< Johane 12 >
1 Malatsi a le marataro pele ga meletlo ya Tlolaganyo e simologa, Jesu a goroga mo Bethania kwa Lasaro monna yo a mo rudisitseng a neng a le teng.
Then, six days before the passover, Jesus came to Bethany, where Lazarus was, who had been dead, whom he had raised from the dead.
2 Mme Jesu a baakanyediwa modiro wa tlotlo teng. Maratha a ba tsholela mme Lasaro ene a nna le bone kwa lomating lwa bojelo (tafole).
There they made him a supper, and Martha served; but Lazarus was one of those who reclined at table with him.
3 Mme Marea a tsaya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se dirilwe ka dinkgisamonate a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Mme ntlo ya tlala monkgo o o monate wa setlolo.
Then Mary took a pound of ointment of pure nard, very costly, and anointed the feet of Jesus, and wiped his feet with her hair. And the house was filled with the perfume of the ointment.
4 Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, ene yo o tlaa mo okang, a re,
Then said one of his disciples, Judas Iscariot, the son of Simon, who was about to deliver him up:
5 “Setlolo seo se ne se lekanye madi a mantsi. Se ka bo se rekisitswe mme madi a sone a abelwa bahumanegi.”
Why was not this ointment sold for three hundred denarii, and given to the poor?
6 E ne e se gore ka go bua jalo o gopotse go tlhokomela bahumanegi, gonne o ne a le mmei wa madi a barutwa mme o ne a tle a a utswe a a dirise mo ditirong tsa gagwe!
But he said this, not because he cared for the poor, but because he was a thief, and had the purse, and took what was put in it.
7 Mme Jesu a fetola a re, “Mo tlogele. O dirile jalo e le paakanyetso ya phitlho ya me.
Then Jesus said: Let her alone; she has kept this for the day of my burial.
8 Lo ka aga lo thusa bahumanegi, mme nna ga ke na go nna le lona ka lobaka lo loleele.”
For the poor you have always with you; but me you have not always.
9 Erile fa ba e leng batho fela ba Jerusalema ba utlwalela ka kgorogo ya gagwe ba itlhaganela ka bontsintsi go ya go mmona le go bona Lasaro, monna yo o rudileng.
Therefore, a great multitude of the Jews learned that he was there; and they came, not on account of Jesus only, but that they might see Lazarus also, whom he had raised from the dead.
10 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa ikaelela go bolaya le Lasaro,
But the chief priests consulted that they might kill Lazarus also,
11 gonne e ne e le ka ntlha ya ga Lasaro gore baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba tlogele Sejuta ba dumele mo go Jesu e le Mesia wa bone.
because on account of him many of the Jews went away, and believed on Jesus.
12 Letsatsi le le latelang, dikgang tse di reng Jesu o mo tseleng ya Jerusalema tsa anama mo motseng, mme bontsintsi jo bogolo jwa baeti ba Tlolaganyo,
On the next day, a great multitude that had come to the feast, having heard that Jesus was coming into Jerusalem,
13 jwa tsaya dikala tsa makolane mme jwa fologela mo tseleng go mo kgatlhantsha ba goa ba re, “Mmoloki! Modimo segofatsa Kgosi ya Iseraele! A go bakwe moemedi wa Modimo!”
took branches of palm-trees, and went out to meet him, and cried: Hosanna, blessed is the king of Israel that comes in the name of the Lord.
14 Jesu a tsamaya a palame tonkana, a diragatsa seporofeso se se reng
And Jesus, having found a young ass, sat upon him, as it is written:
15 “Se boifeng Kgosi ya lona, batho ba Iseraele, gonne e tlaa tla kwa go lona ka boingotlo, e palame tonkana!”
Fear not, daughter of Zion; behold, your king comes, sitting on the colt of an ass.
16 (Barutwa ba gagwe ba seka ba lemoga ka nako eo gore se e ne e le tiragatso ya seporofeso; mme morago ga Jesu a boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, ba simolola go lemoga gore go setse go diragetse diporofeso di le kae tsa lokwalo mo matlhong a bone).
His disciples did not understand these things at first; but when Jesus was glorified, then they remembered that these things were written of him, and that they had done these things to him.
17 Mme ba ba mo bontsintsing joo ba ba neng ba bonye Jesu a tsosa Lasaro mo baswing ba ne ba bolela gotlhe ka gone.
The multitude therefore that was with him, testified that he had called Lazarus out of the tomb, and raised him from the dead.
18 Ke sone se batho ba le bantsi ba neng ba ya go mo kgatlhantsha, gonne ba ne ba utlwile kgakgamatso e tona eo.
For this reason, also, the multitude met him, because they had heard that he had done this sign.
19 Mme Bafarasai ba raana ba re, “Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago!”
Then the Pharisees said among themselves: You see that you gain nothing. Behold, the world has gone after him.
20 Bagerika bangwe ba ba neng ba tsile mo Jerusalema go obama mo Tlolaganyong,
Among those who came to worship at the feast were certain Greeks.
21 ba etela Filipo yo a neng a tswa Bethesaida, mme ba feta ba re, “Rara, re batla go rakana le Jesu.”
These then came to Philip, who was of Bethsaida of Galilee, and asked him, saying: Sir, we wish to see Jesus.
22 Filipo a bolelela Anderea ka gone, mme ba tsamaya botlhe go kopa Jesu.
Philip came and told Andrew; and then Andrew and Philip told Jesus.
23 Jesu a ba fetola ka gore nako e mo gorogetse ya go boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, le gore, “Ke tshwanetse go wa ka swa jaaka tlhaka ya mabele e e welang mo mmung wa boleme. Fa ke sa swe, ke tlaa nna ke le nosi, peo e e yosi. Mme loso lwa me lo tlaa tlhogisa ditlhaka tsa mabele di le dintsi, thobo e kgolo ya matshelo a masha.
But Jesus answered them, saying: The hour has come that the Son of man must be glorified.
Verily, verily I say to you, unless a grain of wheat fall into the ground and die, it remains alone; but if it die, it produces much fruit.
25 Fa lo rata botshelo jwa lona mono lefatsheng, bo tlaa lo latlhegela. Mme fa lo nyatsa botshelo jwa lona mono lefatsheng, o tlaa bo ananya ka kgalalelo ya bosakhutleng. (aiōnios )
He that loves his life shall lose it; and he that hates his life in this world shall keep it to eternal life. (aiōnios )
26 “Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla
If any one serve me, let him follow me; and where I am, there shall my servant also be. If any one serve me, him will my Father honor.
27 Jaanong mowa wa me o tshwenyegile thata. A nka rapela ka re, ‘Rara, mpoloka mo go se se nkemeng pele?’ Mme ke lone lebaka le ke le tletseng!
Now is my soul troubled; and what shall I say? Father, save me from this hour? But for this purpose came I to this hour.
28 Rara, galaletsa leina la gago o bo o le tlotle.” Mme ga bua lentswe le tswa kwa legodimong le re, “Ke setse ke dirile jalo, mme ke tlaa dira jalo gape.”
Father, glorify thy name. Then there came a voice from heaven: I have glorified it, and will glorify it again.
29 Erile fa bontsintsi jwa batho bo utlwa lentswe, bangwe ba bone ba gopola gore ke tladi, fa ba bangwe bone ba re ke moengele o buile nae.
Then the multitude that stood by and heard it, said: It thundered. Others said: An angel spoke to him.
30 Mme Jesu a ba raya a re, “Lentswe leo ga le a tla ka ntlha ya me, mme e leng ka ntlha ya lona.
Jesus answered and said: This voice came not for my sake, but for yours.
31 Lobaka lwa katlholo ya lefatshe lo gorogile, le nako ya fa Satane, Kgosana ya lefatshe leno a tlaa kgoromelediwang ntle.
Now is the judgment of this world: now is the prince of this world cast out.
32 Mme fa ke tsholediwa (mo mokgorong) ke tlaa gogela mongwe le mongwe kwa go nna?”
And I, if I be lifted up from the earth, will draw all men to myself.
33 O ne a bua jaana go supa ka fa o tlaa swang ka teng.
This he said, signifying what death he was about to die.
34 Bontsintsi jwa botsa jwa re, “Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?” (aiōn )
The multitude answered him: We have heard out of the law, that the Christ remains forever: and how say you that the Son of man must be lifted up? Who is this Son of man? (aiōn )
35 Mme Jesu a fetola a re, “Lesedi la me le tlaa lo phatsimela ka lobakanyana. Tsamayang mo go lone lo sa ntse lo ka kgona, mme lo ye kwa lo batlang go ya teng pele ga lefifi le tla, gonne ka nako eo lobaka lo tlaa bo lo setse lo fetile thata gore lo bone tsela ya lona.
Then Jesus said to them: Yet a little while is the light with you: walk while you have the light, lest the darkness overtake you. For he that walks in the darkness knows not whither he goes.
36 Dirisang Lesedi nako e sa le teng; ka go dira jalo lo tlaa nna batsamaisi ba lesedi.” Morago ga a bua dilo tse, Jesu a tsamaya mme a ba iphitlhetse.
While you have the light, believe in the light, that you may become the sons of light. These things spoke Jesus, and he departed, and concealed himself from them.
37 Mme le fa a ne a dirile dikgakgamatso tse tsotlhe, batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore ke Mesia.
But though he had done so many signs in their presence, yet they believed not on him,
38 Ke sone tota se Isaia o se porofetileng a re: “Morena, re tlaa dumelwa ke mang? E mang yo o tlaa tsayang dikgakgamatso tsa Modimo tse di tona e le bosupi?”
that the word of Isaiah the prophet might be fulfilled, which he spoke: Lord, who has believed our report? and to whom has the arm of the Lord been revealed?
39 Mme ba ne ba seka ba dumela, fela jaaka Isaia le ene a ne a rile:
For this reason they could not believe, because Isaiah said again:
40 “Modimo o foufaditse matlho a bone o bile o thatafaditse dipelo tsa bone gore ba seka ba bona le fa e le go tlhaloganya e se re kgotsa ba sokologela kwa go nna gore ke ba fodise.”
He has blinded their eyes, and hardened their heart, lest they should see with their eyes, and understand with their heart, and should turn, and I should give them health.
41 Isaia o ne a raya Jesu fa a porofeta jaana, gonne o ne a bonye ponatshego ya kgalalelo ya ga Mesia.
These things said Isaiah, when he saw his glory, and spoke of him.
42 Le fa go ntse jalo, le baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene gore ke Mesia mme legale ba ne ba sa dumele fa ba na le batho ka ntlha ya go tshaba go kgaolwa ke Bafarasai mo tlung ya ga Jehofa;
But yet, many even of the rulers believed on him; but on account of the Pharisees, they would not confess him, lest they should be put out of the synagogue;
43 gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo.
for they loved the glory of men more than the glory of God.
44 Mme Jesu a goela kwa bontsintsing a re, “Fa lo ntumela lo dumela Modimo.
Jesus cried, and said: He that believes on me, believes not on me, but on him that sent me.
45 Gonne fa lo mpona, lo bona ene yo o nthomileng.
And he that sees me, sees him that sent me.
46 Ke tsile ke le Lesedi go phatsima mo lefatsheng leno le le lefifi gore botlhe ba ba dumelang mo go nna ba seka ba tlhola ba tsamaya mo lefifing.
I have come a light into the world, that he who believes on me, may not remain in darkness.
47 Mme le fa e le mang yo o nkutlwang mme a sa nkobamele, ga ke moatlhodi wa gagwe, gonne ke tletse go boloka lefatshe eseng go le atlhola.
And if any one hear my words, and believe not, I judge him not; for I came not to judge the world, but to save the world.
48 Mme botlhe ba ba nkganang le molaetsa wa me, ba tlaa atlholwa ka Letsatsi la Katlholo ka mafoko a boammaaruri a ke a buileng.
He that rejects me, and receives not my words, has that which judges him: the word which I have spoken, that shall judge him in the last day.
49 Gonne se ga se tlhaloganyo ya me, mme ke lo boleletse se Rara a rileng ke se lo bolelele.
For I have not spoken of myself: but the Father who sent me, he gave me commandment what I should say, and what I should speak.
50 Mme ke itse gore ditaolo tsa gagwe di gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng; jalo sengwe le sengwe se a reng ke se bue, ke a se bua!” (aiōnios )
And I know that his commandment is life eternal. What things I speak therefore, as the Father has said to me, so I speak. (aiōnios )