< Johane 6 >

1 Morago ga mo, Jesu a kgabaganya Lewatle la Galalea, le le itsegeng gape ka leina la Tiberia.
Potem Jezus odszedł za Morze Galilejskie, [czyli] Tyberiadzkie.
2 Mme bontsi jo bogolo jwa batho, jo bontsi jwa bone e neng e le batsamai ba ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba bo ba mo setse mo-rago gongwe le gongwe kwa a yang teng, go mmona a fodisa balwetse. Mme erile Jesu a sena go tlha-tlogela mo thabeng a nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba mo dikaganyeditse, mme a tloga a bona bontsi jo bogolo jwa batho bo tlhatloga thaba bo mo senka. Hong a retologela kwa go Filipo a mo raya a re, “Filipo, re ka reka senkgwe kae go fa batho ba botlhe?”
A szedł za nim wielki tłum, bo widzieli cuda, które czynił na chorych.
3
I wszedł Jezus na górę, i usiadł tam ze swoimi uczniami.
4
A zbliżała się Pascha, święto żydowskie.
5
Wtedy Jezus, podniósłszy oczy i ujrzawszy, że mnóstwo ludzi idzie do niego, zapytał Filipa: Gdzie kupimy chleba, aby oni [mogli] jeść?
6 (O ne a leka Filipo, gonne o ne a setse a itse se a neng a ya go se dira).
Ale mówił [to], wystawiając go na próbę. Wiedział bowiem, co miał czynić.
7 Filipo a fetola a re, “Go tlaa lopa madi a mantsi thata go simolola go dira jalo!”
Filip mu odpowiedział: Za dwieście groszy nie wystarczy dla nich chleba, choćby każdy z nich wziął [tylko] trochę.
8 Mme Anderea, monnaa Simone Petoro, a bua a re, “Go na le mosimanyana fano yo o tshotseng dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi! Mme go ka thusang fa batho ba le bantsi jaana?”
Jeden z jego uczniów, Andrzej, brat Szymona Piotra, powiedział do niego:
9
Jest tu jeden chłopiec, który ma pięć chlebów jęczmiennych i dwie rybki. Ale cóż to jest na tak wielu?
10 Mme Jesu a ba raya a re, “Rayang mongwe le mongwe a nne fa fatshe,” mme botlhe fela ba nna fa fatshe mo bojannye, mme palo ya banna ba le bosi e ne e ka nna dikete di le tlhano.
Wtedy Jezus powiedział: Każcie ludziom usiąść. A było dużo trawy na tym miejscu. Usiedli więc mężczyźni w liczbie około pięciu tysięcy.
11 Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora!
Wówczas Jezus wziął te chleby i podziękowawszy, rozdał uczniom, a uczniowie siedzącym. Podobnie i z tych rybek, ile tylko chcieli.
12 Mme Jesu a ba raya a re, “Kokoanyang masalela, gore le fa e le sepe se seka sa latlhwa.”
A gdy się nasycili, powiedział do swoich uczniów: Zbierzcie kawałki, które zostały, żeby nic nie przepadło.
13 Mme diroto di le lesome le bobedi tsa tlala masalela ao!
Zebrali więc i napełnili dwanaście koszy kawałkami, które zostały z tych pięciu chlebów jęczmiennych po tych, którzy jedli.
14 Erile fa batho ba lemoga kgakgamatso e tona tona eo e e diragetseng, ba bua ka kgakgamalo ba re, “Ammaaruri, ke mopopofiti yo re ntseng re mo solofetse!”
A ci ludzie, ujrzawszy cud, który uczynił Jezus, mówili: To jest prawdziwie ten prorok, który miał przyjść na świat.
15 Mme erile ka go bua jalo, Jesu a bona gore ba ipaakanyeditse go mo tsaya ka pateletso go mo dira kgosi ya bone, hong a tlhatlogela kwa godimo mo dithabeng a le nosi.
Wtedy Jezus, poznawszy, że mieli przyjść i porwać go, aby go obwołać królem, odszedł znowu sam jeden na górę.
16 Mo maabanyaneng ao barutwa ba gagwe ba fologela kwa lotshitshing go mo emela teng.
A gdy był wieczór, jego uczniowie zeszli nad morze;
17 Mme erile go nna lefifi Jesu a ise a tle, ba tsena mo mokorong ba kgabaganya lewatle go ya Kaperenama.
Wsiedli do łodzi i płynęli na drugi brzeg, do Kafarnaum. Było już ciemno, a Jezus jeszcze do nich nie przybył.
18 Mme ka bofefo ga tsoga phefo e kgolo thata mo lewatleng, ya ba tsubutletsa le mokoro o ba neng ba o kgweetsa, le lewatle la rwalelesega. Mme le fa go ntse jalo, erile ba ka ne ba tsamaile bommaele ba le bararo kgotsa ba le bane, ka tshoganetso ba bona Jesu a tsamaela ntlheng ya mokoro! Mme ba tshoga thata,
A kiedy powstał wielki wiatr, morze zaczęło się burzyć.
Gdy odpłynęli na około dwadzieścia pięć lub trzydzieści stadiów, ujrzeli Jezusa chodzącego po morzu i zbliżającego się do łodzi i zlękli się.
20 mme a ba bitsa a re se boifeng.
A on powiedział do nich: [To] ja jestem, nie bójcie się.
21 Mme ba eletsa go mo tseela mo teng, mme ka bofefo mokoro wa goroga kwa ba neng ba ya teng!
Wzięli go więc chętnie do łodzi i natychmiast łódź przypłynęła do ziemi, do której płynęli.
22 Mme ya re mo mosong o o latelang, morago ga ba kgabaganya lecha, bontsintsi jwa batho jwa simolola go phuthaganela mo lotshitshing (bo emetse go bona Jesu). Gonne ba ne ba itse gore barutwa ba ne ba tsamaile ka mokoro wa bone ba mo tlogela kwa morago. Mekoro e mennye e le mentsinyana e e tswang kwa Tiberia e ne e le gautshwane,
Nazajutrz ludzie, którzy byli po drugiej stronie morza, zobaczyli, że tam nie było innej łodzi, tylko ta jedna, do której wsiedli jego uczniowie, i że Jezus nie wsiadł do łodzi ze swoimi uczniami, ale jego uczniowie odpłynęli sami.
(Przypłynęły też inne łodzie z Tyberiady w pobliże tego miejsca, gdzie jedli chleb, gdy Pan złożył dziękczynienie.)
24 mme erile batho ba bona gore Jesu o ne a seyo foo, le fa e le barutwa ba gagwe, ba tsena mo mekorong ba kgabaganyetsa kwa Kaperenama go ya go mo senka teng.
Gdy więc ludzie zobaczyli, że tam nie było Jezusa ani jego uczniów, wsiedli i oni do łodzi i przeprawili się do Kafarnaum, szukając Jezusa.
25 Erile fa ba goroga ba mmona ba re, “Morena o tsile fano jang?”
Kiedy znaleźli go po drugiej stronie morza, zapytali: Mistrzu, kiedy tu przybyłeś?
26 Jesu a ba fetola a ba raya a re, “Boammaaruri jwa potso ya lona ke gore lo batla go nna le nna gonne ke lo file dijo, e seng ka ntlha ya gore lo dumela mo go nna.
Jezus im odpowiedział: Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam: Szukacie mnie nie dlatego, że widzieliście cuda, ale dlatego, że jedliście chleb i nasyciliście się.
27 Jalo he, ga lo a tshwanela go baya mo dilong tse di nyelelang jaaka dijo. Nnyaa, dirisang nonofo ya lona ka go batla botshelo jo bo sa khutleng jo nna Morwa Motho ke ka bo lo nayang. Gonne Modimo Rara o nthomile gone go dira jalo.” (aiōnios g166)
Zabiegajcie nie o pokarm, który ginie, ale o pokarm, który trwa ku życiu wiecznemu, który wam da Syn Człowieczy. Jego bowiem zapieczętował Bóg Ojciec. (aiōnios g166)
28 Mme ba mo fetola ba re, “Re tshwanetse go dira eng go itumedisa Modimo?”
Wtedy zapytali go: Cóż mamy robić, abyśmy wykonywali dzieła Boga?
29 Jesu a ba raya a re, “Go rata ga Modimo ke gore lo dumele mo go yo o mo romileng.”
Odpowiedział im Jezus: To jest dzieło Boga, abyście wierzyli w [tego], którego on posłał.
30 Ba fetola ba re, “O tshwanetse go re bontsha dikgakgamatso tse dingwe fa o batla gore re dumele gore o Mesia. Re fe dijo mahala malatsi otlhe, jaaka borraa rona ba ne ba di fiwa fa ba tsamaya ba raletse sekaka! Fela jaaka dikwalo di re, ‘Moshe o ba neetse senkgwe se se tswang legodimong’.”
Powiedzieli mu więc: Jaki znak czynisz, abyśmy widzieli i wierzyli tobie? Cóż czynisz?
Nasi ojcowie jedli mannę na pustyni, jak jest napisane: Chleb z nieba dał im do jedzenia.
32 Jesu a ba raya a re, “Moshe ga a ise a ke a se ba neele. Rre ke ene yo a neng a se ba naya. Mme jaanong o lo fa senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong.
Wtedy Jezus im odpowiedział: Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam: Nie Mojżesz dał wam chleb z nieba, ale mój Ojciec daje wam prawdziwy chleb z nieba.
33 Senkgwe sa boammaaruri ke Motho, yo o romilweng ke Modimo a tswa legodimong, mme ene o neela lefatshe botshelo.”
Chlebem Boga bowiem jest ten, który zstępuje z nieba i daje światu życie.
34 Mme ba mo raya ba re, “Morena, re nnele senkgwe se mo matshelong a rona malatsi otlhe!”
Wtedy powiedzieli do niego: Panie, dawaj nam zawsze tego chleba.
35 Mme Jesu a re, “Ke nna Senkgwe sa Botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go nna yo o tlaa tlholang a bolawa ke tlala gape. Ba ba dumelang mo go nna ga ba kitla ba tlhola ba nyorwa.
I odpowiedział im Jezus: Ja jestem chlebem życia. Kto przychodzi do mnie, nie będzie głodny, a kto wierzy we mnie, nigdy nie będzie odczuwał pragnienia.
36 Mme molato fela ke gore, jaaka ke lo boleletse pele, ga lo dumele le fa tota lo mponye.
Ale wam powiedziałem: Chociaż widzieliście mnie, nie wierzycie.
37 Mme bangwe ba Rara a ba nneileng ba tlaa tla kwa go nna mme ga nkitla ke ba gana.
Wszystko, co mi daje Ojciec, przyjdzie do mnie, a tego, który przyjdzie do mnie, nie wyrzucę precz.
38 Gonne ke tsile fano ke tswa legodimong go tla go dira go rata ga Modimo o o nthomileng, e seng go rata ga me.
Zstąpiłem bowiem z nieba nie [po to], żeby czynić swoją wolę, ale wolę tego, który mnie posłał.
39 Mme mo ke go rata ga Modimo go re, ‘Ke seka ka latlhegelwa le fa e le ke a le mongwe fela mo go botlhe ba o ba nneileng, mme e leng gore ke ba tsosetse botshelong jo bo sa khutleng ka Letsatsi la Bofelo.’
A to jest wola Ojca, który mnie posłał, abym nie stracił nic z tego wszystkiego, co mi dał, ale abym to wskrzesił [w] dniu ostatecznym.
40 Gonne ke go rata ga ga Rre gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwawe a ba a dumela mo go ene o tshwanetse go nna le botshelo jo bo sa khutleng, gore ke tle ke mo tsose ka Letsatsi la Bofelo.” (aiōnios g166)
I to jest wola tego, który mnie posłał, aby każdy, kto widzi Syna i wierzy w niego, miał życie wieczne, a ja go wskrzeszę [w] dniu ostatecznym. (aiōnios g166)
41 Hong Bajuta ba simolola go mo ngongoregela, gonne a re ke Senkgwe se se tswang legodimong.
Wtedy szemrali Żydzi o nim, bo powiedział: Ja jestem chlebem, który zstąpił z nieba.
42 Ba hakgamala ba re, “A reng? Gonne re mo itse e le Jesu fela, morwa Josefa yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng. O rayang fa a re o fologile kwa legodimong?”
I mówili: Czyż to nie jest Jezus, syn Józefa, którego ojca i matkę znamy? Jakże więc on może mówić: Zstąpiłem z nieba?
43 Mme Jesu a fetola a re, “Se ngongoregeng ka ntlha ya go bua ga me jalo.
Wtedy Jezus im odpowiedział: Nie szemrajcie między sobą.
44 Gonne ga go ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara yo o nthomileng a mo gogela kwa go nna, mme ka Letsatsi la Bofelo ke tlaa mo tsosa.
Nikt nie może przyjść do mnie, jeśli go nie pociągnie [mój] Ojciec, który mnie posłał. A ja go wskrzeszę w dniu ostatecznym.
45 Jaaka go kwadilwe mo Dikwalong, ‘Botlhe ba tlaa rutwa ke Modimo.’ Ba Rara o buang nabo, ba ba ithutang boammaaruri mo go ene, ba tlaa tla kwa go nna.
Napisane jest u Proroków: I wszyscy będą wyuczeni przez Boga. Każdy więc, kto słyszał od Ojca i nauczył się, przychodzi do mnie.
46 (Ga go ope yo o bonyeng Rara, ke nna fela yo ke mmonyeng).
Nie jakby ktoś widział Ojca, oprócz tego, który jest od Boga; ten widział Ojca.
47 “Ke bua ka go gatelela ke re, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o setse a na le botshelo jo bo sa khutleng! (aiōnios g166)
Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam: Kto wierzy we mnie, ma życie wieczne. (aiōnios g166)
48 Ee, ke senkgwe sa botshelo.
Ja jestem tym chlebem życia.
49 Go ne go sena botshelo bope mo senkgweng se, se se neng se tswa mo loaping, se se neng sa neelwa borraeno mo sekakeng, gonne botlhe ba ne ba a swa.
Wasi ojcowie jedli mannę na pustyni, a poumierali.
50 Mme go na le senkgwe tota se se tswang legodimong se se nayang mongwe le mongwe yo o se jang botshelo jo bo sa khutleng.
To jest ten chleb, który zstępuje z nieba, aby ten, kto go je, nie umarł.
51 Mme ke sone senkgwe seo se se tshelang se se fologileng kwa Legodimong. Le fa e le mang yo o jang senkgwe se o tlaa tshelela ruri; mmele wa me ke sone senkgwe se, se ntsheditswe go golola batho.” (aiōn g165)
Ja jestem chlebem żywym, który zstąpił z nieba. Jeśli ktoś będzie jadł z tego chleba, będzie żył na wieki. A chleb, który ja dam, to moje ciało, które ja dam za życie świata. (aiōn g165)
52 Hong Bajuta ba simolola go ganetsanya kaga se a se rayang. Ba re, “Monna yo o ka re naya nama ya gagwe gore re e je?”
Żydzi więc sprzeczali się między sobą i mówili: Jakże on może dać nam swoje ciało do jedzenia?
53 Hong Jesu a ipoeletsa a re, “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ke lo raya, ke re: fa lo sa je nama ya Morwa Motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo ka ke lwa nna le botshelo jo bo sa khutleng mo go lona.
I powiedział im Jezus: Zaprawdę, zaprawdę powiadam wam: Jeśli nie będziecie jeść ciała Syna Człowieczego i pić jego krwi, nie będziecie mieć życia w sobie.
54 Mme le fa e le mang yo o jang nama ya me a ba a a nwa le madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tlaa mo tsosa ka Letsatsi la Bofelo. (aiōnios g166)
Kto je moje ciało i pije moją krew, ma życie wieczne, a ja go wskrzeszę w dniu ostatecznym. (aiōnios g166)
55 Gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri, le madi ke seno sa boammaaruri.
Moje ciało bowiem prawdziwie jest pokarmem, a moja krew prawdziwie jest napojem.
56 “Mongwe le mongwe yo o jang nama ya me a ba a a nwa madi a me o mo go nna, le nna ke mo go ene.
Kto je moje ciało i pije moją krew, mieszka we mnie, a ja w nim.
57 Ke tshela ka nonofo ya ga Rara yo o tshelang yo o nthomileng, mme fela jalo ba ba njang le bone ba tlaa tshela ka ntlha ya me!
Jak mnie posłał żyjący Ojciec i ja żyję przez Ojca, [tak] kto mnie spożywa, będzie żył przeze mnie.
58 Ke Senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong; mme le fa e le mang yo o jang Senkgwe se, o tlaa tshelela ruri, a sa swe jaaka borraeno ba ne ba a swa, le fa ba ne ba jele senkgwe se se tswang legodimong.” (aiōn g165)
To jest ten chleb, który zstąpił z nieba. Nie jak wasi ojcowie jedli mannę, a pomarli. Kto je ten chleb, będzie żył na wieki. (aiōn g165)
59 (A rera thero e mo ntlung ya thuto mo Kaperenama).
To mówił w synagodze, nauczając w Kafarnaum.
60 Le barutwa ba gagwe tota ba re, “Golo mo go thata go tlhaloganngwa. Ke mang yo o ka thalosang se a se rayang?”
Wielu więc z jego uczniów, słysząc to, mówiło: Twarda to jest mowa, któż jej może słuchać?
61 Jesu a itse mo pelong ya gagwe gore barutwa ba gagwe ba ne ba ngongorega mme a ba raya a re, “A golo mo go a lo kgopisa?
Ale Jezus świadomy tego, że jego uczniowie o tym szemrali, powiedział do nich: To was obraża?
62 Mme lo tlaa akanya eng fa lo mpona, Morwa Motho, ke boela kwa legodimong gape?
Cóż [dopiero], gdybyście ujrzeli Syna Człowieczego wstępującego tam, gdzie był przedtem?
63 Mowa O O Boitshepo ke one fela o o nayang botshelo jo bo sa khutleng. Ba ba tsetsweng gangwe fela ka tsalo ya senama, ga ba kitla ba amogela mpho e. Mme jaanong ke lo boleletse ka fa lo ka nnang le botshelo jo jwa semowa ka teng.
Duch jest tym, który ożywia, ciało nic nie pomaga. Słowa, które ja wam mówię, są duchem i są życiem.
64 Mme bangwe ba lona ga ba ntumele.” (Gonne Jesu o ne a sale a itse kwa tshimologong ba ba neng ba sa dumele le yo o tlaa mo okang).
Lecz są wśród was tacy, którzy nie wierzą. Jezus wiedział bowiem od początku, którzy nie wierzyli i kto miał go zdradzić.
65 Mme a re, “Ke sone se ke neng ke se raya fa ke re ga go na ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara a mo lere kwa go nna.”
I mówił: Dlatego wam powiedziałem, że nikt nie może przyjść do mnie, jeśli mu to nie jest dane od mojego Ojca.
66 Erile fela gone foo barutwa ba gagwe ba le bantsintsi ba mo furalela ba mo tlogela.
Od tego czasu wielu jego uczniów zawróciło i więcej z nim nie chodziło.
67 Mme Jesu a retologela kwa go ba ba lesome le bobedi a ba botsa a re, “A le lona lo a tsamaya?”
Wtedy Jezus powiedział do dwunastu: Czy i wy chcecie odejść?
68 Mme Simone Petoro a fetola a re, “Morena, re ka ya kwa go mang? Ke wena fela o le esi yo o nang le mafoko a a nayang botshelo jo bosakhutleng, (aiōnios g166)
I odpowiedział mu Szymon Piotr: Panie, do kogo pójdziemy? [Ty] masz słowa życia wiecznego. (aiōnios g166)
69 jalo he re a dumela ebile re itse gore o Morwa Modimo o o boitshepo.”
A my uwierzyliśmy i poznaliśmy, że ty jesteś Chrystusem, Synem Boga żywego.
70 Hong Jesu a re, “Ke tlhophile ba le lesome le bobedi ba lona, mme a le esi ke diabolo.”
Jezus im odpowiedział: Czy ja nie wybrałem was dwunastu? A jeden z was jest diabłem.
71 (O ne a bua ka ga Judase, Morwa Simone Isekariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o tlaa mo okang).
A to mówił o Judaszu Iskariocie, [synu] Szymona, bo on miał go zdradzić, będąc jednym z dwunastu.

< Johane 6 >