< Jakobe 2 >

1 Bakaulengwe ba ba rategang, lo ka re lo ba Morena Jesu Keresete Morena wa kgalalelo jang, fa lo supa kgethololo ka go ja le bahumi fela lo lebela bahumanegi kwa tlase?
My brothers, don’t hold the faith of our glorious Lord Jesus Christ with partiality.
2 Fa motho a tsena mo tlung ya lona ya kobamelo a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo a bile a rwele mehitshana ya gouta e e tlhwatlhwa kgolo mo menwaneng ya gagwe, mme e re fela ka nako eo go bo go tla motho yo mongwe yo o humanegileng a apere makgasa,
For if a man with a gold ring, in fine clothing, comes into your synagogue, and a poor man in filthy clothing also comes in,
3 mme lo bo lo amogela mohumi ka matsetseleko a magolo lo mo naya setilo se se ntle ka tlotlo mme lo bo lo raya mohumanegi lo re, “O ka ema fale fa o rata kgotsa wa nna fa fatshe mo bodilong,” jalo he,
and you pay special attention to him who wears the fine clothing and say, “Sit here in a good place;” and you tell the poor man, “Stand there,” or “Sit by my footstool”
4 go leba motho ka khumo ya gagwe go supa gore lo tlhotlhelediwa ke megopolo e e bosula.
haven’t you shown partiality among yourselves, and become judges with evil thoughts?
5 Ntheetsang, bakaulengwe ba ba rategang: Modimo o tlhophile bahumanegi go huma mo tumelong le Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone, gonne eo ke mpho e Modimo o e solofeditseng botlhe ba ba o ratang.
Listen, my beloved brothers. Didn’t God choose those who are poor in this world to be rich in faith and heirs of the Kingdom which he promised to those who love him?
6 Mme le fa go ntse jalo, mo batsamaing ba babedi, lo nyaditse wa mohumanegi. A ga lo lemoge gore bahumi ke bone ba ba tleng ba lo gogele kwa tshekong?
But you have dishonored the poor man. Don’t the rich oppress you and personally drag you before the courts?
7 Gape gantsi thata ke bone ba ba tshegang Jesu Keresete; yo leina la gagwe le le tlotlegang lo bidiwang ka lone.
Don’t they blaspheme the honorable name by which you are called?
8 Ee ruri, go molemo fa o obamela taolo ya Morena wa rona, e e reng, “O tshwanetse go rata le go thusa bangwe ka wena fela jaaka o ithata ebile o itlhokomela.”
However, if you fulfill the royal law according to the Scripture, “You shall love your neighbor as yourself,” you do well.
9 Mme lo tlola molao o wa Morena wa rona fa lo rekegela bahumi fela ebile lo ba ipelela; ke boleo go dira jalo.
But if you show partiality, you commit sin, being convicted by the law as transgressors.
10 Mme motho yo o tshegetsang molao mongwe le mongwe wa Modimo, mme a relela go le gonnye, o molato fela jaaka motho yo o tlodileng molao mongwe le mongwe o o leng teng,
For whoever keeps the whole law, and yet stumbles in one point, he has become guilty of all.
11 gonne Modimo o o rileng o seka wa nyala mosadi yo o setseng a na le monna, ke one o o rileng o seka wa bolaya, jalo le fa o sa tlola melao ya lonyalo ka go dira boaka, mme o bolaile mongwe, o robile melao ya Modimo gotlhelele, mme ka go dira jalo o molato fa pele ga One.
For he who said, “Do not commit adultery,” also said, “Do not commit murder.” Now if you do not commit adultery but do murder, you have become a transgressor of the law.
12 O tlaa atlholwa le fa o dira kgotsa o sa dire se Keresete o rileng o se dire. Ke gone ela tlhoko se o se dirang le se o se akanyang;
So speak and so do as men who are to be judged by the law of freedom.
13 gonne ga go kitla go nna le kutlwelo botlhoko mo go ba ba iseng ba ke ba supe kutlwelo botlhoko. Mme fa e le gore o ntse o le kutlwelo botlhoko, jalo kutlwelo botlhoko ya Modimo e e yang kwa go wena e tlaa fenya katlholo ya gago e e tswang kwa go One.
For judgment is without mercy to him who has shown no mercy. Mercy triumphs over judgment.
14 Bakaulengwe ba ba rategang, go thusang gore lo re lo na le tumelo ebile lo Bakeresete fa lo sa go supe ka go thusa ba bangwe? A tumelo e e ntseng jalo e ka boloka mongwe?
What good is it, my brothers, if a man says he has faith, but has no works? Can faith save him?
15 Fa o na le tsala e e tlhokang dijo le diaparo,
And if a brother or sister is naked and in lack of daily food,
16 o bo o e raya o re, “Go siame, tsamaya sentle Modimo o go segofatse; o thuthafalelwe o bo o kgore,” mme o bo o sa mo fe diaparo kgotsa dijo, moo go thusang?
and one of you tells them, “Go in peace. Be warmed and filled;” yet you didn’t give them the things the body needs, what good is it?
17 Jalo a o a bona, ga go a lekana fela go nna le tumelo. O tshwanetse gape go dira molemo go supa gore o na le yone tumelo. Tumelo e e sa itshupeng ka ditiro tse di molemo ga se tumelo gotlhelele, e sule ebile ga e na mosola.
Even so faith, if it has no works, is dead in itself.
18 Mme kgotsa mongwe o ka nganga a re, “Wa re tsela e e yang kwa Modimong ke ka tumelo e le yosi, e sa okediwe ka sepe; go siame, nna ka re ditiro tse di molemo le tsone di botlhokwa gonne kwa ntle ga ditiro tse di molemo ga o kake wa supa gore a o na le tumelo kgotsa nnyaa; mme le fa e le mang o ka bona gore ke na le tumelo ka tsela e ke itsayang ka yone.”
Yes, a man will say, “You have faith, and I have works.” Show me your faith without works, and I will show you my faith by my works.
19 A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo!
You believe that God is one. You do well. The demons also believe—and shudder.
20 Motho ke wena wa seeleele? O tlaa ithuta leng gore “Go dumela” ga gona mosola kwa ntle ga go dira se Modimo o batlang o se dira? Tumelo e e sa ungweng ditiro tse di molemo ga se tumelo ya boammaaruri.
But do you want to know, vain man, that faith apart from works is dead?
21 A ga o gakologelwe gore le rraa rona Aberahame o ne a supiwa a le molemo ka ntlha ya se a se dirileng, jaaka a ne a ineela go obamela Modimo, le fa go ne go raya gore a ntshe morwawe Isake setlhabelo go swa mo sebesong?
Wasn’t Abraham our father justified by works, in that he offered up Isaac his son on the altar?
22 O a bona, o ne a ikanya Modimo mo e leng gore o ne a batla go dira le fa e le eng se Modimo o neng o se mmolelela; tumelo ya gagwe e ne ya felelediwa ke se a neng a se dira, ke ditiro tsa gagwe, ditiro tse di molemo.
You see that faith worked with his works, and by works faith was perfected.
23 Mme jalo ga diragala fela jaaka Dikwalo di bua, gore Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme Morena a mo supa a le molemo mo ponong ya Modimo, le gone o ne a ba a tla a bidiwa “tsala ya Modimo.”
So the Scripture was fulfilled which says, “Abraham believed God, and it was accounted to him as righteousness,” and he was called the friend of God.
24 Jalo lo a bona, gore motho o bolokwa ka se a se dirang, le se a se dumelang.
You see then that by works a man is justified, and not only by faith.
25 Rahabe, mosadi wa seaka ke sengwe sa dikai tsa se se buiwang. O ne a bolokwa ka ntlha ya se a neng a se dira ka nako e o neng a fitlha barongwa a bo a ba ngwegisa ka tsela e sele ba bolokesegile.
In the same way, wasn’t Rahab the prostitute also justified by works when she received the messengers and sent them out another way?
26 Fela jaaka mmele o sule fa go sena mowa mo go one, tumelo le yone e ntse fela jalo e sule fa e le gore ke mofuta o o sa ungweng ditiro tse di molemo.
For as the body apart from the spirit is dead, even so faith apart from works is dead.

< Jakobe 2 >