< Luke 13 >
1 Mme ya re ka lone lobaka lo a itsisiwe fa Pilatwe a bolaile Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa kwa Galalea fa ba ntsha ditlhabelo kwa Tempeleng mo Jerusalema.
그때 마침 두어 사람이 와서 빌라도가 어떤 갈릴리 사람들의 피를 저희의 제물에 섞은 일로 예수께 고하니
2 Mme a ba botsa a re, “A lo akanya gore e ne e le baleofi ba bagolo go feta batho botlhe ba ba tswang Galalea? A ke gone ka fa ba sotlegileng ka gone?
대답하여 가라사대 `너희는 이 갈릴리 사람들이 이같이 해 받음으로써 모든 갈릴리 사람보다 죄가 더 있는 줄 아느냐?
3 Ga go a nna jalo! A ga lo lemoge gore le lona lo tlaa nyelela fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula lwa sokologela mo Modimong?
너희에게 이르노니 아니라 너희도 만일 회개치 아니하면 다 이와 같이 망하리라
4 “Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema?
또 실로암에서 망대가 무너져 치어 죽은 열 여덟 사람이 예루살렘에 거한 모든 사람보다 죄가 더 있는 줄 아느냐?
5 Ga go a nna jalo! Mme le lona lo tlaa nyelela fa lo sa ikwatlhae.”
너희에게 이르노니 아니라 너희도 만일 회개치 아니하면 다 이와 같이 망하리라'
6 Hong a dirisa setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a tlhoma setlhare sa mofeige mo tshimong mme a tla gangwe le gape go tlhola gore a ga a ka ke a bona loungo lope mo go sone, mme o ne a aga a sa fitlhele sepe.
이에 비유로 말씀하시되 `한 사람이 포도원에 무화과나무를 심은 것이 있더니 와서 그 열매를 구하였으나 얻지 못한지라
7 Mme ya re kwa bofelong a raya motlhokomedi wa tshimo ya gagwe a re a se reme. A mo raya a re, ‘Ke letile dingwaga di le tharo ga go ise nke go nne le fa e le feige e le nngwe! Ke eng fa o se ngongoregela? se tsere phatlha e re ka bong re e dirisetsa sengwe gape.’
과원지기에게 이르되 내가 삼 년을 와서 이 무화과나무에 실과를 구하되 얻지 못하니 찍어 버리라 어찌 땅만 버리느냐?
8 “Mme motlhokomedi wa tshimo a araba a re, ‘Se neye lobaka lo longwe gape. Se lese ngwaga e le nngwe, ke tlaa se tlhokomela ka go se tshela monontshane.
대답하여 가로되 주인이여 금년에도 그대로 두소서 내가 두루 파고 거름을 주리니
9 Fa re ka bona difeige ngwaga e e tlang go siame, mme fa go sa nne jalo ke tlaa se rema.’”
이 후에 만일 실과가 열면이어니와 그렇지 않으면 찍어 버리소서 하였다' 하시니라
10 Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng,
안식일에 한 회당에서 가르치실 때에
11 ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa.
십 팔 년 동안을 귀신들려 앓으며 꼬부라져 조금도 펴지 못하는 한 여자가 있더라
12 Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!”
예수께서 보시고 불러 이르시되 `여자여, 네가 네 병에서 놓였다' 하시고
13 A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo!
안수하시매 여자가 곧 펴고 하나님께 영광을 돌리는지라
14 Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!”
회당장이 예수께서 안식일에 병고치시는 것을 분내어 무리에게 이르되 `일할 날이 엿새가 있으니 그 동안에 와서 고침을 받을 것이요 안식일에는 말 것이니라' 하거늘
15 Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing.
주께서 대답하여 가라사대 `외식하는 자들아! 너희가 각각 안식일에 자기의 소나 나귀나 마구에서 풀어내어 이끌고 가서 물을 먹이지 아니하느냐?
16 Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?”
그러면 십 팔 년 동안 사단에게 매인 바 된 이 아브라함의 딸을 안식일에 이 매임에서 푸는 것이 합당치 아니하냐?'
17 Mo ga tlhabisa baba ba gagwe ditlhong. Mme batho botlhe ba itumelela tiro e ntle e o e dirileng.
예수께서 이 말씀을 하시매 모든 반대하는 자들은 부끄러워하고 온 무리는 그 하시는 모든 영광스러운 일을 기뻐하니라
18 Jaanong a simolola go ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo; A ba botsa a re, “Bogosi jwa Modimo bo ka tshwantshiwa le eng? Ke ka bo tshwantsha le eng?
그러므로 가라사대 `하나님의 나라가 무엇과 같을꼬 내가 무엇으로 비할꼬
19 Bo tshwana le peo e nnye ya mosetara e e jetsweng mo tshimong; ya akofa ya gola ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa nna mo gare ga dikala tsa sone.
마치 사람이 자기 채전에 갖다 심은 겨자씨 한 알 같으니 자라 나무가 되어 공중의 새들이 그 가지에 깃들였느니라'
20 Bo tshwana le sebediso se se dubetsweng mo boupeng, se se dirang se sa bonwe go fitlhelela boupe bo gogomoga bo bo bo nna motlhofo.”
또 가라사대 `내가 하나님의 나라를 무엇으로 비할꼬
마치 여자가 가루 서 말 속에 갖다 넣어 전부 부풀게 한 누룩과 같으니라' 하셨더라
22 Hong a tsamaya metse le metsana, a ruta fa a ntse a tsamaela kwa Jerusalema.
예수께서 각 성 각 촌으로 다니사 가르치시며 예루살렘으로 여행하시더니
23 Mongwe a mmotsa a re, “A go tlaa bolokwa ba se kae fela?” Mme a mo fetola a re,
혹이 여짜오되 `주여, 구원을 얻는 자가 적으니이까? 저희에게 이르시되
24 “Kgoro e e yang legodimong e tshesane. Lekang thata go tsena mo go yone, gonne boammaaruri ke gore ba le bantsi ba tlaa leka go tsena mme fa mong wa ntlo a setse a tswetse kgoro, nako e tlaa bo e setse e fetile. Mme e tlaa re fa lo eme kwa ntle lo kokota lo re, ‘Morena re bulele,’ o tlaa fetola a re, ‘Ga ke lo itse’. Hong lo tlaa re,
좁은 문으로 들어가기를 힘쓰라! 내가 너희에게 이르노니 들어가기를 구하여도 못하는 자가 많으리라'
`집 주인이 일어나 문을 한 번 닫은 후에 너희가 밖에 서서 문을 두드리며 주여, 열어 주소서 하면 저가 대답하여 가로되 나는 너희가 어디로서 온 자인지 알지 못하노라 하리니
26 “Mme re jele le wena ebile o rutile mo mebileng ya rona.”
그 때에 너희가 말하되 우리는 주 앞에서 먹고 마셨으며 주는 또한 우리 길거리에서 가르치셨나이다 하나
27 “Mme o tlaa fetola a re, ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse. Ga lo ka ke lwa tla fa lo le molato jaana. Tsamayang.’
저가 너희에게 일러 가로되 나는 너희가 어디로서 왔는지 알지 못하노라 행악하는 모든 자들아! 나를 떠나가라 하리라
28 “Mme go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno fa lo eme kwa ntle lo bona Aberahame, Isake le Jakobe le baporofiti botlhe mo Bogosing jwa Modimo,
너희가 아브라함과 이삭과 야곱과 모든 선지자는 하나님 나라에 있고 오직 너희는 밖에 쫓겨난 것을 볼 때에 거기서 슬피 울며 이를 갊이 있으리라
29 gonne batho ba tlaa tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go tla go tsaya manno a bone.
사람들이 동서 남북으로부터 와서 하나님의 나라 잔치에 참여하리니
30 Mme tlhokomelang se: Ba ba nyatsegang gompieno ba tlaa tlotlwa thata, ba ba tseetsweng kwa godimo gompieno ba tlaa ngotlafadiwa.”
보라 나중 된 자로서 먼저 될자도 있고 먼저 된 자로서 나중 될 자도 있느니라' 하시더라
31 Mme ya re morago ga metsotso e se kae Bafarasai bangwe ba mo raya ba re, “Tloga fano fa o batla go tshela, gonne Kgosi Herode o go tsomile!”
곧 그 때에 어떤 바리새인들이 나아와서 이르되 `나가서 여기를 떠나소서 헤롯이 당신을 죽이고자 하나이다'
32 Jesu a ba fetola a re, “Tsamayang lo reye phokoje yoo lo re ke tlaa tswelela ke ntshetsa mewa e e maswe ntle, ke dira dikgakgamatso tsa phodiso gompieno le ka moso; mme ka letsatsi la boraro ke tlaa fitlha kwa ke yang teng.
가라사대 가서 `저 여우에게 이르되 오늘과 내일 내가 귀신을 쫓아내며 병을 낫게 하다가 제 삼 일에는 완전하여지리라 하라
33 Ee, gompieno, ka moso le ka letsatsi le le latelang! Gonne ga go ka ke ga direga gore moporofiti wa Modimo a bolawe ka kwa ntle ga Jerusalema!
그러나 오늘과 내일과 모레는 내가 갈 길을 가야 하리니 선지자가 예루살렘 밖에서는 죽는 법이 없느니라
34 “Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla.
예루살렘아! 예루살렘아! 선지자들을 죽이고 네게 파송된 자들을 돌로 치는 자여 암탉이 제 새끼를 날개 아래 모음같이 내가 너희의 자녀를 모으려 한 일이 몇 번이냐 그러나 너희가 원치 아니하였도다
35 Mme jaanong, ntlo ya gago e tlogetswe e le letlotla. Ga o kitla o mpona gape go fitlhelela o re, ‘A go bakwa yo o tlang mo leineng la Morena.’”
보라, 너희 집이 황폐하여 버린바 되니라 내가 너희에게 이르노니 너희가 주의 이름으로 오시는 이를 찬송하리로다 할 때까지는 나를 보지 못하리라 하시니라