< Johane 7 >

1 Erile morago ga mo, Jesu a ya Galalea, a tsena motse le motsana gonne o ne a batla go nna ka kwa ntle ga Judea kwa Bajuta ba neng ba mo logela leano la go mmolaya teng.
Після цього Ісус ходив по Галілеї. В Юдею Він не йшов, адже юдеї хотіли вбити Його.
2 Mme jaana ya bo e le lobaka lwa Mediro ya Metlaagana letsatsi lengwe la ngwaga la boitapoloso la Sejuta.
Коли наближалося юдейське свято Кущів,
3 Mme bomonnaa Jesu ba mo tlhotlheletsa gore a ye kwa Judea kwa medirong. Ba mo raya ka tshotlo ba re, “Ya kwa batho ba bantsi ba ka bonang dikgakgamatso tsa gago gone!
брати [Ісуса] сказали Йому: ―Іди звідси в Юдею, щоб і Твої учні побачили діла, які Ти робиш.
4 Ga o ka ke wa tuma fa o iphitlha jaana! Fa o le mogolo jaana, itshupegetse lefatshe!”
Адже ніхто не робить своїх вчинків таємно, якщо шукає визнання. Якщо Ти робиш це, покажи Себе світові!
5 Gonne le bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene.
Бо навіть Його брати не вірили в Нього.
6 Jesu a fetola a re, “Ga e ise e nne nako e e ntshwanetseng gore ke ye teng. Mme lona lo ka nna lwa tsamaya nako nngwe fela ga go na go dira pharologanyo epe mo go lona.
Тоді Ісус сказав їм: ―Мій час ще не настав, але для вас час завжди готовий.
7 Gonne lefatshe ga le ka ke la lo ila; mme nna le a nkila gonne ke le bona molato kaga sebe le bosula.
Світ не може ненавидіти вас, Мене ж ненавидить, бо Я свідчу про те, що його діла лихі.
8 Lona tsamayang, ke tlaa tla kwa morago fa nako e setse e siame.”
Ви йдіть на свято; Я ж [поки] не піду на це свято, бо Мій час ще не настав.
9 Jalo a sala mo Galalea.
Сказавши це, Ісус залишився в Галілеї.
10 Mme erile bomonnawe ba sena go ya moletlong, le ene a tsamaya, le fa go ntse jalo a ngwangwaela a sa bonwe ke ope.
Та коли Його брати пішли на свято, Він теж пішов, але не відкрито, а таємно.
11 Baeteledipele ba Sejuta ba leka go mo senka kwa moletlong mme ba nna ba botsa gore a ope ga a ise a ke a mmone.
На святі юдеї шукали Його й казали: «Де Він?»
12 Go ne, go na le ditlotlo tse dintsi kaga gagwe mo bathong. Bangwe ba re, “Ke monna yo o gakgamatsang,” fa ba bangwe bone ba ne ba re, “Nnyaa, o timetsa batho.”
У народі було багато чуток про Ісуса. Деякі казали, що Він хороший, а інші – що Він обманює людей.
13 Mme ga bo go sena motho ope yo o neng a na le maikaelelo a go mmuelela mo pontsheng ka ntlha ya go tshaba ipusolosetso ya baeteledipele ba Sejuta.
Однак відкрито ніхто про Нього не говорив через страх перед юдеями.
14 Mme erile go setse go le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng mme a feta a ruta mo pontsheng.
Перша частина свята вже пройшла, коли Ісус прийшов у Храм і почав навчати.
15 Baeteledipele ba Sejuta ba hakgamala fa ba mo utlwa, mme ba botsanya ba re, “Ke eng fa a itse thata jaana mme a ise a ke a tsene dikole tsa rona?”
Юдеї дивувались та казали: ―Звідки Він стільки знає, адже ніколи не навчався?
16 Mme Jesu a ba raya a re, “Ga ke lo rute megopolo ya me, fa e se ya Modimo o o nthomileng.
Ісус відповів їм: ―Те, чого Я навчаю, не від Мене, а від Того, Хто надіслав Мене.
17 Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela.
Якщо хтось хоче чинити волю Божу, то дізнається: від Бога Моє вчення чи Я говорю від Себе.
18 Le fa e le mang yo o ntshang megopolo ya gagwe o a bo a ipuisa a batla go galalediwa, mme yo o batlang go tlotla yo o mo romileng, ke motho yo o siameng yo o boammaaruri.
Хто говорить від Себе, той шукає славу самому собі, а Хто шукає славу Тому, Хто послав Його, той правдивий, і немає в ньому неправди.
19 Ga go na ope wa lona yo o obamelang melao ya ga Moshe! Jalo ke eng fa lo ntshwaya phoso ka go sa e obameleng? Ke eng fa lo mpolaela go dira jaana?”
Хіба Мойсей не дав вам Закон? Однак ніхто з вас не дотримується Закону. Чому ви хочете вбити Мене?
20 Mme bontsi jwa batho jwa fetola jwa re, “O a tsenwa! Yo o lekang go go bolaya ke mang?”
Натовп відповів: ―Ти одержимий демоном! Хто хоче Тебе вбити?
21 Jesu a fetola a re, “Ke dirile go le Sabata ke fodisa motho, mme lo ne lwa hakgamala. Mme le lona lo dira go le Sabata, fa lo obamela molao wa ga Moshe wa go rupisa (tota, le gale, mokgwa o wa go rupisa o mogologolo go na le molao wa ga Moshe); ka gore fa nako e e siameng ya go rupisa bana ba lona e tla go le Sabata, lo tswelela pele lo rupisa, jaaka lo tshwanetse. Jaanong ke eng fa ke atlholelwa go fodisa motho go le Sabata?
Ісус сказав їм у відповідь: ―Я вчинив одне чудо, і ви всі дивуєтеся.
Мойсей дав вам обрізання (хоча обрізання не від Мойсея, а від праотців), і ви обрізаєте дітей у Суботу.
Якщо чоловік може бути обрізаний у Суботу, щоб не був порушений Закон Мойсея, то чому ви гніваєтесь на Мене за те, що Я повністю зцілив чоловіка в Суботу?
24 Aka-nyang selo se mme lo tlaa bona gore ke bolelela ruri.”
Не судіть із вигляду, а судіть справедливим судом.
25 Bangwe ba batho ba ba neng ba nna koo mo Jerusalema ba buisanya ba re, “A monna yo ga se ene yo ba lekang go mmolaya?
Тоді деякі мешканці Єрусалима почали запитувати: ―Чи це не Той, Кого вони хочуть вбити?
26 Mme ke yo fa, o rera mo mpepeneneng, ga ba mo reye sepe. A e kane e le gore baeteledipele ba rona ba bonye gore ke Mesia tota?
Ось Він говорить прямо, і ніхто Йому нічого не каже. Можливо, керівники справді дізналися, що Він Христос?
27 Mme o ka nna Mesia jang? Gonne re itse kwa monna yo a tsaletsweng teng; fa Keresete ene a tla, o tlaa bonala fela mme ga gona ope yo o tlaa itseng kwa o tswang teng.”
Але ми знаємо, звідки Він, а коли прийде Христос, то ніхто не буде знати, звідки Він.
28 Mme Jesu mo therong ya gagwe mo Tempeleng a goa a re, “Ee, lo a nkitse le kwa ke tsaletsweng gone le kwa ke neng ka godisediwa gone, mme ke moemedi wa mongwe yo lo sa mo itseng, mme ene o Boammaaruri.
Тоді Ісус, навчаючи в Храмі, голосно сказав: ―Ви Мене знаєте? І навіть знаєте, звідки Я? Адже Я не прийшов від Себе. Той, Хто послав Мене, правдивий, але ви Його не знаєте.
29 Ke a mo itse nna ka gore ke ne ke na nae, mme o nthomile mo go lona.”
Я Його знаю, бо Я від Нього, і Він Мене послав.
30 Mme baeteledipele ba Sejuta ba batla go mo tshwara, le fa go ntse jalo ga se ka ga nna letsogo le le mo amang, gonne nako e a e beetsweng ke Modimo e ne e ise e nne yone.
Вони намагалися схопити Ісуса, але ніхто не наклав на Нього рук, тому що Його час ще не настав.
31 Ba le bantsi mo bontsintsing jwa batho kwa Tempeleng ba dumela mo go ene ba re, “Oai, lo solofela dikgakgamatso dife mo go Mesia tse monna yo a sa di dirang?”
Багато людей з натовпу увірували в Нього й казали: ―Хіба коли прийде Христос, то зробить ще більші знамення, ніж зробив Цей [Чоловік]?
32 Erile Bafarasai ba utlwa gore bontsintsi bo ne bo le mo mogopolong o, bone le ditlhogo tsa baperesiti ba romela mapodise a Tempele go tshwara Jesu.
Чутки про Нього дійшли до фарисеїв, тож вони та первосвященники послали слуг, щоб схопити Його.
33 Mme Jesu a ba raya a re, “Ga e ise e nne nako! Ke tshwanetse go nna fa ka lobakanyana. Hong ke gone ke tlaa boelang kwa go yo o nthomileng.
Ісус сказав їм: ―Ще трохи часу буду з вами та повернуся до Того, Хто послав Мене.
34 Lo tlaa mpatla mme ga lo na go mpona, gape ga lo na go kgona go tla kwa ke gone!”
Ви будете шукати Мене, але не знайдете. І туди, де Я буду, ви не зможете прийти.
35 Baeteledipele ba Sejuta ba akabadiwa ke polelo e, mme ba botsanya ba re, “O ikaelela go ya kae? Kgotsa o akanya go tswa mo kgaolong e a tsamaya e le moruti mo Bajuteng mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe, kgotsa le fa e le kwa go Badichaba!
Тоді юдеї казали між собою: ―Куди це Він збирається піти, що ми не знайдемо Його? Може, Він збирається піти до розсіяних серед греків і навчати греків?
36 O raya eng fa a re, re tlaa mmatla mme ga re na go mmona, le gore, ‘Ga lo kitla lo kgona go tla kwa ke leng teng?’”
Що то за слово, яке Він сказав: «Ви будете шукати Мене, але не знайдете» і «Туди, де Я буду, ви не зможете прийти»?
37 Mo letsatsing la bofelo, e le pheletso ya malatsi a boitapoloso, Jesu a goela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Le fa e le mang yo o nyorilweng, a a tle kwa go nna a nwe.
В останній та головний день свята Ісус піднявся та голосно промовив: ―Якщо хтось хоче пити, нехай приходить до Мене і п’є!
38 Gonne dikwalo tsa re dinoka tsa metse a a tshedileng di tlaa elela ditswa mo teng ga yoo o dumelang mo go nna.”
Хто вірить у Мене, як каже Писання, у того з серця потечуть ріки живої води.
39 (O ne a bua ka Mowa O O Boitshepo, o o tlaa newang mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene; mme Mowa o ne o ise o abiwe, gonne Jesu o ne a ise a boele kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong).
Це Він казав про Духа, Якого мали прийняти ті, хто повірив у Нього. Адже Дух ще не був дарований, бо Ісус ще не був прославлений.
40 Erile bontsintsi bo utlwa a buajaana, bangwe ba bone ba re, “Ammaaruri monna yo ke moporofiti yo o tlaa tlang pele ga Mesia.”
Декотрі люди з натовпу, почувши слова Ісуса, сказали: ―Він дійсно Пророк!
41 Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.”
Інші казали: ―Він – Христос! А ще інші казали: ―Хіба Христос прийде з Галілеї?
Чи Писання не каже, що Христос прийде з роду Давида, з Віфлеєма, із села, звідки був Давид?
43 Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe.
Тож через Нього сталося в народі розділення.
44 Mme bangwe ba batla gore a tshwarwe mme ga seka ga nna ope yo o mo amang ka letsogo.
Дехто з них хотів схопити Його, але ніхто не наклав на Нього рук.
45 Mapodisi a Tempele a a neng a romilwe go mo tshwara a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarasai. Mme tsa feta tsa ba botsa tsa re, “Ke eng lo ne lo sa tle le ene?”
Коли слуги повернулися до фарисеїв та первосвященників, ті запитали їх: ―Чому ви не привели Його?
46 Mme mapodisi a dumaduma a re, “O bua dilo tse di hakgamatsang! Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.”
Слуги відповіли: ―Ще ніхто не говорив так, як Цей Чоловік!
47 Mme Bafarasai ba fetola ka tshotlo ba re, “Go raya gore le lona lo timeditswe?”
Фарисеї запитали: ―Невже Він вас обманув?
48 “A go na le mongwe mo go rona babusi ba Sejuta kgotsa Bafarasai yo o dumelang fore Jesu ke Mesia?
Хіба хоч хтось із керівників або фарисеїв повірив у Нього?
49 Bontsintsi jo jwa dieleele bo a dumela, ee, mme baitse ka ga gone? Le gale ba hutsegile!”
А народ, який не знає Закону, – проклятий!
50 Mme Nikodemo a bua. (A lo a mo gakologelwa? Ke ene yole yo e neng e le moeteledipele wa Sejuta yo o neng a tla ka sephiri go tla go buisanya le Jesu),
Никодим, який був одним із них і раніше приходив до Ісуса, сказав:
51 A botsa a re, A go ka fa molaong go atlhola motho pele ga a sekisiwa?
―Хіба наш Закон засуджує людину, не вислухавши її спочатку й не дізнавшись, що вона робить?
52 Mme ba mo gakalela ba re, “A le wena o Mogalalea yo o tlhomolang pelo? Tlhatlhoba dikwalo o iponele, ga go na baporofiti ba ba tlaa tswang kwa Galalea!”
Вони відповіли: ―Ти теж із Галілеї? Досліди [Писання] й побачиш, що Пророк не приходить із Галілеї.
53 Mme phuthego ya phatlalala mongwe le mongwe a ya gae.
І розійшлися кожен до свого дому.

< Johane 7 >