< Bahebera 1 >
1 Erile bogologolo Modimo wa bua le bo rraa rona ka baporofiti ka ditsela di le dintsi tse di farologanyeng (ka diponatshegelo, le ditoro, le e leng ka difatlhogo di lebaganye), o ba bolelela bonnye ka bonnye ka leano la one.
God spoke to our fathers long ago at many times and in many ways through the prophets, but in these last days he has spoken to us through his Son,
2 Mme jaanong mo malatsing ano, o buile le rona ka Morwaa One yo o mo neileng sengwe le sengwe, yo gape ka ene o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se leng teng. (aiōn )
whom he appointed heir of all things, and through whom he made the universe. (aiōn )
3 Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo.
He is the radiance of God's glory and the exact representation of his nature, sustaining all things by his powerful word. When he had made purification for our sins by giving his own life, he sat down at the right hand of the Majesty in high places,
4 Jalo a nna mogolo thata mo baengeleng, jaaka go supiwa ke boammaaruri jo bo reng, leina la gagwe ke “Morwa Modimo,” le a neng a le rewa ke Rraagwe, le legolo thata mo maineng a baengele le maina a a supang maemo a bone.
having become as much superior to the angels as the name he has inherited is more excellent than theirs.
5 Gonne Modimo ga o ise o ke o reye moengele ope o re, “O Mo-rwaake.” Mme gape erile ka lobaka longwe, fa Morwaa one yo o tsetsweng pele a tla mo lefatsheng, Modimo o ne wa re, “A baengele ba botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
For to which of the angels did God ever say, “Yoʋ are my Son; today I have begotten yoʋ”? Or again, “I will be his Father, and he will be my Son”?
And again, when he brings his firstborn into the world, he says, “Let all the angels of God worship him.”
7 Modimo o bua kaga baengele e le barongwa ba ba bofefo jaaka phefo le jaaka batlhanka ba ba dirilweng ka dikgabo tsa molelo;
Of the angels he says, “He makes his angels winds, and his servants a flame of fire,”
8 mme kaga Morwawe a re, “Bogosi jwa gago, Modimo, bo tlaa nna ka bosakhutleng; ditaolo tsa jone ka malatsi otlhe di siame ebile di boammaaruri. (aiōn )
but of the Son he says, “Yoʋr throne, O God, endures forever and ever; the scepter of yoʋr kingdom is a scepter of uprightness. (aiōn )
9 O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.”
Yoʋ have loved righteousness and hated lawlessness; therefore God, yoʋr God, has anointed yoʋ with the oil of gladness beyond yoʋr companions.”
10 Modimo gape o mmiditse “Morena” fa o re, “Morena, mo tshimologong o dirile lefatshe, le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago.
And, “In the beginning yoʋ, O Lord, laid the foundation of the earth, and the heavens are the works of yoʋr hands.
11 Tsotlhe di tlaa nyelelela ruri, mme wena o tlaa tshelela ruri. Di tlaa onala jaaka diaparo tse di kgologolo,
They will perish, but yoʋ remain; they will all wear out like a garment.
12 mme letsatsi lengwe o tlaa di phutha o bo o di emisetsa. Mme wena ka sebele ga o kitla o fetoga, le dingwaga tsa gago ga di kitla di khutla.”
Yoʋ will roll them up like a robe, and they will be changed. But yoʋ remain the same, and yoʋr years will never come to an end.”
13 A mme Modimo o kile wa raya moengele wa re, “Nna fa, fa thoko ga me ka tlotlo go fitlhelela ke ripitla baba ba gago botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gago,” fela jaaka o raya Morwa One?
To which of the angels did God ever say, “Sit at my right hand until I make yoʋr enemies a footstool for yoʋr feet”?
14 Nnyaa, gonne baengele ke mewa e e rongwang go thusa le go tlhokomela ba ba tshwanetseng go amogela poloko ya One.
Are they not all ministering spirits sent out to serve those who will inherit salvation?