< Johane 5 >

1 Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta.
這些事後,正是猶太人的慶節,耶穌便上了耶路撒冷。
2 Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano.
在耶路撒冷靠近羊門有一個水池,希伯來語叫作貝特匝達,周圍有五個走廊。
3 Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi,
在這些走廊內,躺著許多患病的,瞎眼的,瘸腿的,痳痺的,都在等候水動,
4 gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa.
因為有天使按時下到水池中,攪動池水;水動後,第一個下去的,無論他患什麼病,必會痊癒。
5 Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi.
在那裏有一個人,患病已三十八年。
6 Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, “A o batla go fola?”
耶穌看見這人躺在那裏,知道他已病了多時,就向他說: 「你願意痊癒嗎?」
7 Mme monna yo o lwalang a re, “Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka.”
那人回答說:「主,我沒有人在水動的時候,把我放到水池中;我正到的時候,別人在我以前已經下去了。」
8 Mme Jesu a mo raya a re, “Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!”
耶穌向他說: 「起來,拿起你的床,行走罷!」
9 Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala. Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo.
那人便立刻痊癒了,拿起自己的床,行走起來;那一天正是安息日。
10 Ba raya monna yo o fodisitsweng ba re, “Ga o a tshwanela go dira ka letsatsi la Sabata! Ga go kafa molaong go tshola phate eo!”
於是猶太人對那痊癒的人說: 「今天是安息日,不許你拿床。」
11 Mme ene a ba fetola a re, “Monna yo o mphodisitseng o rile ke e tsee.”
他回答他們說: 「叫我痊癒了的那一位給我說: 拿起你的床,行走罷!」
12 Ba mmotsa ba re, “Yo o neng a bua selo se se ntseng jalo ke mang?”
他們就問他:「給你說拿起床來,而行走的那人是誰?」
13 Monna yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore ke mang, gonne Jesu o ne a nyeletse mo bontsintsing jwa batho.
那痊癒的人卻不知道他是誰,因為那地方人多,耶穌已躲開了。
14 Mme erile kwa morago Jesu a mmona mo Tempeleng mme a mo raya a re, “Jaanong o fodile; o se ka wa tlhola o leofa gape, ka gore fa o ka leofa e ka re kgotsa wa diragalelwa ke se se bosula bogolo!”
事後耶鮓在聖殿裏遇見了,他便向他說: 「看,你已痊癒了,不要再犯罪,免得你遭遇更不幸的事。」
15 Mme monna yo o fodisitsweng a ya go senka baeteledipele ba Sejuta mme a ba bolelela gore o fodisitswe ke Jesu.
那人就去告訴猶太人: 使他痊癒的就是耶穌。
16 Mme ba simolola go gagautlha Jesu ba mo raya ba re ke motlola melao ya Sabata.
為此猶太人便開始迫害耶穌,因為他在安息日做這樣的事。
17 Mme Jesu a fetola a re, “Rre o tsweletse pele ka go dira tshiamo, mme le nna ke dira jaaka ene.”
耶穌遂向他們說: 「我父到現在一直工作,我也應該工作。」
18 Mme baeteledipele ba Sejuta ba gakala thata ba batla go mmolaya gonne mo godimo ga go tlola melao ya Sabata, o ne a re Modimo ke rraagwe, ka go bua jalo a itekanya le Modimo.
為此猶太人越發想要殺害他,因為他不但犯了安息日,而且又稱天主是自己的父,使自己與天主平等。
19 Mme Jesu a fetola a re, “Ga go na sepe se Morwa a ka se dirang ka boene. O dira fela se a bonang Rara a se dira, ka tsela e e tshwanang.
耶穌於是回答他們說: 「我實實在在告訴你們: 子不能由自己作什麼,他看見父作什麼,才能作什麼;凡父所作的,子也照樣作,
20 Gonne Rara o rata Morwa, o mmolelela sengwe le sengwe se a se dirang; mme Morwa o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta phodiso ya monna yo!
因為父愛子,凡自己所作的都指示給他;並且還要把這些更大的工程指示給他,為叫你們驚奇。
21 Ebile o tlaa tsosa mo baswing mongwe fela yo ene a batlang go mo tsosa, fela jaaka Rara a dira.
就如父喚起死者,使他們復生,照樣子也使他所願意的人復生。
22 Mme Rara o neetse Morwa katlholo yotlhe; ya sebe
父不審判任何人,但他把審判的全權交給了子,
23 gore mongwe le mongwe a tle a tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Mme fa lo gana go tlotla Morwa Modimo, yo o mo romileng kwa go lona, hong ga lo tlotle Rara gotlhelele.
為叫眾人尊敬子如同尊敬父;不尊敬子的,就是不尊敬派遣他來的父。
24 “Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong. (aiōnios g166)
我實實在在告訴你們: 聽我的話,相信派遣我來者的,便有永生,不受審判,而已出死入生。 (aiōnios g166)
25 Mme ke bua ka tlhoafalo ke re, ‘Lobaka lo e tla, tota legale lo setse lo fitlhile, fa baswi ba tlaa utlwang lentswe la me, lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba reetsang ba tlaa tshela.’
我實實在在告訴你們: 時候要到,且現在就是,死者要聽見天主子的聲音,凡聽從的,就必生存。
26 Rara ka esi o na le botshelo, jalo he o neetse Morwawe botshelo joo gore bo nne mo go ene ka esi,
就如父是生命之源,照樣他也使子成為生命之源;
27 le go atlhola dibe tsa batho botlhe gonne ke Morwa Modimo.
並且賜給他行審判的權柄,因為他是人子。
28 Se gakgamaleng! Ruri lobaka lo e tla lo baswi botlhe mo mabitleng a bone ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo,
你們不要驚奇這事,因為時候要到,那時,凡在墳墓裏的,都要聽見他的聲音,
29 mme ba ba dirileng tshiamo ba tlaa tsoga gape go ya botshelong jo bo sa khutleng; mme ba ba neng ba tsweletse mo bosuleng, ba tlaa bo ba tsogela katlholong.
而出來: 行過善的,復活進入生命;作過惡的,復活而受審判。
30 Mme ga ke dire katlholo epe ke sa rerisa Rara. Ke atlhola jaaka ke laetswe. Mme katlholo ya me e siame ebile e tlhamaletse gonne e ka fa go rateng ga Modimo o o nthomileng, ga se ya me fela.
我由我自己什麼也不能作;父怎樣告訴我,我就怎樣審判,所以我的審判是正義的,因為我不尋求我的旨意,而尋求那派遣我來者的旨意。」
31 Fa ke bua ka bo nna, ga ke dumelwe.
「如果我為我自己作證,我的證據不足憑信;
32 “Mme mongwe, ebong Johane wa Mokolobetsi, le ene o bua ka ga me. Lo ne lwa tswa lwa ya go reetsa thero ya gagwe, mme ke lo tlhomamisetsa gore mo a go buang ka ga me ke boammaaruri!
但另有一位為我作證,我知道他為我作的證足以憑信。
你們曾派人到若翰那裏去,他就為真理作過證。
34 Mme bosupi jwa boammaaruri jo ke nang nang najo, ga bo tswe mo mothong, lo gakolotswe ka bosupi jwa ga Johane gore lo tle lo dumele mo go nna lo bolokwe.
其實我並不需要人的證據,我提及這事,只是為叫你們得救。
35 Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela,
若翰好比是一盞點著而發亮的燈,你們只一時高興享受了他的光明。
36 mme Nna ke na le mosupi yo mogolo go feta Johane. Ke raya dikgakgamatso tse ke di dirang; ke di neetswe ke Rara, mme di supa gore Rara o nthomile.
但我有比若翰更大的證據,即父所託付我要我完成的工程,就是我所行的這些工程,為我作證:證明是父派遣了我。
37 Mme Rara le ene o supile ka ga me, le fa a sa lo itshupegetsa ka sebele, kgotsa a bua le lona lo lebaganye mo matlhong.
派遣我來的父,親自為我作證;你們重未聽見過他的聲音,也從未看見過他的儀容,
38 “Mme ga lo mo reetse, gonne lo gana go ntumela, nna yo ke romilweng kwa go lona ka molaetsa wa Modimo.
並且你們也沒有把他的話存留在心中,因為你們不相信他所派遣的那位。
39 Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna! (aiōnios g166)
你們查考經典,因為仔們認為其中有永生,正是這些經典為我作證; (aiōnios g166)
40 “Mme ga lo tle kwa go nna gore ke lo neye botshelo jo jo bo sa khutleng!
但你們不願意到我這裏來,為獲得生命。」
41 Go rata kgotsa go sa rateng ga lona ga go reye sepe mo go nna gonne jaaka ke itse sentle, ga go na lorato lwa Modimo mo go lona.
我不求人的光榮;
而且我認得你們,知道在你們內沒有天主的愛情。
43 Ke a itse, gonne ke tsile kwa go lona ke emetse Rre mme lo gana go nkamogela, le fa go ntse jalo lo ipaakanyeditse go amogela ba ba sa rongwang ke ene, mme ba ikemetse ka bo bone!
我因父的名而來,你們卻不接納我;如果有人因自己的名而來,你們反而接納他。
44 Ga go hakgametse fa lo sa dumele! Gonne lo tlotlana ka boitumelo, mme ga lo na sepe ka ga tlotlo e e tswang Modimong o o osi!
你們既然彼此尋求光榮,而不尋求出於惟一天主的光榮,你們怎麼能相信我呢?
45 “Mme ga se nna yo ke tlaa lo bayang molato ka ga selo se kwa go Rara; ke Moshe yo o tlaa dirang jalo! Moshe, yo mo melaong ya gagwe lo tlhomileng ditsholofelo tsa lona tsa legodimo.
不要想我要在父面前控告你們;有一位控告你們的,就是你們所寄望的梅瑟。
46 “Gonne lo ganne go dumela Moshe. O kwadile ka ga me, mme lo gana go mo dumela, jalo he, le nna lo gana go ntumela.
若是你們相梅瑟,必會相信我,因為他是指著我而寫的。
47 Mme ka lo sa dumele se a se kwadileng, ga go hakgamatse fa le nna lo sa ntumele.”
如果你們不相信他所寫的,怎會相信我的話呢?」

< Johane 5 >