< Johane 8 >

1 Mme Jesu a boela kwa Thabeng ya lotlhware,
A Jezus poszedł na Górę Oliwną.
2 mme ya re phakela mo mosong o o latelang a bo a le mo Tempeleng gape. Mme bontsintsi jwa simolola go kokoana, mme a nna fa fatshe a bua nabo.
Potem znowu wcześnie rano przyszedł do świątyni, a cały lud zszedł się do niego. I siadłszy, nauczał ich.
3 Ya re a santse a bua, baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai ba lere mosadi yo o tshwerweng mo boakeng ba mmaya fa pele ga bontsintsi jwa batho jo bo lebeletseng.
I przyprowadzili do niego uczeni w Piśmie i faryzeusze kobietę przyłapaną na cudzołóstwie, a postawiwszy ją pośrodku;
4 Ba raya Jesu ba re, “Moruti, mosadi yo o tshwerwe fela a santse a dira boaka.
Powiedzieli do niego: Nauczycielu, tę kobietę przyłapano na uczynku cudzołóstwa.
5 Molao wa ga Moshe wa re a bolawe. Wa reng ka ga gone?”
W prawie Mojżesz nakazał nam takie kamienować. A ty co mówisz?
6 Ba ne ba leka go mmeela seru sa gore a bue sengwe se ba tlaa mmonang molato ka sone, mme Jesu a inama a kwala mo mmung ka monwana wa gagwe.
A mówili to, wystawiając go na próbę, aby mogli go oskarżyć. Jezus zaś, schyliwszy się, pisał palcem po ziemi.
7 Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, “Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe.”
A gdy nie przestawali go pytać, podniósł się i powiedział do nich: Kto z was jest bez grzechu, niech pierwszy rzuci w nią kamieniem.
8 Mme a inama a kwala gape mo mmung.
I znowu schyliwszy się, pisał po ziemi.
9 Mme baeteledipele ba Sejuta ba ngwangwaela ka bongwe ka bongwe go simolola ka yo mogolo mo go bone go fitlhelela Jesu le mosadi ba sala ba le bosi fa pele ga bontsintsi jwa batho.
A gdy oni to usłyszeli, będąc przekonani przez sumienie, odchodzili jeden po drugim, począwszy od starszych aż do ostatnich. Pozostał tylko sam Jezus i ta kobieta stojąca pośrodku.
10 Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, “Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?”
A Jezus podniósł się i nie widząc nikogo oprócz tej kobiety, powiedział do niej: Kobieto, gdzież są ci, którzy cię oskarżali? Nikt cię nie potępił?
11 Mme mosadi a fetola a re, “Nnyaa rra.” Mme Jesu a mo raya a re, “Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa.”
Ona odpowiedziała: Nikt, Panie. A Jezus powiedział do niej: I ja ciebie nie potępiam. Idź i już więcej nie grzesz.
12 Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, “Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona.”
Jezus znowu powiedział do nich: Ja jestem światłością świata. Kto idzie za mną, nie będzie chodził w ciemności, ale będzie miał światłość życia.
13 Mme Bafarasai ba mo fetola ba re, “O a ikgantsha ebile o bua maaka!”
Powiedzieli więc do niego faryzeusze: Ty świadczysz sam o sobie, a twoje świadectwo nie jest prawdziwe.
14 Jesu a ba raya a re, “Ditshupo tse di boammaaruri le fa ke di bua di raya nna. Gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke go yang, mme ga lo itse kwa ke go tswang le kwa ke go yang.
Odpowiedział im Jezus: Chociaż ja świadczę sam o sobie, [jednak] moje świadectwo jest prawdziwe, bo wiem, skąd przyszedłem i dokąd idę. Lecz wy nie wiecie, skąd przyszedłem i dokąd idę.
15 Lo nkatlhola lo sena mabaka a a utlwalang. Nna ga ke lo atlhole jaanong jaana,
Wy sądzicie według ciała, ale ja nie sądzę nikogo.
16 mme fa ke ne nka lo atlhola, e ne e tlaa bo e le katlholo ya boammaaruri gotlhelele, gonne ke na le Rara yo o nthomileng.
A choćbym i sądził, mój sąd jest prawdziwy, bo nie jestem sam, ale [jestem] ja i Ojciec, który mnie posłał.
17 Melao ya lona ya re fa batho ba le babedi ba dumalana mo go sengwe se se diragetseng, bosupi jwa bone bo amogelwa e le boammaaruri.
A w waszym Prawie jest napisane, że świadectwo dwóch ludzi jest prawdziwe.
18 Mme he, Nna ke mosupi yo mongwe le Rre yo o nthomileng ke mosupi yo mongwe.”
Ja jestem tym, który świadczy sam o sobie i świadczy o mnie Ojciec, który mnie posłał.
19 Mme bone ba botsa Jesu ba re, “Rrago o kae?” Jesu a ba araba a re, “Ga lo nkitse gore ke mang, jalo he, ga lo itse gore Rre ke mang. Fa lo no lo nkitsile, hong le ene lo ka bo lo mo itsele.”
Wtedy zapytali go: Gdzie jest twój Ojciec? Jezus odpowiedział: Nie znacie ani mnie, ani mego Ojca. Gdybyście mnie znali, znalibyście i mego Ojca.
20 Jesu o ne a bua mafoko a a sa ntse a le mo lefelong la Tempele le le bidiwang Ntlo ya Dikhumo. Mme ga a ka a tshwarwa, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa gagwe.
Te słowa mówił Jezus w skarbcu, nauczając w świątyni, a nikt go nie schwytał, bo jeszcze nie nadeszła jego godzina.
21 Kwa morago a ba raya a re, “Ke a tsamaya; mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo dibeng tsa lona. Mme ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng.”
Wówczas Jezus znowu powiedział do nich: Ja odchodzę, a wy będziecie mnie szukać i umrzecie w swoim grzechu. Gdzie ja idę, wy przyjść nie możecie.
22 Bajuta ba botsa ba re, “A o ikaelela go ipolaya? O raya eng fa a re, ‘Ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng’?”
Wtedy Żydzi mówili: Czyż sam się zabije, skoro mówi: Gdzie ja idę, wy przyjść nie możecie?
23 Mme a ba raya a re, “Lo tswa kwa tlase; ke tswa kwa godimo. Lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lona.
I powiedział do nich: Wy jesteście z niskości, a ja jestem z wysoka. Wy jesteście z tego świata, ja zaś nie jestem z tego świata.
24 Ke sone se ke neng ke re lo tlaa swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore Ke Mesia, Morwa Modimo, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
Dlatego wam powiedziałem, że umrzecie w swoich grzechach. Bo jeśli nie uwierzycie, że ja jestem, umrzecie w swoich grzechach.
25 Ba batla go itse, “Re bolelele gore o mang.” A fetola a re, “Ke yo o agang a lo ipolelela malatsi otlhe.
Wtedy zapytali go: Kim ty jesteś? I odpowiedział im Jezus: Tym, kim wam od początku mówię.
26 Ke ne ke ka lo sekisetsa dilo di le dintsi ka ba ka lo ruta di le dintsi, mme ga ke na go dira jalo, gonne ke bua fela se ke se boleletsweng ke yo o nthomileng; yo o boammaaruri.”
Wiele mam o was do powiedzenia i do sądzenia. Ale ten, który mnie posłał, jest prawdziwy, a ja mówię na świecie to, co od niego słyszałem.
27 Mme ba nna ba tlhoka go tlhaloganya gore o ne a bua le bone ka ga Modimo.
Nie zrozumieli jednak, że mówił im o Ojcu.
28 Mme Jesu a re, “E tlaa re lo sena go bolaya Morwa Motho, lo tlaa lemoga gore ke nna tota le gore ke ntse ke sa lo bolelele se ke se intshetsang fela mo tlhaloganyong ya me, mme ke ne ke bua se Rara o se nthutileng.
Dlatego Jezus powiedział do nich: Gdy wywyższycie Syna Człowieczego, wtedy poznacie, że ja jestem, a nie czynię nic sam od siebie, ale mówię to, czego mnie nauczył mój Ojciec.
29 Mme yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntatlha, gonne ke aga ke dira dilo tse di mo itumedisang.”
A ten, który mnie posłał, jest ze mną. Ojciec nie zostawił mnie samego, bo ja zawsze czynię [to], co mu się podoba.
30 Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, “Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng,
Gdy to mówił, wielu uwierzyło w niego.
Wtedy Jezus mówił do tych Żydów, którzy mu uwierzyli: Jeśli będziecie trwać w moim słowie, będziecie prawdziwie moimi uczniami.
32 mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”
I poznacie prawdę, a prawda was wyzwoli.
33 Mme ba re, “Mme re losika lwa ga Aberahame, ga re ise re ke re nne makgoba a ga ope mo lefatsheng! O raya eng fa o re ‘boammaaruri bo tlaa lo golola’?”
Odpowiedzieli mu: My jesteśmy potomstwem Abrahama i nigdy nie służyliśmy nikomu. Jakże [możesz] mówić: Będziecie wolni?
34 Mme Jesu a ba raya a re, “Lo makgoba a sebe, mongwe le mogwe wa lona.
Jezus im odpowiedział: Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam, że każdy, kto popełnia grzech, jest sługą grzechu.
35 Mme makgoba ga a na ditshwanelo, mme Morwa o na le tshwanelo nngwe le nngwe, e e teng! (aiōn g165)
A sługa nie mieszka w domu na wieki, [lecz] Syn mieszka na wieki. (aiōn g165)
36 Jalo fa Morwa a lo golola, lo tlaa gololesega tota.
Jeśli więc Syn was wyzwoli, będziecie prawdziwie wolni.
37 (Ee, ke lemoga gore lo losika lwa ga Aberahame!) Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba leka go mpolaya gonne molaetsa wa me ga o bone boikhutso mo dipelong tsa bone.
Wiem, że jesteście potomstwem Abrahama, lecz usiłujecie mnie zabić, bo moje słowo nie znajduje w was miejsca.
38 Ke lo bolelela se ke se bonyeng fa ke na le Rre. Mme lona lo diragatsa kgakololo ya ga rraa-lona.”
Ja mówię to, co widziałem u mego Ojca, a wy też robicie to, co widzieliście u waszego ojca.
39 Ba re, “Rraa-rona ke Aberahame,” mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa! Fa e ne e le ene, lo ka bo lo tshwana nae.
Odpowiedzieli mu: Naszym ojcem jest Abraham. Jezus im powiedział: Gdybyście byli synami Abrahama, spełnialibyście uczynki Abrahama.
40 Mme mo boemong jwa gore lo tshwane nae lo leka go mpolaya, ka ntlha ya go bo ke lo boleletse boammaaruri jo ke bo utlwileng kwa Modimong. Aberahame o ne o ka seka a dira selo se se ntseng jalo!
Lecz teraz usiłujecie mnie zabić, człowieka, który wam mówił prawdę, którą słyszał od Boga. Tego Abraham nie robił.
41 Nnyaa! Lo obamela rraa-lona tota fa lo dira jalo.” Ba fetola ba re, “Ga re a tsalelwa mo dikgoreng, rraa-rona wa boammaaruri ke Modimo o le osi.”
Wy spełniacie uczynki waszego ojca. Wtedy powiedzieli mu: My nie jesteśmy spłodzeni z nierządu. Mamy jednego Ojca – Boga.
42 Mme Jesu a ba raya a re, “Fa go ne go ntse jalo, lo ka bo lo nthata, gonne ke tsile kwa go lona ke tswa kwa Modimong. Ga ke fano ka go rata ga me, ke ene o nthomileng.
Jezus im powiedział: Gdyby Bóg był waszym Ojcem, miłowalibyście mnie, gdyż ja od Boga wyszedłem i przyszedłem, a nie przyszedłem sam od siebie, ale on mnie posłał.
43 Ke eng fa lo sa kgone go tlhaloganya se ke se buang? Ke ka ntlha ya gore lo kganelwa go dira jalo!
Dlaczego nie pojmujecie tego, co mówię? Dlatego że nie możecie słuchać mojego słowa.
44 Gonne lo bana ba ga rraa-lona ebong Diabolo, jalo he lo rata dilo tse di bosula tse a di dirang. Ene o sale a nna mmolai le mo tshimologong, le Moidi wa boammaaruri, ga go na le fa e le tlhase-nyana ya boammaaruri mo go ene. Fa a bua maaka, ke tlwaelo ya gagwe gonne ke Ramaaka.
Wy jesteście z [waszego] ojca – diabła i chcecie spełniać pożądliwości waszego ojca. On był mordercą od początku i nie został w prawdzie, bo nie ma w nim prawdy. Gdy mówi kłamstwo, mówi od siebie, bo jest kłamcą i ojcem kłamstwa.
45 Mme jalo fa ke bua boammaaruri, ga lo dumele ka ntlha ya ka fa lo tlholegileng ka teng!
A ponieważ ja mówię prawdę, nie wierzycie mi.
46 “Ke ofe wa lona yo o ka mpayang molato wa sebe? [Ga gona ope!] Mme ka ke lo bolelela boammaaruri, ke eng fa lo sa ntumele?
Któż z was obwini mnie o grzech? Jeśli mówię prawdę, dlaczego mi nie wierzycie?
47 Le fa e le mang yo e leng gore rraagwe ke Modimo o reetsa mafoko a Modimo ka boitumelo. Mme ka lo sa reetse, go supa fa lo se bana ba one.”
Kto jest z Boga, słucha słów Bożych. Wy dlatego nie słuchacie, że nie jesteście z Boga.
48 Mme baeteledipele ba Sejuta ba goa ba re, “Mosamarea ke wena! Motswakwa! Diabolo! A ga re a go bolelela ra re o tsenwe ke mowa o o maswe?”
Wtedy Żydzi mu odpowiedzieli: Czy nie dobrze mówimy, że jesteś Samarytaninem i masz demona?
49 Jesu a re, “Nnyaa, ga ke a tsenwa ke mowa o o maswe. Gonne ke tlotla Rre, mme nna ga lo ntlotle?
Jezus odpowiedział: Ja nie mam demona, ale czczę mego Ojca, a wy mnie znieważacie.
50 Mme le fa ke sa eletse go ikgodisa, Modimo o mpatlela selo se ebile o atlhola ba ba sa mpatleng.
Ja nie szukam swojej chwały. Jest ktoś, kto szuka i sądzi.
51 Ka tlhomamiso yotlhe ke lo raya ke re, ga go na ope yo o ntheetsang yo o tlaa swang!” (aiōn g165)
Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam: Jeśli ktoś będzie zachowywał moje słowa, nigdy nie ujrzy śmierci. (aiōn g165)
52 Baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Jaanong re itse gore o tsenwe ke mowa o o maswe. Le Aberahame tota le baporofiti ba bagolo ba sule, mme wena wa re fa re go obamela ga re kitla re e swa! (aiōn g165)
Wtedy Żydzi powiedzieli do niego: Teraz wiemy, że masz demona. Abraham umarł i prorocy, a ty mówisz: Jeśli ktoś będzie zachowywał moje słowa, nigdy nie skosztuje śmierci. (aiōn g165)
53 Jalo he, a o mogolo mo go rraa-rona Aberahame yo o suleng? Gape a o mogolo mo baporofiting ba ba suleng? O ikgopola gore o eng.”
Czy ty jesteś większy od naszego ojca Abrahama, który umarł? I prorocy poumierali. Kim ty się czynisz?
54 Hong Jesu a ba raya a re, “Fa e le gore ke a ikgodisa, ga go reye sepe. Mme Modimo ke Rre, mme lwa re Modimo ke wa lona, yo o buang dilo tse di galalelang tse ka ga me.
Jezus odpowiedział: Jeśli ja sam siebie chwalę, moja chwała jest niczym. Mój Ojciec jest [tym], który mnie chwali, o którym wy mówicie, że jest waszym Bogiem.
55 Mme le fa e le go mo itse ga lo mo itse. Nna ke a mo itse. Fa e le gore ke buile ka tsela nngwe, ke tlaa bo ke mo obamela ka botlalo.
Lecz nie znacie go, a ja go znam. I jeślibym powiedział, że go nie znam, byłbym podobnym do was kłamcą. Ale znam go i zachowuję jego słowa.
56 Rraa-lona Aberahame o itumeletse go bona letsatsi la me. O ne a itse gore ke e tla mme a itumela.”
Abraham, wasz ojciec, z radością pragnął ujrzeć mój dzień. I ujrzał, i radował się.
57 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ga o ise o bo o nne dingwaga di le masome matlhano, tota ga o ise o ke o bone Aberahame!”
Wówczas Żydzi powiedzieli do niego: Pięćdziesięciu lat jeszcze nie masz, a Abrahama widziałeś?
58 Mme Jesu a re, “Boammaaruri jotlhe ke gore ke ne ke sale ke tshedile pele ga Aberahame a tsalwa!”
Jezus im odpowiedział: Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam: Zanim Abraham był, ja jestem.
59 Gone fela foo baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. Mme a ba iphitlhela, a ba ralala a tswa mo Tempeleng.
Wtedy porwali kamienie, aby w niego rzucać. Jezus jednak ukrył się i wyszedł ze świątyni, przechodząc między nimi, i tak odszedł.

< Johane 8 >