< Johane 1 >

1 Erile pele ga tlholego ya dilo tshotlhe, Keresete a bo a ntse a le teng le Modimo. Ga a bolo go nna a tshela mme a le Modimo ka sebele.
בראשית היה הדבר והדבר היה את האלהים ואלהים היה הדבר׃
2
הוא היה בראשית אצל האלהים׃
3 O tlhodile sengwe le sengwe se se leng teng, ga gona sepe se se tshelang se se sa tlholwang ke ene.
הכל נהיה על ידו ומבלעדיו לא נהיה כל אשר נהיה׃
4 Botshelo jo bo sa khutleng bo mo go ene, mme botshelo jo bo naya batho lesedi.
בו היו חיים והחיים היו אור בני האדם׃
5 Botshelo jwa gagwe ke lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le kake la tima lesedi.
והאור בחשך זרח והחשך לא השיגו׃
6 Modimo o ne wa roma Johane wa Mokolobetsi e le mosupi wa gore Jesu Keresete ke lesedi la Boammaaruri.
ויהי איש שלוח מאת האלהים ושמו יוחנן׃
7
הוא בא לעדות להעיד על האור למען יאמינו כלם על ידו׃
8 Johane e ne e se lesedi ka boene; o ne a le mosupi wa lone fela.
הוא לא היה האור כי אם להעיד על האור׃
9 Moragonyana, yo e leng ene lesedi la boammaaruri a goroga go tla go phatsima mo go mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng.
האור האמתי המאיר לכל אדם היה בא אל העולם׃
10 Mme le fa tota a dirile lefatshe, lefatshe ga le a ka la mo itse fa a sena go tla.
בעולם היה ועל ידו נהיה העולם והעולם לא הכירו׃
11 Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega. Ba se kae fela ba ne ba mo amogela. Mme botlhe ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Gotlhe mo ba neng ba tlhoka go go dira, e ne e le go mo ikanya gore a ba boloke.
הוא בא אל אשר לו ואשר המה לו לא קבלהו׃
והמקבלים אתו נתן עז למו להיות בנים לאלהים המאמינים בשמו׃
13 Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo.
אשר לא מדם ולא מחפץ הבשר אף לא מחפץ גבר כי אם מאלהים נולדו׃
14 Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo!
והדבר נהיה בשר וישכן בתוכנו ונחזה תפארתו כתפארת בן יחיד לאביו רב חסד ואמת׃
15 Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’”
ויוחנן מעיד עליו ויקרא לאמר הנה זה הוא אשר אמרתי עליו הבא אחרי היה לפני כי קדם לי היה׃
16 Rotlhe re amogetse mahumo a a tswang mo matlhogonolong a gagwe a o a re lereditseng, letlhogonolo mo godimo ga letlhogonolo go koegilwe mo go rona!
וממלואו לקחנו כלנו חסד על חסד׃
17 Gonne Moshe o re neetse molao fela o o nang le maikaelelo a a thata go tshegediwa, le tshiamo e e senang kutlwelobotlhoko, fa Jesu Keresete ene a re lereditse lorato le boitshwarelo.
כי התורה נתנה ביד משה והחסד והאמת באו על ידי ישוע המשיח׃
18 Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene.
את האלהים לא ראה איש מעולם הבן היחיד אשר בחיק האב הוא הודיע׃
19 Baeteledipele ba Sejuta ba roma baperesiti le bathusi ba bone go tsweng kwa Jerusalema go botsa Johane gore a o ne a ipitsa Mesia.
וזאת היא עדות יוחנן בשלח היהודים מירושלים כהנים ולוים לשאל אתו מי אתה׃
20 Mme a ganela mo go senang gotwe sepe. A re, “Ga ke Keresete.”
ויודה ולא כחש ויודה לאמר אני אינני המשיח׃
21 Mme ba mmotsa ba re, “Go siame, jaanong o mang? A o Elija?” A fetola a re, “Nnyaa.” “A o moporofiti?” “Nnyaa.”
וישאלו אתו מי אפוא אתה האתה אליהו ויאמר אינני האתה הנביא ויען לא׃
22 “Jaanong o mang? Re bolelele gore re tle re kgone go neela ba ba re romileng karabo. Wa reng fa o ikarabela?”
ויאמרו אליו מי זה אתה למען נשיב לשלחינו דבר מה תאמר עליך׃
23 A fetola a re, “Ke lentswe le le tswang mo sekakeng se se senang sepe, ke goa fela jaaka Isaia a porofitile a re, ‘ipaakanyetseng go tla go Morena’.”
ויאמר אני קול קורא במדבר פנו דרך יהוה כאשר דבר ישעיהו הנביא׃
24 Mme ba ba neng ba romilwe ke Bafarasai ba mmotsa ba re, “Fa o se Mesia kgotsa Elija kgotsa moporofiti, o tsaya kae tetlelelo ya go kolobetsa?”
והמשלחים היו מן הפרושים׃
וישאלהו ויאמרו אליו מדוע אפוא מטביל אתה אם אינך המשיח או אליה או הנביא׃
26 Johane a ba raya a re, “Ke kolobetsa fela ka metsi, mme mo gare ga bontsintsi jwa batho, go na le mongwe yo lo iseng lo ke lo rakane nae.
ויען אתם יוחנן ויאמר אנכי מטביל במים ובתוככם עומד אשר לא ידעתם אתו׃
27 Yo o tlaa tlogang a simolola tirelo-Modimo mo go lona, mme ga ke a lekana go nna le fa e le lekgoba la gagwe.”
הוא הבא אחרי אשר היה לפני ואני נקלתי מהתיר שרוך נעליו׃
28 Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng.
זאת היתה בבית עברה מעבר לירדן מקום אשר יוחנן מטביל שם׃
29 Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!
ויהי ממחרת וירא יוחנן את ישוע בא אליו ויאמר הנה שה האלהים הנשא חטאת העולם׃
30 Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’
זה הוא אשר אמרתי עליו אחרי יבא איש אשר היה לפני כי קדם לי היה׃
31 Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.”
ואני לא ידעתיו כי אם בעבור יגלה בישראל באתי אני לטבל במים׃
32 Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong.
ויעד יוחנן ויאמר חזיתי הרוח כדמות יונה ירדת משמים ותנח עליו׃
33 Gape Johane a re, “Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, ‘Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.’
ואני לא ידעתיו אולם השלח אתי לטבל במים הוא אמר אלי את אשר תראה הרוח ירדת ונחה עליו הנה זה הוא אשר יטבל ברוח הקדש׃
34 Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”
ואני ראיתי ואעידה כי זה הוא בן האלהים׃
35 Letsatsi le le latelang fa Johane a eme le barutwa ba bangwe ba le babedi,
ויהי ממחרת ויסף יוחנן ויעמד ושנים מתלמידיו עמו׃
36 Jesu a feta gautshwane le bone. Johane a mo leba thata mme a bua a re, “Bonang Kwana ya Modimo!”
ויבט אל ישוע והוא מתהלך ויאמר הנה שה האלהים׃
37 Mme barutwa ba babedi ba ga Johane ba retologa ba sala Jesu morago!
ושני תלמידיו שמעו את דברו וילכו אחרי ישוע׃
38 Jesu a retologa a ba bona ba mo setse morago. Mme a ba botsa a re, “Lo batlang?” Ba mo raya ba re, “Rra, o nna kae?”
ויפן ישוע אחריו וירא אתם הלכים אחריו ויאמר אליהם מה תבקשו ויאמרו אליו רבי פרושו מורי איפה תלין׃
39 A ba raya a re, “Tlang lo bone.” Mme ba ya le ene kwa a neng a nna teng mme ba nna nae lobaka lo e neng e ka nna go simologa nako ya bone mo tshokologong go fitlhelela go nna lotlatlana.
ויאמר אליהם באו וראו ויבאו ויראו את מקום מלונו וישבו עמו ביום ההוא והעת כשעה העשירית׃
40 (Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro).
ואחד מן השנים אשר שמעו מאת יוחנן והלכו אחריו הוא אנדרי אחי שמעון פטרוס׃
41 Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.”
הוא פגש בראשונה את שמעון אחיו ויאמר אליו את המשיח מצאנו אשר תרגומו כריסטוס׃
42 Mme a isa Petoro kwa go Jesu. Jesu a tlhoma Petoro matlho le mogopolo ka lobakanyana mme a re, “O Simone, morwa Johane, mme o tlaa bidiwa Petoro, ke gore Lefika!”
ויוליכהו אל ישוע ויהי כהביט אליו ישוע ויאמר שמעון בן יונה לך יקרא כיפא אשר תרגומו פטרוס׃
43 Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.”
ויהי ממחרת ויואל ישוע לצאת הגלילה וימצא את פילפוס ויאמר אליו לך אחרי׃
44 Filipo a ya go senka Nathaniele mme a mo raya a re, “Re bonye Mesia! Ene tota motho yo Moshe le baporofiti ba boletseng ka ga gagwe! Leina la gagwe ke Jesu, morwa Josefe yo o tswang Nasaretha!”
ופילפוס היה מבית צידה עיר אנדרי ופטרוס׃
45 Nathaniele a hakgamala a re.
ויפגע פילפוס את נתנאל ויאמר אליו מצאנו אתו אשר כתב משה בספר התורה והנביאים את ישוע בן יוסף מנצרת׃
46 “Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?” Filipo a re, “Tla fela o iponele.”
ויאמר אליו נתנאל המנצרת תצא לנו טובה ויאמר אליו בא וראה׃
47 Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.”
וירא ישוע את נתנאל בא לקראתו ויאמר עליו הנה באמת בן ישראל אשר אין בו רמיה׃
48 Nathaniele a re, “O nkitsile jang?” Mme Jesu a fetola a re, “Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona.”
ויאמר אליו נתנאל מאין ידעתני ויען ישוע ויאמר לו בטרם קרא לך פילפוס בהיותך תחת התאנה אנכי ראיתיך׃
49 Nathaniele a fetola a re, “Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!”
ויען נתנאל ויאמר אליו רבי אתה בן אלהים אתה הוא מלך ישראל׃
50 Jesu a mmotsa a re, “A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse.
ויען ישוע ויאמר אליו על אמרי לך כי תחת התאנה ראיתיך האמנת הנה גדלות מאלה תראה׃
51 O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo.”
ויאמר אליו אמן אמן אני אמר לכם מעתה תראו השמים נפתחים ומלאכי אלהים עלים וירדים על בן אלהים׃

< Johane 1 >