< Bahebera 9 >
1 Mme jaana mo kgolaganong ya pele e e neng e le fa gare ga Modimo le batho ba One go ne go na le melao ya kobamelo ebile go ne go na le mo-tlaagana mo lefatsheng. Mo teng ga motlaagana o wa kobamelo go ne go na le matlwana a le mabedi.
Habuit quidem et prius, iustificationes culturae, et Sanctum saeculare.
2 Ntlwana ya ntlha e ne e na le setlhomo sa lobone sa gouta le lomati lwa bojelo go na le dinkgwe tse di itshephileng tsa tshupelo mo godimo ga lone; ntlwana e, e ne e bidiwa Felo ga Boitshepo.
Tabernaculum enim factum est primum, in quo erant candelabra, et mensa, et propositio panum, quae dicitur Sancta.
3 Gape go ne go na le sesiro mme ka fa morago ga sesiro seo go ne go na le ntlwana e e bidiwang Boitshepo jwa Maitshepo.
Post velamentum autem secundum, tabernaculum, quod dicitur Sancta sanctorum:
4 Mo ntlwaneng eo go ne go na le leiswana le go fisediwang maswalo mo go lone le agilwe ka gouta, le bidiwa letlole la kgolagano, le manegilwe ka gouta gotlhelele ka ntlha tsotlhe. Mo teng ga letlole go ne go na le matlapana a a kwadilweng Melao e e Some, le nkgwana e e bopilweng ka gouta e beile mana, le thobane ya ga Arone ya lotlhaka e e neng e tlhoga.
aureum habens turibulum, et arcam testamenti circumtectam ex omni parte auro, in qua urna aurea habens manna, et virga Aaron, quae fronduerat, et tabulae testamenti,
5 Mo godimo ga letlole la kgolagano go ne go na le ditshwantsho tse di bopilweng tsa baengele tse di neng di bidiwa dicheruba e le batlhokomedi ba kgalalelo ya Modimo, diphuka tsa bone di ne di tsharologile di okame letlole le le agilweng ka gouta, le le neng le bidiwa senno sa kutlwelo botlhoko. Mme go lekanye go bua kaga dilo tse.
superque eam erant Cherubim gloriae obumbrantia propitiatorium: de quibus non est modo dicendum per singula.
6 Mme jaana, e ne e re fa gotlhe go setse go siame, baperesiti ba tsene ba bo ba tswele kwa ntle ga ntlwana ya ntlha ka fa ba batlang ka teng, ba dira tiro ya bone.
His vero ita compositis: in priori quidem tabernaculo semper introibant sacerdotes, sacrificiorum officia consummantes:
7 Mme moperesiti yo mogolo ke ene fela a neng a tsena kwa ntlwaneng e e kwa teng, e e neng e bidiwa Boitshepo jwa Maitshepo, gangwe fela mo ngwageng, a le nosi fela, a tshotse madi a a neng a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko e le mpho e a e nayang Modimo go bipa diphoso tsa gagwe le dibe tsa gagwe, le diphoso le dibe tsa batho botlhe.
in secundo autem semel in anno solus pontifex non sine sanguine, quem offerret pro sua, et populi ignorantia:
8 Mme Mowa O O Boitshepo o dirisa gotlhe mo go re supegetsa gore ka fa tsamaisong e kgologolo batho fela ba ne ba ka seka ba tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo fela fa e le gore ntlwana e e ka kwa ntle le tsamaiso yotlhe e e e emetseng e santse e dirisiwa.
hoc significante Spiritu sancto, nondum propalatam esse sanctorum viam, adhuc priore tabernaculo habente statum.
9 Tsamaiso e, e na le thuto ya botlhokwa mo go rona gompieno. Gonne ka fa tsamaisong e kgologolo, dineo le ditlhabelo di ne di ntshiwa mme di ne tsa palelwa ke go ntlafatsa dipelo tsa batho ba ba neng ba di ntsha.
quae parabola est temporis instantis: iuxta quam munera, et hostiae offeruntur, quae non possunt iuxta conscientiam perfectum facere servientem, solummodo in cibis, et in potibus,
10 Gonne tsamaiso e kgologolo e ne e le melao ya senama fela, gore go tshwanetse ga jewa dijo tse di ntseng jang ga nowa dino tse di ntseng jang, melao ya go itlhapisa, le melao kaga se le sele. Batho ba ne ba tshwanetse go tshegetsa melao e go fitlhelela Keresete a tla ka tsamaiso e ncha e e botoka ya Modimo.
et in variis baptismatibus, et iustitiis carnis usque ad tempus correctionis impositis.
11 Keresete o tsile e le Moperesiti yo Mogolo wa tsamaiso e e botoka e jaanong re nang nayo. O ile a tsena mo motlaaganeng o mogolwane o o iteka-netseng wa selegodimo o o sa agiwang ka diatla tsa batho ebile e se wa tlholego eno,
Christus autem assistens pontifex futurorum bonorum, per amplius et perfectius tabernaculum non manufactum, id est, non huius creationis:
12 mme a tsaya madi gangwe fela e le la bofelo a tsena nao mo ntlwaneng e e kwa teng, ebong Boitshepo jwa Maitshepo, mme a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko; mme e ne e se madi a dipodi kgotsa a dinamane. Nnyaa, o ne a tsaya madi a gagwe, mme ka sebele, a tlhomamisa poloko ya rona ya bosakhutleng. (aiōnios )
neque per sanguinem hircorum, aut vitulorum, sed per proprium sanguinem introivit semel in Sancta, aeterna redemptione inventa. (aiōnios )
13 Mme fa e le gore ka fa tsamaisong e kgologolo madi a dipoo le a dipodi le melora ya dikgongwana a ne a ka tlhapisa mebele ya batho dibe,
Si enim sanguis hircorum, et taurorum, et cinis vitulae aspersus inquinatos sanctificat ad emundationem carnis:
14 a o ko akanye gore madi a ga Keresete one a ne a ka fetola matshelo le dipelo tsa rona go le kae. Setlhabelo sa gagwe se re golola mo go tshwenyegeng go patelesega go obamela melao e megologolo, ebile se re dira gore re batle go direla Modimo o o tshelang. Gonne ka thuso ya Mowa O O Boitshepo wa bosakhutleng, Keresete o ne a ineela mo Modimong ka go rata go swela dibe tsa rona, ene a le boitekanelo, a se na le fa e le sebe kgotsa molato. (aiōnios )
quanto magis sanguis Christi, qui per Spiritum sanctum semetipsum obtulit immaculatum Deo, emundabit conscientiam nostram ab operibus mortuis, ad serviendum Deo viventi? (aiōnios )
15 Keresete o tsile ka kgolagano e ncha e, gore botlhe ba ba lalediwang ba ka nna ba tla gore ba tle ba bone dilo tsotlhe tse di molemo tse Modimo o di ba solofeditseng. Gonne Keresete o swetse gore a ba falotshe mo go otlhaelweng dibe tse ba di dirileng ba santse ba le ka fa tlase ga kgolagano e kgologolo. (aiōnios )
Et ideo novi testamenti mediator est: ut morte intercedente, in redemptionem earum praevaricationum, quae erant sub priori testamento, repromissionem accipiant qui vocati sunt aeternae hereditatis. (aiōnios )
16 Jaanong, fa mongwe a a swa a tlogela lokwalo lwa go aba boswa e le sesupo sa dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go neelwa batho bangwe fa a a swa, ga go na ope yo o neelwang sepe go fitlhelela go supiwa gore motho yo o kwadileng lokwalo lwa boswa o sule.
Ubi enim testamentum est: mors necesse est intercedat testatoris.
17 Lokwalo lwa go aba boswa lo simolola go dira fela morago ga loso lwa motho yo o lo kwadileng. Fa a santse a tshela ga go na ope yo o ka dirisang lokwalo lo go tsaya sengwe sa dilo tse a di ba solofeditseng.
Testamentum enim in mortuis confirmatum est: alioquin nondum valet, dum vivit qui testatus est.
18 Ke gone ka moo madi a neng a kgatshiwa (e le sesupo sa loso lwa ga Keresete) le pele ga Kgolagano e kgologolo e dirisiwa.
Unde nec primum quidem sine sanguine dedicatum est.
19 Gonne erile Moshe a sena go neela batho gotlhe ga melao ya Modimo, a tsaya madi a dinamane le dipodi, mmogo le metse mme a kgatsha lokwalo lwa Modimo lwa melao ka madi le batho botlhe, a dirisa dikala tsa ditlhatshana tsa mosimama le boboa jo bohibidu go kgatsha ka tsone.
Lecto enim omni mandato legis a Moyse universo populo: accipiens sanguinem vitulorum et hircorum cum aqua et lana coccinea, et hyssopo: ipsum quoque librum, et omnem populum aspersit,
20 Mme a re, “Se ke madi a a supang tshimologo ya kgolagano ya lona le Modimo, kgolagano e Modimo o ntaotseng go e dira le lona.”
dicens: Hic sanguis testamenti, quod mandavit ad vos Deus.
21 Mme ka yone tsela e, a kgatsha madi mo motlaaganeng le mo go sengwe le sengwe se se neng se dirisiwa mo kobamelong.
Etiam tabernaculum, et omnia vasa ministerii sanguine similiter aspersit:
22 Tota re ka re ka fa kgolaganong e kgologolo sengwe le sengwe se ne se ntlafadiwa ka go kgatshiwa ka madi, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo jwa dibe.
Et omnia pene in sanguine secundum legem mundantur: et sine sanguinis effusione non fit remissio.
23 Ke gone ka moo motlaagana o o mo lefatsheng, le sengwe le sengwe se se mo go one, tsotlhe di ne di tshwantsha dilo tse di kwa legodimong, tsotlhe di ne di tshwanelwa ke go ntlafadiwa ke Moshe ka tsela e, ka go kgatshiwa ka madi a diruiwa. Mme dilo tse e leng tsone tota kwa legodimong, tse e leng gore tse di mo lefatsheng ke ditshwantsho tsa tsone di ne tsa ntlafadiwa ka dineo tsa botlhokwa.
Necesse est ergo exemplaria quidem caelestium his mundari: ipsa autem caelestia melioribus hostiis quam istis.
24 Gonne Keresete o tsenye mo legodimong ka bo lone, go tla fa pele ga Modimo e le Tsala ya rona. Ga a a dira jaana mo felong ga kobamelo ya lefatshe, gonne moo e ne e le setshwantsho fela sa tempele ya boammaaruri e e kwa legodimong.
Non enim in manufacta Sancta Iesus introivit exemplaria verorum: sed in ipsum caelum, ut appareat nunc vultui Dei pro nobis:
25 Le gone ga a ise a ke a intshe setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo mo lefatsheng a isa madi a diruiwa mo Boitshepong jwa Maitshepo ngwaga le ngwaga.
Neque ut saepe offerat semetipsum, quemadmodum Pontifex intrat in Sancta per singulos annos in sanguine alieno:
26 Fa e ne e le gore go dira jalo go ne go tlhokega o ka bo a ne a tshwanelwa ke go swa gantsi, go tswa tshimologong ya lefatshe. Mme ga go a nna jalo! O ne a tla gangwe fela ebile e le lwa bofelo, kwa bokhutlong jwa metlha, go tlosa nonofo ya sebe ka bosakhutleng ka go re swela. (aiōn )
alioquin oportebat eum frequenter pati ab origine mundi: nunc autem semel in consummatione saeculorum, ad destitutionem peccati, per hostiam suam apparuit. (aiōn )
27 Mme fela jaaka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, mme morago ga moo go tle tshekiso,
Et quemadmodum statutum est hominibus semel mori, post hoc autem iudicium:
28 fela jalo Keresete le ene o sule gangwe fela e le setlhabelo sa dibe tsa batho ba le bantsi; mme o tlaa tla gape, mme legale a sa tlele go dirana le dibe tsa rona. Jaanong o tlaa tla a lerile poloko kwa go botlhe ba ba mo letileng ka tlhwaafalo le bopelotelele.
sic et Christus semel oblatus est ad multorum exhaurienda peccata: secundo sine peccato apparebit omnibus expectantibus se, in salutem.