< Juda 1 >

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Juda motlhanka wa ga Jesu Keresete mogoloa Jakobe. Go: Bakeresete gongwe le gongwe, barategi ba ba tlhophilweng ke One.
Judas, sługa Jezusa Chrystusa a brat Jakóba, od Boga Ojca poświęconym i w Jezusie Chrystusie zachowanym i powołanym:
2 A kutlwelo botlhoko ya Modimo, lorato le kagiso di lo oketsegele.
Miłosierdzie i pokój, i miłość niech się wam rozmnoży.
3 Ditsala tse di rategang, ke ne ke ikaeletse go lo kwalela ka megopolo mengwe mabapi le poloko e Modimo o e re neileng, mme jaanong ke bona gore mo boemong jwa moo ke tshwanetse go lo kwalela ka sengwe se sele, ke lopa gore lo femele ka tlhoafalo boammaaruri jo Modimo o bo neileng batho ba One gangwe fela mo dingwageng tsotlhe ba sa fetoge.
Najmilsi! Wszelką pilność czyniąc, abym wam pisał o społecznem zbawieniu, musiałem wam pisać, napominając, iżbyście bojowali o wiarę raz świętym podaną.
4 Mme ke bua ka ntlha ya gore Baruti bangwe ba ba senang bo-Modimo ba setse ba itshukunyeditse mo gare ga lona, ba re, fa re sena go nna Bakeresete re ka itirela go rata re sa boife kwatlhao ya Modimo. Tshenyego ya batho ba ba ntseng jalo e kwadilwe bogologolo gonne ba furaletse Mmusi yo e leng ene fela ka nosi Morena wa rona Jesu Keresete.
Albowiem wkradli się niektórzy ludzie, dawno już przedtem naznaczeni na to potępienie, niepobożni, którzy łaskę Boga naszego obracają w rozpustę i samego się Boga i panującego Pana naszego, Jezusa Chrystusa zapierają.
5 Mme karabo ya me mo go bone ke e: gakologelwang boammaaruri jo, jo lo setseng lo bo itse, gore Jehofa o bolokile chaba yotlhe go tswa mo lefatsheng la Egepeto, mme a nyeletsa botlhe ba ba neng ba sa mo ikanye le go mo reetsa.
Przetoż chcę wam przypomnieć, którzy już raz o tem wiecie, że chociaż Pan lud z ziemi Egipskiej wyswobodził, przecież potem tych, którzy nie wierzyli, potracił.
6 Mme ke lo gakolola ka Baengele ba ba kileng ba bo ba le boitshepo, mme ba boela mo sebeng. Jaanong Modimo o ba golegetse mo kgolegelong ya lefifi ba letetse letsatsi la katlholo. (aïdios g126)
Także Aniołów, którzy nie zachowali pierwszego stanu swego, ale opuścili mieszkanie swoje, na sąd dnia wielkiego związkami wiecznemi pod chmurą zachował. (aïdios g126)
7 Gakologelwang ka metse ya Sodoma le Gomora le metse e e neng e bapile nayo, yotlhe e ne e tletse mefutafuta ya dibe, le banna ba ba leswe ba ba eletsang banna ba bangwe. Metse eo e ne ya nyelediwa ka molelo go nna tlhagiso mo go rona gore re itse gore go na le dihele kwa baleofi ba yang go otlhaiwang teng. (aiōnios g166)
Jako Sodoma i Gomorra, i okoliczne miasta, gdy tymże sposobem jako i one zwszeteczniały i udały się za cudzem ciałem, wystawione są na przykład, ognia wiecznego karanie ponosząc: (aiōnios g166)
8 Mme le fa go ntse jalo, baruti ba, ba tsietso, ba ntse ba tsweletse go tshela botshelo jwa bone jo bo leswe jwa boleo, ba tlontlolola mebele ya bone ebile ba nyatsa le e leng bone babusi ba bone, gape ba kgala le bagalaledi.
Także też i ci jako snem zmożeni ciało plugawią, ale zwierzchnością pogardzają i przełożeństwa bluźnią.
9 Le ene Mikaele, mongwe wa Baengele ba bagolo thata ka nako ya fa ba tatalalana le Satane ka setopo sa ga Moshe, gaa a ka a leka go pega Satane molato; le fa e le go mo gobolola, fela a mo raya a re, “A Morena a go kgalemele.”
Lecz Michał Archanioł, gdy się z dyjabłem rozpierając wadził o ciało Mojżeszowe, nie śmiał podnieść przeciwko niemu sądu bluźnierczego, ale rzekł: Niech cię Pan zgromi.
10 Mme batho ba, ba kgala ba bile ba sotla sengwe le sengwe se ba sa se tlhaloganyeng, ba tshwana le diphologolo, ba dira sengwe le sengwe se ba se ratang, jalo he, ba senye mewa ya bone.
A ci, czego nie znają, to bluźnią; a co z przyrodzenia znają, jako bezrozumne bydła w tem się psują,
11 A bo go latlhega bone, gonne ba latela sekao sa ga Kaene yo o neng a bolaya monnawe, fela jaaka Balaame, ba tlaa dira le fa e le eng ka ntlha ya go rata madi, le jaaka Kora, ga ba a ka ba reetsa Modimo, mme ba tlaa swela mo phutsong ya One.
Biada im! bo się drogą Kainową udali, a za błędem Baalamowej zapłaty puścili się i przeciwieństwem Korego poginęli.
12 Mme fa banna ba ba ikopanya le lona mo meketeng ya lorato ya phuthego ke dilabe tse di maswe mo gare ga lona, ba a tshega ba tsweletse pele, ba bohula ba ikatela dijo ba sa akanyetse ba bangwe ba tshwana le maru a a kgokgoediwang ke phefo mo lefatsheng je le omeletseng a sena pula, ba solofetsa go le gontsi mme go se na sepe. Ba tshwana le ditlhare tsa maungo tse di senang sepe ka nako ya thobo, ga ba a swa fela, ba sule mo go menaganyeng, gonne ba epolotswe gotlhe ka medi go fisiwa.
Cić są na świętych ucztach waszych zmazani, którzy z wami godując bez wstydu, sami się pasą; są obłoki bezwodne, które od wiatrów tam i sam unoszone bywają; drzewa zwiędłe nieużyteczne, dwakroć zmarłe i wykorzenione;
13 Mo go salang sefularong sa bone ke matlhabisa ditlhong le maswabi jaaka mahulo a a leswe a a tlogetsweng ke diphefo tsa makhubu a metsi a molapo mo lotshitshing, ba kaila gongwe le gongwe ba lebega ba phatsima jaaka dinaledi. Mme kwa pele ga bonwa go na le lefifi le le ntsho la bosakhutleng le ba le baakanyeditsweng ke Modimo. (aiōn g165)
Wały wściekłe morskie, wyrzucające swoje sprośności, gwiazdy błąkające się, którym chmura ciemności zachowana jest na wieki. (aiōn g165)
14 Enoke wa bogologolo yo o neng a tshela morago ga ga Adamo, o ne a itse kaga batho ba, a bo a bua ka bone a re: “Bonang, Morena o e tla le didikadike tsa baitshepi ba gagwe.
A prorokował też o nich siódmy od Adama Enoch, mówiąc: Oto Pan idzie z świętymi tysiącami swoimi,
15 O tlaa lere batho botlhe ba lefatshe fa pele ga gagwe mo katlholong, go amogela kwatlhao e e ba tshwanetseng, gore e nne bosupi jwa ditiro tse di boitshegang tse ba di dirileng ka go tsuolola Modimo, o tlaa senola gotlhe mo ba go buileng kaga gagwe.”
Aby uczynił sąd wszystkim i karał wszystkich niezbożników między nimi ze wszystkich niepobożności ich, które niezbożnie płodzili i ze wszystkich przykrości, które mówili przeciwko niemu niezbożni grzesznicy.
16 Batho ba ke bangongoregi ba metlha yotlhe, ga ba ke ba thethebala dipelo, ba dira bosula bongwe le bongwe jo ba bo eletsang, ba boikgantsho ba goletse ganong ke “baipegi” ba rata go itshupa. Mme fa ba tlotla ba bangwe, ba direla fela gore le bone ba tle ba ba thuse.
Ci są szemracze utyskujący sobie, według pożądliwości swoich chodzący, i których usta mówią bardzo harde słowa; pochlebiając osobom dla swego pożytku.
17 Ditsala tse di rategang, gakologelwang se baaposetoloi ba Morena wa rona Jesu Keresete ba se lo boleletseng,
Lecz wy, najmilsi! pamiętajcie na słowa przepowiedziane od Apostołów Pana naszego Jezusa Chrystusa;
18 gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla basotli ba, ba maikaelelo a bone a botshelo e leng go itumela ka bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang.
Iż wam powiadali, że w ostateczny czas będą naśmiewcy, chodzący według swoich niezbożnych pożądliwości.
19 Mme ba tsosa dikganetsanyo; ba rata dilo tse di bosula tsa lefatshe, ga ba na Mowa O O Boitshepo mo go bone.
Cić są, którzy się sami odłączają, bydlęcy, ducha Chrystusowego nie mający.
20 Mme lona, ditsala tse di rategang, lo tshwanetse go aga matshelo a lona ka tlhomamo gape a nitame mo mothaong wa tumelo ya rona e e boitshepo, lo ithuta go rapela ka nonofo le ka tlhotlheletso ya Mowa O O Boitshepo.
Ale wy najmilsi! budując się na najświętszej wierze waszej i modląc się w Duchu Świętym,
21 Lo nne mo kagelelong ya lorato lwa Modimo gore o kgone go lo segofatsa. Lo letele ka pelotelele botshelo jo bosakhutleng jo Morena wa rona Jesu Keresete o tlaa lo bo nayang ka kutlwelo botlhoko ya gagwe. (aiōnios g166)
Samych siebie w miłości Bożej zachowajcie, oczekując miłosierdzia Pana naszego, Jezusa Chrystusa, ku żywotowi wiecznemu. (aiōnios g166)
22 Mme lekang go thusa ba ba ganetsanyang le lona. Lo nne kutlwelo botlhoko mo go ba ba belaelang.
A nad niektórymi zmiłujcie się, rozsądkiem się rządząc;
23 Bolokang bangwe jaaka ekete lo ba swatola mo molelong wa dihele. Mme ba bangwe bone, ba thuseng gore ba itse Morena mme lo ntse lo itlhokometse e se re kgotsa ba lo gogela mo dibeng tsa bone. Lo ile makgapha otlhe a maikepo a bone lo ntse lo le kutlwelo botlhoko nabo jaaka baleofi.
A drugich przez postrach do zbawienia przywódźcie, z ognia ich wyrywając, mając w nienawiści i suknię, która by była od ciała pokalana.
24 Mme jaanong, a kgalalelo yotlhe e nne go One Modimo o o nosi, o o re bolokang ka Jesu Keresete Morena wa rona; Ee, borena le puso, le thata yotlhe le taolo ke tsa gagwe go tswa tshimologong: Gotlhe ke ga gagwe, gape e tlaa nna ga gagwe ka metlha le ka metlha. Mme gape o nonofile go lo tshegetsa gore lo se ka lwa relela lwa wa, le go lo tlisa lo sena selabe sa boleo, lo itekanetse mo kgalalelong ya gagwe, ka meduduetso e megolo ya boitumelo jo bo sa feleng. Ke nna, Juda. (aiōn g165)
A temu, który was może zachować od upadku i stawić przed oblicznością chwały swojej bez nagany z weselem,
Samemu mądremu Bogu, Zbawicielowi naszemu, niech będzie chwała i wielmożność, moc i zwierzchność, i teraz i po wszystkie wieki. Amen. (aiōn g165)

< Juda 1 >