< Johane 11 >
1 Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri.
Estava então enfermo um certo Lazaro, de Bethania, aldeia de Maria e de Martha, sua irmã.
E Maria era a que ungiu o Senhor com unguento, e lhe enxugou os pés com os seus cabellos; cujo irmão Lazaro estava enfermo.
3 Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.”
Mandaram-lhe pois suas irmãs dizer: Senhor, eis que está enfermo aquelle que tu amas.
4 Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, “Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo.”
E Jesus, ouvindo isto, disse: Esta enfermidade não é para morte, mas para gloria de Deus; para que o Filho de Deus seja glorificado por ella.
5 Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata,
Ora Jesus amava a Martha, e a sua irmã e a Lazaro.
6 o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa.
Ouvindo pois que estava enfermo, ficou ainda dois dias no logar onde estava.
7 Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, “A re yeng kwa Judea.”
Depois d'isto, disse aos seus discipulos: Vamos outra vez para a Judéa.
8 Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, “Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?”
Dizem-lhe os discipulos: Rabbi, ainda agora os judeos procuravam apedrejar-te, e tornas para lá?
9 Jesu a fetola a re, “Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe.
Jesus respondeu: Não ha doze horas no dia? Se alguem andar de dia, não tropeça, porque vê a luz d'este mundo;
10 Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi.”
Mas, se alguem andar de noite, tropeça, porque n'elle não ha luz.
11 Mme a bua a re, “Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!”
Isto fallou; e depois disse-lhes: Lazaro, o nosso amigo, dorme, mas vou despertal-o do somno.
12 Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, “Moo go raya gore o nna botoka!” Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
Disseram pois os seus discipulos: Senhor, se dorme, estará salvo.
Mas Jesus dizia isto da sua morte; elles, porém, cuidavam que fallava do repouso do dormir.
14 Mme a ba bolelela sentle a re, “Lasaro o sule.
Então pois Jesus disse-lhes claramente: Lazaro está morto;
15 Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene.”
E folgo, por amor de vós, de que eu lá não estivesse, para que acrediteis: porém vamos ter com elle.
16 Thomase yo o bidiwang “Lewelana” a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, “A re tsamaeng le rona re ye go swa nae.”
Disse pois Thomé, chamado Didymo, aos condiscipulos: Vamos nós tambem, para morrermos com elle.
17 Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane.
Chegando pois Jesus, achou que já havia quatro dias que estava na sepultura
18 Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema,
(Ora Bethania distava de Jerusalem quasi quinze estadios).
19 mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso.
E muitos dos judeos tinham ido consolar a Martha e a Maria, ácerca de seu irmão.
20 Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng.
Ouvindo pois Martha que Jesus vinha, saiu-lhe ao encontro: Maria, porém, ficou assentada em casa.
21 Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa.
Disse pois Martha a Jesus: Senhor, se tu estivesses aqui, meu irmão não teria morrido.
22 Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo.”
Mas tambem agora sei que tudo quanto pedires a Deus Deus t'o dará.
23 Jesu a mo raya a re, “Kgaitsadio o tlaa rula.”
Disse-lhe Jesus: Teu irmão ha de resuscitar.
24 Maratha a re, “Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo.”
Disse-lhe Martha: Eu sei que ha de resuscitar na resurreição do ultimo dia.
25 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape.
Disse-lhe Jesus: Eu sou a resurreição e a vida; quem crê em mim, ainda que esteja morto, viverá;
26 O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?” (aiōn )
E todo aquelle que vive, e crê em mim, nunca morrerá. Crês tu isto? (aiōn )
27 Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.”
Disse-lhe ella: Sim, Senhor, creio que tu és o Christo, o Filho de Deus, que havia de vir ao mundo.
28 Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, “Jesu o fano o batla go go bona.”
E, dito isto, partiu, e chamou em segredo a Maria, sua irmã, dizendo: O Mestre está cá, e chama-te.
29 Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene.
Ella, ouvindo isto, levantou-se logo, e foi ter com elle.
30 Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng.
Porque ainda Jesus não tinha chegado á aldeia, mas estava no logar onde Martha o encontrara.
31 Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago.
Vendo pois os judeos, que estavam com ella em casa e a consolavam, que Maria apressadamente se levantara e saira, seguiram-n'a, dizendo: Vae ao sepulchro para chorar ali.
32 Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, “Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela.”
Tendo pois Maria chegado aonde Jesus estava, e vendo-o, lançou-se aos seus pés, dizendo-lhe: Senhor, se tu estivesses aqui, meu irmão não teria morrido.
33 Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega.
Jesus pois, vendo-a chorar, e os judeos que com ella vinham tambem chorando, moveu-se muito em espirito, e perturbou-se.
34 Mme a ba botsa a re, “O fitlhilwe kae?”, “Tla o bone.”
E disse: Onde o pozestes? Disseram-lhe: Senhor, vem, e vê.
36 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang.”
Disseram pois os judeos: Vêde como o amava.
37 Mme bangwe ba re, “Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?” Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata.
E alguns d'elles disseram: Não podia este, que abriu os olhos ao cego, fazer tambem com que este não morresse?
Jesus pois, movendo-se outra vez muito em si mesmo, vem ao sepulchro; e era uma caverna, e tinha uma pedra posta sobre ella.
39 Jesu a ba raya a re, “Pitikololelang lentswe kwa thoko.” Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, “Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule.”
Disse Jesus: Tirae a pedra. Martha, irmã do defunto, disse-lhe: Senhor, já cheira mal, porque é já de quatro dias.
40 Jesu a mmotsa a re, “A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?”
Disse-lhe Jesus: Não te hei dito que, se crêres, verás a gloria de Deus?
41 Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago.
Tiraram pois a pedra d'onde o defunto jazia. E Jesus, levantando os olhos para o céu, disse: Pae, graças te dou, por me haveres ouvido.
42 (O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile).”
Pois eu bem sei que sempre me ouves, mas eu disse isto por causa da multidão que está em redor, para que creiam que tu me enviaste.
43 Mme a goa a re, “Lasaro, tswela kwa ntle!”
E, tendo dito isto, clamou com grande voz: Lazaro, sae para fóra.
44 Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!”
E o defunto saiu, tendo as mãos e pés ligados com faxas, e o seu rosto envolto n'um lenço. Disse-lhes Jesus: Desligae-o, e deixae-o ir
45 Mme jalo lwa bofelo fa baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba na le Marea ba bona tiragalo eo, ba dumela ene!
Muitos pois d'entre os judeos, que tinham vindo a Maria, e que tinham visto o que Jesus fizera, crêram n'elle.
46 Mme bangwe ba ya kwa Bafarasaing go ba bolelela ka ga gone.
Mas alguns d'elles foram ter com os phariseos, e disseram-lhes o que Jesus tinha feito.
47 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa bitsa lekgotla go buisanya ka ga tiragalo e. Mme ba botsanya ba re, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso?
Depois os principaes dos sacerdotes e os phariseos formaram conselho, e diziam: Que faremos? porque este homem faz muitos signaes.
48 Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.”
Se o deixamos assim, todos crerão n'elle, e os romanos virão, e tirar-nos-hão o nosso logar e a nação.
49 Mme mongwe wa bone ebong Kaeafase, yo a neng a le Moperesiti yo Mogolo mo ngwageng eo, a re, “Dieleele ke lona,
E um d'elles, chamado Caiphás, que era summo sacerdote n'aquelle anno, lhes disse: Vós nada sabeis,
50 tlogelang monna yo a swele batho botlhe, ke eng fa sechaba sotlhe se ka nyelela ka ntlha ya motho a le nosi?”
Nem consideraes que nos convem que um homem morra pelo povo, e que não pereça toda a nação.
51 Seporofeto se sa gore Jesu o tshwanetse go swela Sechaba sotlhe, se dule mo go Kaefase a le mo maemong a gagwe jaaka a ne a le Moperesiti yo mogolo, e ne e se ene a se ikakanyeditseng mme o ne a tlhotlhelediwa ke mowa go bua jalo.
Ora elle não disse isto de si mesmo, mas, sendo o summo sacerdote n'aquelle anno, prophetizou que Jesus devia morrer pela nação.
52 E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe.
E não sómente pela nação, mas tambem para ajuntar em um corpo os filhos de Deus, que andavam dispersos.
53 Jalo go simolola nako eo baeteledipele ba Sejuta ba simolola go tsoma Jesu.
Desde aquelle dia, pois, consultavam-se para o matarem.
54 Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe.
Jesus, pois, já não andava manifestamente entre os judeos, mas retirou-se d'ali para a terra junto do deserto, para uma cidade chamada Ephraim; e ali andava com os seus discipulos.
55 Tlolaganyo, e e leng letsatsi la Sejuta la boitapoloso, e ne e le gaufi, mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong ba goroga mo Jerusalema malatsinyana a sa le kwa pele gore ba tle ba tsene mo modirong wa bontlafatso pele ga Tlolaganyo e simolola.
E estava proxima a paschoa dos judeos, e muitos d'aquella terra subiram a Jerusalem antes da paschoa para se purificarem.
56 Ba ne ba batla go bona Jesu, mme ka ba ne ba sebaseba mo Tempeleng, ba be ba botsanya ba re, “Lo akanya jang? A o tlaa tla kwa Tlolaganyong?”
Buscavam pois a Jesus, e diziam uns aos outros, estando no templo: Que vos parece? Não virá á festa?
57 Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware.
Ora os principaes dos sacerdotes e os phariseos tinham dado ordem para que, se alguem soubesse onde elle estava, o denunciasse, para o prenderem.