
Es standen aber alle seine Bekannten von ferne und die Frauen, die ihm von Galiläa her nachgefolgt waren, und sahen dies.
50 Mme monna mongwe yo o bidiwang Josefa, leloko la Kgotla Kgolo ya Sejuta, wa motse wa Arimathea mo Judea, a ya kwa go Pilatwe a mo kopa setopo sa ga Jesu. E ne e le monna yo o boifang Modimo yo o neng a ntse a lebeletse go tla ga Mesia ebile o ne a ise a ke a dumalane le maikaelelo le dikgato tsa baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
Und siehe, ein Mann namens Joseph, der ein Ratsherr war, ein guter und gerechter Mann
(der ihrem Rat und Tun nicht beigestimmt hatte) von Arimathia, einer Stadt der Juden, der auf das Reich Gottes wartete,
dieser ging zu Pilatus und bat um den Leib Jesu
53 Mme a folosa mmele wa ga Jesu a o phuthela ka letsela le le leele la lene mme a o baya mo lebitleng le lesha le le iseng le ke le dirisiwe, [le gabilwe mo lefikeng mo mhapheng wa thaba].
und nahm ihn herab, wickelte ihn in Leinwand und legte ihn in eine ausgehauene Gruft, worin noch niemand gelegen hatte.
54 Mo go ne ga diragala ka Labotlhano mo tshokologong ka letsatsi la iketleetso ya Sabata.
Und es war Rüsttag, und der Sabbat brach an.
55 Mme ya re setopo se tsewa, basadi ba ba neng ba tswa Galalea ba se sala morago, ba se bona se tsenngwa mo phupung.
Die Frauen aber, die mit ihm aus Galiläa gekommen waren, gaben ihm das Geleite und sahen sich die Gruft an und wie sein Leib hineingelegt wurde.
56 Mme ba ya magaeng go ya go baakanya malao le ditlolo go dibela setopo; mme ya re ba fetsa ga bo go le Sabata. Hong ba itapolosa letsatsi leo lotlhe ka fa molaong wa Sejuta.
Dann kehrten sie zurück und bereiteten Spezereien und Salben; am Sabbat aber ruhten sie nach dem Gesetz.

< Luke 23 >