< Johane 13 >

1 Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng!
Before the festival day of the pasch, Jesus knowing that his hour was come, that he should pass out of this world to the Father: having loved his own who were in the world, he loved them unto the end.
2
And when supper was done, (the devil having now put into the heart of Judas Iscariot, the son of Simon, to betray him, )
3
Knowing that the Father had given him all things into his hands, and that he came from God, and goeth to God;
4 Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng,
He riseth from supper, and layeth aside his garments, and having taken a towel, girded himself.
5 a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone.
After that, he putteth water into a basin, and began to wash the feet of the disciples, and to wipe them with the towel wherewith he was girded.
6 Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, “Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!”
He cometh therefore to Simon Peter. And Peter saith to him: Lord, dost thou wash my feet?
7 Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.”
Jesus answered, and said to him: What I do thou knowest not now; but thou shalt know hereafter.
8 Petere a gana a re, “Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!” Mme Jesu a fetola a re, “Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me.” (aiōn g165)
Peter saith to him: Thou shalt never wash my feet. Jesus answered him: If I wash thee not, thou shalt have no part with me. (aiōn g165)
9 Simone Petere a mo raya a re, “Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!”
Simon Peter saith to him: Lord, not only my feet, but also my hands and my head.
10 Jesu a fetola a re, “Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano.”
Jesus saith to him: He that is washed, needeth not but to wash his feet, but is clean wholly. And you are clean, but not all.
11 Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, “Ga lo phepa lotlhe.”
For he knew who he was that would betray him; therefore he said: You are not all clean.
12 Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira?
Then after he had washed their feet, and taken his garments, being set down again, he said to them: Know you what I have done to you?
13 Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri.
You call me Master, and Lord; and you say well, for so I am.
14 Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo.
If then I being your Lord and Master, have washed your feet; you also ought to wash one another’s feet.
15 Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse.
For I have given you an example, that as I have done to you, so you do also.
16 Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang.
Amen, amen I say to you: The servant is not greater than his lord; neither is the apostle greater than he that sent him.
17 Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.
If you know these things, you shall be blessed if you do them.
18 “Ga ke lo reye lotlhe; ke itse mongwe le mongwe wa lona yo ke mo tlhophileng sentle. Lokwalo lo bua jaana lwa re, ‘Ene yo o jang dijo le nna o tlaa nkoka’ mme se ke se buang se tlaa tloga se diragala.
I speak not of you all: I know whom I have chosen. But that the scripture may be fulfilled: He that eateth bread with me, shall lift up his heel against me.
19 Mme ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna.
At present I tell you, before it come to pass: that when it shall come to pass, you may believe that I am he.
20 “Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.”
Amen, amen I say to you, he that receiveth whomsoever I send, receiveth me; and he that receiveth me, receiveth him that sent me.
21 Mme jaanong Jesu o ne a huduegile thata mo moeng mme a re, “Ee, go boammaaruri, mongwe wa lona o tlaa nkoka.”
When Jesus had said these things, he was troubled in spirit; and he testified, and said: Amen, amen I say to you, one of you shall betray me.
22 Barutwa ba lebana, ba hakgamala gore o ka ne a raya mang.
The disciples therefore looked one upon another, doubting of whom he spoke.
23 E re ka ke ne ke ntse go bapa le Jesu fa lomating lwa bojelo (tafole) ke le tsala ya gagwe e tona thata,
Now there was leaning on Jesus’ bosom one of his disciples, whom Jesus loved.
24 Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka.
Simon Peter therefore beckoned to him, and said to him: Who is it of whom he speaketh?
25 Mme ka retologa ka mmotsa ka re, “Morena, ke mang?”
He therefore, leaning on the breast of Jesus, saith to him: Lord, who is it?
26 A mphetola a re, “Ke yo ke mo tlotlang ka go mo neela senkgwe se innwe mo morong.” Mme erile a sena go se ina, a se inola a se neela Judase, morwa Isekariota.
Jesus answered: He it is to whom I shall reach bread dipped. And when he had dipped the bread, he gave it to Judas Iscariot, the son of Simon.
27 Mme ya re Judase a sena go se ja, Satane a tsena mo go ene. Mme Jesu a mo raya a re, “Itlhaganele, dira se o se ikaeletseng jaanong jaana.”
And after the morsel, Satan entered into him. And Jesus said to him: That which thou dost, do quickly.
28 Go ne go sena le fa e le ope wa ba ba fa lomating lwa bojelo yo o neng a itse se Jesu o se rayang.
Now no man at the table knew to what purpose he said this unto him.
29 Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe.
For some thought, because Judas had the purse, that Jesus had said to him: Buy those things which we have need of for the festival day: or that he should give something to the poor.
30 Judase a nanoga ka bofefo, a ralala lefifi.
He therefore having received the morsel, went out immediately. And it was night.
31 Erile fela Judase a tswa mo tlung, Jesu a re, “Lobaka lwa me lo gorogile; kgalalelo ya Modimo e tlaa tloga e ntikaganyetsa, mme Modimo o tlaa amogela kgalaletso e tona ka ntlha ya gotlhe mo go ntiragalelang.
When he therefore was gone out, Jesus said: Now is the Son of man glorified, and God is glorified in him.
32 Mme Modimo o tlaa nnaya kgalalelo ya one, fela jaanong jaana.
If God be glorified in him, God also will glorify him in himself; and immediately will he glorify him.
33 Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta.
Little children, yet a little while I am with you. You shall seek me; and as I said to the Jews: Whither I go you cannot come; so I say to you now.
34 “Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’
A new commandment I give unto you: That you love one another, as I have loved you, that you also love one another.
35 Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.”
By this shall all men know that you are my disciples, if you have love one for another.
36 Simone Petere a re, “Morena o ya kae?” Mme Jesu a fetola a re, “Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.”
Simon Peter saith to him: Lord, whither goest thou? Jesus answered: Whither I go, thou canst not follow me now; but thou shalt follow hereafter.
37 Mme Simone Petere a mmotsa a re, “Mme ke kganelwa ke eng go tla jaanong jaana gonne ke ipaakanyeditse go go swela?”
Peter saith to him: Why cannot I follow thee now? I will lay down my life for thee.
38 Jesu a araba a re, “O ntshwela? Nnyaa e tlaa re pele ga mokoko o lela gararo ka moso o tlaa bo o intatotse o re ga o nkitse.”
Jesus answered him: Wilt thou lay down thy life for me? Amen, amen I say to thee, the cock shall not crow, till thou deny me thrice.

< Johane 13 >