< Juda 1 >
1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Juda motlhanka wa ga Jesu Keresete mogoloa Jakobe. Go: Bakeresete gongwe le gongwe, barategi ba ba tlhophilweng ke One.
Judas, un esclavo de Jesucristo, y hermano de Jacobo, a los llamados, amados por Dios Padre y guardados por Jesucristo.
2 A kutlwelo botlhoko ya Modimo, lorato le kagiso di lo oketsegele.
Misericordia, paz y amor les sean multiplicados.
3 Ditsala tse di rategang, ke ne ke ikaeletse go lo kwalela ka megopolo mengwe mabapi le poloko e Modimo o e re neileng, mme jaanong ke bona gore mo boemong jwa moo ke tshwanetse go lo kwalela ka sengwe se sele, ke lopa gore lo femele ka tlhoafalo boammaaruri jo Modimo o bo neileng batho ba One gangwe fela mo dingwageng tsotlhe ba sa fetoge.
Amados, con toda diligencia para escribirles con respecto a nuestra común salvación, tuve necesidad de escribir para exhortarlos a que luchen ardientemente por la fe que fue dada una vez a los santos.
4 Mme ke bua ka ntlha ya gore Baruti bangwe ba ba senang bo-Modimo ba setse ba itshukunyeditse mo gare ga lona, ba re, fa re sena go nna Bakeresete re ka itirela go rata re sa boife kwatlhao ya Modimo. Tshenyego ya batho ba ba ntseng jalo e kwadilwe bogologolo gonne ba furaletse Mmusi yo e leng ene fela ka nosi Morena wa rona Jesu Keresete.
Porque entraron disimuladamente ciertos hombres impíos, los cuales fueron destinados desde tiempo antiguo para este juicio, que convierten la gracia de nuestro Dios en inclinación a deleites carnales, y se levantan contra el único Soberano y contra Jesucristo nuestro Señor.
5 Mme karabo ya me mo go bone ke e: gakologelwang boammaaruri jo, jo lo setseng lo bo itse, gore Jehofa o bolokile chaba yotlhe go tswa mo lefatsheng la Egepeto, mme a nyeletsa botlhe ba ba neng ba sa mo ikanye le go mo reetsa.
Les recuerdo a los que saben todas las cosas, que [el] Señor, luego de liberar una vez al pueblo de [la] tierra de Egipto, en segundo lugar destruyó a los que no creyeron.
6 Mme ke lo gakolola ka Baengele ba ba kileng ba bo ba le boitshepo, mme ba boela mo sebeng. Jaanong Modimo o ba golegetse mo kgolegelong ya lefifi ba letetse letsatsi la katlholo. (aïdios )
A los ángeles que no guardaron su esfera de influencia, sino abandonaron su propia morada, ha mantenido bajo oscuridad en prisiones eternas, para [el] juicio del gran día. (aïdios )
7 Gakologelwang ka metse ya Sodoma le Gomora le metse e e neng e bapile nayo, yotlhe e ne e tletse mefutafuta ya dibe, le banna ba ba leswe ba ba eletsang banna ba bangwe. Metse eo e ne ya nyelediwa ka molelo go nna tlhagiso mo go rona gore re itse gore go na le dihele kwa baleofi ba yang go otlhaiwang teng. (aiōnios )
Como Sodoma y Gomorra, y las ciudades alrededor de ellas, las cuales, de la misma manera que éstos, por practicar inmoralidad sexual e ir en pos de otra carne, son exhibidas como ejemplo y sufrieron un castigo de fuego eterno. (aiōnios )
8 Mme le fa go ntse jalo, baruti ba, ba tsietso, ba ntse ba tsweletse go tshela botshelo jwa bone jo bo leswe jwa boleo, ba tlontlolola mebele ya bone ebile ba nyatsa le e leng bone babusi ba bone, gape ba kgala le bagalaledi.
De igual manera éstos que tienen visiones ciertamente contaminan [el ]cuerpo, rechazan [la ]autoridad y hablan mal de los gloriosos seres angelicales.
9 Le ene Mikaele, mongwe wa Baengele ba bagolo thata ka nako ya fa ba tatalalana le Satane ka setopo sa ga Moshe, gaa a ka a leka go pega Satane molato; le fa e le go mo gobolola, fela a mo raya a re, “A Morena a go kgalemele.”
Pero cuando el arcángel Miguel, al contender con el diablo para expresarse con respecto al cuerpo de Moisés, no se atrevió a pronunciar juicio de maldición, sino dijo: [¡El] Señor te reprenda!
10 Mme batho ba, ba kgala ba bile ba sotla sengwe le sengwe se ba sa se tlhaloganyeng, ba tshwana le diphologolo, ba dira sengwe le sengwe se ba se ratang, jalo he, ba senye mewa ya bone.
Pero estos ciertamente hablan mal de cuantas cosas no entienden, y en aquellas que por instinto entienden son corrompidos como los animales irracionales.
11 A bo go latlhega bone, gonne ba latela sekao sa ga Kaene yo o neng a bolaya monnawe, fela jaaka Balaame, ba tlaa dira le fa e le eng ka ntlha ya go rata madi, le jaaka Kora, ga ba a ka ba reetsa Modimo, mme ba tlaa swela mo phutsong ya One.
¡Ay de ellos! Porque fueron conducidos por el camino de Caín, fueron lanzados por lucro al engaño de Balaam y se arruinaron en la rebelión de Coré.
12 Mme fa banna ba ba ikopanya le lona mo meketeng ya lorato ya phuthego ke dilabe tse di maswe mo gare ga lona, ba a tshega ba tsweletse pele, ba bohula ba ikatela dijo ba sa akanyetse ba bangwe ba tshwana le maru a a kgokgoediwang ke phefo mo lefatsheng je le omeletseng a sena pula, ba solofetsa go le gontsi mme go se na sepe. Ba tshwana le ditlhare tsa maungo tse di senang sepe ka nako ya thobo, ga ba a swa fela, ba sule mo go menaganyeng, gonne ba epolotswe gotlhe ka medi go fisiwa.
¡Éstos son los que, en las comidas fraternales de ustedes, se apacientan a sí mismos, son agasajados con ustedes sin respeto, nubes sin agua llevadas por vientos, árboles otoñales sin fruto, dos veces muertos, desarraigados,
13 Mo go salang sefularong sa bone ke matlhabisa ditlhong le maswabi jaaka mahulo a a leswe a a tlogetsweng ke diphefo tsa makhubu a metsi a molapo mo lotshitshing, ba kaila gongwe le gongwe ba lebega ba phatsima jaaka dinaledi. Mme kwa pele ga bonwa go na le lefifi le le ntsho la bosakhutleng le ba le baakanyeditsweng ke Modimo. (aiōn )
salvajes olas de mar que espuman sus mismas obras vergonzosas, estrellas erráticas, para quienes fue reservada la más negra oscuridad para siempre! (aiōn )
14 Enoke wa bogologolo yo o neng a tshela morago ga ga Adamo, o ne a itse kaga batho ba, a bo a bua ka bone a re: “Bonang, Morena o e tla le didikadike tsa baitshepi ba gagwe.
También con respecto a éstos Enoc, séptimo [patriarca] desde Adán, profetizó: Ciertamente [el] Señor vino con sus santas miríadas
15 O tlaa lere batho botlhe ba lefatshe fa pele ga gagwe mo katlholong, go amogela kwatlhao e e ba tshwanetseng, gore e nne bosupi jwa ditiro tse di boitshegang tse ba di dirileng ka go tsuolola Modimo, o tlaa senola gotlhe mo ba go buileng kaga gagwe.”
para hacer juicio contra todos y convencer a toda persona con respecto a todas las obras inicuas de ellos en las cuales actuaron impíamente, y con respecto a todas las cosas insolentes que [los] pecadores impíos hablaron contra Él.
16 Batho ba ke bangongoregi ba metlha yotlhe, ga ba ke ba thethebala dipelo, ba dira bosula bongwe le bongwe jo ba bo eletsang, ba boikgantsho ba goletse ganong ke “baipegi” ba rata go itshupa. Mme fa ba tlotla ba bangwe, ba direla fela gore le bone ba tle ba ba thuse.
Éstos son murmuradores quejumbrosos, quienes proceden según sus propios deseos apasionados, y su boca habla palabras arrogantes y adulan a personas por amor a una ganancia.
17 Ditsala tse di rategang, gakologelwang se baaposetoloi ba Morena wa rona Jesu Keresete ba se lo boleletseng,
Pero ustedes, amados, recuerden las palabras dichas por los apóstoles de nuestro Señor Jesucristo,
18 gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla basotli ba, ba maikaelelo a bone a botshelo e leng go itumela ka bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang.
quienes les decían: En [el ]tiempo final se manifestarán burladores que andarán según sus propios deseos ardientes.
19 Mme ba tsosa dikganetsanyo; ba rata dilo tse di bosula tsa lefatshe, ga ba na Mowa O O Boitshepo mo go bone.
Éstos son los que causan división, gentes mundanas, que no tienen [el] Espíritu.
20 Mme lona, ditsala tse di rategang, lo tshwanetse go aga matshelo a lona ka tlhomamo gape a nitame mo mothaong wa tumelo ya rona e e boitshepo, lo ithuta go rapela ka nonofo le ka tlhotlheletso ya Mowa O O Boitshepo.
Pero ustedes, amados, edifiquen sobre su santísima fe, hablen con Dios por [el ]Espíritu Santo,
21 Lo nne mo kagelelong ya lorato lwa Modimo gore o kgone go lo segofatsa. Lo letele ka pelotelele botshelo jo bosakhutleng jo Morena wa rona Jesu Keresete o tlaa lo bo nayang ka kutlwelo botlhoko ya gagwe. (aiōnios )
consérvense en [el ]amor de Dios, acójanse a la misericordia de nuestro Señor Jesucristo para vida eterna. (aiōnios )
22 Mme lekang go thusa ba ba ganetsanyang le lona. Lo nne kutlwelo botlhoko mo go ba ba belaelang.
Ciertamente tengan misericordia para algunos que dudan.
23 Bolokang bangwe jaaka ekete lo ba swatola mo molelong wa dihele. Mme ba bangwe bone, ba thuseng gore ba itse Morena mme lo ntse lo itlhokometse e se re kgotsa ba lo gogela mo dibeng tsa bone. Lo ile makgapha otlhe a maikepo a bone lo ntse lo le kutlwelo botlhoko nabo jaaka baleofi.
Arrebaten del fuego, rescaten a otros, aborrezcan aun la ropa del cuerpo contaminada, tengan misericordia de otros con temor.
24 Mme jaanong, a kgalalelo yotlhe e nne go One Modimo o o nosi, o o re bolokang ka Jesu Keresete Morena wa rona; Ee, borena le puso, le thata yotlhe le taolo ke tsa gagwe go tswa tshimologong: Gotlhe ke ga gagwe, gape e tlaa nna ga gagwe ka metlha le ka metlha. Mme gape o nonofile go lo tshegetsa gore lo se ka lwa relela lwa wa, le go lo tlisa lo sena selabe sa boleo, lo itekanetse mo kgalalelong ya gagwe, ka meduduetso e megolo ya boitumelo jo bo sa feleng. Ke nna, Juda. (aiōn )
Al que es poderoso para guardarlos sin caída y colocarlos en pie sin mancha en presencia de su gloria con gran gozo,
al único Dios, nuestro Salvador, por medio de Jesucristo nuestro Señor, sea gloria, majestad, soberanía y autoridad, tanto antes de todos los siglos, como ahora y por todos los siglos. Amén. (aiōn )