< Johane 9 >

1 Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse.
et praeteriens vidit hominem caecum a nativitate
2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?”
et interrogaverunt eum discipuli sui rabbi quis peccavit hic aut parentes eius ut caecus nasceretur
3 Mme Jesu a araba a re, “Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe.
respondit Iesus neque hic peccavit neque parentes eius sed ut manifestetur opera Dei in illo
4 Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla.
me oportet operari opera eius qui misit me donec dies est venit nox quando nemo potest operari
5 Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me.”
quamdiu in mundo sum lux sum mundi
6 Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng,
haec cum dixisset expuit in terram et fecit lutum ex sputo et linuit lutum super oculos eius
7 mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona!
et dixit ei vade lava in natatoria Siloae quod interpretatur Missus abiit ergo et lavit et venit videns
8 Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?”
itaque vicini et qui videbant eum prius quia mendicus erat dicebant nonne hic est qui sedebat et mendicabat alii dicebant quia hic est
9 Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!”
alii autem nequaquam sed similis est eius ille dicebat quia ego sum
10 Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang!
dicebant ergo ei quomodo aperti sunt oculi tibi
11 Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!”
respondit ille homo qui dicitur Iesus lutum fecit et unxit oculos meos et dixit mihi vade ad natatoriam Siloae et lava et abii et lavi et vidi
12 Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.”
dixerunt ei ubi est ille ait nescio
13 Mme ba tsaya monna ba mo isa kwa Bafarasaing.
adducunt eum ad Pharisaeos qui caecus fuerat
14 Mme ya re mo go diragala ga bo go le letsatsi la Sabata.
erat autem sabbatum quando lutum fecit Iesus et aperuit oculos eius
15 Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona!
iterum ergo interrogabant eum Pharisaei quomodo vidisset ille autem dixit eis lutum posuit mihi super oculos et lavi et video
16 Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone.
dicebant ergo ex Pharisaeis quidam non est hic homo a Deo quia sabbatum non custodit alii dicebant quomodo potest homo peccator haec signa facere et scisma erat in eis
17 Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.”
dicunt ergo caeco iterum tu quid dicis de eo qui aperuit oculos tuos ille autem dixit quia propheta est
18 Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe.
non crediderunt ergo Iudaei de illo quia caecus fuisset et vidisset donec vocaverunt parentes eius qui viderat
19 Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?”
et interrogaverunt eos dicentes hic est filius vester quem vos dicitis quia caecus natus est quomodo ergo nunc videt
20 Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu,
responderunt eis parentes eius et dixerunt scimus quia hic est filius noster et quia caecus natus est
21 mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.”
quomodo autem nunc videat nescimus aut quis eius aperuit oculos nos nescimus ipsum interrogate aetatem habet ipse de se loquatur
22 Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong.
haec dixerunt parentes eius quia timebant Iudaeos iam enim conspiraverant Iudaei ut si quis eum confiteretur Christum extra synagogam fieret
propterea parentes eius dixerunt quia aetatem habet ipsum interrogate
24 Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.”
vocaverunt ergo rursum hominem qui fuerat caecus et dixerunt ei da gloriam Deo nos scimus quia hic homo peccator est
25 Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!”
dixit ergo ille si peccator est nescio unum scio quia caecus cum essem modo video
26 Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”?
dixerunt ergo illi quid fecit tibi quomodo aperuit tibi oculos
27 Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?”
respondit eis dixi vobis iam et audistis quid iterum vultis audire numquid et vos vultis discipuli eius fieri
28 Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe.
maledixerunt ei et dixerunt tu discipulus illius es nos autem Mosi discipuli sumus
29 Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.”
nos scimus quia Mosi locutus est Deus hunc autem nescimus unde sit
30 Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa!
respondit ille homo et dixit eis in hoc enim mirabile est quia vos nescitis unde sit et aperuit meos oculos
31 O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one.
scimus autem quia peccatores Deus non audit sed si quis Dei cultor est et voluntatem eius facit hunc exaudit
32 Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu. (aiōn g165)
a saeculo non est auditum quia aperuit quis oculos caeci nati (aiōn g165)
33 Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.”
nisi esset hic a Deo non poterat facere quicquam
34 Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle.
responderunt et dixerunt ei in peccatis natus es totus et tu doces nos et eiecerunt eum foras
35 Erile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a bona monna yo mme a mo raya a re, “A o dumela mo go Mesis?”
audivit Iesus quia eiecerunt eum foras et cum invenisset eum dixit ei tu credis in Filium Dei
36 Mme monna a araba a re, “E mang, rra, gonne ke a batla.”
respondit ille et dixit quis est Domine ut credam in eum
37 Mme Jesu a re, “O mmonye, ebile ke ene yo o buang le wena!”
et dixit ei Iesus et vidisti eum et qui loquitur tecum ipse est
38 Monna a re, “Ee, Morena, Ke a dumela!” mme a obamela Jesu.
at ille ait credo Domine et procidens adoravit eum
39 Mme Jesu a mo raya a re, “E tletse mo lefatsheng go naya ba ba foufetseng mo moweng pono le go kaela ba ba ithayang ba re ba a bona gore ba foufetse.”
dixit ei Iesus in iudicium ego in hunc mundum veni ut qui non vident videant et qui vident caeci fiant
40 Bafarasai ba ba neng eme foo ba botsa ba re, “A wa re re foufetse?”
et audierunt ex Pharisaeis qui cum ipso erant et dixerunt ei numquid et nos caeci sumus
41 Mme Jesu a ba raya a re, “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se molato! Mme lo molato gonne lo ipona gore lo itse se lo se dirang.”
dixit eis Iesus si caeci essetis non haberetis peccatum nunc vero dicitis quia videmus peccatum vestrum manet

< Johane 9 >