< Jakobe 4 >

1 Se se dirang dikomano le dintwa mo gare ga lona ke eng? A ga se ka ntlha ya dikeletso tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona.
D'onde veem as guerras e pelejas entre vós? Porventura não veem de aqui, a saber, dos vossos deleites, que nos vossos membros guerreiam?
2 Lo batla se lo senang naso, jalo lo a bolaya go nna naso. Lo eletsa se ba bangwe ba nang naso, mme ga lo kgone go nna naso, jalo lo simolola ntwa go se tsaya mo go bone. Mme le fa go ntse jalo lebaka la gore lo seka lwa nna le se lo se batlang ke ka ntlha ya gore ga lo se kope mo Modimong.
Cubiçaes, e nada tendes: sois invejosos, e cubiçosos, e não podeis alcançar: combateis e guerreaes, e nada tendes, porque não pedis.
3 Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.
Pedis, e não recebeis, porque pedis mal, para o gastardes em vossos deleites.
4 Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo.
Adulteros e adulteras, não sabeis vós que a amizade do mundo é inimizade contra Deus? Portanto qualquer que quizer ser amigo do mundo constitue-se inimigo de Deus.
5 Kgotsa lo akanya gore lokwalo lo raya eng fa lo re Mowa O O Boitshepo, o Modimo o o agisitseng mo go rona, o re disitse ka lefufa le le bonolo.
Ou cuidaes vós que em vão diz a Escriptura: O espirito que em nós habita tem desejo de inveja?
6 Mme o re naya nonofo ya go tlhabana le dikeletso tsotlhe tse di bosula tse di ntseng jaana. Jaaka Lokwalo lo re, Modimo o naya ba ba ingotlang nonofo, mme o kgatlhanong le ba ba ikgodisang le ba ba mabela.
Antes dá maior graça. Portanto diz: Deus resiste aos soberbos, porém dá graça aos humildes.
7 Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba.
Sujeitae-vos pois a Deus, resisti ao diabo, e elle fugirá de vós.
8 Mme fa lo atamela mo Modimong, le One o tlaa lo atamela. Tlhapang diatla tsa lona, baleofi ke lona lo bo lo letle dipelo tsa lona di tlale ka Modimo fela go di ntlafatsa le gore di ikanyege mo go One.
Chegae-vos a Deus, e elle se chegará a vós. Alimpae as mãos, peccadores; e, vós de duplo animo, purificae os corações.
9 Hutsafalang lo lele ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse lo di dirileng. A go nne boikotlhao le bohutsana jwa boammaaruri. A go nne bohutsana mo boemong jwa setshego, le go sa itumeleng mo boemong jwa boitumelo.
Senti as vossas miserias, e lamentae, e chorae: converta-se o vosso riso em pranto, e o vosso gozo em tristeza.
10 Ke gone e tlaa reng fa lo ikutlwa lo se ba sepe fa pele ga Morena, o tlaa lo tsholeletsa kwa godimo a lo kgothatsa a bo a lo thusa.
Humilhae-vos perante o Senhor, e elle vos exaltará.
11 Se tshwaaneng diphoso lwa ba lwa buana bosula bakaulengwe ba ba rategang. Fa lo dira jalo, lo tlaa bo lo tlhabana le molao wa Modimo o o reng lo ratane, lo o supa o sa siama. Mme tiro ya lona ga se go akanya gore a molao o o siame kgotsa ga o a siama, fa e se go o obamela fela.
Irmãos, não falleis mal uns dos outros. Quem falla mal de um irmão, e julga a seu irmão, falla mal da lei, e julga a lei: e, se tu julgas a lei, já não és observador da lei, mas juiz.
12 Yo o dirileng molao ke ene fela a ka atlholang sentle mo gare ga rona. Ke ene fela o ka atlholang go re boloka kgotsa go re nyeletsa. Jalo lo na le tshwanelo efe go sekisa kgotsa go bona ba bangwe diphoso?
Ha só um legislador, que pode salvar e destruir. Porém tu quem és, que julgas a outrem?
13 Bonang, lona batho ba lo reng, “Gompieno kgotsa ka moso re tlaa ya kwa motsing wa bolebe, re nna teng koo ngwaga, mme re simolole teng madirelo a papadi.”
Eia pois agora vós, que dizeis: Hoje, ou ámanhã, iremos a tal cidade, e lá passaremos um anno, e contrataremos, e ganharemos;
14 Lo itse jang se se tlaa lo diragalelang ka moso? Gonne boleele jwa matshelo a lona ga bo tlhomamisege fela jaaka mouwane wa mo mosong, o bonala jaanong jaana; mme e re ka lobakanyana o bo o nyeletse.
Digo-vos que não sabeis o que acontecerá ámanhã. Porque, que é a vossa vida? É um vapor que apparece por um pouco, e depois se desvanece.
15 Se lo tshwanetseng go se bua ke se, “Fa Morena a rata, re tlaa tshela re bo re dira se kgotsa sele.”
Em logar do que devieis dizer: Se o Senhor quizer, e se vivermos, faremos isto ou aquillo.
16 E seng jalo lo tlaa bo lo ikgantsha ka maano a e leng a lona, mme go itshepa mo go ntseng jaana ga go itumedise Modimo.
Mas agora vos gloriaes em vossas presumpções: toda a gloria tal como esta é maligna.
17 Gakologelwang gape gore, go itse se se molemo se se tshwanetseng go dirwa, mme se bo se sa dirwe, ke boleo.
Aquelle pois que sabe fazer o bem e o não faz commette peccado.

< Jakobe 4 >