< Luke 19 >

1 Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi),
İsa Eriha'ya girdi. Kentin içinden geçiyordu.
2
Orada vergi görevlilerinin başı olan, Zakkay adında zengin bir adam vardı.
3 a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho.
İsa'nın kim olduğunu görmek istiyor, ama boyu kısa olduğu için kalabalıktan ötürü göremiyordu.
4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo.
İsa'yı görebilmek için önden koşup bir yabanıl incir ağacına tırmandı. Çünkü İsa oradan geçecekti.
5 E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!”
İsa oraya varınca yukarı bakıp, “Zakkay, çabuk aşağı in!” dedi. “Bugün senin evinde kalmam gerekiyor.”
6 Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo.
Zakkay hızla aşağı indi ve sevinç içinde İsa'yı evine buyur etti.
7 Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”.
Bunu görenlerin hepsi söylenmeye başladı: “Gidip günahkâr birine konuk oldu!” dediler.
8 Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!”
Zakkay ayağa kalkıp Rab'be şöyle dedi: “Ya Rab, işte malımın yarısını yoksullara veriyorum. Bir kimseden haksızlıkla bir şey aldımsa, dört katını geri vereceğim.”
9 Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.”
İsa dedi ki, “Bu ev bugün kurtuluşa kavuştu. Çünkü bu adam da İbrahim'in oğludur.
Nitekim İnsanoğlu, kaybolanı arayıp kurtarmak için geldi.”
11 Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana.
Oradakiler bu sözleri dinlerken İsa konuşmasını bir benzetmeyle sürdürdü. Çünkü Yeruşalim'e yaklaşmıştı ve onlar, Tanrı'nın Egemenliği'nin hemen ortaya çıkacağını sanıyorlardı.
12 A re, “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe.
Bu nedenle İsa şöyle dedi: “Soylu bir adam, kral atanıp dönmek üzere uzak bir ülkeye gitti.
13 Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile.
Gitmeden önce kölelerinden onunu çağırıp onlara birer mina verdi. ‘Ben dönünceye dek bu paraları işletin’ dedi.
14 Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone.
“Ne var ki, ülkesinin halkı adamdan nefret ediyordu. Arkasından temsilciler göndererek, ‘Bu adamın üzerimize kral olmasını istemiyoruz’ diye haber ilettiler.
15 “Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae.
“Adam kral atanmış olarak geri döndüğünde, parayı vermiş olduğu köleleri çağırtıp ne kazandıklarını öğrenmek istedi.
16 “Monna wa ntlha a bega papadi e kgolo, e menaganye ga some go feta tlhwatlhwa e o neng a e neetswe.
Birincisi geldi, ‘Efendimiz’ dedi, ‘Senin bir minan on mina daha kazandı.’
17 “Mme kgosi ya goa ya re, ‘O dirile sentle! O monna yo o siameng o ikanyegile mo bonnyennyaneng jo ke go bo neileng. Mme tuelo ya gago ke gore, o tlaa nna molaodi wa metse e le some!’
“Efendisi ona, ‘Aferin, iyi köle!’ dedi. ‘En küçük işte güvenilir olduğunu gösterdiğin için on kent üzerinde yetkili olacaksın.’
18 Monna wa bobedi le ene a bega papadi e e itumedisang, e menaganye ga tlhano go feta tlhatlhwa e o neng a e neetswe.
“İkincisi gelip, ‘Efendimiz, senin bir minan beş mina daha kazandı’ dedi.
19 “Mong wa gagwe a mo raya a re, ‘Go siame! o ka nna molaodi mo metseng e metlhano.’
“Efendisi ona da, ‘Sen beş kent üzerinde yetkili olacaksın’ dedi.
20 “Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile,
“Başka biri geldi, ‘Efendimiz’ dedi, ‘İşte senin minan! Onu bir mendile sarıp sakladım.
21 ka gore ke ne ke tshaba [gore o tlaa batla papadi ya me] gonne o monna yo o thata go dirisanya nao o tsaya se e seng sa gago e bile o gapa jalo tse di lemilweng ke ba bangwe.’
Çünkü senden korktum, sert adamsın; kendinden koymadığını alır, ekmediğini biçersin.’
22 Mme Kgosi ya goa ya re, ‘Selo ke wena sa motlhanka yo o bosula. A ke pelo e thata? Ke tlaa nna fela jalo mo go wena! Fa o itsile bopelo-e-thata jwa me le ka fa ke leng logwadi ka gone,
“Efendisi ona, ‘Ey kötü köle, seni kendi ağzından çıkan sözle yargılayacağım’ dedi. ‘Kendinden koymadığını alan, ekmediğini biçen sert bir adam olduğumu bildiğine göre,
23 ke eng fa o ne o sa boloke madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso mo go one.’
neden paramı faize vermedin? Ben de geldiğimde onu faiziyle geri alırdım.’
24 “Mme a retologela kwa go ba ba emeng fa go ene a ba raya a re, ‘Tsayang madi mo go ene lo a neele monna yo o dirileng a mantsi.’
“Sonra çevrede duranlara, ‘Elindeki minayı alın, on minası olana verin’ dedi.
25 “Mme ba re ‘Morena, o setse a na le a mantsi!’
“Ona, ‘Efendimiz’ dediler, ‘Onun zaten on minası var!’
26 Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago.
“O da, ‘Size şunu söyleyeyim, kimde varsa ona daha çok verilecek. Ama kimde yoksa, kendisinde olan da elinden alınacak’ dedi.
27 Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’”
‘Beni kral olarak istemeyen o düşmanlarıma gelince, onları buraya getirin ve gözümün önünde kılıçtan geçirin!’”
28 Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele).
İsa, bu sözleri söyledikten sonra önden yürüyerek Yeruşalim'e doğru ilerledi.
29 Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele,
Zeytin Dağı'nın yamacındaki Beytfaci ile Beytanya'ya yaklaştığında iki öğrencisini önden gönderdi. Onlara, “Karşıdaki köye gidin” dedi, “Köye girince, üzerine daha hiç kimsenin binmediği, bağlı duran bir sıpa bulacaksınız. Onu çözüp bana getirin.
30 a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. “E gololeng, mme lo e lere kwano.
31 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’”
Biri size, ‘Onu niçin çözüyorsunuz?’ diye sorarsa, ‘Rab'bin ona ihtiyacı var’ dersiniz.”
32 Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse,
Gönderilen öğrenciler gittiler, her şeyi İsa'nın kendilerine anlattığı gibi buldular.
33 mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, “Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?”
Sıpayı çözerlerken hayvanın sahipleri onlara, “Sıpayı niye çözüyorsunuz?” dediler.
34 Mme barutwa ba fetola ba re, “Morena o a e batla!”
Onlar da, “Rab'bin ona ihtiyacı var” karşılığını verdiler.
35 Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame.
Sıpayı İsa'ya getirdiler, üzerine kendi giysilerini atarak İsa'yı üstüne bindirdiler.
36 Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng.
İsa ilerlerken halk, giysilerini yola seriyordu.
İsa Zeytin Dağı'ndan aşağı inen yola yaklaştığı sırada, öğrencilerinden oluşan kalabalığın tümü, görmüş oldukları bütün mucizelerden ötürü, sevinç içinde yüksek sesle Tanrı'yı övmeye başladılar.
38 Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!”
“Rab'bin adıyla gelen Kral'a övgüler olsun! Gökte esenlik, en yücelerde yücelik olsun!” diyorlardı.
39 Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, “Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!”
Kalabalığın içinden bazı Ferisiler O'na, “Öğretmen, öğrencilerini sustur!” dediler.
40 Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!”
İsa, “Size şunu söyleyeyim, bunlar susacak olsa, taşlar bağıracaktır!” diye karşılık verdi.
41 Mme ya re ba atamela Jerusalema a lebela motse kwa pele, a simolola go lela.
İsa Yeruşalim'e yaklaşıp kenti görünce ağladı.
42 A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile.
“Keşke bugün sen de esenliğe giden yolu bilseydin” dedi. “Ama şimdilik bu senin gözlerinden gizlendi.
43 Baba ba gago ba tlaa go agelela ka lobota lwa mmu, ba go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe,
Senin için öyle günler gelecek ki, düşmanların seni setlerle çevirecek, kuşatıp her yandan sıkıştıracaklar.
44 ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.”
Seni de, bağrındaki çocukları da yere çalacaklar. Sende taş üstünde taş bırakmayacaklar. Çünkü Tanrı'nın senin yardımına geldiği zamanı farketmedin.”
45 Hong a tsena mo Tempeleng a simolola go lelekela ntle barekisi mo marekisetsong a bone,
Sonra İsa tapınağın avlusuna girerek satıcıları dışarı kovmaya başladı.
46 a ba raya a re, “Dikwalo di bolela gore ‘Tempele ya me ke lefelo la thapelo; mme lo e fetotse mongobo wa magodu.’”
Onlara, “‘Evim dua evi olacak’ diye yazılmıştır. Ama siz onu haydut inine çevirdiniz” dedi.
47 Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone.
İsa her gün tapınakta öğretiyordu. Başkâhinler, din bilginleri ve halkın ileri gelenleri ise O'nu yok etmek istiyor, ama bunu nasıl yapacaklarını bilemiyorlardı. Çünkü bütün halk O'nu can kulağıyla dinliyordu.
48 Mme ba se ka ba akanya sepe, gonne o ne a tumile thata mo bathong, ebile ba utlwa lefoko lengwe le lengwe le o neng a le bua.

< Luke 19 >