< Johane 21 >
1 Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana:
After these things, Jesus revealed himself again to the disciples at the sea of Tiberias. He revealed himself this way.
2 Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase “Lewelana” Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi.
Simon Peter, Thomas called Didymus, Nathanael of Cana in Galilee, and the sons of Zebedee, and two others of his disciples were together.
3 Simone Petere a re, “Ke ya go tshwara ditlhapi,” le rona rotlhe ra re, “Re tsamaya nao.” Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe.
Simon Peter said to them, “I am going fishing.” They told him, “We are also coming with you.” They immediately went out and entered into the boat. That night, they caught nothing.
4 Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang.
But when day had already come, Jesus stood on the beach; yet the disciples did not know that it was Jesus.
5 A botsa a re, “A go na le ditlhapi, basimane?” Mme ra mo fetola ra re, “Nnyaa.”
Jesus therefore said to them, “Children, have you anything to eat?” They answered him, “No.”
6 Mme a re raya a re, “Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!” Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata!
He said to them, “Cast the net on the right side of the boat, and you will find some.” They cast it therefore, and now they were not able to draw it in for the multitude of fish.
7 Mme ka raya Petere ka re, “Ke Morena!” Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing).
That disciple therefore whom Jesus loved said to Peter, “It’s the Lord!” So when Simon Peter heard that it was the Lord, he wrapped his coat around himself (for he was naked), and threw himself into the sea.
8 Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo.
But the other disciples came in the little boat (for they were not far from the land, but about two hundred cubits away), dragging the net full of fish.
9 Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe.
So when they got out on the land, they saw a fire of coals there, with fish and bread laid on it.
10 Mme Jesu a re raya a re, “Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng.”
Jesus said to them, “Bring some of the fish which you have just caught.”
11 Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga!
Simon Peter went up, and drew the net to land, full of one hundred fifty-three great fish. Even though there were so many, the net was not torn.
12 Mme Jesu a re raya a re, “Tlang kwano re tle go fitlhola.” Mme ga go na ope wa rona yo o neng a tshwenyega go mmotsa gore a ke Morena tota, gonne re ne re tlhomamisa gore ke ene.
Jesus said to them, “Come and eat breakfast!” None of the disciples dared inquire of him, “Who are you?” knowing that it was the Lord.
13 Mme Jesu a ya le rona rotlhe a re fa senkgwe le ditlhapi.
Then Jesus came and took the bread, gave it to them, and the fish likewise.
14 Le e ne e le lekgetho la boraro Jesu a bonala mo go rona a sena go rula.
This is now the third time that Jesus was revealed to his disciples after he had risen from the dead.
15 Morago ga sefitlholo Jesu a raya Simone Petere a re, “Simone, morwa Johane, a o nthata go gaisa ba bangwe ba?” Petere a fetola a re, “Ee, O a itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Go siame hudisa dikwanyana tsa me.”
So when they had eaten their breakfast, Jesus said to Simon Peter, “Simon, son of Jonah, do you love me more than these?” He said to him, “Yes, Lord; you know that I have affection for you.” He said to him, “Feed my lambs.”
16 Mme Jesu a boelela potso a re: “Simone morwa Johane, a o nthata tota?” Petere a re, “Ee, Morena, oa itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Tlhokomela dinku tsa me.”
He said to him again a second time, “Simon, son of Jonah, do you love me?” He said to him, “Yes, Lord; you know that I have affection for you.” He said to him, “Tend my sheep.”
17 Gape gape a mmotsa a re, “Simone, morwa Johane, a o tsala ya me tota?” Petere a hutsafala ka ntlha ya tsela e Jesu o neng a botsa potso e lwa boraro ka yone. Mme a mo fetola a re, “Morena, o itse pelo ya me, O itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Hudisa dikwanyana tsa me.
He said to him the third time, “Simon, son of Jonah, do you have affection for me?” Peter was grieved because he asked him the third time, “Do you have affection for me?” He said to him, “Lord, you know everything. You know that I have affection for you.” Jesus said to him, “Feed my sheep.
18 Erile o sa le monana, o ne o kgona go dira ka fa o ratang ka teng, o ya gongwe le gongwe kwa o go ratang, mme fa o setse o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo a gago mme ba bangwe ba tlaa go goga ba go isa kwa o sa rateng go ya teng.”
Most certainly I tell you, when you were young, you dressed yourself and walked where you wanted to. But when you are old, you will stretch out your hands, and another will dress you and carry you where you do not want to go.”
19 Jesu o ne a bua jalo go mo itsise loso lo a tlaa lo swang go galaletsa Modimo. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.”
Now he said this, signifying by what kind of death he would glorify God. When he had said this, he said to him, “Follow me.”
20 Petere a retologa mme a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a mo setse morago, ene yo a neng a le fela fa dijong ka nako ele gotla go botsa Jesu a re, “Morena, ke ofe wa rona yo o tla go okang?”
Then Peter, turning around, saw a disciple following. This was the disciple whom Jesus loved, the one who had also leaned on Jesus’ chest at the supper and asked, “Lord, who is going to betray you?”
21 Petere a botsa Jesu a re, “Go tlaa diragalang ka ga gagwe, Morena? O tlaa swa loso lo lo ntseng jang?”
Peter, seeing him, said to Jesus, “Lord, what about this man?”
22 Jesu a mo fetola a re, “Fa e le gore ke batla gore a tshele go fitlhelela ke boa, moo go go ama ka eng? Wena ntshala morago.”
Jesus said to him, “If I desire that he stay until I come, what is that to you? You follow me.”
23 Mme monahune oo wa anama mo bakaulengweng gore morutwa yoo ga a na go swa! Mme seo e ne e se se Jesu o se rayang! O ne a rile, “Fa ke batla gore a tshele go fitlhelela ke tla, go go ama ka eng?”
This saying therefore went out among the brothers that this disciple would not die. Yet Jesus did not say to him that he would not die, but, “If I desire that he stay until I come, what is that to you?”
24 Ke nna morutwa yoo! Ke bonye ditiragalo tse mme ke di kwadile fano. Mme rotlhe re itse gore polelo ya me ya dilo tse e boammaaruri.
This is the disciple who testifies about these things, and wrote these things. We know that his witness is true.
25 Mme ke bona gore fa ditiragalo tse dingwe mo botshelong jwa ga Jesu di ne di kwadilwe, lefatshe lotlhe le ne le ka se ka lekana go tshola dikwalo tseo tsotlhe!
There are also many other things which Jesus did, which if they would all be written, I suppose that even the world itself would not have room for the books that would be written.