< Johane 20 >
1 Mme ya re mo mosong wa letsatsi la Tshipi, go sa ntse go le lefifi, Marea Magatalena a tla kwa phupung mme a fitlhela lentswe le pitikolotswe fa kgorong.
The first day of the week cometh Mary Magdalene early, when it was yet dark, unto the sepulchre, and seeth the stone taken away from the sepulchre.
2 A siana mme a bona Simone Petere le nna mme a re raya a re, “Ba tsere mmele wa Morena mo phupung, mme ga ke itse kwa ba mmeileng gone!”
Then she runneth, and cometh to Simon Kepha, and to the other disciple, whom Yahushua loved, and saith unto them, They have taken away Yahushua out of the sepulchre, and we know not where they have laid him.
3 Ra sianela kwa phupung go bona, mme ka sia Petere ka goroga pele,
Kepha therefore went forth, and that other disciple, and came to the sepulchre.
So they ran both together: and the other disciple did outrun Kepha, and came first to the sepulchre.
5 mme ka inama ka leba mo teng ka bona letsela la leloba le le moo, mme ka seka ka tsena mo teng.
And he stooping down, and looking in, saw the linen clothes lying; yet went he not in.
6 Mme Simone Petere le ene a goroga mme a tsena mo teng. Le ene a bona leloba le le teng moo,
Then cometh Simon Kepha following him, and went into the sepulchre, and seeth the linen clothes lie,
7 fa tuku e e neng e fapile Jesu mo tlhogong yone e ne e phuthilwe e beilwe fa thoko.
And the napkin, that was about his head, not lying with the linen clothes, but wrapped together in a place by itself.
8 Mme le nna ka tsena mo teng, mme ka bona, ka ba ka dumela (gore o tsogile).
Then went in also that other disciple, which came first to the sepulchre, and he saw, and believed.
9 Gonne go fitlhelela letsatsing leo go ne go ise go ke go tle mo kgakologelong ya rona gore a kana dikwalo di rile o tla rula.
For as yet they knew not the scripture, that he must rise again from the dead.
Then the disciples went away again unto their own home.
11 Mme ka nako eo Marea o ne a boetse kwa phupung a eme kwa ntle a lela. Mme ya re a ntse a lela a inama a leba mo teng.
But Mary stood without at the sepulchre weeping: and as she wept, she stooped down, and looked into the sepulchre,
12 Mme a bona baengele ba le babedi ba apere diaparo tse ditshweu yo mongwe a ntse fa tlhogong yo mongwe kwa maotong a lefelo le mmele wa ga Jesu o neng o namaletse mo go lone.
And seeth two angels in white sitting, the one at the head, and the other at the feet, where the body of Yahushua had lain.
13 Baengele ba mmotsa ba re “O lelelang?” A ba fetola a re, “Gonne ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.”
And they say unto her, Woman, why weepest thou? She saith unto them, Because they have taken away my Rabbi, and I know not where they have laid him.
14 A gadima mme a bona mongwe a eme fa morago ga gagwe. E ne e le Jesu, mme a seka a mo lemoga!
And when she had thus said, she turned herself back, and saw Yahushua standing, and knew not that it was Yahushua.
15 Mme Jesu a mmotsa a re, “O lelelang? O batla mang?” Mme a mo raya a re, “Fa o mo tsere, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa tsamaya ke ya go mo tsaya.”
Yahushua saith unto her, Woman, why weepest thou? whom seekest thou? She, supposing him to be the gardener, saith unto him, Sir, if thou have borne him hence, tell me where thou hast laid him, and I will take him away.
16 Mme Jesu a mmitsa a re, “Marea!” Mme Marea a retologela kwa go ene a araba “Morena!”
Yahushua saith unto her, Mary. She turned herself, and saith unto him, Rabboni; which is to say, Master.
17 A mo tlhagisa a re, “Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona.”
Yahushua saith unto her, Touch me not; for I am not yet ascended to my Father: but go to my brethren, and say unto them, I ascend unto my Father, and your Father; and to my Elohim, and your Elohim.
18 Marea Magatalena a bona barutwa mme a ba bolelela a re, “Ke bonye Morena!” Mme a ba bolelela molaetsa wa gagwe.
Mary Magdalene came and told the disciples that she had seen Yahushua, and that he had spoken these things unto her.
19 Maitseboeng ao barutwa ba ne ba kopana ba itotlelela mo tlung ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, fa ka tshoganetso Jesu abo a ema fa gare ga bone! Morago a ba dumedisa,
Then the same day at evening, being the first day of the week, when the doors were shut where the disciples were assembled for fear of the Jews, came Yahushua and stood in the midst, and saith unto them, Peace be unto you.
20 a ba kaela mabogo a gagwe le lotlhakore. Mme boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata jang fa ba bona Morena wa bone!
And when he had so said, he shewed unto them his hands and his side. Then were the disciples glad, when they saw Yahushua.
21 A bua le bone gape a re, “Fela jaaka Rara a nthomile, le nna fela jalo ke a lo roma.”
Then said Yahushua to them again, Peace be unto you: as my Father hath sent me, even so send I you.
22 Mme a ba budulela mowa a ba raya a re, “Amogelang Mowa o o Boitshepo.
And when he had said this, he breathed on them, and saith unto them, Receive ye the Holy Spirit:
23 Fa lo itshwarela mongwe dibe, di a itshwarelwa. Fa lo gana go di itshwarela ga di itshwarelwe.”
Whose soever sins ye remit, they are remitted unto them; and whose soever sins ye retain, they are retained.
24 Mongwe wa barutwa ebong Thomase, “Lewelana,” o ne a seyo foo ka nako e ba bangwe ba neng ba na le Jesu ka yone.
But Thomas, one of the twelve, called Didymus, was not with them when Yahushua came.
25 Ya re ba tsweletse pele ba mmolelela ba re, “Re bonye Morena,” a ba fetola a re, “Ga ke na go dumela fa e se ke bone dintho tsa dimapo mo mabogong a gagwe, ke bo ke tsenya menwana ya me mo go tsone, ke bo ke tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe.”
The other disciples therefore said unto him, We have seen Yahushua. But he said unto them, Except I shall see in his hands the print of the nails, and put my finger into the print of the nails, and thrust my hand into his side, I will not believe.
26 Erile malatsi a ferabobedi a sena go feta, barutwa ba bo ba le mmogo gape, mme ka nako e, Thomase o ne a na nabo. Dikgoro di ne di lotletswe; mme ka tshoganetso fela jaaka pele, Jesu a bo a eme fa gare ga bone a ba dumedisa.
And after eight days again his disciples were within, and Thomas with them: then came Yahushua, the doors being shut, and stood in the midst, and said, Peace be unto you.
27 Mme a raya Thomase a re, “Tsenya monwana wa gago mo diatleng tsa me. Tsenya seatla sa gago mo lotlhakoreng lwa me. O seka wa tlhola o tlhoka tumelo. Dumela!”
Then saith he to Thomas, reach hither thy finger, and behold my hands; and reach hither thy hand, and thrust it into my side: and be not faithless, but believing.
28 Thomase a re, “Morena wa me le Modimo wa me!”
And Thomas answered and said unto him, My Master and my Mighty One.
29 Hong Jesu a mo raya a re, “O dumela ka ntlha ya gore o mponye. Go sego ba ba sa mponang mme le fa go ntse jalo ba dumela.”
Yahushua saith unto him, Thomas, because thou hast seen me, thou hast believed: blessed are they that have not seen, and yet have believed.
30 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmona fa a dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi kwa ntle ga tse di bolelwang mo lokwalong lo, mme tse tsone di kwaletswe gore lo tlo lo dumele gore ke Mesia, Morwa Modimo, le gore ka go dumela mo go ene lo tlaa nna le botshelo.
And many other signs truly did Yahushua in the presence of his disciples, which are not written in this book:
But these are written, that ye might believe that Yahushua is the Messiah, the Son of YHWH; and that believing ye might have life through his name.