< Jakobe 3 >
1 Bakaulengwe ba ba rategang, se gakaleleleng go bolelela ba bangwe diphoso tsa bone, gonne rotlhe re dira diphoso; mme fa rona baruti, ba re tshwanetseng go itse botoka, re dira diphoso, go otlhaiwa ga rona go tlaa nna gogolo go na le ga ba bangwe.
μη πολλοι διδασκαλοι γινεσθε αδελφοι μου ειδοτες οτι μειζον κριμα λημψομεθα
2 Fa motho le fa e le mang a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, go supa gore o na le thata ya go ikgapa ka ditsela tsotlhe.
πολλα γαρ πταιομεν απαντες ει τις εν λογω ου πταιει ουτος τελειος ανηρ δυνατος χαλιναγωγησαι και ολον το σωμα
3 Re ka dira gore pitse e tona e retologele kwa re batlang e ya teng ka tomonyana e e mo molomong wa yone.
ει δε των ιππων τους χαλινους εις τα στοματα βαλλομεν εις το πειθεσθαι αυτους ημιν και ολον το σωμα αυτων μεταγομεν
4 Le lomatsanyana (seterebonyana) lo dira gore sekepe se se tona se retologele gongwe le gongwe kwa mokgweetsi a batlang se ya teng, le fa diphefo di tsubutla.
ιδου και τα πλοια τηλικαυτα οντα και υπο ανεμων σκληρων ελαυνομενα μεταγεται υπο ελαχιστου πηδαλιου οπου η ορμη του ευθυνοντος βουλεται
5 Fela jalo loleme le lone ke selo se sennyennyane, mme lo ka dira tshenyo e kgolo thata. Sekgwa se se tona se ka tshujwa ke tlhasenyana.
ουτως και η γλωσσα μικρον μελος εστιν και μεγαλα αυχει ιδου ηλικον πυρ ηλικην υλην αναπτει
6 Mme loleme ke kgabo ya molelo. Lo tletse tshiamololo ebile lo leswafatsa tokololo nngwe le nngwe ya mmele. Mme loleme lo tlhosediwa ke molete ka sebele, jalo lo ka fetolela matshelo a rona otlhe mo kgabong e e lakaselang ya tshenyo e kgolo. (Geenna )
και η γλωσσα πυρ ο κοσμος της αδικιας η γλωσσα καθισταται εν τοις μελεσιν ημων η σπιλουσα ολον το σωμα και φλογιζουσα τον τροχον της γενεσεως και φλογιζομενη υπο της γεεννης (Geenna )
7 Batho ba katisitse, kgotsa ba ka katisa, mofuta mongwe le mongwe wa phologolo kgotsa nonyane e e tshelang le mofuta mongwe le mongwe wa segagabi le ditlhapi,
πασα γαρ φυσις θηριων τε και πετεινων ερπετων τε και εναλιων δαμαζεται και δεδαμασται τη φυσει τη ανθρωπινη
8 mme ga go na ope yo o ka katisang loleme. Ka malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go tsholola botlhole jwa lone jo bo bolayang.
την δε γλωσσαν ουδεις δαμασαι δυναται ανθρωπων ακαταστατον κακον μεστη ιου θανατηφορου
9 Nako e nngwe lo galaletse Rara wa rona wa legodimo, mme ka nako e nngwe lo hutsa batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo.
εν αυτη ευλογουμεν τον κυριον και πατερα και εν αυτη καταρωμεθα τους ανθρωπους τους καθ ομοιωσιν θεου γεγονοτας
10 Fela jalo, tshegofatso le phutso di tuntologa mo go one molomo. Bakaulengwe ba ba rategang, tota se ga se a siama.
εκ του αυτου στοματος εξερχεται ευλογια και καταρα ου χρη αδελφοι μου ταυτα ουτως γινεσθαι
11 A motswedi wa metse o tlo o pumpunyege metse a a siameng lwa ntlha mme e re morago o tswe metse a a botlhoko?
μητι η πηγη εκ της αυτης οπης βρυει το γλυκυ και το πικρον
12 A o ka hula lotlhware mo setlhareng sa mofeige, kgotsa difeige mo setlharing sa mofine? Nnyaa, gape ga o kake wa ga metse a a monate mo sedibeng se se letswai.
μη δυναται αδελφοι μου συκη ελαιας ποιησαι η αμπελος συκα ουτε αλυκον γλυκυ ποιησαι υδωρ
13 Fa o le botlhale, tshela botshelo jo bo molemo jo bo tlhomameng gore ditiro tse di molemo di tle di tote, mme fa o sa ikgantshe ka tsone, o tlaa nna botlhale ka boammaaruri!
τις σοφος και επιστημων εν υμιν δειξατω εκ της καλης αναστροφης τα εργα αυτου εν πραυτητι σοφιας
14 Mme kaga dilo tsotlhe, o seka wa ikgantsha kaga go nna botlhale le go nna molemo fa o le bogalaka le lefufa ebile o ipona botoka; seo ke maaka a a maswe thata.
ει δε ζηλον πικρον εχετε και εριθειαν εν τη καρδια υμων μη κατακαυχασθε και ψευδεσθε κατα της αληθειας
15 Gonne lefufa le go ipona botoka ga se botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Dilo tse di ntseng jaana ke tsa lefatshe ga se tsa semowa, di tlhotlhelediwa ke Satane.
ουκ εστιν αυτη η σοφια ανωθεν κατερχομενη αλλα επιγειος ψυχικη δαιμονιωδης
16 Gonne kwa go nang le lefufa teng kgotsa keletso ya go ipona botoka, go tlaa nna tobekano le mofuta mongwe le mongwe wa bosula.
οπου γαρ ζηλος και εριθεια εκει ακαταστασια και παν φαυλον πραγμα
17 Mme botlhale jo bo tswang kwa legodimong, bo simologa bo le phepa ebile bo le bonolo. Jalo bo rata kagiso le boikobo. Bo letlelela dipuisano ebile bo rata go ineela mo go ba bangwe; bo tletse kutlwelo-botlhoko le ditiro tse di molemo. Bo itekanetse, bo tlhamaletse ebile bo a ikanyega.
η δε ανωθεν σοφια πρωτον μεν αγνη εστιν επειτα ειρηνικη επιεικης ευπειθης μεστη ελεους και καρπων αγαθων αδιακριτος ανυποκριτος
18 Mme ba e leng badira kagiso ba tlaa jala dipeo tsa kagiso ba bo ba roba thobo ya bomolemo.
καρπος δε δικαιοσυνης εν ειρηνη σπειρεται τοις ποιουσιν ειρηνην