< Bahebera 9 >

1 Mme jaana mo kgolaganong ya pele e e neng e le fa gare ga Modimo le batho ba One go ne go na le melao ya kobamelo ebile go ne go na le mo-tlaagana mo lefatsheng. Mo teng ga motlaagana o wa kobamelo go ne go na le matlwana a le mabedi.
Hade ock väl det första sina rätter, och Gudstjenst, och utvärtes helighet.
2 Ntlwana ya ntlha e ne e na le setlhomo sa lobone sa gouta le lomati lwa bojelo go na le dinkgwe tse di itshephileng tsa tshupelo mo godimo ga lone; ntlwana e, e ne e bidiwa Felo ga Boitshepo.
Ty det främre tabernaklet var der uppsatt; uti hvilko voro ljusastakarne, och bordet, och skådobröden; och detta kallades det Helga.
3 Gape go ne go na le sesiro mme ka fa morago ga sesiro seo go ne go na le ntlwana e e bidiwang Boitshepo jwa Maitshepo.
Men bak den andra förlåten var det tabernaklet, som man kallade det Aldrahelgasta;
4 Mo ntlwaneng eo go ne go na le leiswana le go fisediwang maswalo mo go lone le agilwe ka gouta, le bidiwa letlole la kgolagano, le manegilwe ka gouta gotlhelele ka ntlha tsotlhe. Mo teng ga letlole go ne go na le matlapana a a kwadilweng Melao e e Some, le nkgwana e e bopilweng ka gouta e beile mana, le thobane ya ga Arone ya lotlhaka e e neng e tlhoga.
Hvilket hade det gyldene rökelsekaret, och Testamentsens ark, på alla sidor beslagen med guld; uti hvilko var det gyldene ämbar, der det himmelsbrödet uti var, och Aarons staf, som blomstrats hade, och Testamentsens taflor;
5 Mo godimo ga letlole la kgolagano go ne go na le ditshwantsho tse di bopilweng tsa baengele tse di neng di bidiwa dicheruba e le batlhokomedi ba kgalalelo ya Modimo, diphuka tsa bone di ne di tsharologile di okame letlole le le agilweng ka gouta, le le neng le bidiwa senno sa kutlwelo botlhoko. Mme go lekanye go bua kaga dilo tse.
Men der ofvanuppå voro härlighetenes Cherubim, som öfverskyggde Nådastolen; af hvilka stycker på denna tid icke besynnerliga är sägandes.
6 Mme jaana, e ne e re fa gotlhe go setse go siame, baperesiti ba tsene ba bo ba tswele kwa ntle ga ntlwana ya ntlha ka fa ba batlang ka teng, ba dira tiro ya bone.
Då nu detta så beredt var, gingo Presterna alltid in i det främre tabernaklet, och uträttade Gudstjensten.
7 Mme moperesiti yo mogolo ke ene fela a neng a tsena kwa ntlwaneng e e kwa teng, e e neng e bidiwa Boitshepo jwa Maitshepo, gangwe fela mo ngwageng, a le nosi fela, a tshotse madi a a neng a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko e le mpho e a e nayang Modimo go bipa diphoso tsa gagwe le dibe tsa gagwe, le diphoso le dibe tsa batho botlhe.
Men uti det andra gick allenast den öfverste Presten, en tid om året; icke utan blod, den han offrade för sina egna, och för folkens synder;
8 Mme Mowa O O Boitshepo o dirisa gotlhe mo go re supegetsa gore ka fa tsamaisong e kgologolo batho fela ba ne ba ka seka ba tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo fela fa e le gore ntlwana e e ka kwa ntle le tsamaiso yotlhe e e e emetseng e santse e dirisiwa.
Der den Helge Ande med betydde, att helighetenes väg ändå icke uppenbar var, emedan det första tabernaklet stod;
9 Tsamaiso e, e na le thuto ya botlhokwa mo go rona gompieno. Gonne ka fa tsamaisong e kgologolo, dineo le ditlhabelo di ne di ntshiwa mme di ne tsa palelwa ke go ntlafatsa dipelo tsa batho ba ba neng ba di ntsha.
Hvilket var en liknelse i den tiden, i hvilkom gåfvor och offer offrades, och kunde icke göra honom fullkommen, efter samvetet, som den Gudstjensten gjorde;
10 Gonne tsamaiso e kgologolo e ne e le melao ya senama fela, gore go tshwanetse ga jewa dijo tse di ntseng jang ga nowa dino tse di ntseng jang, melao ya go itlhapisa, le melao kaga se le sele. Batho ba ne ba tshwanetse go tshegetsa melao e go fitlhelela Keresete a tla ka tsamaiso e ncha e e botoka ya Modimo.
Allenast med mat och dryck, och mångahanda tvagning, och utvärtes helighet, som pålagda voro intill bättringenes tid.
11 Keresete o tsile e le Moperesiti yo Mogolo wa tsamaiso e e botoka e jaanong re nang nayo. O ile a tsena mo motlaaganeng o mogolwane o o iteka-netseng wa selegodimo o o sa agiwang ka diatla tsa batho ebile e se wa tlholego eno,
Men Christus är kommen, att han skall vara öfverste Prest till det tillkommande goda, genom ett större och fullkomligare tabernakel, det med händer icke gjordt är, det är, det icke så bygdt är;
12 mme a tsaya madi gangwe fela e le la bofelo a tsena nao mo ntlwaneng e e kwa teng, ebong Boitshepo jwa Maitshepo, mme a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko; mme e ne e se madi a dipodi kgotsa a dinamane. Nnyaa, o ne a tsaya madi a gagwe, mme ka sebele, a tlhomamisa poloko ya rona ya bosakhutleng. (aiōnios g166)
Icke heller genom bockablod, eller kalfvablod; utan han är genom sitt eget blod ena reso ingången uti det helga, och hafver funnit en evig förlossning. (aiōnios g166)
13 Mme fa e le gore ka fa tsamaisong e kgologolo madi a dipoo le a dipodi le melora ya dikgongwana a ne a ka tlhapisa mebele ya batho dibe,
Ty hafver oxablod och bockablod, och strödd aska af kone, helgat de orena, till köttslig renhet;
14 a o ko akanye gore madi a ga Keresete one a ne a ka fetola matshelo le dipelo tsa rona go le kae. Setlhabelo sa gagwe se re golola mo go tshwenyegeng go patelesega go obamela melao e megologolo, ebile se re dira gore re batle go direla Modimo o o tshelang. Gonne ka thuso ya Mowa O O Boitshepo wa bosakhutleng, Keresete o ne a ineela mo Modimong ka go rata go swela dibe tsa rona, ene a le boitekanelo, a se na le fa e le sebe kgotsa molato. (aiōnios g166)
Huru mycket mer skall Christi blod, som hafver sig sjelf obesmittad, genom den Helga Anda, Gudi offrat, rena vårt samvet af de döda gerningar, till att tjena lefvandes Gud? (aiōnios g166)
15 Keresete o tsile ka kgolagano e ncha e, gore botlhe ba ba lalediwang ba ka nna ba tla gore ba tle ba bone dilo tsotlhe tse di molemo tse Modimo o di ba solofeditseng. Gonne Keresete o swetse gore a ba falotshe mo go otlhaelweng dibe tse ba di dirileng ba santse ba le ka fa tlase ga kgolagano e kgologolo. (aiōnios g166)
Derföre är han ock Nya Testamentsens Medlare; på det de, som kallade äro, skulle få dess eviga arfsens löfte, i thy att hans död gick deremellan, till förlossning ifrå de öfverträdelser, som under det förra Testamentet voro. (aiōnios g166)
16 Jaanong, fa mongwe a a swa a tlogela lokwalo lwa go aba boswa e le sesupo sa dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go neelwa batho bangwe fa a a swa, ga go na ope yo o neelwang sepe go fitlhelela go supiwa gore motho yo o kwadileng lokwalo lwa boswa o sule.
Ty hvar ett Testament är, måste ock hans död med vara, som Testamentet gjorde.
17 Lokwalo lwa go aba boswa lo simolola go dira fela morago ga loso lwa motho yo o lo kwadileng. Fa a santse a tshela ga go na ope yo o ka dirisang lokwalo lo go tsaya sengwe sa dilo tse a di ba solofeditseng.
Ty Testamentet blifver gildt genom döden; annars hafver det ännu ingen magt, så länge han lefver som Testamentet gjorde.
18 Ke gone ka moo madi a neng a kgatshiwa (e le sesupo sa loso lwa ga Keresete) le pele ga Kgolagano e kgologolo e dirisiwa.
Derföre var ock icke det första stiktadt utan blod.
19 Gonne erile Moshe a sena go neela batho gotlhe ga melao ya Modimo, a tsaya madi a dinamane le dipodi, mmogo le metse mme a kgatsha lokwalo lwa Modimo lwa melao ka madi le batho botlhe, a dirisa dikala tsa ditlhatshana tsa mosimama le boboa jo bohibidu go kgatsha ka tsone.
Ty då Moses allo folkena föregifvit hade hvart och ett budord, efter lagen, tog han kalfvablod, och bockablod, med vatten, och purpurull, och hysop, och bestänkte bokena, och allt folket;
20 Mme a re, “Se ke madi a a supang tshimologo ya kgolagano ya lona le Modimo, kgolagano e Modimo o ntaotseng go e dira le lona.”
Och sade: Detta är Testamentsens blod, det Gud hafver eder budit.
21 Mme ka yone tsela e, a kgatsha madi mo motlaaganeng le mo go sengwe le sengwe se se neng se dirisiwa mo kobamelong.
Och desslikes tabernaklet, och all kärile, der Gudstjenst plägade med göras, bestänkte han sammalunda med blod.
22 Tota re ka re ka fa kgolaganong e kgologolo sengwe le sengwe se ne se ntlafadiwa ka go kgatshiwa ka madi, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo jwa dibe.
Och varda mest all ting efter lagen ren gjord i blod; och utan blodsutgjutelse sker ingen förlåtelse.
23 Ke gone ka moo motlaagana o o mo lefatsheng, le sengwe le sengwe se se mo go one, tsotlhe di ne di tshwantsha dilo tse di kwa legodimong, tsotlhe di ne di tshwanelwa ke go ntlafadiwa ke Moshe ka tsela e, ka go kgatshiwa ka madi a diruiwa. Mme dilo tse e leng tsone tota kwa legodimong, tse e leng gore tse di mo lefatsheng ke ditshwantsho tsa tsone di ne tsa ntlafadiwa ka dineo tsa botlhokwa.
Så är nu af nöden, att de himmelska tings eftersyner skola med sådant renade varda; men de himmelska tingen måste bättre offer hafva, än dessa voro.
24 Gonne Keresete o tsenye mo legodimong ka bo lone, go tla fa pele ga Modimo e le Tsala ya rona. Ga a a dira jaana mo felong ga kobamelo ya lefatshe, gonne moo e ne e le setshwantsho fela sa tempele ya boammaaruri e e kwa legodimong.
Ty Christus är icke ingången i det helga, som med händer gjordt är, hvilket är en eftersyn till det sannskyldiga; utan in uti sjelfva himmelen, på det han skall nu vara i Guds åsyn för oss;
25 Le gone ga a ise a ke a intshe setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo mo lefatsheng a isa madi a diruiwa mo Boitshepong jwa Maitshepo ngwaga le ngwaga.
Icke, att han skall ofta offra sig, såsom öfverste Presten gick hvart år in uti det heliga, med annars blod;
26 Fa e ne e le gore go dira jalo go ne go tlhokega o ka bo a ne a tshwanelwa ke go swa gantsi, go tswa tshimologong ya lefatshe. Mme ga go a nna jalo! O ne a tla gangwe fela ebile e le lwa bofelo, kwa bokhutlong jwa metlha, go tlosa nonofo ya sebe ka bosakhutleng ka go re swela. (aiōn g165)
Eljest måste han skolat ofta lida, af verldenes begynnelse; men nu, på verldenes ändalykt, är han en gång uppenbarad, genom sitt eget offer, till att borttaga syndena. (aiōn g165)
27 Mme fela jaaka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, mme morago ga moo go tle tshekiso,
Och såsom menniskomen är förelagdt en gång dö, men sedan domen;
28 fela jalo Keresete le ene o sule gangwe fela e le setlhabelo sa dibe tsa batho ba le bantsi; mme o tlaa tla gape, mme legale a sa tlele go dirana le dibe tsa rona. Jaanong o tlaa tla a lerile poloko kwa go botlhe ba ba mo letileng ka tlhwaafalo le bopelotelele.
Så är ock Christus ena reso offrad, till att borttaga mångs mans synder; men en annan gång skall han låta se sig, utan synd, dem som honom vänta till salighet.

< Bahebera 9 >