< Luke 20 >

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao fa a ntse a ruta a bile a rera Mafoko a a Molemo mo Tempeleng, a engwa pele ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bagolwane ba motse.
有一天,耶稣在殿里教导众人,告诉他们好消息。祭司长、宗教老师和长老走上前来,
2 Ba batla go itse gore o neilwe e mang nonofo ya go lelekela barekisi kwa ntle ga Tempele.
他们对他说:“告诉我们,你凭着什么权力做这些事?谁给你的这权力?”
3 A ba fetola a re, “Ke tlaa lo botsa potso pele ga ke lo araba.
耶稣回答:“我也要问你们一个问题,告诉我,
4 A Johane o ne a rometswe ke Modimo kgotsa o ne a itirela fela ka fa nonofong ya gagwe?”
约翰的洗礼是从天上来,还是从人间来?”
5 Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’
这些人开始议论:“如果我们说‘从天上来’,他就会说‘那你们为什么不信他?’
6 Mme fa re re Johane o ne a sa rongwa ke Modimo batho ba tlaa re kgobotletsa ka maje, gonne ba dumela thata gore ene ele moporo-fiti.”
如果我们说:‘从人间来’,众人会用石头打我们,因为他们认定约翰是先知。”
7 Mme ya re kwa morago ba fetola ba re, “Ga re itse!”
于是他们回答耶稣:“我们不知道从哪里来。”
8 Mme Jesu a ba araba a re, “Ga nkitla ke araba potso ya lona ka gope.”
耶稣说:“那我也不告诉你们,是谁给我权力做这一切。”
9 Mme a retologela kwa bathong gape a ba bolelela polelo e: “Monna o kile a lema tshimo ya mofine mme a e hirisetsa balemi bangwe, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go nna gone dingwaga di se kae.
随后耶稣向众人讲了一个故事:“一个人有一个葡萄园,由于住在距离这里很远的另外一个乡村,他便将葡萄园租给了农户。
10 Mme e rile fa nako ya thobo e fitlha, a romela mongwe wa batho ba gagwe go ya go phutha seabe sa gagwe sa thobo. Mme balemi ba mo itaya ba mmusetsa morago a iphotlhere fela.
到了收获的季节,园主派一个仆人到农户那里,收取葡萄园应该上交的水果。但农户却打了那个仆人,让他空手回去。
11 Mme a romela yo mongwe, mme ga diragala gape jalo le ene a itewa a tlhapadiwa a bo a busediwa morago a sa tsaya sepe.
园主又派另一个仆人去,同样受到殴打和侮辱,空手而归。
12 “Motho wa boraro le ene a rongwa mme ga diragala fela jalo le ene a ntshiwa dintho a ba a lelekwa.
园主又派了第三人去,农户依旧把他打伤,然后把他赶走。
13 Hong mong wa tshimo a ipotsa a re, ‘Ke tlaa dira eng? Ke tlaa roma morwaake yo ke mo ratang thata. Ammaaruri ene ba tlaa mo tlotla.’
园主暗自想:‘该怎么办?我知道了,派我的爱子去,也许这一次他们会尊敬他。’
14 Mme e rile balemi ba bona morwawe, ba re, ‘E ke yone fela nako ya rona! Motho yo o tlaa ja boswa jwa lefatshe lotlhe fa rraagwe a sena goswa. Tlang, a re mmolayeng, ke gone e tlaa nnang jwa rona.’
农户一看见园主的儿子,立刻交头接耳说:‘这人会继承产业,我们杀了他,这产业就成为我们的了。’
15 Hong ba mo gogela kwa ntle ga tshimo ya mofine ba mmolaya. Jaanong lo akanya gore mong wa tshimo o tlaa dira eng?
于是他们把园主之子推出葡萄园外杀了。那么主人会怎样对付他们呢?
16 Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.”
他会过来杀掉这些农户,把葡萄园租给别人。” 众人听了这个故事,就说:“希望这样的事情不要发生!”
17 Mme Jesu a ba leba a re, “Jaanong dikwalo di raya eng fa di re, ‘Lentswe le le gannweng ke baagi ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotshwana.’”
但耶稣看着他们说:“那么经文中说:‘建筑工人弃用的石头,现在成了主要基石。’这是什么意思呢?
18 Mme a tlatsa a re, “Le fa e le mang yo o kgotswang mo lentsweng leo o tlaa robega; mme ba le ba welang le tlaa ba sugakanya go fitlhelela ba nna lorole.”
任何人在那石头上摔倒,都会粉身碎骨,那石头落在任何人身上,都会砸着他们。”
19 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba molao ba utlwa kaga polelo e o e boletseng, ba batla gore a tshwarwe ka bonako, gonne ba ne ba lemoga gore o bua kaga bone. E ne e le bahiri ba ba bosula mo polelong ya gagwe. Mme ba ne ba boifa gore fa bone ka sebele ba ka mo tshwara go tlaa nna le pheretlhego. Hong ba leka go mo tshwara ka go bua sengwe se se ka bolelelwang molaodi wa Seroma e le lebaka le le ka mo tshwarang.
宗教老师和祭司长知道这比喻针对他们,当时就想把耶稣抓起来,可是又害怕民众的反应。
20 Ya re ba ntse ba lebeletse lebaka le la bone, ba romela ditlhola di ipeile jaaka ekete ke basiami.
他们找了个机会,派几名奸细假装虔诚信徒去找耶稣,想找到耶稣说话的把柄,然后把他交给总督裁决。
21 Ba raya Jesu ba re, “Morena re a itse fa o le moruti yo o ikanyegang. O aga o bolela boammaaruri o sa fapoge ka gope se bangwe ba se akanyang, ebile o ruta ditsela tsa Modimo.
奸细问耶稣:“老师,我们知道,你所说所教都是正道,你绝不会因其他人的意见而动摇,你真的是在将上帝之道传授众人。
22 Jaanong a o ko o re bolelele, a go siame go duela makgetho a mmuso wa Seroma kgotsa nnyaa?”
那么,我们是否应该向凯撒纳税?”
23 Mme ya re ka go lemoga boferefere jwa bone a re,
耶稣看透了他们的诡计,于是说:
24 “Ntshupegetsang ledi. Ke setshwantsho sa ga mang se se mo go lone? Ke leina la ga mang?” Mme ba fetola ba re, “Kaesara, molaodi yo mogolo wa Roma.”
“给我一个银币,上面是谁的形象?”他们回答:“凯撒。”
25 Mme a ba raya a re, “Hong nayang molaodi tsotlhe tse e leng tsa gagwe mme lo neye Modimo tse e leng tsa one.”
耶稣说:“那么,是凯撒的就应属于凯撒,是上帝的就应当属于上帝。”
26 Mme maiteko a bone a go leka go mo tshwara ka mafoko mo pele ga batho a pala; ba hakgamalela karabo ya gagwe mme ba didimala.
耶稣向众人所说的话,让他们无法抓住把柄,这番话也让他们很震惊,于是就沉默了。
27 Mme Basadukai bangwe, batho ba ba dumelang gore loso ke bokhutlo jwa botshelo, ba re ga go na tsogo ya baswi,
几个撒都该人来到耶稣这里,他们从来都不相信人死会复活。他们问到,
28 ba tla kwa go Jesu ba re, “Melao ya ga Moshe ya re fa monna a a swa a sena bana, morwa-rraagwe o ka nyala motlholagadi wa gagwe mme bana ba bone e bo e le ba monna yo o suleng, go tsweledisa leina la gagwe.
“老师,摩西在律法中写道:‘如果一个男人娶了妻子,但未留下一儿半女就死了,他弟弟就应当娶嫂子,为哥哥留后。’
29 “Re itse kaga bo morwa motho ba basimane ba supa. Yo mogolo mo go bone a nyala mme a swa a sena bana.
从前有兄弟七人,老大娶了妻子后死了,没有留下后代,
30 Monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene, a swa a sena bana.
随后老二,
31 Mme ga tswelela fela jalo, go fitlhelela wa bosupa a mo nyala a bo a swa, a sena bana.
老三一直到老七都娶了她,但都没有留下孩子就死了。
32 Mme ya re kwa morago mosadi le ene a swa.
最终那女人也死了。
33 Jaanong potso ya rona fano ke gore: E tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi! Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe?”
那么,这女人复活的时候,要做哪个兄弟的妻子呢?因为七个人都娶过她。”
34 Jesu a ba fetola a re, “Nyalo ke selo sa batho mono lefatsheng, mme e tlaa re ka letsatsi leo, batho ba ba bonwang ba tshwanetswe ke go tsosiwa mo baswing ba tsena kwa legodimong ga ba kitla ba nyala. (aiōn g165)
耶稣说:“只有在这里的人才嫁娶。 (aiōn g165)
但对于那些有资格进入新世界的人,那些死而复生之人,不娶也不嫁。 (aiōn g165)
36 Le gone ga ba kitla ba tlhola ba a swa ka gope, ka tsela e, ba tshwana le baengele, ke bana ba Modimo gonne ba tsoseditswe botshelong jo bosha go tswa mo baswing.
他们和天使一样不会死亡,因为他们是复活之子,也就是上帝的之子。
37 “Mme ka fa potsong ya lona, e, le go ka ne go na le tsogo ya baswi kgotsa nnyaa, ke eng, fa le dikwalo tsa ga Moshe di supa selo se. Gonne fa a tlhalosa ka fa Modimo o iponaditseng ka gone mo go ene mo setlhareng se se tukang, o bua kaga Modimo e le, ‘Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe.’ Gore Morena ke Modimo wa motho, mongwe, go raya gore motho yoo o a tshela, ga aa swa. Jalo ka fa Modimong batho botlhe ba a tshela.”
至于死人复活的问题,摩西在关于荆棘的经文中写过,他口中的主是:亚伯拉罕的上帝、以撒的上帝、雅各的上帝。
他不是死人的上帝,而是活人的上帝,因为在他那里的人都活着。”
39 Bangwe ba baruti ba molao ba Sejuta ba ba neng ba eme foo ba re, “O buile sentle Morena!”
几个宗教老师说:“老师,你说得好。”
40 Mme seo sa khutlisa dipotso tsa bone, gonne ba ne ba tshaba go botsa go feta foo.
然后他们就不敢再提出任何问题了。
41 Mme a ba botsa potso e: “Ke eng fa Keresete, Mesia, gotwe ke wa lotso lwa ga Kgosi Dafide?
耶稣问他们:“为什么说基督是大卫的子孙?
42 Gonne Dafide ka boene o kwadile mo bukeng ya Dipesalema a re, ‘Modimo o reile Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna ka fa seatleng sa me se segolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.”’
因为大卫自己在《诗篇》中说:主对我的主说‘坐在我的右边,
我会让你的敌人变成你的脚凳。’
44 Mesia o ka nna jang Morwa Dafide le Modimo wa ga Dafide ka nako e le nngwe.”
大卫称他为‘主’,所以他怎会是大卫的子孙呢?”
45 Mme ya re batho ba reeditse, a retologela kwa barutweng ba gagwe a re,
众人聚精会神地听着,耶稣对门徒说:
46 “Itiseng mo bomaitseanapeng ba, ba tumelo, gonne ba rata go apara diaparo tse di kgokgothang le go dumedisiwa ka tlotlo fa ba tsamaya mo mebileng. Mme ba rata jang ditulo tsa tlotlego mo disenagogeng le manno a tlotlomalo mo medirong!
“你们要小心宗教老师,他们喜欢穿长袍走来走去,喜欢人们在集市中向他们恭敬问安,喜欢坐会堂里的高位、宴席上的首座。
47 Mme le fa ba rapela ba rapela dithapelo tse di telele ka bobelonomi jo bogolo jo bo bonalang ka kwa ntle, ba loga maano a go gapela basadi ba batlholagadi dilo tsa bone ka tsietso. Mme katlholo e e boitshegang ya Modimo e letetse batho ba.”
他们骗光寡妇的财产,通过冗长的祈祷伪装自己。这些人在审判中必受到严重的责罚。”

< Luke 20 >