< Johane 2 >

1 Mme erile morago ga malatsi a mabedi, mmaagwe Jesu o ne a le molalediwa mo lenyalong kwa motseng wa Kana mo Galalea,
et die tertio nuptiae factae sunt in Cana Galilaeae et erat mater Iesu ibi
2 mme Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe.
vocatus est autem ibi et Iesus et discipuli eius ad nuptias
3 Mofine wa fela go sa ntse go itumelwa, mme mmaagwe Jesu a tla kwa go ene go mmolelela ka mathata a.
et deficiente vino dicit mater Iesu ad eum vinum non habent
4 Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga nkake ka go thusa jaanong jaana ga e ise e be e nne nako ya me ya go dira dikgakgamatso.”
et dicit ei Iesus quid mihi et tibi est mulier nondum venit hora mea
5 Mme mmaagwe a raya batlhanka a re, “Dirang sengwe le sengwe se a se lo bolelelang.”
dicit mater eius ministris quodcumque dixerit vobis facite
6 Dinkgwana tsa metse di le thataro tse di dirilweng ka lentswe, tsa bo di le foo; di ne di dirisiwa kafa mokgweng wa Sejuta wa mediro mme nngwe le nngwe ya tsone e ne e ka tshela diemere di ka nna masome a le mabedi kgotsa a le mararo.
erant autem ibi lapideae hydriae sex positae secundum purificationem Iudaeorum capientes singulae metretas binas vel ternas
7 Mme Jesu a raya batlhanka a re, ba di tlatse metsi go fitlhelela metsi a nna mo mosetlhong o o kwa godimo. Erile go sena go dirwa jalo a re, “Gang mo go tsone lo ise kwa go motsamaisi wa modiro.”
dicit eis Iesus implete hydrias aqua et impleverunt eas usque ad summum
8
et dicit eis Iesus haurite nunc et ferte architriclino et tulerunt
9 Erile motsamaisi wa mediro a leka metsi mo ganong a jaanong a neng a fetogile mofine, a sa itse gore o ne o tswa kae (lefa tota batlhanka bone ba ne ba itse), a bitsa monyadi a re,
ut autem gustavit architriclinus aquam vinum factam et non sciebat unde esset ministri autem sciebant qui haurierant aquam vocat sponsum architriclinus
10 “Se ke seno se se gakgamatsang! Wena o farologanye le batho ba bangwe! Motho yo o amogelang balalediwa o tle a dirise mofine o o monate pele, mme e re morago fa mongwe le mongwe a kgotshe a sa tlhole a kgathala, mme a lere mofine o o seng monate. Mme wena o beetse lobaka lono lwa bofelo mofine o o monate.”
et dicit ei omnis homo primum bonum vinum ponit et cum inebriati fuerint tunc id quod deterius est tu servasti bonum vinum usque adhuc
11 Kgakgamatso e e ne ya dirwa mo Kana wa Galalea e le sesupo sa ntlha sa ga Jesu mo pontsheng sa nonofo ya legodimo e a romilweng go tla go e supa. Mme barutwa ba gagwe ba dumela tota gore ke Mesia.
hoc fecit initium signorum Iesus in Cana Galilaeae et manifestavit gloriam suam et crediderunt in eum discipuli eius
12 Erile morago ga lenyalo a ya Kaperenama go ya go nna teng malatsinyana le mmaagwe, le bomonnawe le barutwa.
post hoc descendit Capharnaum ipse et mater eius et fratres eius et discipuli eius et ibi manserunt non multis diebus
13 Mme ya bo e le lobaka lwa Tlolaganyo ya Sejuta ya ngwaga le ngwaga, mme Jesu a ya Jerusalema.
et prope erat pascha Iudaeorum et ascendit Hierosolyma Iesus
14 Mme a bona mo patlelong ya Tempele barekisi ba rekisa dikgomo, dinku le maphoi e le ga ditlhabelo, le baananyi ba madi ba le ka fa morago ga mabati a go ananyediwang mo go one.
et invenit in templo vendentes boves et oves et columbas et nummularios sedentes
15 Erile Jesu a bona go dirwa jalo a loga seiteo sa megala, a ba lelekela kwa ntle le dinku le dipelesa, a gasagasa madi a baananyi mo bodilong, a pitikolola ditafole tsa bone!
et cum fecisset quasi flagellum de funiculis omnes eiecit de templo oves quoque et boves et nummulariorum effudit aes et mensas subvertit
16 Hong ya re a ya kwa banneng ba ba rekisang maphoi a ba raya a re, “Ntshang dilo tse fa. Se fetoleng Ntlo ya ga Rre ntlo ya marekisetso!”
et his qui columbas vendebant dixit auferte ista hinc nolite facere domum Patris mei domum negotiationis
17 Mme barutwa ba gagwe ba gakologelwa seporofeto se se mo dikwalong se se reng, “Tlhoafalelo ya ntlo ya Modimo e tlaa nna tirololo ya me.”
recordati vero sunt discipuli eius quia scriptum est zelus domus tuae comedit me
18 Mme baeteledipele ba Sejuta ba mmotsa ba re, “O tsaya kae tetlelelo ya go ba lelekela kwa ntle? Fa e le gore tetlelelo e o e newa ke Modimo, re bontshe kgakgamatso e e go supelang.”
responderunt ergo Iudaei et dixerunt ei quod signum ostendis nobis quia haec facis
19 Jesu a fetola a re, “Go siame se ke kgakgamatso e ke tlaa e lo direlang: Senyang kago e mme e tlaa re mo malatsing a le mararo ke e tsose!”
respondit Iesus et dixit eis solvite templum hoc et in tribus diebus excitabo illud
20 Ba gakgamala ba re, “Wa reng! go tsere dingwaga di le masome a mane le borataro go aga Tempele e, mme wena wa re o ka e aga mo malatsing a le mararo?”
dixerunt ergo Iudaei quadraginta et sex annis aedificatum est templum hoc et tu tribus diebus excitabis illud
21 Mme ka “Kago e” o ne a raya mmele wa gagwe.
ille autem dicebat de templo corporis sui
22 Erile a sena go rula, barutwa ba gakologelwa fa a kile a bua jalo mme ba lemoga gore se a neng a se bua o ne a se ntsha mo dikwalong, se ne se raya ene ka sebele, le gore gotlhe go diragetse ka boammaaruri!
cum ergo resurrexisset a mortuis recordati sunt discipuli eius quia hoc dicebat et crediderunt scripturae et sermoni quem dixit Iesus
23 Ka ntlha ya dikgakgamatso tse a di dirileng kwa Jerusalema go le moletlo wa Tlolaganyo, batho ba le bantsi ba dumela gore e ne e le ene Mesia tota.
cum autem esset Hierosolymis in pascha in die festo multi crediderunt in nomine eius videntes signa eius quae faciebat
24 Mme Jesu a seka a ba ikanya ka gore o ne a itse motho le tlhaloganyo ya gagwe. O ne a sa tlhoke gore le fa e le mang o ka mmolelela gore tlholego ya motho e fetoga fetoga jang!
ipse autem Iesus non credebat semet ipsum eis eo quod ipse nosset omnes
et quia opus ei non erat ut quis testimonium perhiberet de homine ipse enim sciebat quid esset in homine

< Johane 2 >