< Bahebera 7 >
1 Melekisedeke yo, e ne e le kgosi ya motse wa Salema, gape e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. E rile fa Aberahame a boela kwa gae a sena go fenya mo ntweng e kgolo e a neng a tlhabana le dikgosi tse dintsi mo go yone, Melekisedeke a mo kgatlhantsha a bo a mo segofatsa;
hic enim Melchisedech rex Salem sacerdos Dei summi qui obviavit Abrahae regresso a caede regum et benedixit ei
2 mme Aberahame a ntsha tsa bosome mo go tsotlhe tse a di gapileng mo ntweng mme a di neela Melekisedeke. Leina le le reng Melekisedeke le raya, “Tshiamo,” jalo ke Kgosi ya Tshiamo; ebile gape ke Kgosi ya Kagiso ka ntlha ya leina la motse wa gagwe, ebong Salema, leina le le rayang, “Kagiso” fa le tlhalosiwa.
cui decimas omnium divisit Abraham primum quidem qui interpretatur rex iustitiae deinde autem et rex Salem quod est rex pacis
3 Melekisedeke o ne a sena rraagwe le fa e le mmaagwe le gone ga go na sesupo sepe sa gore e ne e le wa losika lope. Ga a iselo a ke a bo a tsalwe le gone ga ise a ke a bo a swe, jalo botshelo jwa gagwe bo tshwana le jwa Morwa Modimo, moperesiti wa bosakhutleng.
sine patre sine matre sine genealogia neque initium dierum neque finem vitae habens adsimilatus autem Filio Dei manet sacerdos in perpetuum
4 Ke gone lemogang gore Melekisedeke yo o mogolo thata jang: Le e leng Aberahame tota, yo e leng motho wa ntlha ebile a tlotlega thata go gaisa botlhe ba ba itlhophetsweng ke Modimo a neela Melekisedeke tsa bosome mo dilong tsotlhe tse a di gapileng mo dikgosing tse a neng a di lwantsha.
intuemini autem quantus sit hic cui et decimam dedit de praecipuis Abraham patriarcha
5 Mongwe o ne a ka tlhaloganya gore Aberahame o ne a direla eng jaana fa Melekisedeke e ne e le moperesiti wa Sejuta, gonne erile kwa morago batho ba Modimo ba direlwa molao o o ba tlamang gore ba ntshe dineo go thusa baperesiti ba bone, gonne baperesiti e ne e le masika a bone.
et quidem de filiis Levi sacerdotium accipientes mandatum habent decimas sumere a populo secundum legem id est a fratribus suis quamquam et ipsi exierunt de lumbis Abrahae
6 Mme Melekisedeke e ne e se wa losika, mme le fa go ntse jalo Aberahame a mo duela. Melekisedeke o ne a naya Aberahame matlhogonolo,
cuius autem generatio non adnumeratur in eis decimas sumpsit Abraham et hunc qui habebat repromissiones benedixit
7 mme fela jaaka mongwe le mongwe a itse, motho yo o nang le nonofo go segofatsa, ka gale o mogolo mo go yo o mo segofatsang.
sine ulla autem contradictione quod minus est a meliore benedicitur
8 Baperesiti ba Sejuta, le fa ba ne ba a swa, ba ne ba amogela tsa bosome; mme re bolelelwa gore Melekisedeke ene o a tshela.
et hic quidem decimas morientes homines accipiunt ibi autem contestatus quia vivit
9 Mongwe ebile o ne a ka re, le ene Lefi (tota ka sebele mogologolwane wa baperesiti botlhe ba Sejuta, wa botlhe ba ba amogelang tsa bosome), o ne a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke a di romela ka Aberahame.
et ut ita dictum sit per Abraham et Levi qui decimas accipit decimatus est
10 Gonne le fa Lefi a ne a ise a tsalwe, o ne a santse a le mo mankopeng (mo maleng) a ga Aberahame ka nako e Aberahame a neng a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke ka yone.
adhuc enim in lumbis patris erat quando obviavit ei Melchisedech
11 Fa e le gore baperesiti ba Sejuta le melao ya bone ba ne ba na le nonofo ya go re boloka, ke eng jaanong fa Modimo o ne wa bona go tshwanetse gore o rome Keresete e le moperesiti yo o lekanang le Melekisedeke ka maemo, go na le gore o rome mongwe yo o lekanang le Arone ka maemo, a e leng gore baperesiti botlhe ba bangwe ba ne ba na nao?
si ergo consummatio per sacerdotium leviticum erat populus enim sub ipso legem accepit quid adhuc necessarium secundum ordinem Melchisedech alium surgere sacerdotem et non secundum ordinem Aaron dici
12 Mme fa Modimo o roma mofuta o mongwe wa boperesiti, molao wa one o tshwanetse go fetolwa gore o dumalane le thomo ya jone. Jaaka rotlhe re itse, Keresete e ne e se wa lotso lwa ga Lefi lwa boperesiti, mme o dule mo lotsong lwa Juta, lo lo neng lo ise ke lo tlhophelwe boperesiti; Moshe o ne a ise a ke a ba neele tiro eo.
translato enim sacerdotio necesse est ut et legis translatio fiat
in quo enim haec dicuntur de alia tribu est de qua nullus altario praesto fuit
manifestum enim quod ex Iuda ortus sit Dominus noster in qua tribu nihil de sacerdotibus Moses locutus est
15 Jalo re ka bona sentle gore tsela e Modimo o tsamaisang dilo ka yone e ne ya fetoga, gonne Keresete, Moperesiti yo Mogolo yo mosha yo o tsileng a le mo maemong a ga Melekisedeke,
et amplius adhuc manifestum est si secundum similitudinem Melchisedech exsurgit alius sacerdos
16 ga a a ka a nna moperesiti ka go diragatsa molao o mogologolo wa gore a nne wa lotso lwa ga Lefi, fa e se ka ntlha ya motheo wa nonofo e e elelang e tswa mo botshelong jo bo sa khutleng.
qui non secundum legem mandati carnalis factus est sed secundum virtutem vitae insolubilis
17 Ebile Mopesalema o supa selo se fa a bua kaga Keresete a re, “O moperesiti ka bosakhutleng o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” (aiōn )
contestatur enim quoniam tu es sacerdos in aeternum secundum ordinem Melchisedech (aiōn )
18 Ee, tsamaiso e kgologolo ya boperesiti e motheo wa yone e neng e le gore boperesiti e nne tshwanelo ya ba losika fela e ne ya tlosolosiwa gonne e ne e sena thuso epe. E ne e le bokoa ebile e sena molemo go boloka batho.
reprobatio quidem fit praecedentis mandati propter infirmitatem eius et inutilitatem
19 Ga e ise e ke e siamise ope mo Modimong. Mme jaanong re na le tsholofelo e kgolo thata, gonne Keresete o re dira gore re amogelesege mo Modimong, ebile jaanong re ka atamela kwa go one.
nihil enim ad perfectum adduxit lex introductio vero melioris spei per quam proximamus ad Deum
20 Modimo o ne wa ikana gore Keresete o tlaa nna moperesiti ka malatsi otlhe,
et quantum est non sine iureiurando alii quidem sine iureiurando sacerdotes facti sunt
21 le fa go ntse jalo Modimo ga o ise o ke o bue jalo ka baperesiti ba bangwe. O reile Keresete a le nosi fela wa re, “Modimo o ikanne ebile ga o kitla o fetoga mo maikaelelong a one. O moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” (aiōn )
hic autem cum iureiurando per eum qui dixit ad illum iuravit Dominus et non paenitebit tu es sacerdos in aeternum (aiōn )
22 Ka ntlha ya maikano a Modimo, Keresete, o ka tlhomamisa ka kgolagano e ncha e, e e botoka.
in tantum melioris testamenti sponsor factus est Iesus
23 Ka fa tsamaisong ya kgolagano e kgologolo go ne go tshwanetse go nna baperesiti ba le bantsi, gore e tle e re fa ba bagolo ba a swa, thulaganyo e tle e tswelele.
et alii quidem plures facti sunt sacerdotes idcirco quod morte prohiberentur permanere
24 Mme Keresete ene o tshela ka bosakhutleng o bile o tsweletse go nna moperesiti gore go seka ga tlhola go tlhokega yo mongwe gape. (aiōn )
hic autem eo quod maneat in aeternum sempiternum habet sacerdotium (aiōn )
25 O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe.
unde et salvare in perpetuo potest accedentes per semet ipsum ad Deum semper vivens ad interpellandum pro eis
26 Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong.
talis enim decebat ut nobis esset pontifex sanctus innocens inpollutus segregatus a peccatoribus et excelsior caelis factus
27 Ga a ke a tlhoka madi a diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo, jaaka baperesiti ba bangwe ba ne ba dira, go bipa dibe tsa bone pele le tsa batho morago; gonne o khutlisitse ditlhabelo tsotlhe gangwe fela, ka nako e a neng a intsha setlhabelo mo mokgorong.
qui non habet cotidie necessitatem quemadmodum sacerdotes prius pro suis delictis hostias offerre deinde pro populi hoc enim fecit semel se offerendo
28 Ka fa tsamaisong e kgologolo, le baperesiti ba bagolo tota ba ne ba le bokoa e le baleofi ba ba neng ba ka seka ba kgaogana le go dira boleo, mme e rile morago Modimo wa tlhopha ka go ikanya Morwa One yo o itekanetseng ka bosakhutleng. (aiōn )
lex enim homines constituit sacerdotes infirmitatem habentes sermo autem iurisiurandi qui post legem est Filium in aeternum perfectum (aiōn )